Kgaolo 3
Modimo Wa Boammaaruri Ke Mang?
1. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba dumalana le mafoko a a simololang a Baebele?
FA O leba loapi lo lo senang maru bosigo, a ga o gakgamadiwe ke go bona dinaledi tse dintsi jaana? A o ka tlhalosa gore di nnile teng jang? Mme go tweng ka ditshedi tse di mo lefatsheng—dithunya tsa mebalabala, dinonyane ka melodi ya tsone e e monate, maruarua a a nonofileng a a tlolakang mo lewatleng? Di dintsi thata. Dilo tseno ga di kake tsa bo di itlhagetse fela. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba dumela mafoko a a simololang ano a Baebele: “E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe”!—Genesise 1:1.
2. Baebele ya reng ka Modimo, mme e re kgothaletsa go dira eng?
2 Maikutlo a batho a farologana fela thata mo kgannyeng e e malebana le Modimo. Bangwe ba akanya gore Modimo ke maatla mangwe a a sa amegeng ka ope. Dimilione di obamela bagologolwane ba tsone ba ba suleng, ba dumela gore Modimo o kgakala thata gore ba ka mo atamela. Lefa go ntse jalo, Baebele e senola gore Modimo wa boammaaruri ke motho wa mmatota yoo a re kgatlhegelang ka lorato jaaka batho. Ke gone ka moo e re kgothaletsang gore re “batle Modimo,” fa e re: ‘Ga o kgakala le mongwe le mongwe wa rona.’—Ditiro 17:27.
3. Ke eng fa motho a ka se ka a kgona go dira setshwantsho sa Modimo?
3 Modimo o lebega jang? Batlhanka bangwe ba gagwe ba le mmalwa ba ile ba bona diponatshegelo tsa kgalalelo e e supang gore o teng. Mo go tsone o ne a itshwantshitse a ntse mo setulong sa bogosi, mme go tswa kgalalelo e e boitshegang thata mo go ene. Lefa go ntse jalo, ba ba neng ba bona diponatshegelo tseno ga ba ise ba ko ba bue ka popego ya sefatlhego sa gagwe. (Daniele 7:9, 10; Tshenolo 4:2, 3) Seno ke ka gore “Modimo ke Mowa”; ga a na mmele o o bonwang ka matlho. (Johane 4:24) E bile tota, ga re kake ra kgona go tshwantsha sentle gore Mmopi wa rona o bopegile jang, ka go bo “ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope.” (Johane 1:18; Ekesodo 33:20) Lefa go ntse jalo, Baebele e re ruta dilo tse dintsi thata ka Modimo.
MODIMO WA BOAMMAARURI O NA LE LEINA
4. Ke mareo afe a a kayang go le gontsi a Baebele e bitsang Modimo ka one?
4 Mo Baebeleng, Modimo wa boammaaruri o bolelwa ka maina a a tshwanang le “Modimo Mothatayotlhe,” “Mogodimodimo,” “Mmopi yo Mogolo,” “Mokaedi yo Mogolo,” “Morena Molaodi,” le “Kgosi e e ntseng fela e se na tshimologo, le fa e le bokhutlo.” (Genesise 17:1; Pesalema 50:14; Moreri 12:1, NW; Isaia 30:20, NW; Ditiro 4:24, NW; 1 Timotheo 1:17) Fa re tlhatlhanya ka maina a a ntseng jalo go ka re thusa gore re gole mo kitsong ya Modimo.
5. Leina la Modimo ke mang, mme le tlhaga ka makgetlho a makae mo Dikwalong tsa Sehebera?
5 Lefa go ntse jalo, Modimo o na le leina le le sa tshwaneng le lepe le le tlhagang mo e ka nnang ga 7 000 mo Dikwalong tsa Sehebera fela—go feta leina lepe fela. Mo dingwageng tse 1 900 tse di fetileng, Bajuta ba ba neng ba dumela botlhodi ba ne ba tlogela go bitsa leina la Modimo. Sehebera sa Baebele se ne se kwalwa kwa ntle ga ditumanosi. Ka gone, ga go na tsela e go ka tlhomamisiwang ka yone gore Moshe, Dafite kana ba bangwe ba metlha ya bogologolo ba ne ba bitsa jang ditumammogo tse nne (יהוה) tse go kwalwang leina la bomodimo ka tsone. Bakanoki bangwe ba akantsha gore leina la Modimo le tshwanetse la bo le ne le bidiwa go twe “Yahweh,” mme ga ba kgone go tlhomamisa seo. Tsela e le bidiwang ka yone ka Seesemane “Jehovah” e sale e ntse e dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga e bile le tsela e le bidiwang ka yone ka dipuo tse dingwe e a amogelwa gompieno.—Bona Ekesodo 6:3 le Isaia 26:4 mo go King James Version.
LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO DIRISA LEINA LA MODIMO
6. Ke eng se Pesalema 83:18 e se bolelang ka Jehofa, e bile ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa leina la gagwe?
6 Leina le le sa tshwaneng le lepe la Modimo, Jehofa, le mo farologanya le medimo yotlhe e mengwe. Ke gone ka moo leina leo le tlhagang kgapetsakgapetsa mo Baebeleng, segolobogolo mo ditemaneng tsa Sehebera. Dithanolo tse dintsi ga di dirise leina la Modimo, mme Pesalema 83:18 e bolela jaana ka phepafalo: “Wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o . . . Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.” Ka jalo, go siame gore re dirise leina la Modimo fa re bua ka ene.
7. Se se kaiwang ke leina Jehofa se re ruta eng ka Modimo?
7 Leina Jehofa ke mofuta wa lediri la Sehebera le le kayang “go diragala.” Ka jalo, leina la Modimo le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Jehofa Modimo o itlhalosa ka lone gore ke Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo. O dira jaaka a ikaeletse ka metlha. Modimo wa boammaaruri ke one fela o ka bidiwang ka leina leno, ka go bo batho ga ba ke ba itse gore a dithulaganyo tsa bone di tla atlega. (Jakobe 4:13, 14) Jehofa ke ene fela a ka reng: “Lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me. . . . le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.
8. Jehofa o ne a bolela boikaelelo bofe jwa gagwe ka Moshe?
8 Ditlhogo tsa lotso tsa Bahebera, Aberahame, Isake le Jakobe, di ne tsa “bitsa leina la ga Jehofa,” mme di ne di sa itse ka botlalo se se neng se kaiwa ke leina leo. (Genesise 21:33; 26:25; 32:9; Ekesodo 6:3) Moragonyana fa Jehofa a ne a senola boikaelelo jwa gagwe jwa go golola ditlogolwana tsa bone, Baiseraele, mo bokgobeng kwa Egepeto mme a di naya ‘lefatshe le le elang mashi le dinotshe,’ go ka tswa go ne go lebega go ka se ka ga kgonega. (Ekesodo 3:17) Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa gatelela gore leina la gagwe le tla nna le ntse le le botlhokwa goyagoile ka go bolelela moperofeti wa gagwe Moshe jaana: “O tlaa raya bana ba Iseraele o re: ‘Jehofa, Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwano go lona.’ Le ke lone leina la me ka bosakhutleng; ke lone segopotso sa me go ya mo tshikatshikeng tsotlhe.”—Ekesodo 3:15.
9. Faro o ne a leba Jehofa jang?
9 Moshe o ne a kopa Faro, kgosi ya Egepeto, gore a letle Baiseraele go ya go obamela Jehofa kwa nageng. Mme ene Faro, yo ka boene a neng a lebiwa jaaka modimo mongwe e bile a obamela medimo ya Seegepeto, o ne a araba jaana: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.”—Ekesodo 5:1, 2.
10. Ke kgato efe e Jehofa a neng a e tsaya go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka Baiseraele kwa Egepeto wa bogologolo?
10 Morago ga foo Jehofa o ne a tsaya kgato go ya kwa pele go dira boikaelelo jwa gagwe, a dira go dumalana le leina la gagwe. O ne a lere dipetso di le lesome mo Baegepetong bao ba bogologolo. Petso ya bofelo e ne ya bolaya maitibolo otlhe a Baegepeto, go akaretsa le morwa Faro yo o ikgogomosang. Morago ga foo Baegepeto ba ne ba batla gore Baiseraele ba tsamaye ka bonako. Lefa go ntse jalo, Baegepeto bangwe ba ne ba kgatlhiwa ke maatla a ga Jehofa fela thata mo ba neng ba tsamaya le Baiseraele ba tswa mo Egepeto.—Ekesodo 12:35-38.
11. Jehofa o ne a dira kgakgamatso efe kwa Lewatleng le Lehibidu, mme baba ba gagwe ba ne ba tshwanela go dumela eng?
11 Faro yo o peloethata le masole a gagwe a a neng a pagame makgolokgolo a dikoloi tsa ntwa ba ne ba tswa go ya go thopa batlhanka ba bone gape. Fa Baegepeto ba ntse ba atamela, Modimo o ne wa kgaoganya Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso gore Baiseraele ba kgone go tshela fa go omileng. Fa ba ba neng ba ba lelekile ba tsena mo boalong jwa lewatle, Jehofa “a somola maoto a dikara tsa bone, ga nna thata go di kgweetsa.” Masole a Baegepeto a ne a goa a re: “A re tshabeng sefatlhogo sa ga Iseraele, gonne Jehofa o a ba tlhabanela, o tlhabana le Baegepeto.” Mme nako e ne e setse e ile. Mabota a magolo a metsi a ne a gosomanela fa fatshe “a khurumetsa dikara, le bapalami ba dipitse, e bong ntwa yotlhe ya ga Faro.” (Ekesodo 14:22-25, 28) Jehofa o ne a itirela leina le legolo jalo, mme tiragalo eo ga e ise e lebalwe le go fitlha gompieno.—Jošua 2:9-11.
12, 13. (a) Leina la Modimo le kaya eng mo go rona gompieno? (b) Ke eng se batho ba tlhokang go se ithuta ka bonako, mme ka ntlha yang?
12 Leina le Modimo o le itiretseng le kaya go le gontsi thata mo go rona gompieno. Leina la gagwe, Jehofa, le tlhomamisa tota gore dilo tsotlhe tse a ikaeletseng go di dira di tla diragala. Seo se akaretsa go dira boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa gore lefatshe leno la rona e nne paradaise. (Genesise 1:28; 2:8) Modimo o tla dira jalo ka go nyeletsa botlhe ba ba leng kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe gompieno, ka go bo o ne a re: “Ba tlaa itse fa ke le Jehofa.” (Esekiele 38:23) Morago ga foo, Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya one ya go tsenya baobamedi ba one mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:13.
13 Botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go bitsa leina la gagwe ba dumela mo go ene. Baebele e solofetsa jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.” (Baroma 10:13) Ee, leina la ga Jehofa le kaya dilo tse di botlhokwa tota. Go ikuela mo go Jehofa jaaka Modimo le Mogolodi wa gago go ka dira gore o bone boitumelo jo bo sa khutleng.
DINONOFO TSA MODIMO WA BOAMMAARURI
14. Baebele e gatelela dinonofo dife tsa Modimo tsa motheo?
14 Fa o ithuta ka go gololwa ga Baiseraele kwa Egepeto o tla fitlhela go gatelelwa dinonofo tse nne tsa motheo tse Modimo a nang le tsone ka tsela e e lekalekaneng. Tsela e a neng a dira ka yone mo kgannyeng ya ga Faro e ne ya senola gore o na le maatla a magolo. (Ekesodo 9:16) Tsela e e matsetseleko e Modimo a neng a dira ka yone mo maemong a a raraaneng ao e ne ya supa botlhale jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope. (Baroma 11:33) O ne a senola tshiamiso ya gagwe fa a otlhaya baganetsi le batho ba ba kgatlhanong nae ba ba tlhogoethata le ba ba gatelelang batho ba gagwe. (Duteronome 32:4) Lorato ke nonofo e kgolo ya Modimo. Jehofa o ne a supa gore o na le lorato lo logolo thata ka go direla ditlogolwana tsa ga Aberahame jaaka a ne a solofeditse. (Duteronome 7:8) O ne a supa lorato gape ka go letla Baegepeto bangwe go tlogela medimo ya bone ya maaka mme ba solegelwe molemo thata ke go ema mo letlhakoreng la Modimo o o osi wa boammaaruri.
15, 16. Modimo o supile lorato ka ditsela dife?
