Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
“Se ntatlhe mo motlheñ oa bocohe; se ntlogele mogañ thata ea me e hèlañ.”—PESALEMA 71:9.
1. Batsofe ba tshwarwa jang mo merafeng e le mentsi?
“DIPATLISISO di bontsha gore mo e ka nnang batsofe ba le barataro mo go ba le supa (86%) ba ba gobololwang ba sotliwa ke bone ba malapa a bone,” go bolela jalo The Wall Street Journal. Makasine wa Modern Maturity o ne wa bolela jaana: “Go gobololwa ga ba ba tsofetseng ke selo [tirisadikgoka mo lelapeng] se se sa tswang go simolola go senolwa mo dipampiring tsa dikgang tsa naga.” Ee, batsofe mo merafeng e le mentsi ba ile ba gobololwa le go tlhokomologiwa ka tsela e e masisi. Nako e re tshelang mo go yone tota ke yone e ka yone ba le bantsi e leng “baithati, . . . ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshepañ, ba sena loratō loa tlhōlègō.”—2 Timotheo 3:1-3.
2. Go ya ka Dikwalo tsa Sehebera, Jehofa o leba batsofe jang?
2 Lefa go ntse jalo, eo ga se yone tsela e batsofe ba neng ba tshwanetse go tshwarwa ka yone kwa Iseraeleng wa bogologolo. Molao o ne o bolela jaana: “U nanogè u èmè ha pele ga eo o tlhōgō e pududu, u tlotlè sehatlhōgō sa mocohe, me u boihè Modimo oa gago: Ke nna Yehofa.” Buka ya diane tse di tlhotlheleditsweng tse di mosola e re gakolola jaana: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse.” E laela jaana: “Morwaaka, utlwa thutō ea ga rrago, me u se ka ua tlogèla molaō oa ga mmago.” Molao wa ga Moshe o ne o ruta gore go tlotlwe le go tlhokomelwa batsofe ba banna le ba basadi. Ka mo go phepafetseng, Jehofa o eletsa gore batsofe ba tlotliwe.—Lefitiko 19:32; Diane 1:8; 23:22.
Go Tlhokomelwa ga Batsofe mo Metlheng ya Bibela
3. Josefa o ne a bontsha rraagwe yo o tsofetseng kutlwelobotlhoko jang?
3 Tlotlo e ne e sa tshwanela go supiwa ka mafoko fela mme gape le ka go dira ditiro tse di supang go akanyetsa. Josefa o ne a utlwela rraagwe yo o tsofetseng botlhoko thata. O ne a batla gore Jakobe a tseye loeto go tswa kwa Kanana go ya Egepeto, e le sekgala se se fetang dikilometara di le 300. Ka ntlha ya seo Josefa o ne a romelela Jakobe “diesela di le shomè di belesicwe dilō tse di monate tsa Egepeto, le diesela tse di namagadi di le shomè di belesicwe mabèlè le senkgwè, le diyō tse rragwè o tla di yèlañ mo tseleñ.” Fa Jakobe a fitlha kwa Goshena, Josefa o ne a ya kwa go ena mme “a wèla mo thamuñ ea gagwè, a lela ka lobaka lo lolele a le ha thamuñ ea gagwè.” Josefa o ne a bontsha rraagwe gore o mo rata thata. Abo e le sekao se se tlhotlheletsang jang ne sa go tlhokomela batsofe!—Genesise 45:23; 46:5, 29.
