LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 2/1 ts. 5-7
  • Motho yo Tota a Bakileng Ntwa le Pogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motho yo Tota a Bakileng Ntwa le Pogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SESUPO SA METLHA YA BOFELO
  • GO SENYA DITIRO TSA GA DIABOLO
  • Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Polelelopele ya Bibela Eo O E Boneng E Diragadiwa
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 2/1 ts. 5-7

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | NTWA E E FETOTSENG LEFATSHE

Motho yo Tota a Bakileng Ntwa le Pogo

Ka Ngwanatsele 11, 1918, Ntwa ya Lefatshe ya I e ile ya khutla. Borakgwebo ba ne ba tswala dikgwebo tsa bone mme batho ba ne ba bina mo mebileng. Mme boitumelo joo ga bo a ka jwa nnela ruri. Ka bonako morago ga ntwa ya lefatshe—go ne ga nna le matshosetsi a mangwe—a a setlhogo thata go feta ditlhobolo tsa motšhini.

Leroborobo la bolwetse jo bo kotsi le le neng le bidiwa Spanish flu le ne la tlhasela masole kwa Fora ka Seetebosigo 1918. Go ise go ye kae, mogare oo o ile wa itshupa kafa o leng kotsi ka teng. Ka sekai, mo dikgweding di le mmalwa fela, o ne wa bolaya masole a kwa Amerika a a neng a le kwa Fora, a a neng a feta a a neng a bolawa mo tweng. Mme morago ga ntwa, masole a ne a boela gae a tshwerwe ke foluu eo, go tswa foo e ne ya anama ka bonako go ralala lefatshe.

Gape mo dingwageng tsa morago ga ntwa, go ne ga nna le tlala le mathata a ikonomi. Bontsi jwa batho ba kwa Yuropa ba ne ba bolawa ke tlala fa ntwa e fela ka 1918. Ka 1923, madi a kwa Jeremane a ne a se na boleng gotlhelele. Dingwaga di le thataro moragonyana, ikonomi ya lefatshe lotlhe e ne ya phutlhama. Mme kgabagare ka 1939, ntwa ya lefatshe ya bobedi e ne ya tlhagoga—ka ditsela dingwe e ne ya tsweledisa ntwa ya ntlha ya lefatshe. Tatelano eno ya masetlapelo e ne ya bakiwa ke eng?

SESUPO SA METLHA YA BOFELO

Boporofeti jwa Baebele bo re thusa go bona gore ke eng se se bakileng dingwe tsa ditiragalo tsa nako e e fetileng, segolobogolo Ntwa ya Lefatshe ya I. Jesu Keresete o ne a bolelela pele ka nako ya fa ‘setšhaba se tla tsogolegelang setšhaba se se sengwe,’ le ya fa ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo a tla bong a aname mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:10, 11) O ne a bolelela barutwa ba gagwe gore masetlapelo a a ntseng jalo e ne e tla nna sesupo sa metlha ya bofelo. Buka ya Tshenolo e neela tshedimosetso e e oketsegileng, e e amanyang masetlapelo a lefatshe le ntwa ya kwa legodimong.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Ntwa mo Lefatsheng le Ntwa ya Kwa Legodimong.”

Yone buka eo ya Baebele e tlhalosa ka bapalami ba le banè ba dipitse, ba ka dinako tse dingwe ba bidiwang bapalami ba dipitse ba Apokalipisi. Ba le bararo mo bapalaming bano ba dipitse, ba tshwantshetsa masetlapelo a a tshwanang le a Jesu a ileng a bolelela pele ka one pelenyana—ntwa, leuba le leroborobo la malwetse. (Bona lebokoso la “A Tota Bapalami ba Banè ba Dipitse ba mo Tseleng?”) Ga go na pelaelo gore ntwa ya lefatshe e ne ya simolola nako ya mathata a a ntseng a tswelela pele. Mme Baebele e bontsha gore ka tsela nngwe, Satane e ne e le ene yo a simolotseng dilo tseno tsotlhe. (1 Johane 5:19) A maatla a gagwe a tla tsamaya a fedisiwa?

Gape buka ya Tshenolo e re tlhomamisetsa gore Satane o saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Ke ka lebaka leo a galefileng e bile a bakang masetlapelo a mantsi jaana mo lefatsheng. Mme e bile, mathata a re a bonang a bontsha gape gore nako ya ga Satane e a fela.

GO SENYA DITIRO TSA GA DIABOLO

Tota Ntwa ya Lefatshe ya I e nnile nako ya diphetogo tse dikgolo. E ile ya tlisa tshimologo ya ntwa e e akaretsang ditšhaba tsotlhe, e e ileng ya tsosa dikhuduego le go sa tshepane ga baeteledipele. Gape e ile ya neela bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Satane o lelekilwe kwa legodimong. (Tshenolo 12:9) Mme mmusi yono yo o sa bonaleng wa lefatshe o ne a itshwara jaaka mmusaesi yo o setlhogo, yo o itseng gore o saletswe ke nako e e khutshwane. Fa nako eo e fela, kgabagare nako ya mathata a a bakilweng ke Ntwa ya Lefatshe ya I a tla fela.

Go ya ka boporofeti jwa Baebele, o na le lebaka la go tshepa gore go ise go ye kae, Jesu Keresete, Kgosi ya rona ya kwa legodimong o tla “senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Batho ba le dimilione ba setse ba rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle. A le wena o dira jalo? Ka ntlha ya Bogosi joo, kgabagare batho ba ba ikanyegang ba tla bona go diragadiwa ga thato ya Modimo—e seng ya ga Satane—e diragadiwa mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Mo Bogosing jwa Modimo, go ka se tlhole go nna le ntwa ya lefatshe—kgotsa dintwa dipe fela! (Pesalema 46:9) Ithute ka Bogosi joo mme tshele gore o bone nako ya fa kagiso e tla bo e tletse mo lefatsheng!—Isaia 9:6, 7.

Ntwa mo Lefatsheng le Ntwa Kwa Legodimong

Makgolo a dingwaga a ka nna 19 pele ga Ntwa ya Lefatshe ya I, Satane o ne a solofetsa Jesu “magosi otlhe a lefatshe.” (Mathaio 4:8, 9) Jesu ga a ka a ineela mo thaelong eo, mme moragonyana o ne a tlhalosa gore Diabolo ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) Mo godimo ga mo o moaposetoloi Johane o ne a re “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

Fa e le gore Satane o na le maatla a mantsi jaana mo lefatsheng, a ga go utlwale go swetsa ka gore o nnile le seabe mo ntweng ya lefatshe ya I le ditlamorago tsa yone? Tota e bile, buka ya Tshenolo e amanya Satane le masetlapelo a a nnileng gone mo lefatsheng go tloga ka 1914. Fa tlase fano go tlhalosiwa ka bokhutshwane ditiragalo tse di mo go Tshenolo kgaolo 12:

  • Temana 7 Go nna le ntwa kwa legodimong mo gare ga ga Mikaele (Jesu Keresete) le kgogela (Satane).

  • Temana 9 Diabolo “yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni,” o latlhelwa mo lefatsheng.

  • Temana 12 “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”

Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele mmogo le dilo tse di ntseng di diragala mo lefatsheng di supa gore ntwa eno e nnile gone morago ga gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwe kwa legodimong ka 1914.a Ka jalo, mo go one ngwaga o o botlhokwa oo, go ne ga nna le ntwa mo lefatsheng le kwa legodimong.

a Bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A Tota Bapalami ba Banè Ba Dipitse ba mo Tseleng?

Pitse e tshweu le mopalami wa yone e leng kgosi ya kwa legodimong

Pitse e tshweu, e mopalami wa yone e leng kgosi ya kwa legodimong. Kgosi Jesu Keresete ka boene, yo o palamang ka ntlha ya tshiamo. (Pesalema 45:4) Tiro ya gagwe ya ntlha, ke go ntsha Satane le madimona a gagwe kwa legodimong.—Tshenolo 6:2; 12:9.

Pitse e e khunou le masole mo lebaleng la ntwa

Pitse e e khunou, e mopalami wa yone a nang le taolo ya go “tlosa kagiso mo lefatsheng.” (Tshenolo 6:4) Fa e sa le ka 1914, batho ba ntse tlhaselwa ke ntwa. Dingwaga di le 21 fela morago ga gore Ntwa ya Lefatshe ya I e fele, go ne ga runya ntwa ya bobedi ya lefatshe e e neng ya bolaya batho ba le bantsi le go feta. Go fopholediwa gore Ntwa ya Lefatshe ya II e bolaile batho ba ka nna dimilione di ka nna 60. Fa e sa le ka 1945, dintwa di ntse di lowa mo mafelong a a rileng fela mme di nnile setlhogo fela jalo. Bakwalahisitori ba bangwe ba fopholetsa gore go ile ga bolawa batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo mo ntweng mo lekgolong la bo20 la dingwaga.

Pitse e ntsho le bana ba bantsi ba ba tshwerweng ke tlala

Pitse e ntsho, e mopalami wa yone a tshotseng sekale ka seatla go tshwantshetsa leuba. (Tshenolo 6:5, 6) Ka nako ya ntwa ya lefatshe ya ntlha, e re ka Dinaga Tsa Semphato di ne di thibela go romelwa ga dijo, batho ba ba ka nnang 750 000 ba kwa Jeremane ba ne ba swa ka ntlha ya tlala. Batho ba ba fetang dimilione di le pedi ba ba kwa Russia ba ne ba swa ka ntlha ya tlala ka 1921, mme go ne ga nna le masetlapelo a a tshwanang le ao kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Fa dipalo tseno tsotlhe di kopanngwa, go fopholediwa gore go ile ga swa batho ba le dimilione di le 70 ka ntlha ya leuba ka lekgolo la bo20 la dingwaga. Go sa ntse go swa bana ba ba fetang dimilione di le tharo ba ba ka kwa tlase ga dingwaga di le tlhano ngwaga le ngwaga, ka ntlha ya phepelotlase.

Pitse e tshetlha le balwetsi

Pitse e tshetlha, e mopalami wa yone a tlisang loso ka sebetso se se bolayang. (Tshenolo 6:8) Leroborobo la bolwetse la ntlha la lekgolo la bo20 la dingwaga e ne e le Spanish flu. Dipalo tse di tlhalosiwang di a farologana lefatshe ka bophara, mme phopholetso nngwe e bontsha gore bolwetse joo bo bolaile batho ba ka nnang dimilione di le 50. Buka ya Man and Microbes e bolela jaana: “Bolwetse jono e ne e le nngwe ya masetlapelo a a maswe le go feta a a kileng a nna teng. Tota le leroborobo la bolwetse jwa go ruruga ga dilimfe (bolwetse jwa bubonic) ga le a ka la bolaya batho ba le bantsi ka bonako jalo.” Sekgwaripana, malaria le thiibi, ke mangwe a malwetse a a tshelanwang a a dirileng gore go swe batho ba le dimilione di le dintsi mo lekgolong la bo20 la dingwaga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela