Bolela Mafoko A A Molemo ka Bopelokgale
1 Go ya ka ditiragalo, Bakeresete ba boammaaruri ba itsege ka bopelokgale jwa bone. Moaposetoloi Petere le Johane ke dikao tsa konokono tsa seno. Go sa kgathalesege go bo ba ile ba latlhelwa mo kgolegelong le go tshosediwa, baaposetoloi bano ba ile ba tswelela pele ba bua boammaaruri kwantle ga poifo le ka bopelokgale. (Dit. 4:18-20, 23, 31b) Paulo le ene o ne a tswelela pele ka bopelokgale mo bodiheding jwa gagwe mo tshimong e e thata le mororo a ile a bogisiwa thata.—Dit. 20:20; 2 Bakor. 11:23, 28.
2 Go tla jang gore go sa kgathalesege dipogiso tse dikgolo tseo, baaposetoloi mmogo le Bakeresete ba bangwe go ralala ditiragalo ba bo ba ile ba kgona go tswelela pele ba bolela mafoko a a molemo ka bopelokgale? Moaposetoloi Paulo o araba potso eo mo go 1 Bathesalonia 2:2, koo a bolelang jaana gone, “Ra shoshologèla pele mo Modimoñ oa rona go bua le lona Mahoko a a Molemō a Modimo.” Ka mo go tshwanang, Petere le Johane mmogo le barutwa ba bangwe ba ne ba kgona go bolela mafoko a a molemo ka bopelokgale. Morago ga fa ba sena go gololwa mo dikgoleng tsa bone tsa kgolegelo, Petere le Johane ba ne ba boela gape go barutwa ka bone. Ba ne ba kopa Jehofa ka thapelo gore a ba neye bopelokgale le nonofo ya gore ba ‘nne ba bue lefoko la gagwe ka bopelokgale jotlhe fela.’ Modimo o ne wa araba thapelo eno ka bonako ka nako ya fa “botlhe ba tlala Mōea o o boitshèpō, me ba nna ba bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.”—Dit. 4:29, 31.
GO BONTSHA KAFA RE IKANYANG JEHOFA KA GONE
3 Baaposetoloi ba ne ba na le tsholofelo ya gore Jehofa o ne a ba eme nokeng. Ditsholofetso tsotlhe tseo Jehofa a neng a di solofeditse ka Lefoko la gagwe di ne di diragala. Mme tseo di neng di tlile go diragadiwa di ne tsa tlhomamisiwa ka Jesu Keresete. A le rona re na le tsholofelo e e ntseng jalo gore re bolele mafoko a a molemo ka bopelokgale? Le mororo re sa bue ka diteme kana go fodisa ba ba lwalang, le fa go le jalo gone re na le bosupi jo bontsi jwa gore Jehofa o re eme nokeng. Fa re bona boperofeti jwa Bibela bo diragadiwa, a seo se re tlhotlheletsa gore re bue mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka bopelokgale?
4 Lefa go le jalo, go tshwanetse ga lebelelwa gore go rera ka bopelokgale go go ntseng jalo go tla lebana le kganetso. (Yoh. 15:20) Go ne go ntse jalo le ka Jesu le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mme seno se ne sa se ka sa ba kgoreletsa kana sa fokotsa maatla ao ba neng ba rera ka one. Mme tota, kganetso e e ntseng jalo gantsi e ne e ba neela ditshono tse di oketsegileng tsa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi. (Dit. 4:3, 8-13a) Ka ntlha ya go ngaparela ga rona mo Lefokong la Modimo ga Bokeresete malebana le dikgangkgolo tsa botlhokwatlhokwa, gantsi go batlega gore re tlhalose lebaka la boemo jwa rona. Re leba dinako tse di ntseng jalo jaaka ditshono tsa go bolela mafoko a a molemo ka bopelokgale. Ka go dira jalo, re etsa Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe.
5 Bobulatsela jo bo thusang bo re neela ditshono tse di oketsegileng tsa go bolela mafoko a a molemo. Ba le bantsi e tla bo e le babulatsela ba ba thusang ka April le ka May, fa ba bangwe bone ba rulaganyetsa go dira jalo ka dikgwedi tse dingwe. A maemo a gago a tla go letla gore o dire kopo ya go dira jalo? Ka go dira boiteko jwa go nna le seabe mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang, re itshupa re tshwana le Paulo le Barenabase. Mo go Ditihō 14:3 go bolelwa gore “ba diega lobaka lo lolele gōna ba bua ka pelokgale mo Moreneñ.” Fa e le gore re kgona go dirisa nako eo re neng re e dirisa mo ditirong tse dingwe go senya bobotlana dioura tse 60 mo tirelong ya tshimo mo kgweding e le nngwe, kwantle ga pelaelo masego a rona a tla oketsega.
6 Go nna pelokgale mo bodiheding go mosola segolobogolo fa re tsamaisa dipeeletso. Dimakasine tseno di na le molaetsa o o bolokang botshelo o o theilweng mo Lefokong la Modimo. Ka jalo a re se ikgogoneng mme go na le moo re rere ka bopelokgale re etsa Motlhomasekao wa rona, e bong Jesu, le baaposetoloi ba gagwe.