A se Ne se Tlhamilwe?
Sekgomaretsi sa Mmamagwatagwatane
◼ Baitsesaense ba gakgamadiwa ke bokgoni jwa mmamagwatagwatane jwa go kgona go tsamaya mo go leng borethe—tota e bile o tsamaya ka bonako go kgabaganya siling e e boreledi kwantle ga gore o relele! Mofuta ono wa mokgantitswane o monnye o o gakgamatsang o kgona jang go dira seo?
Baebele ya re mmamagwatagwatane “o itshwarelela ka diatla.” (Diane 30:28) Maoto a mmamagwatagwatane ruri a tshwana le diatla, ka gonne a kgona go itshwarelela fa go leng borethe ka matsetseleko a a gakgamatsang. Mo monwaneng mongwe le mongwe o mogolo go na le makokoma a a nang le se e keteng ke maboa a mantsintsi. Makokoma ano a na le maodi a mantsintsi a mannye thata a a kgonang go bonwa ka maekorosekopo. Maatla a a mo dimolekhuleng (a a bidiwang van der Waals forces) a a tswang mo maoding ano a lekane go ka tshwara bokete jwa mmamagwatagwatane—tota le fa o tsamaya o lebile kwa tlase mo galaseng!
Babatlisisi ba batla go dira sekgomaretsi se jaaka maoto a mmamagwatagwatane se tla kgonang go kgomarela le fa go leng borethe gone.a Makasine wa Science News o tlhalosa gore, gareng ga dilo dingwe, sekgomaretsi seno se ka kgona le go dirisiwa mo “dilong tse di farologaneng tsa kalafi, go simologa ka difapo tse di kgomarelang le fa di utlwa metsi go ya go theipi e e kgonang go tswala meroko e e dirwang morago ga karo.”
Morago ga go sekaseka dintlha tseno, o akanyang? A sekgomaretsi sa mmamagwatagwatane se itlhagetse fela ka tshoganyetso? Kgotsa a se tlhamilwe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gape baitsesaense ba sekaseka poroteine e e ntshiwang ke di-mussel, e e di thusang gore di kgone go kgomarela mo go leng metsi gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Karolo e e kafa tlase ya mmamagwatagwatane wa “tokay”
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Maboa a a mo maotong a mmamagwatagwatane a bontshiwa ka maekerosekoupo
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Gecko: Breck P. Kent; close-up: © Susumu Nishinaga/Photo Researchers, Inc.