LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/91 ts. 1-3
  • A Bana ba Gago Ba Ipaakanyeditse go Boela kwa Sekolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bana ba Gago Ba Ipaakanyeditse go Boela kwa Sekolong?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIRISANG BOROUTŠHARA YA SEKOLO
  • NNA MOSUPI LETSATSI LE LETSATSI
  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng
    Tsogang!—1996
  • Go Boela Sekolong Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Basha—Solang Go Tsena Ga Lona Sekolo Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Batsadi—Nnang Mmueledi wa Ngwana wa Lona
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 1/91 ts. 1-3

A Bana ba Gago Ba Ipaakanyeditse go Boela kwa Sekolong?

1 Ka January, bana ba Bakeresete ba tla bo ba boela kwa sekolong. Seno se ka nna sa ba dira gore ba nne le go ikutlwa ba tshogilenyana gongwe le go boifa. Maikutlo ano a bakwa ke go lebelela pele ditshono dingwe le dikgwetlho dingwe. Basha bangwe ba tla bo ba kopana le balekane ba basha bao ba tsenang phaposi e le nngwe le bone le barutabana ba basha. Basha ba Bakeresete le bone ba a itse gore ngwaga mongwe le mongwe o mosha o na le dinako tseo go lekwang tumelo ya bone, bothokgami jwa bone, le lorato leo ba nang le lone mo go Jehofa. A lona basha bao ba leng mo phuthegong lo ipaakanyeditse go ya kwa sekolong? Lona batsadi lo ka nonotsha bana ba lona jang lo ba nonotshetsa diteko tse di tlang?

DIRISANG BOROUTŠHARA YA SEKOLO

2 Ka ngwaga wa 1983 boroutšhara ya Sekolo e ne ya baakanyediwa segolobogolo batsadi ba Bakeresete le bana ba bone bao ba leng mo dingwageng tsa go ya kwa sekolong. E diretswe go thusa gore ba tlhalosetse barutabana le batsamaisi ba sekolo ka ditumelo le dilo tseo Basupi ba ga Jehofa ba di dirang tse di malebana le ditiro dingwe tsa sekolo, ba ba tlhalosetsa ka tsela e e utlwalang sentle. Gape e neelana ka kaelo malebana le gore boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jo bo kopaneng ke bofe malebana le boitshwaro jo bo siameng.

3 Mo basheng ba le bantsi boroutšhara eno e itshupile gore ke sesireletsi sa mmatota. Ka sekai, motsadi wa Mosupi o ne a utlwile gore thuto eo e leng malebana le tlhakanelodikobo e ne e tshwanetse ya rutiwa diithuti e rutiwa ke batho bao ba neng ba itsege ka boitshwaro jo bo repileng. Motsadi yono o ne a kgona go tlotla ka tsela eo a sa dumalaneng le seno ka gone go ya ka Dikwalo, a tshwere boroutšhara eno ka seatla sa gagwe, mme o ne a atlega go dira gore diphetogo tse di tshwanetseng di dirwe mo dithutong tsa ga morwadie.

4 Pele ga sekolo se simolola, batsadi ba ka nna ba tlhomelela megopolo ya bana ba bone le dipelo tsa bone ka go dirisa nakonyana go ba gakolola ka diteng tse di leng mo boroutšhareng eno. Ba akanyetsa dingwaga tsa bana ka tsela eo e tshwanetseng, mephato eo ba leng mo go yone, le sekolo seo ba yang kwa go sone, batsadi ba ka nna ba gatelela dintlha tseo ba di tlhophileng tseo di tswang mo boroutšhareng eno tseo di ka nnang tsa nna molemo segolobogolo mo ngwageng. (Dia. 14:15; 22:3) Boeletsa le ngwana wa gago maemo ao a ka nnang a lebana le one, mme o bontshe ka moo dintlha tse di gatisitsweng mo bukeng eno di ka nnang molemo ka gone mo go ‘direleng dinao tsa gagwe tsela e e siameng.’—Baheb. 12:13.

5 Batsadi ba ka nna ba dira go le gontsi go thusa bana ba bone ‘gore ba iphemele fa pele ga mongwe le mongwe’ yo o ka nnang a ba botsa malebana le tsela eo bone ka namana ba lebang dilo ka yone le dilo tseo ba di solofelang. (1 Pet. 3:15) Mo mabakeng mangwe batsadi ba ka nna ba tlhopha go bua ka namana le morutabana. Batsadi bangwe ba Bakeresete ba rulaganyetsa go nna ba etela sekolo gangwe le gape, ka gonne seno se ka nna sa thusa go dira gore go nne le kamano e e molemo magareng ga bone le barutabana. Go ba kgatlhegela jalo ka namana le gone go nonotsha kamano eo e leng gone mo gare ga motsadi le ngwana. Batsadi bangwe ba ile ba tsaya tsia kakantsho ya gore ba nne le nako tota le ya gore ba nne mo tlelaseng koo seno se letlelelwang gone. Ka dinako tse dingwe seno se dira gore batsadi ba kgone go iponela ka namana tikologo le dikgatelelo tseo e leng tsa mofuta wa tsone fela tsa letsatsi le letsatsi tseo bana ba rona ba lebanang le tsone.—1 Pet. 3:8.

NNA MOSUPI LETSATSI LE LETSATSI

6 Mosupi mongwe yo mosha o ne a tle a kope morutabana wa gagwe gore a mo thuse ka mafoko mangwe a a boima ao a neng a kopane nao fa a ne a bala bukana ya Go Lotolotsa mo Dikwalong letsatsi le letsatsi. Letsatsi lengwe o ne a lemoga gore ga a bone buka ya gagwe. Morago o ne a lemoga gore morutabana wa gagwe o ne a e “adimile” ka letsatsi la fa a ne a tsamaya pele ga nako ka ntlha ya go bo a ne a lwala. O ne a sa batle go fosa go bala temana. Seno se ne sa dira gore a mo neele sekaelo sa gagwe sa Go Lotolotsa mo Dikwalong.

7 Ke boammaaruri gore ngwaga o mosha wa sekolo o lere dinako tsa go boifa le go tlhobaela. Le fa go ntse jalo, go leba dilo ka tsela e e siameng mmogo le go baakanyetsa ka tlhoafalo, di tla thusa batsadi mmogo le basha gore ba ‘itlame mo megopolong’ gore ba galaletse Jehofa mo ngwageng o o latelang wa sekolo.—1 Pet. 1:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela