Dipokano go Re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 2
Pina 87
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Gakolola botlhe gore Segopotso se tlile go nna ka Labobedi mantsiboa, April 10. Bolela gore mokete ono o tlile go nna ka nako mang, o bo o bontshe dithulaganyo tse di dirilweng mo lefelong la lona. Go tlile go dirwa maiteko a a kgethegileng ka mafelobeke go laletsa batho ba ba kgatlhegang. Dira pontsho ya go lalediwa motho yo go ithutiwang le ene go tla Segopotsong.
20 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka go Tsamaisa Dipeeletso ka Bopelokgale.” Dipotso le dikarabo. Morago ga serapa 4, dira pontsho go dirisiwa Setlhogo se sesha sa Motlotlo mo go yone. Bontsha dintlha go tswa mo ditlhogong tse di kgethegileng tse di malebana le kagiso tse di go Tora ya Tebelo. Yo o dirang mpho o tshwanetse a dira jalo ka maikutlo a mantle.
15 mets: “Segopotso—Mokete wa Bokeresete.” Dipotso le dikarabo. Morago ga serapa 6, dira pontsho e khutshwane ya go boela go ya go gakolola motho yo o neng a laleditswe mo nakong e e fetileng, morago ga moo o bo o kopa phuthego gore e bolele kafa e rulaganyetsang go laletsa batho ba basha go tla Segopotsong ka gone le go ba thusa gore ba nne gone mo go sone. Gakolola phuthego gore ditaletso tse di gatisitsweng di gone.
Pina 181 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 9
Pina 148
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le pego ya madi. Dira dipontsho di le pedi tsa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 tsa kafa go ka tsamaisiwang dimakasine tsa bosheng jaana ka gone. Itsise phuthego ka pego ya tirelo ya tshimo ya March. E akgolele tiro e e molemo eo e fitlheletsweng.
18 mets: “Tlotla Jesu Keresete—Motheo wa Tumelo ya Rona.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo.
17 mets: Tsela Eo Mafoko A A Molemo A Leng Botlhokwa ka Gone mo Matshelong a Rona. Puo. Dintlha tsa yone di ka bonwa go Tora ya Tebelo ya January 1, 1990, ditsebe 4-6. Rulaganyetsa gore go nne le dikakgelo tse di baakanyeditsweng tse di tswang mo phuthegong tse di malebana le kafa mafoko a a molemo a ileng a ba thusa ka gone gore ba tokafatse matshelo a bone.
Pina 193 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 16
Pina 23
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona mmogo le Dikitsiso tse di tshwanetseng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
20 mets: “Bolela Mafoko A A Molemo ka Bopelokgale.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Bala dirapa fa nako e letla.
15 mets: Maikutlo a Bibela. Puo le pontsho. Fa e sa le go tloga ka tokololo ya Awake! ya July 8, 1985, “Maikutlo a Bibela” e ile ya nna setlhogo se se kgatlhisang sa makasine ono. Ditlhogo tse di leng malebana le se Bibela e se bolelang ka ditlhogo tse go tlotliwang ka tsone di diretswe mogopolo o o nyoretsweng kitso, go sa kgathalesege gore motho o dumela Bibela kana nnyaa. Gantsi ditlhogo tseno di neela mokgwa o mosha wa go tlhalosa ditlhogo tseo go setseng go tlotlilwe ka tsone mo nakong e e fetileng. A re dirisa karolo eno mo bodiheding jwa tshimo? Ditlhogo tseno di dikhutshwane e bile di opa kgomo lonaka, di boleele jwa ditsebe di le pedi. Boeletsa di le mmalwa tsa ditlhogo tseno le bareetsi tseo di tshwanelang tshimo ya lefelo la lona. Dira pontsho ya kafa ditlhogo tseno di ka buelelwang ka gone mo bodiheding.
Pina 92 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 23
Pina 106
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikgang tsa Bolegodimo. Sebui gape se tshwanetse go tlotla le bareetsi ka seo se tlileng go bolelwa fa go buelelwa tokololo ya Tora ya Tebelo ya May 1. Motho a ka nna a bolela gore kagiso ya boammaaruri e ka tla fela e tlisiwa ke mmusi yo o nonofileng ka mo go lekaneng go ka tlhomamisa gore e nne teng. Pesalema 72:7 e bolela gore Bogosi jwa Modimo ka fa tlase ga ga Keresete bo tla tlisa letlotlo la kagiso. Jaaka mmusi yo o molemo, o ne a ka fedisa ba ba boikepo le e leng go tlhomamisa gore ba ba suleng ba tsoge. (Pes. 37:10, 11) Bontsha dintlha tse di rileng go tswa mo tokololong ya May 1 tseo di ka dirisiwang ka letsatsi la dimakasine kana ka nako ya fa go tsamaisiwa peeletso.
25 mets: “Nna Botlhale—O Dirise Dilo Tse O Di Ithutang.” Mogolwane o tlotla ka setlhogo seno le bareetsi. Otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore re ithute dikgatiso ka kelotlhoko gore re ke re kgone go gakologelwa seo re se ithutileng le go se dirisa. Ba tlhokomedise dintlha dingwe tse di mosola go ka dirisiwa tse di tswang mo dikgatisong tsa bosheng jaana tse di ka dirisiwang mo lefelong la lona. Dikai: kafa basha ba ka lebanang ka gone le maemo a kwa sekolong; kafa go ka rarabololwang ka gone mathata ao go rakanwang le one kwa re berekang gone; kafa go ka rarabololwang ka gone mathata fa gare ga bakaulengwe kana fa gare ga balekane ba ba nyalaneng. Dirisa tshedimosetso e e tla nnang mosola thata mo phuthegong ya lefelo la lona.
10 mets: Masego A A Nnang Gone Fa Re Dirisa Seo Re Se Ithutang. Dira gore go lotlegwe maitemogelo a a baakanyeditsweng sentle a a leng malebana le kafa dilo tseo di ithutilweng di ileng tsa dirisiwa ka gone mmogo le masego ao a ileng a tlela batho bao ba ileng ba di dirisa. Maitemogelo a a tswang mo lefelong la lona ke one a a molemo thata, mme le fa go ntse jalo fa go tlhokafala, a a tswang go 1990 Yearbook a ka nna a dirisiwa.—Bonang ditsebe 7-9, 43-5, 50-3, 57-8, 64.
Pina 75 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 30
Pina 200
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Bolela palo ya dipeeletso tse disha tseo di tsamaisitsweng ke phuthego, mme o kope bao e leng babulatsela ba ba thusang mo kgweding eno gore ba bolele maitemogelo ao ba nnileng le one.
20 mets: “Go Nna le Maungo ka go Itshoka.” Puo ka dintlha tse di mo ditsebeng 253-5 tsa 1990 Yearbook. Akgola baboledi ka bothitho ka ntlha ya go bo phuthego ya lefelo la lona e na le seabe mo go neeleng bosupi ka bopelokgale le go nna le maungo go sa kgathalesege diteko le maemo a a boima.
15 mets: Ditlhokafalo tsa lefelo la lona kana puo le pontsho tse di bontshang kafa go leng mosola ka gone gore go sekasekiwe temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone ka metlha. Bontsha kafa seno se ka dirwang ka gone. Bona dintlha tsa puo eno mo tshedimosetsong e e mo ketapeleng ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1990.
Pina 72 le thapelo e e konelang.