LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A Re Feteletsa Dilo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
    • Kgaolo 4

      A Re Feteletsa Dilo?

      Boammaaruri kgotsa maaka . . .

      Ka metlha go phoso gore batho ba ba intshang mmogo ba tshwarane, mo maemong le fa e le afe fela.

      □ Boammaaruri

      □ Maaka

      Baratani ba sa ntse ba ka nna le molato wa kgokafalo le fa gone ba sa tlhakanele dikobo.

      □ Boammaaruri

      □ Maaka

      Fa batho ba ba intshang mmogo ba sa phoraphorane, ruri ga ba ratane.

      □ Boammaaruri

      □ Maaka

      GA GO pelaelo gore o ile wa akanya thata ka kgang eno. Mme gone, fa e le gore o intsha le mongwe ga go motlhofo go itse gore lo ka bontshana lorato go ya bokgakaleng bofe. Mma re sekaseke dintlha tse tharo tse di fa godimo mme re bone kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka teng go araba potso e e reng, “A re feteletsa dilo?”

      ● Ka metlha go phoso gore batho ba babedi ba ba intshang mmogo ba tshwarane, mo maemong le fa e le afe fela.

      Maaka. Baebele ga e thibele batho go bontshana lorato fa ba go dira ka tsela e e phepa le e e siameng. Ka sekai, Baebele e re bolelela ka mosetsana wa Moshulame le mosimane wa modisa ba ba neng ba ratana. Ba ne ba boloka thatano ya bone e le phepa. Le fa go ntse jalo, go bonala ba ne ba tle ba bontshane lorato ka ditsela dingwe pele ba nyalana. (Sefela sa Difela 1:2; 2:6; 8:5) Gompieno, baratani bangwe ba ba akanyetsang go nyalana le bone ba ka bona go siame go bontshana lorato ka tsela e e tshwanetseng.a

      Le fa go ntse jalo, batho ba ba intshang mmogo ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Go atlana, go tlamparelana kgotsa go dira sepe fela se se ka tsosang keletso ya tlhakanelodikobo go ka dira gore ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang. Go motlhofo tota gore le baratani ba ba se nang maikaelelo ape a a sa siamang ba tseege maikutlo mme ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bakolosa 3:5.

      ● Baratani ba sa ntse ba ka nna le molato wa kgokafalo le fa gone ba sa tlhakanele dikobo.

      Boammaaruri. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgokafalo” (por·neiʹa) le akaretsa dilo di le dintsi. Le tlhalosa mefuta yotlhe ya tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang mme le lebisitse thata mo go diriseng dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang. Ka gone, kgokafalo ga e akaretse fela thobalano ka boyone mme gape e akaretsa le dilo tse di jaaka go phoraphora dirwe tsa yo mongwe, le tlhakanelodikobo ya molomo le ya marago.

      Mo godimo ga moo, Baebele ga e kgale kgokafalo fela. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng.” O ile a oketsa jaana: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.

      “Boitshekologo” ke eng? Lefoko leno mo Segerikeng le akaretsa bomaswe jwa mefuta yotlhe, jwa puo le jwa ditiro. Ruri go tla bo go le leswe gore motho a tsenye diatla tsa gagwe kafa teng ga diaparo tsa yo mongwe, a mo apola diaparo kgotsa a mo solasola mo dirweng tsa sephiri, tse di jaaka mabele. Mo Baebeleng go solasola motho mabele go amanngwa le monate o e leng wa banyalani fela.—Diane 5:18, 19.

      Basha bangwe ga ba tlhabiwe ke ditlhong go itlhokomolosa melaometheo ya Modimo. Ba feteletsa dilo ka boomo, kgotsa ka bogagapa fela ba nna le batho ba bantsi ba ba dirang boitsholo jo bo leswe le bone.

      Basha ba ba ntseng jalo ba ka nna ba dira se moaposetoloi Paulo a se bitsang “boitshwaro jo bo repileng.” Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “boitshwaro jo bo repileng” le kaya ‘ditiro tse di makgapha, tse di feteletseng, tsa go tlhoka botho, le keletso e e sa laolegeng.’ Ga go pelaelo gore ga o batle go nna motho yo o se nang “boikutlo ka gope ka boitshwaro” ka go ineelela ‘boitshwaro jo bo repileng le go dira boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.’—Baefeso 4:17-19.

