Re Tlhotlheletsanyeng mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo—Jang?
“A re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; . . . re [kgothatsane, NW]; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.”—BAHEBERE 10:24, 25.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Bakeresete ba bogologolo ba gomodiwe le go kgothadiwa ke go kopana ga bone mmogo? (b) Ke kgakololo efe ya ga Paulo e e neng e tlhalosa kafa go tlhokegang ka gone go kopana mmogo?
BA NE ba kopane mo sephiring, ba kokoane mmogo e bile ba itotleletse. Go ne go le kotsi kafa ntle. Moeteledipele wa bone, Jesu, o ne a sa tswa go bolawa fa pele ga setšhaba, mme o ne a tlhagisitse balatedi ba gagwe gore ba ne ba ka se ka ba tshwarwa ka tsela e e botoka go feta eo ene a neng a tshwerwe ka yone. (Johane 15:20; 20:19) Mme lefa go ntse jalo fa ba ntse ba buela kwa tlase kaga Jesu wa bone yo ba neng ba mo rata, ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa ba babalesegile botoka fa ba le mmogo.
2 Fa dingwaga di ntse di feta, Bakeresete ba ne ba lebana le diteko le dipogiso tse di farologaneng. Ba ne ba gomodiwa le go kgothadiwa ke go kopana mmogo, fela jaaka barutwa bale ba ntlha. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo go Bahebere 10:24, 25: “A re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re [kgothatsane]; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.”
3. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore Bahebere 10:24, 25 ga se taolo ya gore Bakeresete ba kopane mmogo fela?
3 Mafoko ao ga se taolo fela ya gore re tswelele pele re kopana mmogo. A tlhalosa molaomotheo o o tlhotlheleditsweng ke Modimo o o dirang mo dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete—e bile tota, o dira gongwe le gongwe fela fa Bakeresete ba kopaneng mmogo teng. Gompieno go feta lefa e le leng pele, jaaka re bona sentle gore letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, dikgatelelo le dikotsi tsa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo di dira gore go tlhokege thata gore dipokano tsa rona di nne jaaka lefelo le le sireletsegileng, le le ka nonotshang le go kgothatsa botlhe. Re ka dira eng go tlhomamisa gore seno se a diragala? Gone, a re tlhatlhobeng mafoko a ga Paulo ka kelotlhoko, re botse dipotso tse tharo tsa botlhokwatlhokwa: Go ‘gopolana’ go kaya eng? Go ‘tlhotlheletsanya mo loratong le mo ditirong tse di molemo’ go kaya eng? Sa bofelo, re ka ‘kgothatsana’ jang mo metlheng eno e e bokete?
‘Gopolanang’
4. Go ‘gopolana’ go kaya eng?
4 Fa Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘gopolane,’ o ne a dirisa lediri la Segerika e bong ka·ta·no·eʹo, e leng lefoko le le gatelelang le le tswang mo go le le tlwaelegileng le le kayang “go lemoga.” Theological Dictionary of the New Testament e bolela gore le kaya “go isa mogopolo otlhe wa motho mo sengweng.” Go ya ka W. E. Vine gape le ka kaya “go tlhaloganya ka botlalo, go akanyetsa thata.” Ka jalo fa Bakeresete ba ‘gopolana,’ ga ba bone fa godimo fela mme ba dirisa tlhaloganyo yotlhe ya bone ba leka go tlhaloganya ka botlalo.—Bapisa Bahebere 3:1.
5. Dilo dingwe tse di ka nnang tsa se ka tsa bonwa motlhofo ka ga motho ke dife, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go di akanyetsa?
5 Re tshwanetse go gakologelwa gore motho o na le mo gontsi go na le se se ka senolwang ke go mo leba fela ka kwantle gore o lebega jang, o dira eng, kana gore botho jwa gagwe bo ntse jang. (1 Samuele 16:7) Gantsi motho yo kafa ntle a lebegang a didimetse, tota o na le maikutlo a a boteng kana go rata metlae mo go itumedisang. Fano le gone, tsela e batho ba godileng ka yone e farologane tota. Ba bangwe ba diragaletswe ke matlhotlhapelo mo matshelong a bone; ba bangwe gone jaanong ba itshoketse maemo a re neng re ka fitlhela go le thata le go a akanya tota. Go diragala gantsi tota gore go tenegela mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe ka ntlha ya sekgopi se sennye fela go fele fa re ithuta mo go oketsegileng kaga tsela e motho yoo a godileng ka yone kana maemo ao a leng mo go one.—Diane 19:11.
6. Dingwe tsa ditsela tse re ka di dirisang gore re itsane botoka ke dife, mme seo se ka felela ka molemo ofe?
6 Gone ke boammaaruri, seno ga se reye gore re tshwanetse go itshunya nko mo dikgannyeng tsa motho ka namana re sa kopiwa. (1 Bathesalonika 4:11) Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo re santse re ka bontsha go kgatlhegela ba bangwe ka namana. Seno ga se tlhoke go dumedisa fela kwa Holong ya Bogosi. Ke ka ntlha yang fa o sa tlhophe motho a le mongwe fela yo o batlang go mo itse botoka mme o dire gore o buisane le ene ka metsotso e sekae pele kana morago ga pokano? Se se botoka le go feta, ‘tlwaela go tshola baeng’ ka go laletsa tsala e le nngwe kana tse pedi kwa legaeng la gago gore ba tle go ja dijonyana tse di motlhofo fela. (Baroma 12:13) Bontsha kgatlhego. Reetsa. Go botsa fela gore motho o simolotse jang go itse le go rata Jehofa go ka senola go le gontsi thata. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ithuta mo go oketsegileng ka go dira le ene mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Go gopolana ka ditsela tse di ntseng jalo go tla re thusa gore re tlhagolele maikutlo a mmatota a go ratana, kana go utlwela botlhoko.—Bafilipi 2:4; 1 Petere 3:8.
‘Tlhotlheletsanyang’
7. (a) Thuto ya ga Jesu e ne e ama batho jang? (b) Ke eng se se neng se dira gore go ruta ga gagwe go tlhotlheletse thata jaana?
7 Fa re gopolana, re mo seemong se sentle sa gore re ka tlhotlheletsanya, ra kgothatsana gore re tseye kgato. Bagolwane ba Bakeresete segolobogolo ba na le seabe sa botlhokwa mo ntlheng eno. Re bala jaana kaga nako nngwe fa Jesu a ne a bua mo pele ga setšhaba: “Batho [ba ne] ba gakgamalela thuto ya gagwe.” (Mathaio 7:28) Ka lekgetlho le lengwe tota le masole mangwe ao a neng a romilwe gore a ye go mo tshwara a ne a boa a re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.” (Johane 7:46) Ke eng se se neng se dira gore thuto ya ga Jesu e tlhotlheletse thata jaana? A e ne e le go bontsha maikutlo a a feteletseng? Nnyaa; Jesu o ne a bua ka seriti. Lefa go ntse jalo, ka dinako tsotlhe o ne a leka go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe. E re ka a ne a gopola batho, o ne a itse gore tota o ka ba tlhotlheletsa jang. O ne a dirisa ditshwantsho tse di phepafetseng, tse di motlhofo tse di neng di bontsha dilo tsa mmatota tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. (Mathaio 13:34) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba dirang dikabelo kwa dipokanong tsa rona ba tshwanetse go etsa Jesu ka go neela dipuo ka lorato tse di nang le botshelo, tse di tlhotlheletsang. Fela jaaka Jesu, re ka leka thata go batla ditshwantsho tse di tshwanelang bareetsi ba rona e bile di fitlhelela dipelo tsa bone.