4. Ke eng fa Ruthe e le sekao se se molemo se se ka latelwang?
4 Sekao se sengwe se sentle se se ka latelwang sa go nna pelonomi mo batsofeng ke Ruthe. Le mororo e ne e le Moditšhaba, o ne a ngaparela matsalaagwe yo o tsofetseng, yo e neng e le motlholagadi wa Mojuta ebong Naomi. O ne a tlogela batho ba gagabo mme a itsenya mo kotsing ya go palelwa ke go bona monna yo mongwe. Fa Naomi a ne a mo kgothaletsa gore a boele kwa bathong ba gagabo, Ruthe o ne a araba ka mangwe a mafoko a mantle thata a a fitlhelwang mo Bibeleng a a reng: “U se ka ua nthapèla gore ke gu tlogèlè, ke boeè, ke kgaoganè le go gu sala moragō: gonne kwa u ean gōna, ke tla ea gōna; kwa u lalañ gōna ke tla lala gōna: batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modmo oa me: Kwa o shwèlañ gōna ke tla shwèla gōna, ke ba ke hitlhwa gōna: a Yehofa a ntihèlè yalo, a ba a hetisè, ha señwe se ka nkgaoganya nau e se losho hèla.” (Ruthe 1:16, 17) Ruthe o ne a supa gape dinonofo tse dintle thata fa a ne a dumela go nyalana le Boase yo o neng a tsofetse kafa tlase ga thulaganyo ya lenyalo la go nyala seantlo.—Ruthe, dikgaolo 2 go ya go 4.
5. Jesu o ne a bontsha dinonofo dife fa a ne a dirisana le batho?
5 Jesu o ne a tlhoma sekao se se tshwanang ka tsela e a neng a dirisana le batho ka yone. O ne a le pelotelele, kutlwelobotlhoko, pelonomi, a bile a lapolosa. O ne a kgatlhegela monna mongwe yo o humanegileng yo o neng a golafetse a sa kgone go tsamaya ka dingwaga di le 38, mme a mo fodisa. O ne a akanyetsa batlholagadi. (Luke 7:11-15; Yohane 5:1-9) Le e leng ka nako ya fa a ne a le mo tlalelong ya botlhoko jwa loso lwa gagwe mo thupeng ya tlhokofatso, o ne a tlhomamisa gore mmaagwe yo gongwe a neng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo 50 o tla tlhokomelwa. Jesu o ne a lapolosa mongwe le mongwe yo o neng a nna nae fa e se baba ba gagwe ba baitimokanyi fela. Ke gone ka moo a neng a kgona go bolela jaana: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.”—Mathaio 9:36; 11:28, 29; Yohane 19:25-27.
Ke Bomang Ba Ba Tshwanetseng go Akanyediwa?
6. (a) Ke bomang bao segolobogolo ba tshwanetseng go tlhokomelwa? (b) Ke dipotso dife tseo re ka di ipotsang?
6 E re ka Jehofa Modimo le Morwawe ebong Jesu Keresete ba tlhoma dikao tse di molemo jaana mo kgannyeng ya go tlhokomela, go a tshwanela gore Bakeresete ba ba ineetseng ba etse sekao sa bone. Mo gare ga rona re na le bangwe ba ba ileng ba dira ka thata ba bile ba imelwa ka dingwaga di le dintsi—bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsofetseng ba ba setseng ba le mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa bone. Bangwe ba bone e ka ne e le batsadi ba rona kana bonkokoarona. A re ba tsaya motlhofo? A re a ba nyatsa le go ba lebela kwa tlase? Kana a eleruri re anaanela maitemogelo a bone a mantsi le botlhale jo ba nang le jone? Gone ke boammaaruri, bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba leka bopelotelele jwa rona ka mekgwanyana mengwe le makoanyana a a rileng ao e leng selo se se tlwaelegileng mo nakong ya botsofe. Mme a o ko o ipotse jaana, ‘A nna nka se ke ke nne fela jaana fa nka nna tlase ga maemo a a tshwanang le ano?’