      ● Fa batho ba ba intshang mmogo ba sa phoraphorane, ruri ga ba ratane.

      Maaka. Go farologana le se batho bangwe ba se akanyang, go phoraphorana ga go nonotshe thatano. Go na le moo, go dira gore lo se ka lwa tlhola lo tlotlana le go tshepana. Akanya ka se se diragaletseng Laura. A re: “Letsatsi lengwe lekau la me le ne la tla kwa gae mmè a seyo, le re le tlile go lebelela thelebishene. O ne a simolola fela ka go ntshwara seatla. Ke ne ka utlwa fela seatla sa gagwe se setse se ntshwaratshwara gongwe le gongwe. Ke ne ke tshaba go mmolelela gore a emise se a se dirang; ke akanya gore o tla ngala a bo a batla go tsamaya.”

      Wena o akanyang? A ruri lekau la ga Laura le ne le amega ka ene, kgotsa a le ne le batla fela go ikgotsofatsa ka bopelotshetlha? A tota motho yo o lekang go go gogela mo boitsholong jo bo maswe o a bo a bontsha gore o a go rata?

      Fa mosimane a pateletsa mosetsana gore a dire sengwe se se kgatlhanong le segakolodi sa gagwe le tsela ya Bokeresete e a rutilweng ka yone, o tlola molao wa Modimo mme seo ga se dumalane le maiphako ape fela a gore o a mo rata. Mo godimo ga moo mosetsana yo o ineelelang seo, o itetla go dirisiwa. Se se maswe le go feta, o tla bo a dirile boitshwaro jo bo leswe—gongwe le e leng kgokafalo.b—1 Bakorintha 6:9, 10.

      Ipeeleng Melelwane e e Tlhomameng

      Fa o intsha le mongwe lo ka tila jang go bontshana lorato ka tsela e e sa siamang? Tsela e e molemo ke gore kwa tshimologong fela lo ipeele melelwane e e tlhomameng. Diane 13:10 ya re: “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” Ka jalo, tlotlang gore ke ditsela dife tse di tshwanetseng tsa go bontshana lorato. Go ipeela melelwane eo fa lo setse lo tletse maikutlo a lorato, go tshwana le fa motho a leta gore ntlo e she pele e bo e le gone a tsenyang alamo.

      Ke boammaaruri gore, go tlotla ka kgang e e masisi jalo go ka nna thata—le e leng go tlhabisa ditlhong—segolobogolo fa e le gone lo simololang go ratana. Mme gone, go ipeela melelwane go ka lo thusa thata gore lo tile mathata a a masisi a a ka nnang a tsoga moragonyana. Melelwane eo e ka tshwana le dilo tse di dupelelang mosi di bo di tsibosa ka alamo fa go na le molelo. Mo godimo ga moo, fa lo kgona go buisana ka dikgang tseno, seo se tla supa gore thatano ya lona e tla atlega go le kana kang. Tota e bile, boikgapo, bopelotelele le go se nne pelotshetlha ke tsone dilo tse di dirang gore tlhakanelodikobo mo lenyalong e nne selo se se kgotsofatsang.—1 Bakorintha 7:3, 4.

      Ke boammaaruri gore, go ikobela melao ya Modimo ga go motlhofo. Mme gone, o ka ikanya kgakololo ya ga Jehofa. Kana e bile, mo go Isaia 48:17, o itlhalosa e le, “Yo o go rutang gore o solegelwe molemo, Yo o dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” Jehofa o batla gore o atlege!

      BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 24

      MO KGAOLONG E E LATELANG

      Fa o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se gore ga o a felela kgotsa o tlhaela sengwe. Go na le moo, go dira jalo ke selo se se molemo. Mma re bone.

      [Dintlha tse di kwa tlase]

      a Mo mafelong mangwe, go bontshana lorato phatlalatsa ga batho ba ba sa nyalanang go tsewa e le go tlhoka maitseo e bile go a kgopisa. Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba itshwara ka tsela e e tla kgopisang ba bangwe.—2 Bakorintha 6:3.

      b Ke boammaaruri gore se go buiwang ka sone mo serapeng seno se ama batho ba bong botlhe.