8. Jesu o ne a tlhotlheletsa jang ka sekao sa gagwe, mme re ka mo etsa jang mo ntlheng eno?
8 Fa re ntse re direla Modimo wa rona, rotlhe re ka tlhotlheletsanya ka dikao tsa rona. Jesu ruri o ne a tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe. O ne a rata tiro ya bodiredi jwa Bokeresete e bile a tlotlomatsa bodiredi. O ne a bolela gore bo ne bo tshwana le dijo mo go ene. (Johane 4:34; Baroma 11:13) Go tlhagafala jalo go ka thelanwa. A le wena ka tsela e e tshwanang o ka dira gore go bonale gore o itumelela bodiredi? Lefa o ntse o tila go utlwala jaaka yo o ikgantshang, abalana maitemogelo a gago a a molemo le ba bangwe mo phuthegong. Fa o laletsa ba bangwe gore ba dire le wena, bona gore a o ka ba thusa gore tota ba itumelele go buisana le ba bangwe ka ga Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa.—Diane 25:25.
9. (a) Mengwe ya mekgwa ya go tlhotlheletsa ba bangwe e re ka batlang go e tila ke efe, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa gore re dire ka natla mo tirelong ya ga Jehofa?
9 Lefa go ntse jalo, o nne kelotlhoko gore o se ka wa tlhotlheletsa ba bangwe mo tseleng e e phoso. Ka sekai, re sa ikaelela, re ka nna ra dira gore ba ikutlwe ba le molato go bo ba sa dire mo go oketsegileng. Re ka nna ra ba tlhabisa ditlhong re sa ikaelela ka go ba bapisa ka tsela e e sa tshwanelang le ba bangwe ba go bonalang sentle gore ba tlhagafetse, kana re ka nna ra tlhoma melao e e thata mme ra nyatsa ba ba sa kgoneng go e fitlhelela. Mekgwa eno e ka nna ya tlhotlheletsa bangwe gore ba dire ka nakwana, mme lefa go ntse jalo Paulo ga a kwala gore, ‘Tlhotlheletsanyang ka go dira gore bangwe ba ipone molato le ka ditiro tse di molemo.’ Nnyaa, re tshwanetse go tlhotlheletsanya mo loratong, mme ditiro tse di molemo di tla latela fa go na le maitlhomo a mantle. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlhotlhelediwa fela ke go amega ka gore ba bangwe mo phuthegong ba tla reng ka ga gagwe fa a sa diragatse se se solofetsweng tota.—Bapisa 2 Bakorinthe 9:6, 7.
10. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gakologelwa gore ga re barena mo tumelong ya ba bangwe?
10 Go tlhotlheletsanya ga go kaye go laolana. Lefa moaposetoloi Paulo a ne a neilwe thata ke Modimo, o ne a gakolola phuthego ya kwa Korinthe jaana ka boikokobetso: ‘Ga re na borena mo tumelong ya lona.’ (2 Bakorinthe 1:24) Fa re lemoga ka boikokobetso jaaka ene gore tiro ya rona ga se go tlhoma gore ba bangwe ba tshwanetse go dira go le kana kang mo tirelong ya ga Jehofa, kana go ba laolela digakolodi mo ditshwetsong tse dingwe tsa motho ka namana, re tla tila go nna “tshiamo ya mo go feteletseng,” go tlhoka boitumelo, go sa fetofetoge, go nna le megopolo e e sa siamang, kana go rata go tlhoma melao thata. (Moreri 7:16) Dinonofo tse di ntseng jalo ga di tlhotlheletse; di a gatelela.
11. Batho ba ne ba tlhotlhelediwa ke boikutlo bofe gore ba ntshe meneelo mo motlheng wa fa go agiwa motlaagana kwa Iseraele, mme seo se ka diragala jang mo motlheng wa rona?
11 Re batla gore maiteko otlhe a re a dirang mo tirelong ya ga Jehofa a dirwe ka moya o o tshwanang le wa Baiseraele ba bogologolo ka nako ya fa go ne go tlhokega gore go ntshiwe meneelo e e neng e tla dirisediwa go aga motlaagana. Ekesodo 35:21 e balega jaana: “Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere—le tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro.” Ba ne ba sa tlhotlhelediwe ke sengwe se se kwantle, mme ba ne ba tlhotlhelediwa go tswa kafa teng, go tswa mo pelong. E bile tota, ka Sehebera e bolela ka tlhamalalo fano gore “mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo kuka” o ne a ntsha dimpho tseo. (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mo godimo ga moo, a re lekeng go kuka dipelo tsa bangwe ka rona nako le nako fa re le mmogo. Moya wa ga Jehofa o ka dira mo go setseng.
‘Kgothatsanang’
12. (a) Dingwe tsa ditlhaloso tsa lefoko la Segerika le le ranotsweng go nna ‘go kgothatsa’ ke dife? (b) Ditsala tsa ga Jobe di ne tsa palelwa jang ke go mo kgothatsa? (c) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go atlholana?
12 Fa Paulo a ne a kwala gore re tshwanetse ra ‘kgothatsana,’ o ne a dirisa mofuta wa lefoko la Segerika pa·ra·ka·leʹo, leo gape le ka kayang ‘go nonotsha, go gomotsa.’ Mo thanolong ya Septuagint ya Segerika, lone lefoko leno le ne la dirisiwa mo go Jobe 29:25, fa Jobe a ne a tlhalosiwa e le yo o gomotsang ba ba hutsafetseng. Se se gakgamatsang ke gore fa Jobe ka boene a ne a lekwa mo go botlhoko, ga a ka a kgothadiwa jalo. “Bagomotsi” ba gagwe ba bararo ba ne ba tshwaragane le go mo atlhola le go mmolelela dipuo mo ba neng ba palelwa ke go mo tlhaloganya kana go mo utlwela botlhoko. E bile tota, mo dilong tsotlhe tse ba di buileng, ga ba ise le ka motlha ba bitse Jobe ka leina. (Bapisa le Jobe 33:1, 31.) Go bonala sentle gore ba ne ba mo leba thata jaaka bothata e seng jaaka motho. Ga go gakgamatse go bo Jobe a ne a bua jaana a tshwenyegile: “Fa mowa wa lona o ka bo o le mo boemong jwa mowa wa me”! (Jobe 16:4) Fela jalo le gompieno, fa o batla go kgothatsa mongwe, nna kutlwelobotlhoko! O se ka wa mo atlhola. Jaaka Baroma 14:4 e bolela, “o mang wena yo o sekisang motlhanka wa yo mongwe? Go ema le go wa ga gagwe, e ntse ke ga morena wa gagwe. Ee, o tlaa emisiwa; gonne Morena o na le nonofo ya go mo emisa.”
13, 14. (a) Re tlhoka go tlhomamisetsa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi boammaaruri bofe gore re ba gomotse? (b) Daniele o ne a nonotshiwa jang ke moengele mongwe?
13 Lefoko le lengwe le le tswang mo go pa·ra·ka·leʹo le leina le le amanang le lone le ranolwa jaaka ‘go gomotsa’ mo go 2 Bathesalonika 2:16, 17: “Jaana a Morena wa rona Jesu Keresete ka esi, le Modimo Rraetsho yo o re ratileng a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng, le tsholofelo e e molemo ka tshegofatso, a gomotse dipelo tsa lona, a lo tlhomamise mo tirong le mo puong nngwe le nngwe e e molemo.” Ela tlhoko gore Paulo o amanya kgopolo ya go dira gore dipelo tsa rona di gomodiwe le boammaaruri jwa konokono jwa gore Jehofa o a re rata. Ka jalo re ka kgothatsana le go gomotsana ka go tlhomamisa boammaaruri joo jwa botlhokwa.
14 Ka lekgetlho lengwe moperofeti Daniele o ne a tshwenyegile thata fa a sena go bona ponatshegelo e e tshosang mo e leng gore o ne a re: “Bontle jwa me bo ne bo fetogile sebodu mo go nna, mme ga ke a ka ka sala le nonofo epe.” Jehofa o ne a roma moengele yo o neng a gakolola Daniele ka makgetlho a le mantsi gore e ne e le “monna yo o ratwang thata” mo matlhong a Modimo. Seo se ne sa felela ka eng? Daniele o ne a raya moengele a re: “O nthatafaditse.”—Daniele 10:8, 11, 19.
15. Bagolwane le balebedi ba ba etang ba tshwanetse go lekalekanya go akgola le go kgalemela jang?
15 Eno he ke tsela e nngwe ya go kgothatsa ba bangwe. Ba akgole! Go motlhofo thata gore o iphitlhele o na le mogopolo wa go tshwayatshwaya diphoso, o o setlhogo. Gone ke boammaaruri, go na le dinako tse go ka tlhokegang ka tsone go gakolola motho, bogolo jang a gakololwa ke bagolwane le ke balebedi ba ba etang. Mme lefa go ntse jalo ba tla bo ba dira sentle fa ba ka itsiwe ka go kgothatsa ga bone ka lorato go na le gore ba itsiwe ka go nna le boikutlo jwa go rata go tshwayatshwaya diphoso.
16. (a) Fa re kgothatsa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, ke ka ntlha yang fa gantsi go sa lekana fela gore re ba kgothaletse go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa? (b) Jehofa o ne a thusa Elija jang fa a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong?
16 Ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ke bone bao segolobogolo ba tlhokang go kgothadiwa, mme Jehofa o solofela gore jaaka Bakeresete mmogo re ba thuse—bogolo segolo fa re le bagolwane. (Diane 21:13) Re ka dira eng? Tharabololo e ka nna ya se nne motlhofo fela jaaka go ba bolelela gore ba dire mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne seo se ka nna sa kaya gore ba tshwenyegile mo maikutlong ka gonne ba sa dire mo go lekaneng. Gantsi leo e a bo e se lone lebaka. Moperofeti Elija o kile a tshwenyega thata mo maikutlong mo a neng a batla go swa; lefa go ntse jalo eno e ne e le ka nako e a neng a tshwaregile thata ka yone mo tirelong ya gagwe go Jehofa. Jehofa o ne a dirisana le ene jang? O ne a romela moengele mongwe gore a mo neele thuso e e mosola. Elija o ne a bulela Jehofa pelo ya gagwe, a senola gore o ne a akanya gore ga a na mosola fela jaaka borraagwemogolo ba ba suleng, gore tiro ya gagwe e ne e se mosola, le gore o ne a le esiesi fela. Jehofa o ne a mo reetsa a bo a mo gomotsa ka dipontsho tse di boitshegang tsa maatla a Gagwe le go mo tlhomamisetsa gore o ne a se nosi le e seng le gore tiro e a neng a e simolotse e ne e tla wediwa. Gape Jehofa o ne a solofetsa go neela Elija mopati gore a mo thapise e bo e re kgabagare a sale a tshwere tiro.—1 Dikgosi 19:1-21.
17. Mogolwane a ka kgothatsa jang mongwe yo o itshwayang diphoso mo go feteletseng?
17 A bo seo se ne se kgothatsa jang ne! E kete le rona re ka kgothatsa jalo ba ba tshwenyegileng mo maikutlong mo gare ga rona. Leka go ba tlhaloganya ka go reetsa! (Jakobe 1:19) Ba neele kgomotso ya Dikwalo e e tshwanelang se ba se tlhokang motho ka namana. (Diane 25:11; 1 Bathesalonika 5:14) Fa bagolwane ba kgothatsa batho ba ba itshwayang diphoso mo go feteletseng, ba ka neela ka bopelonomi bosupi jwa Dikwalo jwa gore Jehofa o a ba rata e bile o ba tsaya ba le botlhokwa.a Go bua ka ga thekololo e ka nna tsela e e nonofileng ya go kgothatsa batho ba ba ikutlwang ba se mosola. Motho yo o hutsafatseng ka ntlha ya boleo bongwe jwa nako e e fetileng a ka nna a tlhoka go bontshiwa gore thekololo e mo phepafaditse fa e le gore ruri o ikwatlhaile a bo a latlha mokgwa ope fela o o ntseng jalo.—Isaia 1:18.
18. Thuto ya thekololo e tshwanetse ya kgothatsa jang mongwe yo o tlhasetsweng ke yo mongwe, jaaka ka go mmetelela?
18 Gone ke boammaaruri, mogolwane o ka akanyetsa kgang e e rileng thata gore a tle a dirise thuto eo sentle. Akanya ka sekai seno: Setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se ne se tshwantshediwa ke ditlhabelo tsa diphologolo tsa Molao wa ga Moshe, tse di neng di tlhokega go duelela dibe tsotlhe. (Lefitiko 4:27, 28) Lefa go ntse jalo, go ne go sa bewa taolo epe ya gore motho yo o beteletsweng o ne a tshwanetse go ntsha tshupelo ya boleo. Molao o ne o bolela gore ba ‘se ka ba dira sepe’ go mo otlhaya. (Duteronome 22:25-27) Ka jalo gompieno, fa kgaitsadi a ile a tlhaselwa a bo a betelelwa, mme seo se dirile gore a ikutlwe a le leswe e bile a sena mosola, a go tla bo go tshwanela go gatelela gore o tlhoka thekololo gore e tlose boleo joo? Nnyaa le e seng. Ga a ka a leofa fa a betelelwa. Motho yo o mmeteletseng ke ene a leofileng mme ka jalo o tlhoka go phepafadiwa. Lefa go ntse jalo, lorato lo Jehofa le Keresete ba lo bontshitseng ka go ntsha thekololo lo ka dirisiwa go supa gore motho yoo ga a mo leswefatsa mo matlhong a Modimo ka boleo jwa gagwe, mme gore o tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa e bile o santse a mo rata.—Bapisa Mareko 7:18-23; 1 Johane 4:16.
19. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lebelela gore nako le nako fa re kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona re tla kgothatsega, mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?
19 Ee, go sa kgathalesege gore boemo jwa motho mo botshelong jwa gagwe ke bofe, go sa kgathalesege maemo a a botlhoko a a ka tswang a mo diragaletse mo nakong e e fetileng, o tshwanetse a kgona go kgothadiwa ke phuthego ya batho ba ga Jehofa. Mme a ka kgona fa rotlhe re leka go gopolana, go tlhotlheletsanya, le go kgothatsana nako le nako fa re kopane mmogo. Lefa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, rotlhe re palelwa ke go dira jalo ka dinako tse dingwe. Re a swabisana, le go kgopisana gangwe le gape, re sa ikaelela. Leka gore o se ka wa tlhoma mogopolo mo diphosong tsa ba bangwe mo ntlheng eno. Fa o akanya thata ka diphoso, o mo kotsing ya go tshwayatshwaya phuthego diphoso mo go feteletseng mo o ka nnang wa ba wa wela mo go sone serai se Paulo a neng a leka thata go re thusa gore re se tile, e leng, go bakela go phuthega ga rona mmogo. E kete seo se ka se ka sa diragala le ka motlha! Fa tsamaiso eno e kgologolo e ntse e nna kotsi e bile e gatelela go feta pele, a re ititeyeng sehuba gore re tla dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go dira gore bokopano jwa rona kwa dipokanong bo agelele—bogolo jang ka re bona letsatsi la ga Jehofa le atamela!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mogolwane a ka nna a rata go ithuta ditlhogo tse di kgothatsang tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le motho yoo—ka sekai, “A o Tla Solegelwa Molemo ke Bopelonomi jo bo sa Tshwanelang?” le “Go Fenya go Lwantshana le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong.”—Tora ya Tebelo, February 15 le March 1, 1990.
O ne o Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore dipokano tsa rona le go kopana ga rona mmogo go kgothatse mo metlheng eno ya bofelo?
◻ Go gopolana go kaya eng?
◻ Go tlhotlheletsanya go kaya eng?
◻ Go kgothatsana go akaretsa eng?
◻ Batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka kgothadiwa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go amogela baeng go re thusa gore re itsane botoka
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fa Elija a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong, Jehofa o ne a mo gomotsa ka bopelonomi