15 Fa o ntse o bala Baebele, o tla lemoga gore lorato ke nonofo e kgolo ya Modimo e bile o e supa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, o ne a nna Mmopi ka go bo a le lorato mme o ne a itumelela botshelo la ntlha le dibopiwa tsa moya. Dimilione tse di makgolokgolo tseo tsa baengele di rata Modimo e bile di a mmaka. (Jobe 38:4, 7; Daniele 7:10) Modimo o ne wa supa lorato gape ka go bopa lefatshe le go le baakanya gore le nniwe ke batho ba ba itumetseng.—Genesise 1:1, 26-28; Pesalema 115:16.
16 Lorato lwa Modimo lo re solegela molemo ka ditsela tse dintsi thata tse re sa kgoneng go di bala. Selo sa botlhokwa ke gore, Modimo o dirile mebele ya rona ka lorato ka tsela e e gakgamatsang thata e e dirang gore re itumelele botshelo. (Pesalema 139:14) Lorato lwa gagwe o le supa ka gore o ‘nesa dipula tse di tswang mo legodimong, le metlha ya maungo, a tlatsa pelo tsa [rona] ka dijo le boitumelo.’ (Ditiro 14:17) Modimo e bile “o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:45) Lorato lo tlhotlheletsa Mmopi wa rona go re thusa go bona kitso kaga Modimo le go mo direla ka boitumelo jaaka baobamedi ba gagwe. Eleruri, “Modimo o lorato.” (1 Johane 4:8) Mme go na le dilo tse dingwe tse dintsi ka botho jwa gagwe.
“MODIMO O O TLETSENG BOPELOTLHOMOGI, O O TSALANO”
17. Re ithuta eng ka Modimo mo go Ekesodo 34:6, 7?
17 Baiseraele ba ne ba santse ba tlhoka go itse Modimo botoka fa ba sena go tshela Lewatle le Lehibidu. Moshe o ne a ikutlwa a tlhoka go dira jalo mme o ne a rapela jaana: “Mme jaana ka re, fa ke bonye tsalano mo matlhong a gago, a ko o mpontshe ditsela tsa gago jaana, gore ke go itse, gore ke bone tsalano mo matlhong a gago.” (Ekesodo 33:13) Moshe o ne a itse Modimo botoka fa a sena go utlwa Modimo ka boone o re: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Modimo fa a diragatsa tshiamiso o supa le lorato gape, mme ga a sireletse ba ba leofang ka boomo gore ba se ka ba ja maungo a ditiro tsa bone tse di bosula.
18. Jehofa o itshupile jang gore o kutlwelobotlhoko?
18 Fela jaaka Moshe a ne a setse a itse, Jehofa o supa kutlwelobotlhoko. Motho yo o kutlwelobotlhoko o utlwela ba ba bogang botlhoko e bile o leka go ba golola. Ka jalo, Modimo o supeditse batho bopelotlhomogi ka go ba baakanyetsa gore ba gololelwe ruri mo pogong, mo bolwetseng le mo losong. (Tshenolo 21:3-5) Baobamedi ba Modimo ba ka nna ba boga ka ntlha ya maemo a lefatshe le le boikepo leno, kana ba ka nna ba se dire dilo ka botlhale mme ba tsena mo mathateng. Mme fa ba kopa Jehofa ka boikokobetso gore a ba thuse, o tla ba gomotsa le go ba thusa. Ka ntlha yang? Gonne o supetsa baobamedi ba gagwe lorato le go ba utlwela botlhoko.—Pesalema 86:15; 1 Petere 5:6, 7.
19. Ke eng fa re ka re Modimo o botsalano?
19 Batho ba le bantsi ba ba nang le thata ya go laola ba bangwe ba ba tshwara ka tsela e e makgwakgwa tota. Go farologana le bone, a bo Jehofa a le botsalano jang ne mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikokobeditseng! Le mororo a na le thata e kgolo mo lobopong lotlhe, o itshupa a le pelonomi tota ka tsela e e tlhomologileng mo bathong botlhe ka kakaretso. (Pesalema 8:3, 4; Luke 6:35) Gape Jehofa o pelontle mo bathong, o a ba araba fa ba mo kopa ka tsela e e kgethegileng. (Ekesodo 22:26, 27; Luke 18:13, 14) Gone mme, Modimo ga a patelesege go direla ope molemo kana go mo utlwela botlhoko. (Ekesodo 33:19) Ka gone, re tshwanetse go supa gore re anaanela boutlwelobotlhoko le botsalano jwa Modimo fela thata.—Pesalema 145:1, 8.
O BONYA GO GALEFA, GA A TLHAOLE, E BILE O TSHIAMO
20. Ke eng se se supang gore Jehofa o bonya go galefa e bile ga a tlhaole?
20 Jehofa o bonya go galefa. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga a ke a tsaya kgato ka gope, ka go bo o ne a e tsaya fa a ne a nyeletsa Faro yo o tlhogoethata le masole a gagwe kwa Lewatleng le Lehibidu. Gape Jehofa ga a tlhaole. Ka gone, batho ba gagwe ba a neng a ba rata, Baiseraele, kgabagare o ne a ba latlha gonne ba ne ba ganelela mo go direng bosula. Modimo o amogela batho ba merafe yotlhe jaaka baobamedi ba gagwe, mme o amogela fela ba ba sokologelang mo ditseleng tsa gagwe tsa tshiamo.—Ditiro 10:34, 35.
21. (a) Ke eng se Tshenolo 15:2-4 e se re rutang ka Modimo? (b) Ke eng se se tla re tlhofofaletsang go dira se Modimo a reng se siame?
21 Buka ya Baebele ya Tshenolo e gatelela botlhokwa jwa go ithuta ‘ditiro tsa tshiamo’ tsa Modimo. E re bolelela gore dibopiwa tsa selegodimo di opela di re: “Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.” (Tshenolo 15:2-4) Re supa gore re boifa Jehofa ka pelo e e phepa kana gore re mo tlotla ka tshisimogo, fa re dira se a reng se siame. Seno se nna motlhofo fa re ikgakolola gore Modimo o botlhale e bile o lorato. Melao yotlhe ya gagwe ke e e re solegelang molemo.—Isaia 48:17, 18.
‘JEHOFA MODIMO WA RONA O MONGWE FELA’
22. Ke ka ntlha yang fa ba ba dumelang Baebele ba sa obamele Tharonngwe?
22 Baegepeto ba bogologolo ba ne ba obamela medimo e mentsi, mme Jehofa ke “Modimo o o batlang go obamelwa a le nosi.” (Ekesodo 20:5, NW) Moshe o ne a gakolola Baiseraele gore “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.” (Duteronome 6:4, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jesu Keresete o ne a otlelela mafoko ao gape. (Mareko 12:28, 29) Ka jalo, batho ba ba tsayang gore Baebele ke Lefoko la Modimo ga ba obamele Tharonngwe e e nang le batho ba le bararo kana medimo e meraro mo go o le mongwe. E bile tota, lefoko “Tharonngwe” ga le tlhage gope mo Baebeleng. Modimo wa boammaaruri ke Motho a le mongwe, Jesu Keresete ene a le go sele. (Johane 14:28; 1 Bakorinthe 15:28) Moya o o boitshepo wa Modimo ga se motho. Ke maatla a a dirang a ga Jehofa, ao Mothatayotlhe a a dirisang go dira maikaelelo a gagwe.—Genesise 1:2; Ditiro 2:1-4, 32, 33; 2 Petere 1:20, 21.
23. (a) Tsela e o ratang Modimo ka yone e tlile go gola jang? (b) Ke eng se Jesu a neng a se bolela mabapi le go rata Modimo, mme re tlhoka go ithuta eng kaga Keresete?
23 Fa o akanya kafa Jehofa a leng molemo ka teng a ga o dumele gore re tshwanetse go mo obamela? Fa o ntse o ithuta Lefoko la gagwe, Baebele, o tla kgona go mo itse botoka e bile o tla ithuta se a se batlang mo go wena se se tla dirang gore o tshele sentle le ka boitumelo ka bosakhutleng. (Mathaio 5:3, 6) Mo godimo ga moo, tsela e o ratang Modimo ka yone e tla oketsega. Seo se a tshwanela ka go bo Jesu o ne a re: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Go phepafetse gore Jesu o ne a rata Modimo ka tsela e e ntseng jalo. Mme ke eng se Baebele e se senolang ka Jesu Keresete? Seabe sa gagwe ke eng mo boikaelelong jwa ga Jehofa?
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Leina la Modimo ke mang, mme le dirisiwa ka makgetlho a makae mo Dikwalong tsa Sehebera?
Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dirisa leina la Modimo?
Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa Modimo tse di go kgatlhang thata?
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
O itse Mmopi wa dilo tsotlhe sentle go le kana kang?