-
Ka Moo o ka Thusang Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Boikutlong go Bona Boipelo GapeTora ya Tebelo—1990 | March 15
-
-
Ka Moo o ka Thusang Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Boikutlong go Bona Boipelo Gape
EPAFORODITO, morutwa wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a tshwenyegile thata mo boikutlong. O ne a romilwe go ya go tlhokomela moaposetoloi Paulo yo a neng a le mo kgolegelong mme o ne a lwala thata. Lefa Epaforodito a ne a fola, o ne a tshwenyegile thata mo boikutlong ka gonne phuthego ya kwa legaeng la gaabo, eo e neng e mo rometse kwa Roma e ne e “utlwile ha a lwala.” (Bafilipi 2:25, 26) Ka a ne a le kgakala le bone mme a batla gore ba kokobele maikutlo ka seno o ne a tshwenyega thata mo boikutlong. Go lebega gape a ne a akanya gore ba ne ba mo leba jaaka yo o paletsweng. O ne a ka thusiwa jang go bona boipelo gape?
Epaforodito o ne a romelwa gape kwa legaeng la gagwe kwa Filipi a tshotse lokwalo lo lo tswang kwa go moaposetoloi Paulo. Mo go lone, Paulo o ne a laela phuthego jaana: “Mo amogeleñ mo Moreneñ ka boitumèlō yotlhe; me lo tlotlè eo o nntseñ yalo.” (Bafilipi 2:27-30) Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba kgothalediwa go atamalana le Epaforodito ka tsela e e tshwanelang nonofo e e tlhaolang ya bokaulengwe e e neng e le gone fela mo phuthegong ya Bokeresete. Mafoko a bone a a gomotsang a ne a tla mmontsha gore o tseelwa kwa godimo, ee, ‘o a ratiwa.’ Tlhokomelo eno e e ipedisang e ne e tla mo thusa go tlosa go tshwenyega thata mo boikutlong go go neng go le mo mogopolong wa gagwe.
Sekai seno se bontsha gore lefa Bakeresete ka kakaretso ba ‘ipela mo Moreneng’ bangwe mo gare ga bone ba tshwenyega thata mo boikutlong ka ditsela tse di farologaneng. (Bafilipi 4:4) Go tshwenyega thata mo boikutlong ke go sa ikutlweng sentle mo boikutlong go go masisi goo go ka felelang ka go ipolaya. Ka dinako dingwe, tsela eo boboko jwa motho bo dirang ka yone le dilo dingwe tse di diragalang mo mmeleng di a kopanyelediwa. Lefa go ntse jalo, go tshwenyega thata mo boikutlong gantsi go ka kokobediwa ke thuso eo ba bangwe ba ka e nayang. Ke ka gone moo, Paulo a kgothatsang jaana: “Nametsañ ba ba lapañ pelo.” (1 Bathesalonia 5:14) Ka gone, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwanetse go ipelela go tshegetsa maikutlo a ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong. Phuthego ya segompieno ya Bokeresete e ne ya lemoga boikarabelo jono bogologolo ka 1903, ka go bo The Watch Tower ya nako eo e ne ya bua jaana ka ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong kana ba ba kgobegileng marapo: “Ba ba kgobegileng marapo le ba ba bokoa, ba tla tlhoka thuso, tshegetso, le kgothatso.” Mme o ka thusa ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong bao jang?
Sa ntlha, o ka kgona go thusa yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong ka go bontsha “maikutlō mañwe,” gore a senole “boimèlèsègō” jo bo mo pelong ya gagwe. Morago ga moo, “lehoko ye le molemō” je le tswang mo go wena le ka mo thusa go bona boipelo gape. (1 Petere 3:8; Diane 12:25) Go mo letla fela go bua a gololesegile le gore a utlwe gore o a amega go ka mo imolola tota. “Ke ne ke na le ditsala di le mmalwa tseo eleruri ke neng ke kgona go di tshololela pelo ya me,” go tlhalosa jalo Mary, Mokeresete yo o sa nyalwang yoo a neng a na le bothata jwa go tshwenyega thata mo boikutlong. “Ke ne ke tlhoka mongwe yo a ka ntheetsang.” Go nna le mongwe yo o kgonang go mmolelela dikgopolo tsa gago tse di kwa teng ka mathata a gago a botshelo go ka go thusa tota.
Lefa go ntse jalo, go tlhokega go le gontsi go na le go reetsa fela le go naya kgakololo e e sa reng sepe jaaka fa o ka re, “Lebelela dilo tse di molemo mo botshelong,” kana, “Akanya ka tsela e e siameng.” Dipolelo tse di ntseng jalo di ka supa gore ga o amege ka gope le gore fa motho mongwe a tshwenyegile thata mo boikutlong o ikutlwa o ka se ka wa nna nae, fela jaaka Diane 25:20 e supa seo fa e re: “Yaka motho eo o apolañ kobō go le serame, . . . eo o ōpèlèlañ pelo e e bohutsana o nntse hèla yalo.” Dikakgelo tseo ka mo go sa utlwaleng di akantshang gore a akanye dilo tse di molemo fela di ka tlogela motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong a tlhakatlhakane le go feta. Ka ntlhayang? Ka gonne maiteko a a ntseng jalo ga a ame ka gope mabaka a a mo dirileng gore a tshwenyege thata mo boikutlong.
Nonotsha ka Mafoko
Motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong ga a ikutlwe fela a hutsafetse mme o ikutlwa e se wa sepe ebile a sena tsholofelo. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong” totatota le raya “ba ba moya o kwa tlase.” Mokanoki mongwe wa Mogerika o tlhalosa lefoko leno ka tsela eno: “Mongwe yo o mo bothateng jo bo ntseng jalo, o kotlomela pelo.” Ka gone, maikutlo a gagwe a nyeletse, le boitlotlo jwa gagwe bo wetse kwa tlase.—Bapisa Diane 17:22.
Tlhogo ya lotso Jobe o ne a bua jaana: “Ke ne ke tla lo nonotsha ka molomo oa me.” (Yobe 16:5) Lefoko la Sehebera le le dirisediwang go “nonotsha” ka nako nngwe le dirisiwa jaaka go ‘thatafatsa’ kana ‘go thatafatsa nonofo.’ Le dirisiwa go tlhalosa ka moo tempele e neng ya ‘thatafadiwa’ ka gone ka go baakanngwa. (Isaia 41:10; Nahume 2:1; 2 Ditihalō 24:13) Mafoko a gago ka botswerere a tshwanetse go thusa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong, kgato ka kgato, jaaka go ne go ka bolelwa gore a nne le boitlotlo gape. Go dira jalo go tla batla gore o ikuele gore a dirise ‘maatla a gagwe a go akanya.’ (Baroma 12:1) Tokololo ya The Watch Tower ya 1903 eo e tsopotsweng pelenyana e ne ya bua jaana ka ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong: “Go bo ba tlhaela . . . boitlotlo ba tshwanetse go kgoromelediwa kwa pele, gore ba kgone go bona ditalenta tseo eleruri ba nang natso, gore ba kgothale le gore lelapa lotlhe le le mo tumelong le bone masego.”
Sekai sa Bibela sa ga Elekana le mosadi wa gagwe yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong, Hana, se ka bontsha ka moo o ka nonotshang ka mafoko ka gone, jaaka Jobe. Elekana o ne a na le basadi ba babedi. Mongwe wa bone, Penina, o ne a na le bana ba le mmalwa, mme Hana o ne a le moopa. Go lebega gore Hana o ne a iteba e se wa sepe. (Bapisa Genesise 30:1.) Jaaka ekete mokgweleo ono o ne o se bokete ka mo go lekaneng, Penina o ne a mo kgoba gore a lele a bo a latlhegelwe ke keletso ya dijo. Lefa Elekana a ne a sa itse gore o utlwile botlhoko go le kana kang, fa a bona boemo jwa gagwe, o ne a botsa jaana: “Hana, u lelèlañ? Me ga u yeleñ? Le pelo ea gago e hutsahaletseñ?”—1 Samuele 1:1-8.
Dipotso tsa ga Elekana tse di pelotlhomogi, le tse di neng di sa mo pege molato di ne tsa dira Hana gore a bue kafa a ikutlwang ka gone. A e ka ne a ile a araba kana nyaa, o ile a thusiwa gore a bone gore ke ka ntlhayang a ne a ikutlwa e se wa sepe. Ka jalo, motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong a ka nna a re, ‘Ke motho yo o bosula.’ O ka nna wa botsa jaana, ‘Ke ka ntlhayang fa o ikutlwa ka tsela eo?’ Mme reetsa ka kelotlhoko jaaka a imolola mokgweleo wa seo a se utlwang mo pelong ya gagwe.—Bapisa Diane 20:5.
Morago Elekana o ne a botsa Hana potso eno e e nonotshang: “A ga ke molemō mo go wèna bogolo go bana ba basimane ba le shomè?” Hana o ne a gakololwa ka lorato lo a ratiwang ka lone lefa a ne a le moopa. O ne a mo leba a le botlhokwa thata mme ka gone o ne a ka swetsa jaana: ‘Ebu ga se gore ga ke motho wa sepe. Eleruri monna wa me o nthata tota.’ Mafoko a gagwe a ne a nonotsha Hana, ka go bo o ne a simolola go ja le go ya kwa tempeleng.—1 Samuele 1:8, 9.
Fela jaaka Elekana a ne a tlhamalala mme a dira gore mosadi wa gagwe a bone lebaka leo le neng la mo dira gore a ikutlwe botoka, bao ba batlang go thusa batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Ka sekai, Mokeresete mongwe yo o bidiwang Naomi o ne a bua jaana ka seo se neng sa mo thusa go bona boipelo gape: “Dingwe tsa ditsala tsa me di ne di baka tsela e ke neng ke godisitse morwaake ka yone, tsela e ke neng ke tshwara legae la me ka yone, le eleng tsela eo ke neng ke lebega ka yone lefa ke ne ke tshwenyegile mo boikutlong. Kgothatso eo e ne e le botlhokwa mo go nna!” Ee, go akgola motho go go mo tshwanetseng go ka thusa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong go bona dinonofo tsa gagwe tse di molemo le go ipona gore o na le mosola eleruri.
Fa mosadi wa gago a tshwenyegile thata mo boikutlong, ke ka ntlhayang fa o sa mo agelele go dumalana le mafoko a Diane 31:28, 29? Koo re balang jaana gone: “Monna oa gagwè, le èna a mmake, a re: Bana bantsi ba basetsana ba dihile sentlè, me wèna u ba gaisitse botlhe hèla.” Lefa go le jalo, mosadi yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong a ka nna a seka a amogela polelo e e ntseng jalo ereka a ikutlwa gore o paletswe ka go bo a sa kgone go dira ditiro tsa mo lapeng ka botswerere jaaka a akanya gore o tshwanetse. Lefa go ntse jalo, ka go mo gakolola ka mofuta wa mosadi o a leng one, le ka tsela eo a neng a le ka yone pele a tshwenyega thata mo boikutlong o ka kgona go mo tlhatswa pelo gore go mmaka ga gago ga se go mo tsietsa fela. O ka nna wa mmolelela gore seo a se dirang jaanong se supa boiteko jo bogolo. O ka nna wa re: ‘Ke itse matsapa a o a dirileng go dira seno. Abo go akgolega jang ne go bo o dira maiteko a magolo jaana!’ Go amogelwa le go bakiwa ke molekane wa gago le bana ba gago, ba ba itseng motho botoka, go botlhokwa go agelela boitlotlo jwa motho.—Bapisa 1 Bakorintha 7:33, 34.
Go dirisa dikai tsa Bibela go ka thusa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong go bona diphetogo tse a tshwanetseng go di dira mo mogopolong wa gagwe. Ka sekai, gongwe motho o akanya thata ka seo batho ba se akanyang ka ene. O ka nna wa tlotla ka sekai sa ga Epaforodito mme wa botsa jaana: ‘O akanya gore lebaka la go bo a ne a tshwenyega thata mo boikutlong fa a ne a lemoga gore phuthego ya gaabo e utlwile ka bolwetsi jwa gagwe e ne e le lefe? A gone eleruri o ne a paletswe? Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a re ba mo tshole sentle? A go nna botlhokwa ga ga Epaforodito jaaka motho go ne go ikaegile ka ditshiamelo tsa tirelo tseo a neng a na natso?’ Dipotso tse di ntseng jalo di ka thusa Mokeresete yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong go dirisa seo le go lemoga gore ga a a palelwa.
“Pepetletsañ ba ba Bokōa”
Bibela e kgothatsa jaana: “Pepetletsañ ba ba bokōa.” (1 Bathesalonia 5:14) Go nna le ditsala tse dintsi tsa Bakeresete bao ba ka go thusang le gone ke sengwe se se molemo thata mo bodumeding jwa boammaaruri. Ditsala tsa mmatota ke bao ba ‘tsaletsweng motlha wa pitlagano,’ mme ka boammaaruri ga ba ke ba latlha motho fa a tshwenyegile thata mo boikutlong. (Diane 17:17) Fa moaposetoloi Paulo a ne a ikutlwa a le ‘kwa tlase’ mme a na le ‘dipoifo mo teng,’ o ne a gomodiwa ke ‘go tla ga ga Tito.’ (2 Bakorintha 7:5, 6) Ka mo go tshwanang, go etela batho ka pelo e e ratang le ka go ba leletsa mogala ka dinako tse di tshwanetseng go ka anaanelwa thata ke batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong. O ka nna wa botsa fa go na le tsela nngwe e o ka thusang ka yone, jaaka go tsamaya o ya go dira dilo dingwe, tiro ya lelapa, kana dilo dingwe fela tse di tshwanang.a Mokeresete mongwe yo o bidiwang Maria o bua jaana: “Fa ke ne ke tshwenyegile thata mo boikutlong, tsala nngwe e ne ya nkwalela ka makgetlo a mantsi mme ka metlha a akareletsa dikwalo dingwe tse di kgothatsang. Ke ne ke bala lokwalo loo kgapetsa kgapetsa, ke lela fa ke le bala. Makwalo a a ntseng jalo a ne a ntse jaaka gouta mo go nna.”
Morago ga go kgothaletsa phuthego go thusa ‘ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong,’ Paulo o bua jaana: “Lo nnè pelotelele mo go botlhe. Lo bōnè gore opè a se ka a lehetsa boshula yoa ga opè ka boshula.” (1 Bathesalonia 5:14, 15) Go tlhokega bopelotelele, ka gonne botlhoko jo bo utlwiwang ke motho mo kakanyong, go akanya ka tsela e e sa siamang, le letsapa le le nnang gone ka ntlha ya go tlhoka boroko, di ka dira gore motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong a arabe ka “go phomèsègèla,” jaaka Jobe. (Yobe 6:2, 3) Rachelle, Mokeresete mongwe yoo mmaagwe a neng a tshwenyegile thata mo boikutlong o ne a senola seno: “Ka dinako tse dintsi Mmè o ne a bua dilo tse di utlwisang botlhoko tota. Mme mo dinakong tseno, ke ne ke leka go ikgakolola kafa Mmè eleruri a ntseng ka gone—o lorato, o bopelonomi, le go aba. Ke ne ka itse gore batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong ba bua dilo tse dintsi tseo eleruri ba sa batleng go di bua. Sengwe se se botlhoko go gaisa se motho a ka se dirang ke go busolosetsa mafoko a a bosula ao kana ditiro tse di bosula tseo.”
Bangwe ba basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ka kgona go thusa basadi ba bangwe ba ba nang le bothata jwa boikutlo. (Bapisa 1 Timotheo 5:9, 10) Basadi bano ba ba nonofileng ba Bakeresete ba ka bua le ba ba ntseng jalo ka go ba gomotsa ka dinako tse di tshwanetseng. Ka dinako dingwe go botoka fa bokgaitsadi ba ba godileng sentle ba ka thusa mosadi mongwe go na le bakaulengwe. Ka go rulaganya dilo sentle le go okamela dilo ka tshwanelo, bagolwane ba Bakeresete ba ka tlhomamisa gore batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong ba bona tlhokomelo e ba e tlhokang.
Bagolwane ba ba Nang le Maleme a a Rutilweng
Badisa ba semoya ba tshwanetse segolo bogolo go nna le “kicō le tlhaloganyō” gore ba tle ba “itse go kamatlèla ka puō èna eo o lapileñ.” (Yeremia 3:15; Isaia 50:4) Lefa go ntse jalo, fa mogolwane a sa tlhokomele, a ka nna a dira gore motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong a ikutlwe a tlhakatlhakane le go feta mme a ne a sa ikaelela jalo. Ka sekai, ditsala tse tharo tsa ga Jobe, go lebega di ne di ile go “mo hutsahalèla le go mo gomotsa.” Mme mafoko a bone, ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke pono ya bone e e phoso ka bothata jwa ga Jobe, a ne a mo ‘thubaganya’ go na le go mo gomotsa.—Yobe 2:11; 8:1, 5, 6; 11:1, 13-19; 19:2.
Ditlhogo tse di farologaneng mo dikgatisong tsa Watch Tower di ile tsa bontsha melaometheo e e ka dirisiwang fa go kgalemelwa batho.b Bagolwane ba bantsi ba ile ba dirisa ditlhogo tseo. Lefa go le jalo, ka dinako dingwe dipuo tsa bagolwane tse di sa akanyetseng—ba bua le motho kana mo dipolelong tsa bone—di ile tsa gobatsa tota. Ka jalo, a bagolwane ba seka ba “bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla” mme ba bue ka ‘loleme lo lo fodisang lwa ba ba botlhale.’ (Diane 12:18) Fa mogolwane a akanya ka seo dikakgelo tsa gagwe di ka se dirang pele a bua, mafoko a gagwe a ka fodisa. Ka gone, bagolwane, nnang bonako go utlwa mme lo se nne bonako go dira ditshwetso lo ise lo utlwe kgang yotlhe.—Diane 18:13.
Fa bagolwane ka mmatota ba kgatlhegela batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong, ba ikutlwa ba ratiwa le go anaanelwa. Tlhokomelo e e ntseng jalo e e senang bogagapa e ka thusa batho bano go tlodisa matlho dikakgelo dipe fela tse di ka kgobang marapo. (Yakobe 3:2) Batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong gantsi ba fekeediwa ke go ikutlwa ba le molato, mme bagolwane ba ka ba thusa go leba dilo ka tekatekano. Le eleng lefa go dirilwe boleo jo bo masisi, tlhokomelo ya semoya e bagolwane ba e neelang e ka thusa ‘ba ba bokoa gore ba fole.’—Bahebera 12:13.
Fa batho ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong ba utlwa ekete dithapelo tsa bone ga di thuse sepe, bagolwane ba ka rapela le bone le go ba rapelela. Ka go bala le bone ditlhogo tse di thailweng mo Bibeleng tseo di buang ka go tshwenyega thata mo boikutlong, bagolwane ba ka ‘tlotsa’ batho bano ka mafoko a a fodisang a semoya. (Yakobe 5:14, 15) Bagolwane gape ba ka thusa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong go tsaya dikgato tsa kafa Dikwalong go rarabolola dikgogakgogano dipe fela tsa botho tseo a ka bong a na le tsone le mongwe, fa seno e le sone bothata. (Bapisa Mathaio 5:23, 24; 18:15-17.) Gantsi dikgogakgogano tse di ntseng jalo, segolo bogolo mo lelapeng, di baka go tshwenyega thata mo boikutlong.
Tlhokomela gore go tsaya lobaka gore motho a nne botoka. Le eleng maiteko a ga Elekana a a lorato ga a ka a dira gore Hana a ikutlwe a le botoka ka bonako fela mo go tshwenyegeng ga gagwe thata mo boikutlong. Dithapelo tsa gagwe le tlhomamisetso ya moperesiti yo mogolo kgabagare di ne tsa mo dira gore a ikutlwe botoka. (1 Samuele 1:12-18) Ka gone, nna pelotelele fa karabelo e le bonya. Legale, bagolwane ka kakaretso ga se dingaka mme ka gone ka dinako dingwe ba fitlhela maiteko ao ba a dirang a sa lekana. Bone, gammogo le maloko a lelapa la motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong ba ka tlhoka go kgothaletsa motho yoo go bona thuso ya dingaka. Fa go tlhokega, bagolwane kana maloko a lelapa a ka tlhalosetsa ngaka epe fela ka phepafalo gore go botlhokwa gore a tlotle dikgopolo tsa bodumedi tsa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong.
Ga go ope yo o tla itekanelang mo mmeleng, mo tlhaloganyong, kana mo boikutlong fa lefatshe le lesha la Modimo le ise le tle. Mo nakong eno, Mokeresete ope fela yo o ka latlhegelwang ke boipelo jwa bone ka ntlha ya go tshwenyega thata mo boikutlong ba ka bona nonofo eseng fela mo phuthegong ya Bokeresete mme le mo go rraarona wa legodimo, yo o “gomotsang ba ba tshwenyegileng thata mo boikutlong.”—2 Bakorintha 7:6, New American Standard Bible.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo “Defeating Depression—How Others Can Help” mo go Awake! ya November 8, 1987, ditsebe 12-16.
b Bona ditlhogo “Loleme lo lo Rutegileng—‘Go Kamatlèla ka Puō èna Eo o Lapileñ’ mo go Tora ya Tebelo ya June 1, 1983, le “Mafoko a Semoya go ba ba Tshwenyegileng Tlhaloganyo” mo tokololong ya November 15, 1988.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
KA MOO O KA BUANG KA GO GOMOTSA KA GONE
□ REETSA KA KELOTLHOKO—‘Fata’ maikutlo a a mo pelong ya motho ka dipotso tse di botlhale. Nna bonako go reetsa mme o se nne bonako go dira ditshwetso dipe o ise o itse sotlhe se se diragalang.—Diane 20:5; 18:13.
□ BONTSHA KAMEGO—“Maikutlō mañwe” a tshwanetse go kopanngwa le ‘boikutlo jo bo lorato’ jaaka o leka go batla se se tshwentseng motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong. “Itumeleñ le ba ba itumèlañ; lo lelè le ba ba lelañ.”—1 Petere 3:8; Baroma 12:15.
□ NNA PELOTELELE—Go ka tlhokega gore go buisanngwe kgapetsa kgapetsa le molwetsi ka jalo nna pelotelele. Itlhokomolose ‘go phomesegela mo puong’ goo motho yo o utlwileng botlhoko mo maikutlong yoo a ka nnang a go dira ka ntlha ya go tlalelwa.—Yobe 6:3.
□ NONOTSHA KA MAFOKO—Thusa motho yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong go bona dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Neela kakgolo ka tlhamalalo. Mmontshe gore mathata, boitemogelo jwa nako e e fetileng joo bo sa itumediseng, kana go tlhaela ga se tsone tse go bonwang ka tsone gore motho o botlhokwa. Tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Modimo o mo rata ebile o amega ka ene.—Yobe 16:5.
-
-
Go Lemoga DikgangTora ya Tebelo—1990 | March 15
-
-
Go Lemoga Dikgang
Maitlhomo a Bopelotshetlha
Ka bonakonyana fela morago ga gore a tseye marapo ka 1933, moeteledipele wa Monazi ebong Adolf Hitler o ne a dira kgolagano le Kereke ya Katoliki. Kgolagano eno e ne e neela Hitler tshwanelo ya gore a ka gana go ka dumelela go tlhophiwa ga bobishopo ba Majeremane mme ene a bo a neela kereke ditshiamelo tse di rileng. Mme ke sefe sa ditlhopha tse pedi tseo seo se neng se solegelwa molemo thata? Encyclopedia nngwe e ntšha ya Sefora ya Katoliki e neela karabo e e tlhamaletseng mo potsong eno.
“Mopapa Pius XI ka boena . . . o ne a bona go le botlhokwa fela thata-thata gore a tlhomamise tshireletsego ya kereke ya Jeremane ka go dira kgolagano. Go ile ga tshwarwa ditherisano ka seno magareng a April le July 1933. Lemororo kwa tshimologong kgolagano eno e ne e le mosola go Kereke ya Katoliki, tota e ne e le katlego mo go Hitler, ka gonne e ne e neela puso ya gagwe tlotlo. Mo godimo ga moo, ereka Hitler ka metlha a ne a e roba, mopapa o ne a latofadiwa ka gore o ne a kokobetsa digakolodi tsa Makatoliki le gore o kgobofatsa bobishopo ka go dira kgolagano e e senang tlhaloganyo eo.”
Gompieno, segolo-bogolo kwa Fora le kwa Jeremane, Kereke ya Katoliki e kgalwa phatlalatsa ka ntlha ya ditumalano tseo baruti ba ba etelelang pele ba ileng ba di dira ka nako ya puso ya Bonazi. Mathata ano a nna teng fa baeteledipele ba kereke ba palelwa ke go tsaya mafoko le sekao sa ga Jesu Keresete tsia, yo o ileng a bolela jaana ka balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Ke boammaaruri, ka go dira ditumalano tse di ntseng jalo ga baeteledipele ba kereke ba ile ba dira gore ba ratwe ke boradipolotiki, mme seno se ile sa dirang malebana le kamano ya bone le Modimo? Fa a ne a kwalela Bakeresete ka ena, morutwa wa ga Jesu ebong Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Botsalanō yoa lehatshe [ke] bobaba mo Modimoñ.”—Yakobe 4:4.
Bao Ba Latlhegelwang Mo Lotharing
Go na le mabaka a a ka nnang dimilione di le 14 mo go le le lengwe ao a ka go dirang gore o seka wa bona phenyo mo lotharing. Lefa go le jalo, lekwalo-dikgang la Canada, eleng The Globe and Mail le bega gore batho ba ba dimilione ka metlha ba tshameka dilothari tseo di tshegediwang ke puso ka madi. Dipatlisiso di bontsha gore dilothari ga di kgatlhe ka sepe fa e se tsholofelo ya go bona phenyo fela, eleng tsholofelo eo gantsi e gakadiwang ke diphasalatso tseo di lebisang tlhokomelo “mo selong se se ka gapiwang le mo dikotsing tseo di ka nnang teng ka ntlha ya go palelwa ke go reka tekethe ya yone.” Ereka maikaelelo a lothari e le go dira morokotso le go tlhagisa batho ba sekae ba ba bonang phenyo, batshegetsi ba yone ba dira diphasalatso letsatsi le letsatsi ka “tsholofelo ya gore ba ke ba nne le batho bao ba nang le mokgwa wa go reka ditekete tsa yone ka metlha.”
A seno se na le katlego? Ee! Fa Dr. Durand Jacobs a bega malebana le kafa palo ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba betšhang e oketsegang ka gone a bega seo mo makasineng wa American Health, o supa dilothari jaaka dilo tseo di ba dirang gore ba felele ba betšha “ka gonne di ja madi a a kwa tlase, di motlhofo go ka dirisiwa mme di buelelwa jaaka tse di senang molato ope.” O oketsa jaana: “Lothari ke Selo se se Tsietsang seo se gogelang basha ba dingwaga tsa bolesome mo mefuteng e mengwe ya mekgwa e e kotsi ya go betšha.” Mo-Canada mongwe yo e leng mankge mo tlwaelong ya go betšha ka tsela e e sa laolesegeng o bolela jaana: “Lefa e ka nna mang yo o ka lekang go go bolelela gore dilothari ga se go betšha e kane e le gore ba itira dieleele kana ke dieleele. . . . Re senya makgolokgolo a dimilione tsa [diranta] mo dilotharing re solofetse go ka bona phenyo. Ke go betšha.”
Dilothari di tlhotlheletsa go rata madi. Dr. Marvin Steinberg, yo e leng mookamedi wa Mokgatlho wa Connecticut wa Go Betšha Go Go Sa Laolesegeng, o ne a akgela gore bana ba dingwaga tsa bolesome bao ba tshwenyang bao ba betšhang ba ne ba dirisa madi a bone a dijo tsa motshegare, ba ne ba utswa madi, mme ebile ba ne ba utswa le go utswa mo mabenkeleng gore ba tle ba tshegetse tlwaelo eno ya bone ya go betšha. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo eleruri a boammaaruri: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla . . . ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.
-