Go Fenya go Lwantshana le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
“SELO se se fekeetsang thata se nkileng ka tshwanela go thulana naso,” go ne ga ipolela jalo Lola, “e ne e le go ikutlwa ke le molato ka go ikutlwa ke sena mosola, ereka jaaka mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa, ke ne ke akanya gore ga ke a tshwanela go ikutlwa jalo.” Go sa tlhaloganyeng mono gantsi ke ene mmaba wa ntlha yoo Mokeresete yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a tshwanetseng go mo fenya. Lola o ne a oketsa jaana: “Fela fa ke tlogela go ipogisa mo tlhaloganyong ka go ikutlwa ka tsela eno mme ke simolola go tlhoma mogopolo wa me mo go nneng botoka, ke ne ka kgona go dirisana le maikutlo a me a a tshwenyegileng.” Ee, go tshwenyega thata mo maikutlong ka bogone ga se lebaka la go akanya gore o diretse Modimo phoso nngwe.
Jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, dilo tseo di bakang go tshwenyega thata mo maikutlong e ka nna go sa itekanelang ga motho sentle. Ka 1915, lobaka lo loleele pele ga dipatlisiso tsa bosheng di supa gore malwetsi mangwe a mmele a ka amana le go tshwenyega thata mo maikutlong, The Watch Tower e ne ya tlhalosa jaana: “Go imelwa mo moyeng mono kana go ikutlwa o le bodutu le go tshwenyega thata mo maikutlong, fa gongwe ke selo sa tlholego fela se se diragalelang batho botlhe . . . Boemo jono [bo] gakadiwa ka selekanyo se se rileng ke seemo sa botsogo jwa mmele.” Ka gone, fa go tsaya lobaka lo loleele motho a ntse a tshwenyegile thata mo maikutlong, go bona ngaka go ka thusa. Fa boemo jono bo le masisi, motho o ka nna a batla go bonwa ke ngaka e e setswerere mo go dirisaneng le go tshwenyega thata mo maikutlong.a
Mme le eleng fa go sa bakiwe ke sepe mo mmeleng, ga go utlwale go lebelela gore mongwe wa batlhanka ba Modimo ga a kake a hutsafala kana a kgobega marapo ka nako nngwe. Tlhokomela fela ka moo Hana yo o ikanyegang a neng a nna ‘bogalaka mo moyeng a ba a lela mo go botlhoko.’ (1 Samuele 1:7, 10) Nehemia le ene o ne a ‘lela a ba a hutsafala ka malatsi a le mantsi’ mme o ne a nna le “bohutsana yoa pelo.” (Nehemia 1:4; 2:2) Yobe le ene o ne a nyatsa botshelo jwa gagwe mme a ikutlwa gore Modimo o ne o mo latlhile. (Yobe 10:1; 29:2, 4, 5) Kgosi Dafide o ne a bolela gore moya wa gagwe o ne o nyelela mo go ene le gore pelo ya gagwe e ne e sulafetse. (Pesalema 143:4) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bua ka go nna le ‘dipoifo mo teng’ le go ‘kokobediwa’ kana go “thubanyediwa ha hatshe” mo boikutlong.—2 Bakorintha 4:9; 7:5, 6.
Lemororo botlhe bano e ne e le batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang, ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di farologaneng tse di neng di ba gatelela, go tshwenyega, kana go swabisiwa mo gogolo. Lefa go le jalo, Modimo o ne wa seka wa ba tlogele fela kana wa tlosa moya wa gagwe o o boitshepo mo go bone. Go tshwenyega mo maikutlong ga bone go ne go sa bakiwe ke gore ba ne ba paletswe mo semoyeng. Ka nako nngwe fa Dafide a ne a tshwenyegile, o ne a kopa jaana mo thapelong: “Itumedisè mōea oa motlhanka oa gago.” Modimo o ne wa gomotsa Dafide mo ‘motlheng ono wa tlalelo’ mme fa nako e ntse e tsamaya o ne a mo thusa go ipela gape. (Pesalema 86:1, 4, 7) Jehofa le jaanong o tla thusa batlhanka ba gagwe ka mo go tshwanang.
Ereka go tshwenyega mo maikutlong ka bogone e se bosupi jwa gore motho o paletswe mo semoyeng kana o na le bokoa bongwe mo tlhaloganyong, Mokeresete yo o tshwenyegileng ga a a tshwanela go didimala fela ka gone ka gonne go ka tlhabisa kgala. Go na le moo, o tshwanetse go tsaya dikgato tse di botlhokwa thata go lwa le bokoa jono. Ke dife?