7. Ke eng se se bontshang gore re tlhoka go utlwela batho ba ba tsofetseng botlhoko?
7 Go na le polelo nngwe e e amang maikutlo e e tswang kwa Botlhaba Gare e e bolelang ka kutlwelobotlhoko ya mosetsanyana mongwe yo mmotlana mo batsofeng. Nkoko o ne a ntse a thusa kwa kitsing mme ka phoso a diga poleite ya poseleine ya ba ya thubega. O ne a tshwenyega ka boene go bo a nnile boatla; mme morwadie o ne a tenega le go feta. O ne a roma morwadie yo mmotlana kwa lebenkeleng gore a ye go rekela nkokoagwe poleite e e sa thubegeng ya legong. Mosetsana o ne a boa a tshotse dipoleite di le pedi. Mmaagwe o ne a botsa jaana: “Ke eng fa o rekile dipoleite di le pedi?” Setlogolo se ne sa araba jaana se ntse se okaoka: “E nngwe ke ya ga nkoko mme e nngwe ke ya gago fa o tsofetse.” Ee, mo lefatsheng leno rotlhe re lebeletse gore re tla tsofala. A ga re kake ra itumelela gore batho ba nne pelotelele le rona le go re tshwara ka tsela e e bonolo?—Pesalema 71:9.
8, 9. (a) Re tshwanetse go tshwara jang batsofe ba ba leng mo gare ga rona? (b) Ke eng se ba ba sa tswang go nna Bakeresete ba tshwanetseng go se gakologelwa?
8 Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng ba na le rekoto e telele ya tirelo e e ikanyegang ya Bokeresete. Tota re tshwanetse go ba tlotla le go ba akanyetsa, go ba thusa ka bopelonomi le go ba kgothatsa. Monna yo o botlhale o ne a bolela sentle fa a ne a re: “Tlhōgō e e pududu ke serwalō sa kgalalèlō, ha e bōnwa mo tseleñ ea tshiamō.” Mme tlhogo e e pududu eo, e ka tswa e le monna kana mosadi, e tshwanetse go tlotliwa. Bangwe ba banna le basadi bano ba ba godileng ba santse ba direla ka boikanyegi jaaka babulatsela, mme ba le bantsi ba banna ba santse ba tswelela pele ba direla ka boikanyegi jaaka bagolwane mo diphuthegong; bangwe ba tlhoma sekao ka go dira jaaka balebedi ba ba etang.—Diane 16:31.
9 Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana: “U se ka ua kgalemèla mogolwane, me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao: Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) Bao ba sa tswang go tsena mo phuthegong ya Bokeresete ba tswa kwa lefatsheng le go senang tlotlo mo go lone ba tshwanetse go tsaya tsia thata mafoko a ga Paulo, a a thailweng mo loratong. Basha, lo se ka lwa etsa mekgwa e e bosula e lo ka tswang lo e bone kwa sekolong. Lo se ka lwa gana kgakololo ya bopelonomi ya Basupi ba ba godileng. (1 Bakorintha 13:4-8; Bahebera 12:5, 6, 11) Lefa go ntse jalo, fa batsofe ba tlhoka thuso ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa kana mathata a madi, ke bomang ba ba nang le boikarabelo jo bogolo jwa go ba thusa?
Seabe sa Ba Lelapa mo go Tlhokomeleng Batsofe
10, 11. (a) Go ya ka Bibela ke bomang ba ba tshwanetseng go etelela pele mo go tlhokomeleng batsofe? (b) Ke eng fa go se motlhofo ka metlha go tlhokomela batsofe?
10 Mo phuthegong ya Bokeresete ya pele, go ne ga tsoga mathata malebana le go tlhokomela batlholagadi. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang gore dilo tse di ntseng jalo di tshwanetse go tlhokomelwa jang? “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure. Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo. Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:3, 4, 8.
