Go Itshokela go Tlhologelela Legae O Le mo Tirelong ya Modimo
JESU KERESETE o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Gore Bakeresete ba le bantsi ba dire thomo eo go ne go raya gore ba amogele maemo a a thata ba nna kgakala le legae. Balebedi ba ba etang, basadi ba bone, le ba bangwe ba tlogela dilo di le dintsi kwa gae ka ntlha ya tirelo ya Modimo fela. Kgwetlho e tona e e lebaneng le Basupi bano ba ga Jehofa e ka nna go tlhologelela legae.
Go tlhologelela legae go diragala fa o gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng tse di monate tsa kafa o neng o ikutlwa o babalesegile e bile o ratiwa ka teng. Seno se ka baka boikutlo jo bo boteng jwa gore o ikutlwe o tshwenyegile mo maikutlong e bile o sa kgone go itshoka. Tota e bile, ba bangwe ba ne ba senya dithulaganyo tsa bone mme ba boela kwa gae, ba sena go rekisa dithoto tsa bone le go tsaya loeto lo lo turang ba ya nageng e sele. Ba ne ba fenngwa ke go tlhologelela legae.
Gantsi batho ba tlhaselwa thata mo maikutlong fa ba sa tswa go fuduga la ntlha, mme ba bangwe ba tswelela pele le gone botshelo jwa bone jotlhe. Jakobe o ne a ‘tlhologeletswe ntlo ya ga rraagwe fela thata,’ fa a sena go tsamaya dingwaga di le 20. (Genesise 31:30) Ke mang yo o ka lebelelang gore o tla tlhologelela legae? Go simololwa ke eng? Motho o ka kgona jang go itshokela maikutlo a a ntseng jalo?
Kutlobotlhoko E Simololwa Ke Eng?
Go tlhologelela legae go ka tlela mongwe le mongwe. Go bonala Amytis, morwadia kgosi ya Media e bong Astyages, a ne a na le mabaka otlhe a go itumela: dikhumo, maemo, legae le lentle. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhologeletswe dithaba tsa Media mo monna wa gagwe, e leng Kgosi Nebukadenesare a neng a dira ditshingwana mo dithabeng tsa Babelona tse a di itiretseng e le go leka go mo gomotsa.
Go tlhologelela legae go ka nna botlhoko tota fa botshelo bo lebega bo le thata go gaisa fa motho a ne a ise a fuduge. Fa batho ba Juda ba ne ba le mo botshwarong, ba ne ba hutsafala jaana: “E rile re le ha dinokeñ tsa Babelona, ra dula gōna, E, ra lela, ka re gakologèlwa Siona. Kana, re ka ōpèla yañ sehela sa ga Yehofa mo lehatshiñ ya seeñ?”—Pesalema 137:1, 4.
Go tshwenyega mo maikutlong mo go bakiwang ke go tlhologelela legae go ka tsosiwa ke dilo di le dintsi. Terri, yo o neng a fudugile kwa Canada, o bolela jaana: “Ka letsatsi lengwe setshwantsho sa lelapa la rona se ne sa wa mo bukeng nngwe. Fa ke se sela fa fatshe, ka tshoganetso fela ke ne ka tlhologelela legae mo ke neng ka se ka ka kgona go itshwara, mme ka lela.” Chris, yo o neng a fudugela kwa nageng e e humanegileng thata a tswa kwa Engelane, o dumela jaana: “Go utlwa fela modumo wa mmino wa bogologolo kana monko o o monate wa dijo tse di apeilweng ka tsela e ke e tlwaetseng go ne go dira gore ke tlhologelele dilo tse ke di tlogetseng kwa morago.”—Bapisa Dipalō 11:5.
Gantsi malapa a a atamelaneng thata le one a tsosa bothata. Roseli, wa kwa Brazil yo jaanong a nnang mo nageng e e gaufi le yone, o akgela jaana: “Ke tshwenyega thata mo moyeng fa ke utlwa dikgang tse di seng monate tse di tswang kwa gae e bile ke sa kgone go ya teng go ya go thusa. Ka dinako tse dingwe go nna maswe thata fa ke sa utlwe dikgang dipe ke bo ke simolola go akanyetsa gore go ka tswa go ntse jang.” Janice o ne a fudugela kwa toroponyaneng e e kwa boboatsatsi jwa Amazon a tswa Amerika Bokone. O bolela jaana: “Ke tlhologelela legae fa ke utlwa dikgang tse di monate go tswa kwa gae. Ke utlwa kafa ba itumelelang bokopano jo bo monate ka teng, mme ke eletsa e kete ke ka bo ke na le bone.”
