Dibuka Tse Di Sa Tswang go Gololwa Di Re Thusa Gore Re Ithapise ka Poifo-Modimo
1 E re ka re ile ra nna gone kwa kopanong ya kgaolo ngogola, re itse ka botlalo kafa go tlhokafalang ka gone gore re ithapise ka mokgele wa gore re fitlhelele poifo-modimo. (1 Tim. 4:7) Fa re akanya ka tshedimosetso yotlhe eo e ileng ya neelwa mo thulaganyong mme re leka ka natla go e dirisa mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, seo se re thusa gore re atamalane le Jehofa mo kobamelong ya boammaaruri.
2 Lefa go ntse jalo, go ithapisa ga rona ka poifo-modimo go tla oketsega thata fa re ntse re sila ka iketlo letlotlo la tshedimosetso eo e tlhagang mo dibukeng di le tharo tse disha tse re ileng ra di amogela kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-Modimo.” A o setse o badile dibuka tseno tse disha tse di golotsweng?
BOROUTŠHARA E NTŠHA
3 Dintlha tse di tlhatswang pelo tsa Dikwalo tseo di dirisiwang mo boroutšhareng eno ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? ga di re thuse fela gore re kgone go ka bontsha gore Tharo-Nngwe ke thuto ya maaka eo e tshwanetseng ya ganwa mme gape e re thusa gore re tlhalosetse ba bangwe boammaaruri jo bo leng kaga Modimo, Morwa wa gagwe, le moya o o boitshepo.
4 Boemo jwa rona jo bo theilweng mo Bibeleng ke gore “mo go rona, go Modimo o le monwe hèla, ebon Rara.” (1 Bakor. 8:6) Boroutšhara eno e ntšha e tlile go re thusa gore re senole maaka a thuto eno ya boheitane ya Tharo-Nngwe fa re ntse re kgothaletsa botlhe ba ba pelonomi gore ba dire gore ‘Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe e le moaki.’—Bar. 3:4.
DIKARABO TSA BASHA
5 Go tla tsaya lobaka gore re lebale puo ele e e tlhamaletseng ya kwa kopanong mmogo le thulaganyo e e kgethegileng ele ya go golola buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Le mororo e kwaletswe gore e solegele basha molemo, batsadi, segolobogolo borre, ba ne ba kgothalediwa gore e nne bone ba di gogang kwa pele mo go diriseng buka eno go thapisa bana ba bone le go ‘ba godisetsa mo kotlhaong le mo taong ya Morena.’—Baef. 6:4.
6 Batsadi le bana ka go tshwana ba tshwanetse ba tlwaelana ka botlalo le tshedimosetso eno ya botlhokwa e e neelwang ke phuthego ya ga Jehofa, e e neela go thusa basha gore ba tswele pele ba ithapisa ka poifo-modimo. Jaaka fa go ile ga bontshiwa mo puong ya kopano, seno se ka dirwa mo metlotlong ya lelapa. Fa e le gore ga o ise o dirise nngwe ya tshedimosetso e e leng mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang mo thutong ya lona ya beke le beke ya lelapa, ke ka ntlhayang fa o sa simolole go dirisa paakanyetso eno e e molemo e e tswang kwa go Jehofa mo go yone beke eno?
LEFOKO LA MODIMO—ESENG LA BATHO
7 Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, eleng buka e ntšha eo e golotsweng mo letsatsing la bobedi, e kwaletswe go thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang gore ba tlhaloganye gore Bibela e tlhotlheleditswe le gore e na le ‘boammaaruri jo bo leng ka fa poifo-modimong.’ (Tito 1:1) Abo buka eno e ntšha e tshwanetse ya itshupa e le tshegofatso jang ne mo tirong ya rona! Mme gore re e dirise ka katlego mo tshimong, rona ka namana re tshwanetse ra tlwaelana le dikarolo tsa yone tse di rutang mme re kgone go lebisa tlhokomelo mo dintlheng tse di rileng tse di mo bukeng eno fa re e dirisa mo tirelong ya tshimo.
8 Abo rotlhe re leboga Jehofa jang ne re mo lebogela letlotlo la dijo tsa semoya tse di mo nakong e e tshwanetseng tseo re di amogetseng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-Modimo”! A re ikemisetseng go bontsha kafa re anaanelang dipaakanyetso tseno go tswa pelong ka gone ka go di dirisa ka botlalo fa re ntse re latela poifo-modimo. Seno se tla kopanyeletsa gore re dirise dipaakanyetso tseno go thusa ba bangwe gore ba fetoge baobamedi ba Modimo wa rona o o osi le Rraarona, e bong Jehofa.
9 Mo kgweding ya February re tla bo re lebisitse maiteko a rona mo go dingwe tsa dibuka tsa rona tsa kgalenyana. Mpho ya rona ya kgwedi eno ke buka ya Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe—Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō” ka moneelo wa R2.50. E kete re ka dirisetsa sebaka sengwe le sengwe go ka thusa ba bangwe ka February gore ba latele poifo-modimo jaaka mokgele wa bone.