11 Ka dinako tsa mathata, maloko a a gaufi thata a lelapa e tshwanetse go nna bone ba pele go thusa batsofe.a Ka tsela eno bana ba ba setseng ba godile ba ka kgona go supa tebogo ka ntlha ya dingwaga tse dintsi tsa lorato, tiro, le tlhokomelo eo batsadi ba bone ba ileng ba ba e naya. Seno se ka nna sa bo se se motlhofo. Fa batho ba ntse ba gola, ka tlholego fela ba nna bonya, mme e bile ba bangwe ba nna bokoa mo mmeleng. Ba bangwe ba ka nna bopelotshetlha le go ipetola, gongwe ba dira jalo ba sa lemoge. Mme lefa go ntse jalo, fa re ne re le masea, a le rona re ne re se pelotshetlha re bile re ipetola? A mme batsadi ba rona ba ne ba sa itlhaganelele go re thusa? Mme jaanong dilo di fetogile fa ba tsofetse. Ka jalo, ke eng se se tlhokegang? Kutlwelobotlhoko le bopelotelele.—Bapisa 1 Bathesalonia 2:7, 8.
12. Ke dinonofo dife tse di tlhokegang go tlhokomela batsofe—le ba bangwe botlhe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo e e dirang fa a ne a kwala jaana: “Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” Fa e le gore re tshwanetse go bontsha mofuta ono wa kutlwelobotlhoko le lorato mo phuthegong, a ga re a tshwanela go o bontsha ka tsela e kgolwane mo lelapeng?—Bakolosa 3:12-14.
13. Ke bomang gape kwantle ga batsadi ba ba tsofetseng kana bonkoko, ba ba ka nnang ba bo ba tlhoka thuso?
13 Ka dinako tse dingwe thuso e e ntseng jalo e ka tswa e sa tlhokwe fela ke batsadi kana bonkoko mme gape le ke batsofe ba bangwe ba losika. Batho ba bangwe ba ba godileng ba ba senang bana ba ile ba direla ka dingwaga di le dintsi mo tirelong ya borongwa, tirelo ya go eta, le mefuta e mengwe ya tirelo ya nako e e tletseng. Tota ba ile ba baya Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. (Mathaio 6:33) A go tla bo go sa tshwanela he, gore go bontshiwe moya wa go batla go ba tlhokomela? Eleruri Mokgatlho wa Watch Tower o re tlhomela sekao se sentle ka tsela e o tlhokomelang maloko a a tsofetseng a Bethele ka yone. Kwa ntlokgolong ya Bethele kwa Brooklyn le kwa makaleng a le mmalwa a Mokgatlho, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba tsofetseng ba tlhokomelwa letsatsi le letsatsi ke maloko a a thapisitsweng a lelapa ao a abetsweng go dira tiro eno. Ba itumelela go tlhokomela batsofe bano jaaka e kete ke batsadi ba bone kana bonkokoabone. Mo godimo ga moo, ba ithuta go le gontsi go tswa mo maitemogelong a batsofe.—Diane 22:17.
Seabe sa Phuthego sa go Tlhokomela
14. Phuthego ya Bokeresete ya pele e ne ya thusa batsofe jang?
14 Gompieno dinaga di le dintsi di na le dithulaganyo tsa phenshene ya batsofe mmogo le tlhokomelo ya kalafi e Puso e e fang batsofe. Bakeresete ba ka dirisa thuso eno ka botlalo koo fa e le gore ba tshwanelega go dira jalo. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go sena dithuso dipe tse di ntseng jalo. Ka jalo, phuthego ya Bokeresete e ne ya tsaya dikgato tse di siameng go thusa batlholagadi ba ba humanegileng. Paulo o ne a laela jaana: “Mosadi opè a se ka a kwalwa e le motlhōlagadi [gore a neelwe thuso ya phuthego] a e se a nne dinyaga di le mashomè marataro, me e le eo o kileñ a nyalwa ke monna a le moñwe hèla. A bolèlwa sentlè ka ditihō tse di molemō; ha a godisitse bana, ha a bolokile baeñ, ha a tlhapisitse baitshepi dinaō, ha a thusitse ba ba mo pitlaganoñ, ha a cweleletse pele ka tlhōahalō mo tihoñ ñwe le ñwe e e molemō.” Ka jalo, Paulo o ne a bontsha gore phuthego le yone e na le seabe mo go thuseng batsofe. Basadi ba ba neng ba godile semoyeng ba sena bana ba ba dumelang ba ne ba tshwanelega gore ba ka bona thuso e e ntseng jalo.—1 Timotheo 5:9, 10.
15. Ke eng fa go ka nna ga tlhokega thuso go bona thuso e e tswang mo Pusong?
15 Koo Puso e thusang batsofe gone, gantsi go tlhokega gore go tladiwe dipampiri tse di ka nnang tsa bonala di tshosetsa gore go bonwe thuso eo. Mo maemong a a ntseng jalo go tla nna molemo fa bagolwane ba ka rulaganyetsa gore batsofe ba thusiwe go ikwadisetsa, go ya go tsaya kana le e leng go tokafatsa thuso e e ntseng jalo. Ka dinako tse dingwe go fetoga ga maemo go ka dira gore phenshene e oketsege. Mme go santse go na le dilo tse dingwe gape tse dintsi tse di mosola tse bagolwane ba ka di rulaganyetsang gore batsofe ba tlhokomelwe. Dingwe tsa dilo tseno ke dife?
16, 17. Re ka bontsha jang moya wa go amogela baeng ka ditsela tse di farologaneng mo batsofeng ba ba mo phuthegong?
16 Go bontsha moya wa go amogela baeng ke selo se se tlwaetsweng go dirwa fa e sa le go tloga mo metlheng ya Bibela. Le eleng gompieno kwa dinageng di le dintsi tsa kwa Botlhaba Gare, batho ba ba sa itsiweng ba santse ba bontshiwa moya wa go amogela baeng, lefa bobotlana e le fela go ba fa kopi ya tee kana ya kofi. Ga go gakgamatse he, go bo Paulo a ne a kwala jaana: “Lo abèlè go tlhōka ga baitshepi; lo tlwaèlè go chola baeñ.” (Baroma 12:13) Lefoko la Segerika le le rayang go amogela baeng eleng phi·lo·xe·niʹa, fa le tsewa fela jaaka le ntse le raya “go rata (go tlekeetsa, kana go bontsha bopelonomi go) batho ba ba sa itsiweng.” Fa e le gore Mokeresete o tshwanetse a bontsha motho yo o sa mo itseng moya wa go amogela baeng, a ga a tshwanela go o bontsha segolobogolo bao a nang le bone mo tumelong? Go laletsa motho yo o tsofetseng go tla go ja dijo go mo thusa gore a ikhutse mo dilong tse a tlwaetseng go di dira ka gale. Fa e le gore o batla go utlwa mafoko a a botlhale le maitemogelo kwa dikokoanong tsa gago tsa botsalano, dira gore go nne le batsofe.—Bapisa Luke 14:12-14.
17 Go na le ditsela tse dintsi tse batsofe ba ka kgothadiwang ka tsone. Fa e le gore re bopa setlhopha se se tla tsamayang mmogo mo koloing go ya Holong ya Bogosi kana kwa kopanong, a go na le batho bangwe ba ba tsofetseng ba ba ka itumelelang go tsamaya le rona? O se ka wa leta gore e nne bone ba kopang. Ithaope go tsamaya le bone. Tsela e nngwe e e mosola ya go thusa ke go ba ela mabenkeleng. Kana fa e le gore ba kgona go ikisa, a re ka tsamaya le bone fa re ya mabenkeleng? Mme lefa go ntse jalo, tlhomamisa gore go na le mafelo ao ba ka kgonang go ikhutsa le go itapolosa mo go one fa seo se ka tlhokega. Kwantle ga pelaelo go tla tlhokega bopelotelele le bopelonomi, mme lefa go ntse jalo, go bontsha tebogo ka pelo yotlhe ga motho yo o tsofetseng go ka nna le ditlamorago tse di molemo thata.—2 Bakorintha 1:11.
Letlotlo Le Lentle mo Phuthegong
18. Ke eng fa e le lesego go nna le batsofe mo phuthegong?
18 Abo e le lesego jang ne go bona ditlhogo dingwe tse di pududu le tse di tshweu (mmogo le tse di senang moriri ka ntlha ya botsofe) mo phuthegong! Go raya gore mo gare ga basha ba ba nang le maatla le tlhagafalo, re na le ba sekae ba ba botlhale le ba ba nang le maitemogelo—bao tota e leng letlotlo mo phuthegong lefa e le efe. Kitso ya bone e ntse jaaka metsi a a lapolosang a a tswang mo sedibeng. Go ntse fela jaaka fa Diane 18:4 e bolela jaana: “Mahoko a molomo oa monna a nntse yaka metse a a boteñ; mocwedi oa botlhale o nntse yaka nokana e e èlèlañ.” Abo go kgothatsa batho ba ba tsofetseng jang ne, fa ba ikutlwa ba tlhokwa le go anaanelwa!—Bapisa Pesalema 92:14.
19. Bangwe ba ile ba intsha setlhabelo jang ka ntlha ya batsadi ba bone ba ba tsofetseng?
19 Bangwe ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba ile ba bona go tlhokega gore ba tlogele ditshiamelo tsa bone gore ba boele gae go ya go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng, ba ba lwalang. Ba intshitse setlhabelo ka ntlha ya bao ba ileng ba ba intshetsa setlhabelo mo nakong e e fetileng. Banyalani bangwe, bao pele e neng e le barongwa mme ba santse ba le mo tirelong ya nako e e tletseng, ba ile ba boela gae go ya go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Ba dirile seno ka dingwaga tse di fetang 20. Dingwaga tse nne tse di fetileng mmaagwe monna o ne a tshwanelwa gore a isiwe kwa legaeng le le tlhokomelang batsofe. Monna yo a setseng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo 60 o etela mmaagwe wa dingwaga di le 93 letsatsi le letsatsi. O tlhalosa jaana: “Nka mo tlogela jang? Ke mmè!” Mo maemong a mangwe diphuthego le batho bangwe ba ile ba ithaopa gore ba tla tlhokomela batho ba ba tsofetseng gore bana ba bone ba tswelele pele mo dikabelong tsa bone. Lorato lo lo ntseng jalo lo e seng lwa bopelotshetlha lo akgolwa thata. Go tshwanetse ga dirisanwa le boemo bongwe le bongwe ka tsela e e kelotlhoko ka gore batsofe ga ba a tshwanela go tlhokomologiwa. Bontsha gore o rata batsadi ba gago ba ba tsofetseng.—Ekesodo 20:12; Baefesia 6:2, 3.
20. Jehofa o re tlhometse sekao sefe sa go tlhokomela batsofe?
20 Eleruri, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng ke serwalo sa kgalalelo mo lelapeng kana mo phuthegong. Jehofa o ne a bolela jaana: “Le go ea kwa bocohadiñ e nntse ke nna hèla, le go ea kwa tlhogoñ e pududu, ke tla nna ke lo rwala hèla: ke dihile, me ke tla bèlèga hèla; E, ke tla rwala, ke ba ke rola.” E kete le rona re ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng ba ba leng mo lelapeng la Bokeresete bopelotelele le tlhokomelo e e tshwanang le eo.—Isaia 46:4; Diane 16:31.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le dikakantsho tsa kafa maloko a lelapa a ka thusang batsofe ka gone, bona Tora ya Tebelo, June 1, 1987, ditsebe 13-18.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke dikao dife tse di leng mo Bibeleng tsa go tlhokomela batsofe?
◻ Re tshwanetse go tshwara batsofe jang?
◻ Maloko a lelapa a ka tlhokomela jang batsofe ba bone ba ba ba ratang?
◻ Phuthego e ka dira eng go thusa batsofe?
◻ Ke eng fa batsofe e le lesego mo
go rona rotlhe?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ruthe o ne a bontsha Naomi yo o tsofetseng bopelonomi le tlotlo
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Batsofe ke maloko a botlhokwa a phuthego