Go tlogela batho kwa gae ga se gone fela go dirang gore motho a tlhologelele legae. Linda o tlhalosa jaana: “Ke ne ke kgobega marapo tota fa ke ne ke sa itse gore ke reke kae dilo tse ke di tlhokang. Ke ne ke sa itse ditlhwatlhwa kana gone go ananya dilo. Go nna le koloi go ne go tlhoka madi a mantsi thata, mme ke ne ke thulakwa fela ka metlha fa ke leka go tsena mo dipalangweng tsa batho botlhe tse di sukaganeng ka batho. Seno fela se ne sa ntira gore ke tlhologelele kwa gae.” Fa Janet a ne a akgela ka dipharologanyo tsa setso le ikonomi o ne a re: “Ke ne ke kgopisiwa fela ke bohumanegi. Ke ne ke ise ke tsamaye ke bone batho ba kopa borotho, kana malapa a magolo a nna mo kamoreng e le nngwe fela go sena metsi. . . . Dilo tse di ntseng jalo di ne di nkgopisa tota mo ke neng ke sa tlhole ke batla go nna teng.”
Go Itshokela Maikutlo a Gago
Ga re a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong fa re na le boikutlo jo bo boteng ka batho ba re ba ratang kana tikologo e re e tlwaetseng ya fa re santse re gola. Jehofa Modimo o re file maikutlo gore re itumelele botsalano jo bo lorato le batho ba bangwe. Balebedi ba Bakeresete ba phuthego ya kwa Efeso e ne e le banna ba ba godileng mo maikutlong. Mme go ne ga diragala eng fa loeto lwa ga moaposetoloi Paulo kwa go bone lo ya bokhutlong? Ebu, “ba lela botlhe mo go botlhoko, ba wèla mo thamuñ ea ga Paulo, ba mo atla”! (Ditihō 20:37) Ke boammaaruri gore tiragalo eo e ne e sa amane ka gope le go tlhologelela legae. Lefa go ntse jalo, gone e dira gore re akanye. Go nna le maikutlo ke selo sa tlholego, mme lefa go ntse jalo ga re a tshwanela go a letlelela gore a re laole. He, o ka kgona jang go itshokela go tlhologelela legae ka katlego?
Go ithuta go bua puo ya mo lefelong le o leng mo go lone ke selo sa konokono sa gore o ikutlwe o le mo gae. Maikutlo a go tlhologelela legae a ka nna a gola fa puisano e kgorelediwa ke go bo o tshwanetse wa bua puo e e seng ya gaeno. Ka gone, fa go kgonega ithute go bala le go bua puo ya kgaolo eo pele o fudugela kwa go yone. Go sa nneng jalo, tlhoma mogopolo mo go ithuteng puo eo mo dibekeng di sekaenyana tsa ntlha fa o sena go goroga koo. Mo go yone nako eo o tla bo o santse o e kgothaletse thata mme ka gone o ka lebelela pele go e itse. Fa o dirisa dibeke tseno thata go ithuta puo eo, go ise go ye kae o tla bo o setse o itumelela go tlotla, mme seo se ka go thusa go kokobetsa maikutlo a go tlhologelela legae.
Itirele ditsala ka bofefo jo bo ka kgonegang, ka gonne seno se tla go thusa gore o ikutlwe o amogetswe sentle. Mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ke gone fela mo o ka dirang ditsala tsa mmatota. Nna wena yo o simololang mme o kgatlhegele ba bangwe. Leka go itse tsela e ba godisitsweng ka yone, lelapa la bone, mathata a bone, le dilo tse ba di kgatlhegelang. Laletsa badumedi ka wena kwa legaeng la gago. Fela jalo, morago o tla fitlhela gore ba bangwe le bone ba a go kgatlhegela.
Mo bathong ba Modimo, botsala e ka nna jo bo atamelaneng thata jaaka jwa lelapa. Jesu o ne a bolela jaana: “Gonne leha e le mañ eo o tla dihañ go rata ga Modimo, èna eouō ke nnake, le kgantsadiake, le mmè.” (Mareko 3:35) Gape Keresete o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe jaana: “Ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, eo o se ketlañ a bōna ga lekgolo le yana mo lobakeñ lono, eboñ matlo, le bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana, le masimō, di na le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.” (Mareko 10:29, 30) E re ka re na le bokaulengwe jo bo molemo jalo jwa semoya, ga re esi, tota le fa re le mo nageng e nngwe.
Go nna lo ntse lo le ditsala le ba o ba tlogetseng kwa gae le gone go ka go thusa go itshokela go tlhologelela legae. O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore jaanong e re ka o setse o fudugile, lo solegelwa molemo thata fa lo buisana ka lekwalo, e re ka gongwe o tlhatlhanya ka mafoko a o a dirisang. O tla nna le dilo tse di itumedisang tse o ka di buang. Janet, yo o umakilweng kwa tshimologong, o akantsha jaana: “Go founela kgakala go turu, mme go romela khasete e e kapilweng mantswe ka poso go lopa madi a a kwa tlasenyana. O ka utlwa go sa tlwaelega fa o buela mo motšhineng ka lekgetlo la ntlha. Lefa go ntse jalo, go buisana le mongwe lo dirisa maekerofoune go motlhofo e bile go a kgatlha.” Le wena o ka nna wa ikopela gore ba go romelele khasete e e kapilweng mantswe.