      DITEMANA TSA BOTLHOKWA

      “Lorato . . . ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

      KAKANTSHO

      Intsheng lo le setlhopha kgotsa lo lweleng gore go nne le mongwe yo o lo beileng leitlho. Tilang maemo a a kotsi a a jaaka go nna lo le nosi mo koloing e e emeng kgotsa mo ntlong kgotsa mo foleteng.

      A O NE O ITSE GORE . . . ?

      Fa lo beeletsane lo tshwanetse go tlotla ka dikgang dingwe tse di masisi. Mme gone, motlotlo o o leswe o o tsosang keletso ya tlhakanelodikobo ke mofuta mongwe wa boitshekologo—tota le fa lo tlotla ka founo kgotsa ka go romele-lana melaetsa.

      SE KE SE IKAELETSENG!

      Nka tila go raelwa go tshameka ka boitshwaro jo bo sa siamang ka go ․․․․

      Fa motho yo ke intshang le ene a mpateletsa go dira boitsholo jo bo sa siamang, ke tla ․․․․

      Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․

      O AKANYANG?

      ● Ke melelwane efe e o ka ipeelang yone malebana le go tshwarana le motho wa bong bo sele?

      ● Tlhalosa kafa kgokafalo, boitshekologo le boitshwaro jo bo repileng di farologanang ka gone.

      [Mafoko a a mo go tsebe 46]

      “Nna le motho yo ke neng ke tlile go nyalana le ene re ne re bala ditlhogo tsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di buang ka go nna boitsheko. Re anaanela tsela e di re thusitseng ka yone gore re boloke digakolodi tsa rona di le phepa.”—Leticia

      [Lebokoso mo go tsebe 44]

      Go Tweng fa re Feteleditse Dilo?

      Go tweng fa lo wetse mo boitshwarong jo bo sa siamang? Lo se ka lwa itsietsa ka go akanya gore lo ka rarabolola bothata joo lo le losi. Mosha mongwe o ile a re: “Ke ne ke tle ke rapele ke re, ‘Re thuse gore re se ka ra go boeletsa.’ Ka dinako dingwe go ile ga thusa, mme gantsi go ne go sa thuse.” Ka jalo, bua le batsadi ba gago. Baebele e naya kgakololo eno: ‘Bitsa banna ba bagolwane ba phuthego.’ (Jakobe 5:14) Badisa bano ba Bakeresete ba ka go naya kaelo, kgakololo le kgalemelo tse di ka go thusang go tsosolosa kamano ya gago le Modimo.

      [Ditshwantsho mo go tsebe 47]

      A o tla leta gore ntlo ya gago e she pele, e bo e le gone o tsenyang alamo? Ka jalo lo se ka lwa leta gore lo tlale maikutlo a lorato pele, e bo e le gone lo ipeelang melelwane e e tshwanetseng ya boitshwaro

  • Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
    • Kgaolo 5

      Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?

      “Ke ikutlwa ke le mo kgatelelong ya go batla go tlhakanela dikobo.”—Kelly.

      “Ke ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong go bo ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo.”—Jordon.

      “A GA o ise o tsamaye o tlhakanele dikobo?” Potso eno e ka dira gore o tsenwe ke poifo! Kana e bile, mo mafelong a le mantsi mosha yo o iseng a ko a tlhakanele dikobo a ka nna a gakgamalelwa, a tsewa e le motho yo o sa tlwaelegang. Ga go gakgamatse go bo basha ba bantsi jaana ba tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome!

      Go Gogelwa ke Keletso le go Gatelelwa ke Balekane

      Fa o le Mokeresete o a itse gore Baebele e go laela gore o “ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Le fa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go laola keletso ya tlhakanelodikobo. Lekawana lengwe le le bidiwang Paul la re: “Ka dinako tse dingwe ke iphitlhela fela ke setse ke akanya thata ka tlhakanelodikobo.” Boammaaruri ke gore, maikutlo a a ntseng jalo ke a tlholego.

      Le fa go ntse jalo, go tshegwa le go sotlwa ka go bo o ise o ko o tlhakanele dikobo go utlwisa botlhoko! Ka sekai, go tweng fa balekane ba gago ba re fa o ise o ko o tlhakanele dikobo ga o monna kgotsa mosadi wa mmatota? Ellen a re: “Balekane ba gago ba ka dira gore tlhakanelodikobo e lebege e le selo se se itumedisang le se se itshiametseng fela. Batho ba a go gakgamalela fa o sa tlhakanele dikobo.”

      Mme go na le sengwe se balekane ba gago ba ka tswang ba sa go bolelele sone ka kgang ya go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Ka sekai, Maria yo o ileng a tlhakanela dikobo le lekau la gagwe a re: “Fa re sena go tlhakanela dikobo ke ne ka ikutlwa ke swabile e bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Ke ne ke itenegetse e bile ke tenegetse le lekau la me.” Ditiragalo tse di ntseng jalo di direga ka bontsi go feta kafa basha ba le bantsi ba akanyang ka gone. Boammaaruri ke gore gantsi go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke selo se se utlwisang botlhoko thata mo maikutlong—ka matswela a a botlhoko!

      Le fa go ntse jalo, mosha mongwe yo o bidiwang Shanda o botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a dira gore basha ba nne le keletso ya tlhakanelodikobo mme a itse gore ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo go fitlha ba tsena mo lenyalong?” Eo ke potso e e utlwalang. Mme gone, akanyetsa dilo tse di latelang:

      A maikutlo a tlhakanelodikobo ke one fela maikutlo a o nang le one? Le e seng. Jehofa Modimo o go bopile o na le maikutlo le dikeletso tse dintsi tse di farologaneng.

      A o tshwanetse wa itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe e o nnang le yone? Ga go a nna jalo ka gonne Modimo o go bopile o na le bokgoni jwa go laola tsela e o itshwarang ka yone.

      Ka gone, re ithuta eng? O ka nna wa se ka wa kgona go thibela go nna le dikeletso dingwe, mme gone o ka kgona go laola tsela e o di tsibogelang ka yone. Tota go itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe fela ya tlhakanelodikobo go ka nna phoso ga ba ga nna boeleele fela jaaka go itaya motho nako nngwe le nngwe fela fa o galefile.

      Boammaaruri ke gore, Modimo ga a direla dirwe tsa rona tsa tlhakanelodikobo gore re di dirise ka tsela e e sa siamang. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:4) Fela jaaka go na le “nako ya go rata le nako ya go tlhoa,” gape go na le nako ya go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo le nako ya go ithiba go dira jalo. (Moreri 3:1-8) Tota ke wena o tshwanetseng go laola maikutlo a gago!

      Mme gone, o ka dira eng fa mongwe a go sotla, a bua jaana a go gakgamaletse, “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” O se ka wa itetla go tshosediwa. O ka araba motho yo o batlang fela go sotla ka wena o re: “Ee, ga ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo. Mme e bile seo ga se ntlhabise ditlhong!” Kgotsa o ka re, “Eo ke kgang e e amang nna, ga se e ke tsamayang ke e tlotla le batho ba bangwe.”a (Diane 26:4; Bakolosa 4:6) Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa akanya gore motho yo o botsang o tlhoka go itse mo go oketsegileng. Mo maemong a a ntseng jalo o ka nna wa tlhopha go tlhalosa mabaka a gago a Dikwalo.

      A o ka akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka arabang ka tsone fa ba go botsa ka tshotlo ba re “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” Fa go le jalo, di kwale fa tlase fano.

      ․․․․․

      Mpho e e Tlhwatlhwakgolo

      Modimo o ikutlwa jang fa batho ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? Akanya o reketse tsala ya gago mpho. Mme pele ga o mo e naya o a e bula ka ntlha ya go se kgone go leta! A seo se ne se ka se go utlwise botlhoko? Jaanong akanya fela gore Modimo ene o ne a tla ikutlwa jang fa o ne o ka tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. O batla gore o lete go fitlha o le mo lenyalong gore o itumelele mpho eno ya tlhakanelodikobo.—Genesise 1:28.

      O ka dira eng ka maikutlo a o nang le one a tlhakanelodikobo? Re ka re fela, ithute go a laola. O ka kgona go dira jalo! Rapela Jehofa gore a go thuse. Moya wa gagwe o ka go thusa go nna le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Ikgopotse gore Jehofa “ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” (Pesalema 84:11) Mosha mongwe yo o bidiwang Gordon a re: “Fa ke iphitlhela ke akanya gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga go phoso go le kalo ke akanya kafa seo se ka nkamang ka teng semoyeng le gore go dira boleo jo bo ntseng jalo go ka senya kamano ya me le Jehofa.”

      Boammaaruri ke gore, go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se selo se se gakgamatsang kgotsa se se tlhabisang ditlhong. Boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo ke jone jo bo tlhabisang ditlhong, jo bo nyenyefatsang motho e bile bo leng kotsi. Ka jalo, se letle tsela e e sokameng ya go akanya ya lefatshe leno e go dira gore o akanye gore go sengwe se se phoso ka wena fa o kgomarela melao ya Baebele. Fa o nna o sa tlhakanele dikobo o tla sireletsa botsogo jwa gago, maikutlo a gago mme—sa botlhokwa le go di feta tsotlhe—kamano ya gago le Modimo.

      BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 24

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Selo se se kgatlhang ke gore, Jesu o ile a tlhopha go didimala fa Herode a ne a mmotsa dipotso. (Luke 23:8, 9) Gantsi tsela e e molemo ya go lebana le dipotso tse di sotlang ke go didimala.

      DITEMANA TSA BOTLHOKWA

      “Fa mongwe . . . a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle.”—1 Bakorintha 7:37.

      KAKANTSHO

      Tila go itsalanya le batho ba ba se nang boitsholo jo bontle, tota le fa ba ipolela gore ke badumedi ka wena.

      A O NE O ITSE GORE . . . ?

      Gantsi batho ba ba se nang boikgapo mo go tsa tlhakanelodikobo ga ba fetoge le fa ba setse ba le mo lenyalong. Go farologana le bone, batho ba ba ikanyegang mo melaong ya Modimo ya boitsholo pele ba tsena mo lenyalong gantsi ba tla ikanyega mo baleka-neng ba bone ba lenyalo.

      SE KE SE IKAELETSENG!

      Fa e le gore ke tla nna ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo go fitlha ke tsena mo lenyalong, ke tla tshwanelwa ke go ․․․․․

      Fa e le gore batho ba ke tlwaelaneng le bone ba dira gore go nne thata go kgomarela boikaelelo jwa me, ke tla ․․․․․

      Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

      O AKANYANG?

      ● O akanya gore ke eng fa batho bangwe ba sotla ka batho ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo?

      ● Ke eng fa go ka nna thata go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo?

      ● Melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo go fitlha o tsena mo lenyalong ke efe?

      ● O ka tlhalosetsa monnao melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo jang?

      [Mafoko a a mo go tsebe 51]

      “Selo se se nthusang gore ke se ineelele thaelo ya go tlhakanela dikobo ke go gakologelwa gore ‘ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa Modimo.’’’ (Baefeso 5:5)—Lydia

      [Lebokoso mo go tsebe 49]

      Tsebe ya go Kwalela Dintlha

      Ke Eng se Totatota se Diregang Morago ga Foo?

      Gantsi balekane ba gago le dilo tsa boitlosobodutu ga di senole ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Akanya ka ditiragalo tse tharo tse di latelang. O akanya gore totatota go tla direga eng ka basha bano? ․․․․․

      ● Mongwe yo o tsenang sekolo le ene o ikgantsha ka gore o tlhakanetse dikobo le basetsana ba le bantsi. A re go monate—e bile ga go utlwise ope botlhoko. Ke eng se totatota se diregang morago ga foo—se se diragalelang ene le basetsana bao? ․․․․․

      ● Fa filimi nngwe e ya bokhutlong e bontsha basha ba babedi ba dingwaga tsa bolesome ba tlhakanela dikobo go supa kafa ba ratanang ka teng. Mo botshelong jwa mmatota—go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

      ● O kopana le mosimane wa maratagolejwa yo o go kopang gore o tlhakanele dikobo le ene. A re ga go ope yo o tla itseng ka gone. Fa o ile wa tlhakanela dikobo le ene mme wa leka go fitlha seo, totatota go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

      [Setshwantsho mo go tsebe 54]

      Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go bula mpho pele ga o e newa

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela