LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/90 ts. 1-7
  • Tlotla Jesu Keresete—Motheo wa Tumelo ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotla Jesu Keresete—Motheo wa Tumelo ya Rona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO BONTSHA TEBOGO
  • GO RERA KAFA TLASE GA BOTLHOGO JWA GA KERESETE
  • Tswelela Pele go Solegelwa Molemo ke Tora ya Tebelo le Tsogang!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 4/90 ts. 1-7

Tlotla Jesu Keresete—Motheo wa Tumelo ya Rona

1 Go tlhaloganya seabe seo Jesu Keresete a nnileng le sone mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa go botlhokwa fela thata. Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo ya setho se se nang le kutlo. (Math. 20:28) Fa e ne e se ka dipaakanyetso tse di lorato tsa ga Jehofa tseo a di dirileng ka Jesu Keresete, re ne re tla tswelela re swa re se na tsholofelo epe ya isagwe.

2 Re akanya ka botshelo jwa ga Jesu, dithuto tsa gagwe, le setlhabelo sa gagwe segolobogolo ka nako ya Segopotso. (Luke 22:19) Ka go anaanela lebaka la gore “Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla,” seo se re tlhotlheletsa gore re tlotle Modimo le Keresete ka go abalana mafoko a a molemo le ba bangwe ka matlhagatlhaga. Re ka dira seno jang?—Bar. 5:8, 10.

GO BONTSHA TEBOGO

3 Re lemoga gore phuthego ya ga Jehofa e e bonalang e dira ka fa tlase ga botlhogo jwa ga Jesu. Mo lefatsheng mono, setlhopha sa motlhanka yo o boikanyo se re neela dijo tsa semoya tseo re di tlhokang. Go tloga mo bosheng jwa gagwe go ya pele, Jesu o ne a bontsha kanaanelo e e boteng mo Lefokong la ga Rraagwe, mme re batla go latela sekao sa gagwe ka go ithuta le go tlhatlhanya ka dijo tsa semoya tseo go tlamelwang ka tsone gore go rutwe ba bangwe ka katlego. (Math. 24:45, 46; Luke 2:46-50) Re ka bontsha kafa re lebogang phuthego le dilo tseo e re tlamelang ka tsone semoyeng ka gone ka go latela kaelo ya yone le ka go dirisana mmogo le bagolwane.

4 Gape re ka bontsha tlotlo mo go Keresete le go kgabisa bodihedi jwa rona ka go dirisa seo re se ithutang mo Lefokong la Modimo. Jesu e ne e le moperesiti yo mogolo yo o se nang molato. “a lomologanye le baleohi.” (Baheb. 7:26) O ne a se na molato wa go sa dire seo a se buang. Jaaka batlhanka mmogo ka ene, re tshwanetse go tshela go ya ka yone tekanyetso e e kwa godimo eo. Ka jalo fa re bolelela ba bangwe ka tsamaiso e ntšha ya tshiamo eo Jehofa a e solofeditseng, re tshwanela gore gone jaanong re tshele ka tsela eo e supang gore re tshwanela lefatshe le lesha leo.—Math. 7:21; 1 Yoh. 2:17.

GO RERA KAFA TLASE GA BOTLHOGO JWA GA KERESETE

5 Ka April le May, re tla bo re tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo. Re ka tlotla Jesu ka go bontsha bao ba solofetsang go nna babadi ba yone gore boikaelelo jwa Tora ya Tebelo, jaaka bo tlhalosiwa mo tsebeng ya 2 ya tokololo nngwe le nngwe, ke go kgothaletsa “tumelo mo Kgosing e e setseng e busa, e leng Jesu Keresete, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a bulelang setho tsela ya go tshelela ruri.” Tlhomamisa gore peeletso e nne yone e o e neelang pele nako le nako fa go kgonega. Fa peeletso e sa amogelwe, o ka nna wa tsamaisa dimakasine tse pedi le boroutšhara, ka jalo o jala dipeo di se kae tsa boammaaruri.

6 Setlhopha se segolo sa batho bao ba iseng ba nne Basupi ba bontsha tlotlo mo go Jesu ka go nna teng kwa Segopotsong. A bano ba ka thusiwa gore ba dire kgatelopele e kgolwane ya semoya ka gore ba ithute Bibela ka namana? Go ka nna molemo fa go ka tlhomamisiwa gore go nne le mongwe yo o ba etelang le go ba neela thuso eo ba e tlhokang. Fa ba thusiwa ka tsela e e lorato, bangwe ba bone ba ka nna ba dira kgatelopele go fitlhela ba bo ba nna le seabe mo bodiheding pele ga mokete o o latelang wa Sejo sa Morena sa Mantsiboa.

7 Abo re lebogela setlhabelo sa lorato sa Morekolodi wa rona, e bong Jesu, jang ne! O re file tsholofelo e e tlhomameng. Tsela eo a neng a tshela ka yone le pego ya bodihedi jwa gagwe ke sekao se se molemo thata seo re tshwanetseng go se latela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela