Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
A mokwadi wa Diane 30:19 ruri o ne a akanya gore tsela eo monna a hepisang morweetsana ka boferefere ka yone e ne e ‘gakgamatsa’?
Diane 30:19 e ka tswa e raya jalo, ereka ruri e le temana e go seng motlhofo go e tlhaloganya.
Fa re batla go bona se temana eno e se kayang, ga re a tshwanela go tlhokomologa ditemana tse di e dikologileng. Pele fela ga temana eno, mokwadi yo o tlhotlheleditsweng yono o ne a kwala lenane la dilo di le nne tseo e leng gore ka mokgwa mongwe ga di ke di kgotsofala. (Diane 30:15, 16) Go tswa foo o ne a kwala lenane leno: “Go dilō di le tharo tse di gakgamatsañ bobe mo go nna, E, go di le nnè tse ke sa di itseñ: Tsela ea ncwi eo motona mo loapiñ; tsela ea nōga mo lehikeñ; tsela ea shepa mo gare ga lewatlè; le tsela ea monna a na le morweetsana.”—Diane 30:18, 19.
Ke eng se se ka tswang se ne se ‘gakgamatsa’ mo dilong tseno tse nne?
Gongwe e le ka ntlha ya go akanya gore go ‘gakgamatsa’ go tshwanetse ga bo go kaya gore selo se siame kana se molemo, baithuti bangwe ba tlhalosa gore nngwe le nngwe ya dilo tseno tse nne e bontsha kafa dilo tse Modimo o di bopileng di leng botlhale ka gone: kafa go gakgamatsang ka gone gore nonyane e kgolo e kgone go fofa, gore noga e e senang maoto e kgone go tsamaya mo lejeng, gore sekepe se segolo se kgone go nna se kokobetse mo lewatleng le shakgetse, le gore mosha yo o kgonang go ikemela a ratane ka mo go feletseng le morweetsana yo o molemo a bo a nyalane le ene, ba bo ba nna le ngwana yo o gakgamatsang wa motho. Porofesa nngwe e fitlhetse go na le sengwe gape se se tshwanang ka dilo tseno tse nne, gore tsotlhe di tsamaya ka tsela e e iseng e tsamaiwe ke ope—go tsamaya ga ntsu, noga, le sekepe fa go neng go sena tsela teng le kafa batho ba babedi ba tlhagolelang lorato lwa bone bosha ka gone.
Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore dilo tseno tse nne di bo di ‘gakgamatsa’ ka tsela e e siameng, jaaka ekete di tshwana ka sengwe se se siameng. Mo go Diane 6:16-19 go kwadilwe lenane la “dilō . . . tse Yehofa o di ilañ.” Mme jaaka go tlhalositswe, pele fela ga ditemana tse go buiwang ka tsone, Diane 30:15, 16 e na le lenane la dilo (Phupu, popelo e e sa imeng, lefatshe je le omeletseng, le molelo o o tutumang) tseo di se keng di re, “Go lekanye!” Kwantle ga pelaelo ga di molemo.
Lefoko la Sehebera leo le ranotsweng go ‘gakgamatsa’ mo go Diane 30:18 le kaya “go kgaoganya, go tlhaola; go dira gore sengwe se tlhomologe, go sa tlwaelega, go gakgamatsa.” Sengwe se ka tlhomologa, sa se ka sa tlwaelega, kana sa gakgamalelwa, mme se se molemo. Daniele 8:23, 24 e ne ya bolelela pele kaga kgosi nngwe e e bogale eo e neng e tla senya ‘ka kgakgamatso’ e bo e “senya banonohi,” go akaretsa le ba ba itshepileng.—Bapisa Duteronome 17:8; 28:59; Sekaria 8:6.
Temana e e latelang Diane 30:18, 19 e ka nna ya re fa lesedi la gore mokwadi o ne a sa tlhaloganye eng. Temana 20 e umaka mosadi wa seaka yo e leng gore “o tla a ye, me a iphimole molomo, me a re, Ga kea diha boikèpō bopè.” Gongwe o leofile ka sephiri le ka boferefere, mme lefa go ntse jalo ereka go ne go sena bosupi jwa gore o leofile, o ne a ka ipolela gore ga a na molato.
Seno se tshwana ka tsela nngwe le lenane le le fa godimo. Ntsu o fofa mo loaping, noga e kgabaganya leje, sekepe se ralala makhubu—ga go epe ya tsone eo e tlogelang motlhala kwa morago, mme go ne go ka nna bokete go sala epe ya dilo tseno tse tharo morago ka motlhala. Fa e le gore dilo tseno tse tharo di tshwana ka tsela eno, go tweng ka sa bone, “tsela ea monna a na le morweetsana”?
Seno le sone se ka nna thata go se latelela. Lekawana le ka dirisa tsietso, go nna loleme lo boleta, le ditsela tse dingwe tsa boferefere go dira gore a simolole go ratwa ke lekgarejwana le le senang molato. Ereka a sena boitemogelo, a ka nna a se ka a lemoga maano a gagwe. Lefa a sena go hepisiwa, a ka nna a se ka a kgona go tlhalosa gore o mo fentse jang; ba ba lebeletseng le bone ba ka nna ba palelwa ke go tlhalosa. Lefa go ntse jalo, barweetsana ba le bantsi ba ile ba felelwa ke bokgarebane jwa bone ka ntlha ya batho bao ba ba hepisang ka boferefere. Go thata go bona kafa banna ba ba boferefere jalo ba dirang ka teng, mme lefa go ntse jalo ba na le mokgele, jaaka ntsu yo o fofang, noga e e neneselang, kana sekepe se le mo lewatleng. Boikaelelo jwa batho ba ba hepisang ke go tlhakanela dikobo le ba bangwe go sa tshwanela.
Ka mogopolo ono Diane 30:18, 19 ga e bue kaga dilo tsa saense kana maranyane a dilo tsa popo. Go na le moo, temana eno tota e re neela tlhagiso ka boitsholo, fela jaaka Diane 7:1-27 e tlhagisa kaga dikotsi tsa seaka se se hepisang. Tsela nngwe eo bokgaitsadi ba Bakeresete ba ka tsayang tsia tlhagiso e e mo go Diane 30:18, 19 ke malebana le banna bao ba ipolelang ba kgatlhegela go ithuta Bibela. Fa monna mongwe yo o botsalano, lefa e le modiri ka wena, a lebega a kgatlhega ka tsela e e ntseng jalo, kgaitsadi o tshwanetse go mo isa kwa mokaulengweng mongwe mo phuthegong. Mokaulengwe yono a ka kgotsofatsa keletso epe ya mmatota a se mo kotsing ya “monna a na le morweetsana.”