Kgaolo 24
A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?
Heather o na le dikgwedi di le pedi fela a ratana le Mike mme o ikutlwa e kete o sa le a mo itsile bogologolo. Ba kwalelana melaetsa ka founo ka metlha, ba fetsa diura di le dintsi ba bua mmogo mo founong e bile yo mongwe o setse a kgona le go bala mogopolo wa yo mongwe! Mme jaanong, fa ba ntse ba dutse mo koloing e e emeng mo leseding la ngwedi, Mike o batla se se fetang fela motlotlo.
Mo dikgweding tse pedi tse di fetileng, Mike le Heather ba ne ba tshwarana fela ka diatla le go atlana go sekaenyana. Heather ga a batle go dira se se fetang seo. Mme gape ga a batle go latlhegelwa ke Mike. Ga go na ope yo o dirang gore a ikutlwe a le montle e bile a le botlhokwa jaana. O ipolelela jaana: “Gone mme, tota nna le Mike re a ratana.”
GONGWE o ka tswa o bona gore seemo seno se tla felela jang. Mme se o ka tswang o sa se lemoge ke kafa tlhakanelodikobo e tla fetolang dilo ka gone fa gare ga ga Mike le Heather—mme e se ka tsela e e itumedisang. Akanya ka dintlha tse di latelang:
Fa o itlhokomolosa molao mongwe wa tlholego, jaaka molao wa maatlakgogedi, o boga ditlamorago tsa gone. Go ntse jalo le fa o itlhokomolosa molao wa boitsholo, jaaka o o reng: “Lo ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Ditlamorago tsa go sa ikobele taelo eo ke dife? Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Seo se boammaaruri go le kana kang? Bona gore a o ka kgona go kwala ditlamorago di le tharo tse di utlwisang botlhoko tse di ka tlelang batho ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo.
1 ․․․․․
2 ․․․․․
3 ․․․․․
Jaanong, leba se o se kwadileng. A o ile wa akaretsa dilo tse di jaaka malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, boimana jo bo sa batlegeng kgotsa go sa tlhole o amogelwa ke Modimo? Ruri tseo ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tse di ka welang batho ba ba itlhokomolosang molao wa Modimo wa boitsholo o o amanang le kgokafalo.
Le fa go ntse jalo, o ka nna wa raelesega. O ka nna wa ipolelela gore, ‘Nka se diragalelwe ke sepe.’ Tota e bile, mongwe le mongwe o tlhakanela dikobo. Balekane ba gago kwa sekolong ba ikgantsha ka mekgwa ya bone ya tlhakanelodikobo mme ga go bonale go ba utlwisa botlhoko. Gongwe fela jaaka Heather yo go builweng ka ene mo tiragalong ya kwa tshimologong, o akanya gore go tlhakanela dikobo go tla dira gore wena le molekane wa gago lo atamalane thata. Tota e bile, ga go ope yo o batlang go sotliwa ka gore ga a ise a tsamaye a tlhakanele dikobo. A ga go botoka go ineela?
A ko o iketle! Sa ntlha, ga se mongwe le mongwe yo o go dirang. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o badile ka dipalopalo tse di bontshang gore palo e e kwa godimo thata ya basha e tlhakanela dikobo. Ka sekai, patlisiso nngwe ya kwa United States e ne ya bontsha gore ka nako ya fa basha ba fetsa sekolo se segolwane, ba le babedi ba bone mo go ba le bararo mo nageng eo, ba setse ba tlhakanela dikobo. Mme gape seo se raya gore a le mongwe mo go ba le bararo—e leng palo e kgolo—ga ba go dire. Mme go tweng ka ba ba go dirang? Babatlisisi ba ile ba lemoga gore bontsi jwa basha ba ba ntseng jalo ba lebana le dingwe tsa ditlamorago tseno tse di botlhoko tse ba neng ba sa di emela.
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 1 GO NGOMOGA PELO. Basha ba le bantsi ba ba ileng ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba re morago ba ile ba ikwatlhaela seo.
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 2 GO SE TLHOLE BA IKANYANA. Fa ba sena go tlhakanela dikobo, molekane mongwe le mongwe o ipotsa gore, ‘O ile a tlhakanela dikobo le mang gape?’
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 3 GO SWABISIWA. Boammaaruri ke gore, basetsana ba le bantsi ba rata mongwe yo o tla ba sireletsang, e seng yo o tla ba dirisang. Mme basimane ba le bantsi ba felelwa ke kgatlhego mo mosetsaneng yo ba kileng ba tlhakanela dikobo le ene.
Mo godimo ga moo, basimane ba le bantsi ba ile ba re le ka motlha ba ka se nyale mosetsana yo ba ileng ba tlhakanela dikobo le ene. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla mongwe yo o itshekileng!