Bolela Maikutlo a Gago
O tshwanetse go bua le mongwe ka gone. Diane 12:25 e bua jaana: “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise: me lehoko ye le molemō le e ipedise.” Ga go motho ope yo o ka itseng gore o tshwenyegile go le kana kang mo pelong fa o sa bue ka gone. Fa o bua le mongwe yo o kutlwelobotlhoko mo sephiring yo o ka thusang, o ka nna wa itse gore ba bangwe le bone ba na le maikutlo le mathata a a tshwanang le a gago. Gape, go bua maikutlo a gago go ka fodisa, ka go bo go imolola pelo ya gago gore e bolele boitemogelo jwa yone jo bo botlhoko go na le gore e bo bipe. Ka gone, bao ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tshwanetse go bolelela balekane ba bone ba lenyalo, batsadi, kana tsala nngwe fela e e lorato le e e tshwanelegang mo semoyeng.—Bagalatia 6:1.
Bontlhabongwe jwa bothata jwa ga Marie (yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng) e ne e le go bo a ne a bipile maikutlo a a neng a mo tshwenya one a a neng a baka go tshwenyega ga gagwe thata mo maikutlong. “Fa dingwaga di ntse di feta, ke ne ka itira yo o itumetseng,” o ne a bua jalo. “Ba bangwe ba ne ba ka seka ba lora le eleng gore ke ne ke na le bothata jwa go lwa le maikutlo a go ikutlwa ke se wa sepe.” Mme Marie o ne a bua le mogolwane mongwe mo phuthegong. Mogolwane o ne a kgona go ‘ga’ bothata jo a neng a na najo mo pelong ya gagwe mme a mo thusa go itlhaloganya botoka. (Diane 20:5) Mafoko a gagwe a a molemo a a tswang mo Dikwalong a ne a mo wetsa dibete. “E ne e le lantlha ke neng ka bona thuso ya go berekana le mangwe a maikutlo a a neng a dira gore ke tshwenyege thata mo maikutlong,” Marie o ne a tlhalosa jalo.
Go bua le mogolwane yo o tlhaloganyang go ka naya motho yo ‘moya wa gagwe o nyorilweng jaaka lefatshe le le kgalegileng’ “metse” a a lapolosang semoyeng. (Isaia 32:1, 2; Pesalema 143:6) Mogakolodi wa semoya yo o nang le temogo o ka go thusa le eleng gore o bone dikgato tse o ka di tsayang gore o dirisane le seo wena o ka bonang e le boemo jo bo ka sekang jwa kgonwa ke ope. (Diane 24:6) Mme go tlhokega mo go oketsegileng go feta go bua le mongwe fela.
Lemoga Gore O na le Mosola Tota
Go ikutlwa o se wa sepe ke selo se segolo se se bakang go tshwenyega thata mo maikutlong. Bakeresete ba bangwe ba itseela kwa tlase gongwe ka ntlha ya fa ba ile ba seka ba bona boitumelo fa ba sale bana. Mme lefa go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng, mo boikutlong, kana mo go tseo di amanang le tlhakanelo-dikobo go saletse mo maikutlong a gago, seno ga se fetole go nna le mosola ga gago jaaka motho. Ka gone, o tshwanetse go leka go nna le pono e e lekalekaneng kaga gore eleruri o na le mosola jaaka motho. “Ke raya mongwe le mongwe mo go lona,” moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana, “ke re a seka a ikgopola go feta seo a leng sone, mme a ikgopole ka tekano.” (Baroma 12:3, Charles B. Williams) Fa o ntse o itisitse kgatlhanong le go ikgogomosa, o tshwanetse go leka gore o seka wa itseela kwa tlase thata. Batho ba ba nang la kamano le Modimo ba tlhwatlhwakgolo mo go ene, o a ba rata, ka go bo o tlhopha batho go nna “khumō e e tlhaolegileñ.” Abo seo e le tshiamelo e e tlhomologileng jang ne!—Malaki 3:17; Hagai 2:7.
Gape, abo e le tlotlo e kgolo jang go nna “badihi mmōgō le Modimo” ka go nna le seabe mo tirong ya Bokeresete ya go dira barutwa. (1 Bakorintha 3:9; Mathaio 28:19, 20) Bakeresete ba bantsi ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ile ba fitlhela seno se ba thusa go ipona ba na le mosola. “Le eleng morago ga go nna Mokeresete, ke ne ke ikutlwa ke tlhaela,” Marie o ne a ipolela jalo. Lefa go le jalo, o ne a tswelela ka tiro ya go rera, mme ka letsatsi lengwe o ne a kopana le mosadi mongwe yo mmotlana yo o golafetseng mo tlhaloganyong yo o neng a batla go rutiwa Bibela. “O ne a tlhoka motho yo o neng a ka nna pelotelele nae, ereka a ne a tshwara ka bonya,” Marie o ne a bua jalo. “Ka gonne a ne a batla tlhokomelo e ntsi, ke ne ka lebala kaga me le ka makoa a me. O ne a tlhoka thuso ya me, mme ke ne ka lemoga gore ke ne ke ka dira seo ka thuso ya ga Jehofa. Go mmona a kolobediwa go ne ga nkgothatsa ka mo ke sa kgoneng go go tlhalosa. Ke ne ka simolola go itlotla ka mo go oketsegileng, mme go tshwenyega thata mo maikutlong go go masisi go ne ga tsamaela ruri.” Abo go le boammaaruri jang ne gore “eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa”!—Diane 11:25.
Lefa go le jalo, batho ba bantsi ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ile ba thusiwa fela jaaka mosadi yono wa Mokeresete yo a neng a tshwenyegile thata mo maikutlong, yo o ipolelang jaana: “Lemororo ke ne ke dira ka natla go phepafatsa le go apaya le go tshola baeng, ke ne ke tlhola ke ipona phoso ka diphosonyana tse dinnye tse ke neng ke di dira.” Go ipona phoso ka tsela e e ntseng jalo go go sa siamang go dira motho gore a ikutlwe e se wa sepe. Gakologelwa gore Modimo wa rona o a re tlhaloganya mme ga ‘a nnele go re bona diphoso ka dinako tsotlhe.’ (Pesalema 103:8-10, 14) Fa e le gore Jehofa, yoo pono ya gagwe ya tshiamo e leng kwa godimo ga ya rona, a sa nnele go re bona diphoso ka sengwe le sengwe se se phoso se re se dirang mme ka metlha a batla go re bontsha bopelotelele, a ga re a tshwanela go leka go mo etsa mo go rona?
Rotlhe re na le diphoso le makoa. Lefa go le jalo, re na le dilo tse re di kgonang. Moaposetoloi Paulo o ne a sa lebelele gore a dire dilo tsotlhe sentle mo maitekong otlhe a gagwe. “Leha ke sa itse go bua sentlè, ga ke tlhaele mo kicoñ,” o ne a bua jalo. Paulo o ne a seka a ikutlwa e se wa sepe fela ka gonne e ne e se sebui se se molemo thata sa phatlalatsa. (2 Bakorintha 11:6) Ka mo go tshwanang, bao ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse ba kgonang go di dira sentle.
“Botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ,” kana bao ba lemogang le go dumela fa ba na le makoa. (Diane 11:2) Mongwe le mongwe wa rona ke motho yo o sa tshwaneng le ope yo o nang le maemo, nonofo, le dikgono tse di farologaneng. Jaaka o direla Jehofa ka pelo yotlhe, o dira se wena o se kgonang, O a itumela. (Mareko 12:30-33) Modimo ga se motho yo o sekeng a kgotsofalela maiteko ao baobamedi ba gagwe ba ba ineetseng ba a dirang. Leora, Mokeresete yo o neng a atlega mo go fenyeng go tshwenyega ga gagwe thata mo maikutlong o ne a bua jaana: “Ga ke dire jaaka mongwe le mongwe mo dilong tse dingwe, jaaka fa ke bua mo bodiheding jwa tshimo. Mme ke a leka. Se ke se dirang ke se nna ke ka se kgonang.”
Go Dirisana le Diphoso le go sa Utlwisisaneng
Go tweng he, fa o dira diphoso tse di masisi? Gongwe o ikutlwa jaaka Kgosi Dafide, yo o neng a ‘tlhola a hutsafetse ka dinako tsotlhe’ ka ntlha ya diphoso tsa gagwe, kana maleo. Mme boikutlo jo bo ntseng jalo e ka nna bosupi jwa gore ga o ise o tsenelele thata mo boleong joo mo o ka sekang wa itshwarelwa. (Pesalema 38:3-6, 8) Go ikutlwa o le molato go ka bontsha gore motho yo o dirileng boleo o na le pelo e e ikanyegang le segakolodi se se molemo. Ka jalo o ka dirisana jang le molato oo? Ebu, a o kile wa rapela Modimo gore o go itshwarele mme wa tsaya dikgato tse di siameng go baakanya phoso eo? (2 Bakorintha 7:9-11) Fa go ntse jalo, nna le tumelo gore Ene yoo a itshwarelang mo gogolo o tla go utlwela botlhoko, fa o ntse o ikemisetsa gore ga o kitla o dira boleo joo gape. (Isaia 55:7) Fa e le gore o ile wa otlhaiwa, o se ‘ineele fa o kgalemelwa, gonne Jehofa o kgalema yo o mo ratang.’ (Bahebera 12:5, 6) Boikaelelo jwa kgalemelo ke go thusa nku e e timelang. Ga go fokotse go nna le mosola ga gago jaaka motho.
Le eleng fa pelo ya rona e re nyatsa, ga re a tshwanela go swetsa ka gore Jehofa o a re nyatsa. “Re tla icholohetsa pelo ha pele ga ōna, Mo go se hèla pelo tsa rona di re nyatsañ mo go shōna; ka Modimo o le mogolo go heta dipelo tsa rona, me o itse dilō cotlhe.” (1 Yohane 3:19, 20) Jehofa o bona go feta maleo a rona le diphoso. O itse maemo a a ka re dirisang dilo dingwe, tsela yotlhe ya rona ya botshelo, boitlhomo jwa rona, le maikaelelo. Kitso e kgolo e a nang nayo e mo kgonisa go re utlwela botlhoko fa re mo rapela ka tlhoafalo gore a re itshwarele, fela jaaka a ne a utlwa Dafide.
Go sa utlwaneng le ba bangwe le go tshwenyega thata ka go dira gore ba go amogele le gone go oketsa gore motho a ikutlwe e se wa sepe, gongwe le eleng go ikutlwa o sa batliwe. Ka ntlha ya bosaitekanelang, Mokeresete-ka-wena a ka nna a bua le wena ka tsela e e lebegang e supa fa a sena kutlwelobotlhoko kana a se pelonomi. Lefa go le jalo, go sa utlwaneng mo gontsi go ka fedisiwa ka go bolelela motho ka moo kakgelo ya gagwe e go amileng ka gone. (Bapisa Mathaio 5:23, 24.) Gape, Solomone o ne a gakolola jaana: “U se ka ua tlhōkōmèla mahoko aotlhe a a buiwañ.” Ka ntlhayang? “Gonne le eōna pelo ea gago ea itse ha le wèna ka wesi u rogile batho ba bañwe gantsi.” (Moreri 7:21, 22) O seka wa lebelela boitekanelo ka mo go sa utlwaleng mo go wena le mo dikamanong tsa gago le batho ba bangwe ba ba sa itekanelang. Nna bonako go itshwarela o bo o iphapaanye.—Bakolosa 3:13.
Mo godimo ga moo, bomosola jwa gago ga bo lekanngwe ka gore a batho ba a go rata kana nnyaa. Keresete o ne a ‘tsewa e se motho wa sepe,’ mme ‘tlhotlhwa e ba bangwe ba neng ba mo lekanya ka yone’ e ne e le potlana thata. (Isaia 53:3; Sekaria 11:13) A seno se ne se fetola bomosola jwa gagwe tota kana tsela eo Modimo o neng o mo leba ka yone? Nnyaa, ka gonne le eleng lefa re ne re itekanetse, jaaka Jesu, re ne re ka seka ra kgona go kgotsofatsa mongwe le mongwe.
Nonofo ya go Itshoka
Ka dinako tse dingwe, go tshwenyega thata mo maikutlong go ka tsaya lobaka lo loleele go sa kgathalesege maiteko a rona a go lwa le gone. Botlhoko jwa maikutlo bo ka dira gore Bakeresete ba bangwe ba bo ba ikutlwe jaana jaaka Jona: “Mo go nna go molemō go shwa bogolo go go tshela.” (Yona 4:1-3) Lefa go le jalo, go boga ga gagwe ga go a ka ga nnela ruri. O ne a go fenya. Ka jalo fa go tshwenyega thata mo maikutlong go dira gore botshelo jwa gago bo lebege bo le boima, gakologelwa gore go tshwana fela le pogiso eo Paulo a neng a bolela gore ke ya “lobakanyana.” (2 Bakorintha 4:8, 9, 16-18) Go tla fela! Ga go boemo bope jo bo ka se rarabololweng. Jehofa o solofetsa “go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ñomogileñ.”—Isaia 57:15.
Le ka motlha o seka wa lesa go rapela, le eleng fa dithapelo tsa gago di lebega di sa thuse sepe. Dafide o ne a kopa jaana: “Utlwa go goa ga me . . . mogañ pelo ea me e phikañwañ ke bohutsana: nkgōgèla kwa lehikeñ ye le godimo bogolo go nna.” (Pesalema 61:1, 2) Jehofa o dira jang gore re kgone go itshepa mo pelong mo go lebegang re ka seka ra kgona go nna nago ka nonofo ya rona? Eileen, yo o neng a lwa le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le dintsi, o araba jaana: “Jehofa ga a ise a ko a ntetle gore ke itlhoboge. Seno se nnaya tsholofelo ya gore fa ke ntse ke leka, o tla nna a nthusa. Go itse boammaaruri jwa Bibela go ile ga mpoloka ke ntse ke tshela. Ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng—ka thapelo, bodihedi, dipokano, dibuka, lelapa, le ditsala—Jehofa o ile a nnaya nonofo ya gore ke tswelele ke ntse ke leka.”
Tsaya bokoa joo jaaka go lekiwa ga tumelo ya gago. “Modimo o boikañō,” moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jalo. “O o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ a lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” (1 Bakorintha 10:13) Ee, Modimo o tla go naya ‘nonofo e e fetang e e tlwaelegileng’ gore o kgone go rwala mokgweleo oo wa boikutlo.—2 Bakorintha 4:7.
Lefatshe je Lesha je le Senang go Tshwenyega Thata mo Maikutlong!
Modimo o solofeditse gore mo nakong e khutshwane o tla tlosa maemo otlhe a a dirang gore batho ba tshwenyege thata mo maikutlong mo lefatsheng lotlhe ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo. Lefoko la Gagwe le bua jaana: “Ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.” (Isaia 65:17, 18) Mafoko ano a ne a diragadiwa lantlha bogologolo ka 537 B.C.E., ka nako ya fa morafe wa bogologolo wa Baiseraele o ne o busediwa kwa nagagaeng ya bone. Batho ba Gagwe ka nako eo ba ne ba opela jaana: “Ra nna yaka ba ba lōrañ. Hoñ molomo oa rona oa tlala setshègō, le loleme loa rona loa tlala go ōpèla.” (Pesalema 126:1, 2) Abo go diragadiwa ga bofelo ga boperofeti jono jo bo omosang pelo mo go gaufi e tla nna selo se se molemo jang ne mo lefatsheng le lesha la Modimo!—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.
Mokgatlho wa batho ba ba siameng (“lehatshe ye lesha”) o tla itekanedisiwa mo boikutlong, mo mmeleng, le mo semoyeng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo (“magodimo a masha”). Ga se gore batho bano ga ba kitla ba gakologelwa dilo tsa bogologolo, mme ka go bo go tla bo go tletse dilo tse di itumedisang tseo ka nako eo ba tla bong ba tshwanela go akanya ka tsone le go di ipelela, go tla bo go sena lebaka la go gakologelwa kana go tlhoma mogopolo mo maitemogelong a a utlwisang botlhoko a a fetileng. Akanya fela, o tsoga moso mongwe le mongwe ka mogopolo o o phepa jaaka legweka, o tlhagafaletse go tswelela ka ditiro tsa letsatsi leo—o sa tlhole o tshwenngwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong!
A tlhatswegile pelo gore tsholofelo eno ke ya mmatota, Lola (yo o umakilweng kwa tshimologong), o ne a re: “Fa ke ne ke gakologelwa fela gore Bogosi jwa ga Jehofa bo tlile go tlosa bothata jono ke ne ka thusega fela thata. Ke ne ka itse gore go tshwenyega thata mo maikutlong ga go kake ga nnela ruri.” Ee, o ka tlhomamisega gore mo nakong e khutshwane Modimo o tla dira gore go tshwenyega thata mo maikutlong go fenngwe ka botlalo!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “Attacking Major Depression—Professional Treatments” mo tokololong ya Awake! ya October 22, 1981.