Pina 66
Go Direla Jehofa ka Moya Otlhe
E e Gatisitsweng
1. Jehofa Mmusimogolo,
Ke’a go rata, ke’a go’ikobela.
Ke tla’ineela ka bojotlhe;
Ga nkitla ke go tsietsa Mmopi.
Ke tla utlwa ’taelo tsa gago;
Ke tla dira thato ya ’go.
(KHORASE)
Wena Jah o tshwanelwa ke,
Gore ke’ineele mo go wena.
2. Jehofa ditiro tsotlhe
Tsa ’go di a go galaletsa.
Ke batla go go direla;
Ke tla itsise leina la ’go.
Ke tla’ineela go wena Mmopi,
Mme ke tla tshelela wena.
(KHORASE)
Wena Jah o tshwanelwa ke,
Gore ke’ineele mo go wena.
(Bona le Dute. 6:15; Pes. 40:8; 113:1-3; Mor. 5:4; Joh. 4:34.)