Fa o le mosetsana, a seno se a go gakgamatsa—gongwe le e leng go go galefisa? Ka jalo, se lebale seno: Tota go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go farologane thata le se se bontshiwang mo difiliming le mo thelebisheneng. Ba tsa boitlosobodutu ba tlotlomatsa go tlhakanela dikobo ga basha mme ba dira gore go lebege e le go ijesa monate go go seng kotsi kgotsa e kete ke lorato lwa mmatota. Ka jalo, o se ka wa tsietsega! Batho ba ba lekang go go pateletsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, ba ipatlela melemo ya bone fela. (1 Bakorintha 13:4, 5) Gone mme, a motho ope fela yo tota a go ratang a ka batla go go utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong? (Diane 5:3, 4) Mme a ope fela yo tota a amegang ka wena a ka go raela gore o senye kamano ya gago le Modimo?—Bahebera 13:4.
Fa o le lekawana mme o intsha le mongwe, se go tlotlilweng ka sone mo kgaolong eno se ka go thusa go akanya thata ka kamano e o leng mo go yone. Ipotse gore, ‘A ke kgathalela mosetsana yo ke intshang le ene?’ Fa o arabile ka ee, o ka bontsha seno jang ka tsela e e molemo? Ka go nna le bopelokgale jwa go ngaparela melao ya Modimo, botlhale jwa go tila maemo a a ka lo raelang le lorato lo lo bontshang gore o amega ka maikutlo a molekane wa gago. Fa o na le dinonofo tse di ntseng jalo, mosetsana yo o intshang le ene o tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya mosetsana wa Moshulame yo o neng a itshwere sentle yo o neng a re: “Moratiwa wa me ke wa me mme nna ke wa gagwe.” (Sefela sa Difela 2:16) Ka bokhutshwane fela, o tla bo o le mogaka wa gagwe!
O ka tswa o le mosimane kgotsa mosetsana, fa o ka ineela mme wa tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, o tla bo o inyenyefatsa ka go aba sengwe se se tlhwatlhwakgolo. (Baroma 1:24) Ke gone ka moo ba le bantsi ba ikutlwang e se batho ba sepe e bile ba se na mosola morago ga moo, jaaka e kete ba ile ba nna botlhaswa mme ba letla gore karolo nngwe ya bone e e botlhokwatlhokwa e utswiwe! O se ka wa letla gore seno se go diragalele. Fa mongwe a leka go go patelela go tlhakanela dikobo ka go go raya a re, “Fa o nthata, o tla dira seno,” gana o tiisitse o re, “wena fa o nthata o ka se ka wa nkopa go dira jalo!”
Mmele wa gago o botlhokwa thata gore o ka o aba. Bontsha gore o nonofile ka go ikobela taelo ya Modimo ya go ithiba mo kgokafalong. Mme letsatsi lengwe fa o ka tsena mo lenyalong, o tla tlhakanela dikobo. O tla kgona go go itumelela ka botlalo, o sa tshwenyege, o sa ikwatlhae e bile o se na dipelaelo tse gantsi e nnang ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—Diane 7:22, 23; 1 Bakorintha 7:3.
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, DIKGAOLO 4 LE 5
Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go kotsi go le kana kang?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Tshabang kgokafalo. . . . Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 6:18.
KAKANTSHO
Fa o batla go itse gore o itshware jang fa o na le batho ba bong bo sele, molao o o siameng o o ka o latelang ke ono: Fa se o batlang go se dira e le sengwe se o sa batleng gore batsadi ba gago ba go bone o se dira, go raya gore ga o a tshwanela go bo o se dira.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Fa mosimane a sena go tlhakanela dikobo le kgarebe ya gagwe, gantsi go tlwaelegile gore a e tlogele mme a batle e nngwe.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke na le mongwe wa bong bo sele, maemo a ke tshwanetseng go a tila ke ․․․․․
Fa motho wa bong bo sele a batla gore re kopane kwa lefelong le le se nang batho, ke tla re ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Le fa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka lebega e le selo se se eletsegang mo mothong yo o sa itekanelang, ke eng fa o sa tshwanela go go dira?
● O tla dira eng fa mongwe a re o tlhakanele dikobo?
[Mafoko a a mo go tsebe 176]
“E re ka o le Mokeresete, o na le dinonofo tse di tla dirang gore ba bangwe ba go kgatlhegele. Ka jalo, o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng le go gana fa o kopiwa go dira sengwe se se amanang le boitsholo jo bo sa siamang. Tlotla dinonofo tseo. O se ka wa ineela!’’—Joshua
[Setshwantsho mo go tsebe 176, 177]
Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go tsaya setshwantsho se sentle se se takilweng o bo o se dirisa go nna mmetshe o o phimolang dinao