Shirley, yo o neng a fudugela kwa Latin America a tswa kwa United States mo dingwageng tse 25 tse di fetileng, o bolela jaana: “Ka metlha ke ba kwalela ka maitemogelo a a agang e seng ka mathata. Seno se kgothatsa ba bangwe gore ba nne ba ntse ba nkwalela.” Lefa go ntse jalo, o itlhokomele. Go kwala dikwalo thata go ka go dira gore o se ka wa itirela ditsala tse disha. Del, yo o neng a fudugela kwa nageng e nngwe a tswa kwa Canada, o bolela jaana: “Tila go nna mo gae o akanya thata ka dilo tse o di tlhologeletsweng. Go na le moo, intshe mme o itumelele lefelo la gago le lesha.”
Ithute mekgwa ya naga e ntšha, hisitori ya yone, dilo tsa yone tse di tshegisang, le mafelo a yone a a kgatlhang le a a mantle. Seno se tla go thusa gore o se ka wa akanya thata ka dilo tse di sa itumediseng. Mme fa e le gore o ikaelela go nnela ruri kwa o fudugetseng teng, go molemo thata gore o se ka wa etela kwa nageng ya gaeno go ise go fete nako e telele kana kgapetsakgapetsa. Go tsaya nako go dira ditsala le go tlwaela tikologo e ntšha. Fa o nna o ya go tsaya lobakanyana kwa gae seno se senya thulaganyo eo. Fa o setse o dirile motse o mosha legae la gago, o ka itumelela go etela kwa gae—mme o bo o boa gape. Go ntse go le jalo, dira ka natla go itlwaetsa legae la gago le lesha.
Nnang Lo Lebeletse kwa Pele
Jehofa o re neetse lefatshe lotlhe gore e nne legae la rona. (Pesalema 115:16) Fa o ipelela moya wa Bokeresete, botshelo bo ka nna monate kwa nageng nngwe le nngwe. Fa o fuduga ka go bo o ya go dira dilo tse di amanang le tsa Bogosi le go ya go rera mafoko a a molemo kwa nageng e nngwe kana lefelo lengwe le sele e ntse e le mo nagagaeng ya lona, dira jalo o lebeletse pele ka boitumelo. Lebelela pele go ya go dira ditsala tse disha, go ya go ithuta mekgwa e e farologaneng, go ya go dira barutwa, kana go ya go dira dilo tse di duelang mo tirelong ya Modimo.
Jehofa Modimo ke Tsala e nngwe e e tla bong e na le wena ka metlha, go sa kgathalesege gore o kae. (Pesalema 94:14; 145:14, 18) Ka jalo nna gaufi le ene ka thapelo. (Baroma 12:12) Seno se tla go thusa go nna o gakologetswe se o se ikaeletseng mo botshelong jaaka motlhanka wa Modimo. Aberahame le Sara ba ne ba ntse ba akantse ka boikaelelo jwa bone mo botshelong fa ba ne ba tlogela legae la bone le le manobonobo kwa motseng wa Ura. Ka go utlwa taelo ya ga Jehofa, ba ne ba tlogela ditsala tsa bone le ba losika. (Ditihō 7:2-4) Fa ba ka bo ba nnetse go gopola le go tlhologelela lefelo le ba neng ba le tlogetse, ba ka bo ba nnile le sebaka sa go boela kwa morago. Mme go na le moo ba ne ba lebeletse pele lefelo le le botoka—ba lebeletse pele gore kgabagare ba bone botshelo mo lefatsheng la paradaise tlase ga Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.—Bahebera 11:15, 16.
Go rera mo ditshimong di sele kana koo go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata mo nagagaeng ya lona e ka nna kgwetlho tota. Mme le gone ke tiro e e ungwang e e duelang tota. (Yohane 15:8) Mme fa dikgopolo tse di sa siamang di ka go fekeetsa ka nakwana, di ka fenngwa ka go nna o gakologetswe ka mokgele wa gago le go lebelela pele. Kgaitsadi mongwe wa morongwa yo o sa nyalwang o ne a bolela jaana: “Fa e kete ke utlwa botlhoko, ke leka go akanya ka lefatshe le lesha le kafa batho botlhe ba tla bong ba le lelapa le le lengwe fela ka teng.” Dikgopolo tse di ntseng jaana tse di monate di ka go thusa gore o nne o itumetse mme o se ka wa tlhologelela legae motlhofo fela.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go tlhologelela legae ga go a tshwanela go kgoreletsa bodihedi jwa Bokeresete