LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/1 ts. 15-19
  • A O Batla Dikhumo tse di Fitlhegileng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Batla Dikhumo tse di Fitlhegileng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo Botlhe ba Tlhoka Kitso e e Tlhomameng
  • Go Dira Nako ya go Epa
  • Didirisiwa le ka moo di Dirisiwang ka Gone
  • Ke Mang yo o Etelelang Pele Kepo ya Semoya?
  • Go Epa ka Boikaelelo jo bo Siameng
  • Lebaka la go bo re Tlhoka Kitso e e Tlhomameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • ‘Nnang lo Totafale mo Kitsong ya Boammaaruri’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Batho ba Tlhoka Kitso ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Oketsega mo Kitsong e e Boammaaruri ka “Mogopolo o o Tlhagafetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/1 ts. 15-19

A O Batla Dikhumo tse di Fitlhegileng?

“Tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e lo totahalèlè mo kicoñ [e e tlhomameng, “NW”] ea Modimo le ea ga Yesu Morèna oa rona.”—2 PETERE 1:2.

1, 2. Ke dilo dife tse di dirang gore gouta e nne botlhokwa le tlhwatlhwa ya yone go nna kwa godimo?

KE KA ntlhayang fa tlhwatlhwa ya gouta e le kwa godimo jaana? Ke tshipinyana fela e e bonolo, mme boleng jwa aonse ya yone e le nngwe fela ke makgolokgolo a didolara. Ke boammaaruri gore e kgona go fetolwa mme e dirwe mekgabisa e e kgatlhisang jaaka palamonwana kana leseka. (1 Timotheo 2:9; Yakobe 2:2) Lefa go le jalo, fa o ne o ka latlhega mo sekakeng, o swa ke tlala le lenyora o ne o ka seka wa e ja kana wa e nwa. Mo maemong a a ntseng jalo senkgwe kana sejana sa reisi le metsi di ka nna botlhokwa thata go gaisa gouta.

2 Ke ka ntlhayang he fa gouta e lejwa e le botlhokwa thata jaana? Lebaka le lengwe ke gore ga e bonwe gongwe le gongwe ebile e thata go bonwa. Ka sekai, fa moepo wa gouta wa Empire kwa California bokone o ne o tswalwa ka 1957 ka gonne o ne o sa tlhole o ntsha poelo epe, badiri ba moepo ba ne ba epa boteng jwa dimetara tse di fetang 1 500 go ya kwa tlase mme ba tshwanela go tsamaela gape dikilometara di le tharo kwa thoko go ya kwa gouta e gone. Lefa go ntse jalo, go ne go dirwa maiteko a magolo a go batla fela ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo ya gouta.

3. Re ka batla dikhumo dife?

3 Lefa go le jalo, le rona re ka epa sengwe se se leng botlhokwa thata go gaisa gouta. Seo ke eng? Kgosi Solomone o ne a re naya karabo eno dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng: “Ha u tlhaeletsa tlhalemaleye, me ua choleletsa tlhaloganyō lencwe ya gago; Ha u mmatla yaka e ka bo e le selefera, ha u mo hukuletsa yaka e ka bo e le dikhumō tse di shubegileñ; Hoñ u tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo.” Akanya fela batho ba ba sa reng sepe mme ba kgona go bona “kicō ea Modimo”!—Diane 2:3-5.a

Lebaka la go bo Botlhe ba Tlhoka Kitso e e Tlhomameng

4. Ke eng se se tshwanetseng go akarelediwa mo kitsong e e tlhomameng ya Mokeresete?

4 Fa esale ka nako ya ga Keresete, kitso eo ya botlhokwa e ne ya gola go akareletsa se se fetang seo banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo ba neng ba na le sone. Jaaka Paulo a ne a bua jaana ka gone: “Gore Modimo oa Morèna oa rona Yesu Keresete, le Rara oa kgalalèlō, a kè a lo neè mōea oa botlhale le oa tshenolèlō mo kicoñ ea ōna; Gore, ka yana matlhō a dipelo tsa lona a sedihadicwe, lo ko lo itse e e leñ choloheco ea picō ea ōna, le ye e leñ letlōtlō ya kgalalèlō ea boshwa yoa ōna mo baitshepiñ.”—Baefesia 1:17, 18.

5. Ke ka ntlhayang fa batlodiwa ba tshwanetse go elatlhoko kitso ya bone ka go rata ga Modimo ka metlha?

5 Bakaulengwe ba ba boitshepo ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ne ba newa kgakololo eno e e tlhamaletseng bogologolo koo, mme le gompieno e santse e le jalo. Jaaka karolo e e kwa tlase ya “losika” lo lo solofeditsweng, bao ke bone bao Satane segolo bogolo a batlang go senya semoya sa bone. (Bagalatia 3:26-29; Baefesia 6:11, 12) Ba ba tloditsweng, segolo bogolo, ba tshwanetse go tlhomamisa go bidiwa ga bone ka go sa tlhokomologe neo eo ba e filweng fela ya Modimo eleng kutlwelobotlhoko e e sa ba tshwanelang. Ke ka gone moo ba tshwanetseng go nonotsha dinonofo tsa bone tsa semoya le go shafatsa kitso ya bone e e tlhomameng ya go rata ga Modimo le Lefoko la gagwe ka metlha.—Baefesia 3:7; Bahebera 6:4-6; 2 Petere 1:9-12.

6. (a) Ke ka ntlhayang fa rotlhe re tlhoka kitso e e tlhomameng, go sa kgathalesege gore tsholofelo ya rona ke ya selegodimo kana ya selefatshe? (b) Ke eng seo se tlhokegang go bona kitso e e tlhomameng?

6 Go tweng ka bao tsholofelo ya bone e leng go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng? Ke ka ntlhayang fa kitso eno e e tlhomameng e le botlhokwa mo go bone? Ka gonne bothokgami jwa Bokeresete ga bo na dilekanyo tse di fetafetanang, jaaka ekete go ne go na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ba ba tloditsweng, bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo, mme di le kwa godingwana ga tsa ba dinku di sele, bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe. (Yohane 10:16; 2 Petere 3:13) Melaometheo ya Bokeresete e dira fela ka go tshwana mo go botlhe. Ka lone lebaka leo, rotlhe re tlhoka go gotetsa dibeteri tsa rona tsa semoya ka kitso e e tlhomameng ka metlha. Mme seno se kopanyeletsa nako le boiteko. Re tshwanetse go tsenelela mo go epeng ga semoya, jaaka ekete re epa dikhumo tse di fitlhegileng.—Pesalema 105:4, 5.

Go Dira Nako ya go Epa

7. (a) Ke mathata afe a a leng gone a a ka nnang a re thibela go bona kitso e e tlhomameng? (b) Go ka felela jang fa re tlhokomologa semoya sa rona?

7 Batho ba bantsi gompieno ba tshwaregile thata mo matshelong a bone, mme jaaka Bakeresete re lebega re tshwaregile le eleng go feta bontsi jwa bone ka ntlha ya dithulaganyo tsa rona tsa dipokano tsa Bibela, tirelo ya tshimo, tiro ya boitshediso, tiro ya mo lapeng, tiro ya kwa sekolong, le tse dingwe. Lefa go le jalo, fela jaaka re beela nako ya go ja kwa thoko letsatsi le letsatsi re tshwanetse go beela nako nngwe kwa thoko go fepa ditlhaloganyo tsa rona le semoya sa rona. Jesu o ne a sa dire kakgelo fela e e sa reng sepe fa a ne a tsopola Duteronome 8:3 jaana: “Go kwadilwe, ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:4) Fa re tlhokomologa semoya sa rona, re tla bo re tlhokomologa dilo tsa botlhokwa tsa semoya le tsholofelo ya rona ya isagwe. Mme jaanong re ka nna ra simolola go relela le go thetheekela. Ka jalo re ka dira nako ya thuto ya botho ya ka metlha ya Bibela jang?

8. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e re nayang pono e e siameng ka thuto ya botho?

8 Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a tshwanela tota: “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.” Re ka kgona go lemoga gore go rata ga ga Jehofa ke eng fa fela re tlhokomela Lefoko la gagwe ka thuto ya rona ya botho. Mme seo se raya gore re tshwanetse go ‘reka nako’ kana ‘re dirise nako ya rona sentle.’—Baefesia 5:15-17.

9. Re ka tswa re senya nako eo e ka dirisediwang thuto ya botho mo go eng? Naya boitemogelo jwa botho.

9 Fa re tlhatlhoba ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi tse di seng botlhokwa thata, re fitlhela re senya nako e ntsi eo re sa direng sepe ka yone jang? A ke fa pele ga thelebishene? Sedirisiwa seo se se robatsang batho se ka utswa dioura tse di ka nnang pedi go ya go di le tlhano maitseboa mangwe le mangwe mo botshelong jwa rona! O senya dioura di le kae ka letsatsi o lebile thelebishene? Gantsi seo se tlhagisiwang se a senya ka se gatelela thubakanyo le tlhakanelodikobo. Mme gantsi se diretswe gore se ikuele fela go “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:15-17) Lefa go le jalo, ba bantsi ba palelwa ke go tima thelebishene. Ee, thibololo eno ya segompieno e ka go jela sengwe se se tlhokegang thata, nako.

10. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gompieno go dirisa nako ya rona ka botlhale?

10 Fa re ikanyega, re tla lemoga gore ka metlha go a kgonega go reka nako go dira dilo tse di botlhokwa jaaka thuto ya Bibela. Mme thuto ya Bibela e e lebisang kwa kitsong e e tlhomameng e a tlhokega mo Mokereseteng mo metlheng eno e e botlhoko. Lefa go le jalo, go phepafetse gore bontsi jwa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi bo ile jwa tlhokomologa bomoya jwa bone, ka go bo go ne ga kgaolwa ba le 41 000 mo ngwageng o o fetileng. Go apara le go nna re ntse re apere “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo” ga se tiro fela e e tlwaelegileng. Le eleng fela jaaka go ntse ka lesole le le aparang diaparo tsa mmatota tsa go itshireletsa, ke tiro ya letsatsi le letsatsi.—Baefesia 6:10-18; Baroma 1:28-32; 2 Timotheo 3:1.

11. Ke sekai sefe seo lelapa la Bethele le se tlhomang mo go nneng le thulaganyo ya thuto ya lelapa?

11 Go dikologa lefatshe maloko a a fetang 9 000 a malapa a a 95 a Bethele a diofisi tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower a tshwara thuto ya one ya lelapa maitseboa mangwe le mangwe a Mmantaga. Ba ithuta Tora ya Tebelo go ipaakanyetsa pokano ya bokhutlo jwa beke, mme gantsi ba nna gape le dipuo tsa Bibela kana dithuto dingwe tsa tlelase tsa maloko a masha a lelapa. Ee, maitseboa a Mmantaga ke nako eo lelapa lotlhe la Bethele go dikologa lefatshe le ithutang ka yone. O dira leng thuto ya gago ya botho kana ya lelapa?—Bahebera 10:24, 25.

Didirisiwa le ka moo di Dirisiwang ka Gone

12. Ke dikarolo dife tse dingwe tse di tlhomologileng tse di ka ithutiwang tsa New World Translation of the Holy Scriptures—With References?

12 Fela jaaka modiri wa moepo a na le didirisiwa tsa tiro ya gagwe, le rona re na le didirisiwa tsa go epa moepo wa gouta wa Lefoko la Modimo. Ka sekai, ela tlhoko New World Translation of the Holy Scriptures—With References. Jaanong e gatisiwa ka Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Setadiana, Sejapane, Sepotokisi, le Sepanishe. Ka gone, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo na le sedirisiwa seno se se kgatlhisang sa go bona kitso e e tlhomameng ya Modimo wa boammaaruri. Kgatiso eno ya Bibela e na le ditshupiso tsa kafa thoko tse di diketekete le mekwalo e mentsi e e kwa tlase. E na gape le ditsebe di le 36 tsa tshedimosetso ka dipotso tse di farologaneng tsa Bibela.b

13. Ke dintlha dife tse di kgatlhisang tse di leng gone ka “kitso” le “kitso e e tlhomameng” mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika?

13 Ka kwa morago ga Reference Bible go na le lenane la botlhokwa la “Bible Words Indexed.” Re ka dirisa seo jang? Fa o leba polelo “kitso e e tlhomameng” mo sekaelong sa gago o tla fitlhela go na le ditemana di le lesome mo lenaneng. Mme ga go epe ya tseno e e leng gone mo Dikwalong tsa Sehebera. A seno se raya gore Dikwalo tsa Sehebera ga di tlotlomatse botlhokwa jwa kitso e e ntseng jalo? Nnyaa. Ka go bo kafa tlase ga lefoko “kitso” go na le ditshupiso di le 24, go akareletsa di le 18 go tswa kwa Dikwalong tsa Sehebera. Lefa go ntse jalo, puo ya Sehebera ga e na lefoko le le kgethegileng la “kitso e e tlhomameng.” Jalo, jaaka o tla bona go tswa mo ditshupisong, gantsi e tlotlomatsa go nna le se se fetang kitso ya kakaretso fela ka go golaganya “kitso” le mafoko a a tshwanang le “tlhaloganyō” le ‘temogo’ kana e bua ka kitso jaaka e e ‘ntsifalang.’—Daniele 1:4; 12:4; Yeremia 3:15.

14. Ke dintlha dife tse dikgolo tse di kgatlhisang tse di leng kafa tlase ga “kitso” mo go Insight on the Scriptures?

14 Jaaka re setse re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Segerika sa Bibela se bontsha pharologano e e ka se bonweng motlhofo e e fa gare ga bogolo jwa dikitso tse pedi tseno. Mme jaaka re epa, re batla go itse go le gontsi kaga pharologano e e fa gare ga dipolelwana tse pedi tseno jaaka di dira mo Bakereseteng. Ke ka ntlhayang fa kitso, gnoʹsis, le kitso e e tlhomameng, e·piʹgno·sis, di le botlhokwa mo Bakereseteng? Re ka bona karabo kae? Mo saetlopedieng ya Bibela Insight on the Scriptures. Abo dibolumo tseno di na le mahumo a mogolo jang ne! Lebelela setlhogo se se reng “Knowledge.” Koo o tla fitlhela setlhogo se se tletseng ka mareo a re a tlhatlhobang le dikarolo tse dingwe tse di amanang le one eleng botlhale, tlhaloganyo, temogo, le nonofo ya go akanya. Mme re bone “gouta” eno yotlhe, tshedimosetso eno, ka go dirisa dithuso tsa go ithuta di le mmalwa fela tsa Bibela! Mme go na le tse dintsi.—Pesalema 19:9, 10.

15. Re na le didirisiwa dife tse dingwe tsa go dira patlisiso, mme di ka dirisiwa jang?

15 Fa o ne o ka batla go ganelela mo go ithuteng ka botlalo ka “kitso” le mareo a mangwe a a amanang le yone, o ne o ka dirisa Diintekese tsa dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower, tse di leng gone ka dipuo tse di farologaneng. Mme fela jaaka re ne ra latelela setlhogo sa kitso, o ka latela thulaganyo e e tshwanang ka ditlhogo tse dingwe tse di makgolokgolo. Akanya fela ka kitso e ntsi e e leng gone kafa tlase ga leina la ga Jehofa! Abo go na le kitso e ntsi e e tlhomameng jang ne ka Morena le Molaodi wa lobopo!—Pesalema 68:19, 20; Ditihō 4:24.

16. Dikwalo di bolela eng ka go batlisisa?

16 Abo re ka bona “dikhumō tse di shubegileñ” tse dintle jang ne, ka tseno le dithuso tsa go ithuta tseo di gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society! A o batla “gouta”? A o akanya gore seno se botlhokwa? A o tla ipha nako go e epa?—Diane 2:1-5.

Ke Mang yo o Etelelang Pele Kepo ya Semoya?

17. Re tshwanetse go dira eng go bona kitso ka Modimo le Keresete?

17 Sekopololo sa go bona kitso eno e e tlhokegang thata ka Modimo le Jesu Keresete ke sefe? Go tlhotlheletsega—keletso ya go nna mo seemong sa go amogelwa ke Jehofa le Morwa wa gagwe le keletso ya go amogela neo ya botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a bua jaana ka seno: “Nnang lo lopa, mme lo tla newa; nnang lo batla, mme lo tla bona; nnang lo kgwanyakgwanya, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o batlang oa bona, mme go bulelwe mongwe le mongwe yo o kgwanyakgwanyang.” Mme tlhokomela seemo. Jesu o rile, “Nnang lo lopa, nnang lo batla, nnang lo kgwanyakgwanya.’ Seno ga se selo se se dirwang gangwe fela. Go batla kitso go tshwanetse ga tswelela.—Mathaio 5:6; 7:7, 8, NW.

18. Ke mang yo a tshwanetseng go etelela lelapa pele mo go batleng kitso e e tlhomameng, mme ka ntlhayang?

18 Ke mang yo a tshwanetseng go etelela pele go epiwa ga kitso e e tlhomameng mo legaeng la Bokeresete? Paulo o araba jaana: “Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” Ee, batsadi, segolo bogolo rre, o tshwanetse go etelela pele mo go bontsheng kanaanelo mo dilong tse di botlhokwa tsa semoya. Mme seno se re gakolola gape gore go tlhokega thulaganyo ya ka metlha eo lelapa le ka nnang le ntse le e lebeletse.—Baefesia 6:4.

19. Dinako tsa lelapa tsa go ithuta di ka dirwa tse di kgatlhisang jang? O itemogetse eng mo lelapeng la gago?

19 Dinako tsa lelapa tsa go ithuta di ka dirwa tse di kgatlhisang. Ka sekai, fa o na le bana, ke ka ntlhayang fa o sa dire gore ba itlhophele setlhogo mme o bo o dira gore ba dire patlisiso mo dikgatisong tse di farologaneng go ya ka dingwaga tsa bone le kgono ya bone. Mme fa morago ga halofo ya oura kana go feta, phuthegang mme le bone seo mongwe le mongwe a se fitlheletseng ka setlhogo seo a se abetsweng. Fa go na le khonkhodense, yo mmotlana a ka nna a bala makgetlo ao lefoko le le rileng le tlhagang ka one mo Dikwalong tsa Sehebera le mo Dikwalong tsa Segerika. Ka gongwe yo mogolwane a ka nna a batla dilo tsa botlhokwa mo dibolumong tsa Insight. Batsadi ba itse nonofo ya bana ba bone le tsela eo ba kgonang go tshwara dilo ka yone mme ba tshwanetse go dira gore dinako tseno di dumalane le dinonofo tsa bone. Fetofetoga mme o nne le temogo. Kgothatsa lelapa la gago mo go epeng ga lone ga semoya—mme nna le boikaelelo jo bo siameng.

Go Epa ka Boikaelelo jo bo Siameng

20. Ke boikaelelo bofe jo bo phoso jo re tshwanetseng go bo tila mo thutong ya rona ya botho?

20 Boitsheko bo a tlhokega mo Bakereseteng. (Diane 11:2; 1 Timotheo 2:9) A re tshwanetse ra ithuta fela gore re tle re itlotlomatse ka seo re se ithutileng? Kana a re tshwanetse go supa kitso ya rona mo bathong mme gongwe re supa gore ba bangwe ga ba itse sepe? Kana a re tshwanetse go bua tseo eleng dithanolo tsa rona kana kafa re bonang ka gone? Paulo o ne a gakolola jaana: “Gonne ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a a ikgopolè ka tekanō, kaha Modimo o abetseñ moñwe le moñwe selekanyō sa tumèlō ka gōna.”—Baroma 12:3.

21, 22. Kitso ya rona e e tlhomameng e tshwanetse go re ama jang?

21 Maiteko a a tlhoafetseng le go dirisa kitso e e tlhomameng di ka lebisa kwa go nneng le tumelo, bopelotelele, boikgapo, boitshoko, poifomodimo, lorato lwa bokaulengwe, le lorato. Petere o ne a bontsha botlhokwa jwa tseno fa a ne a kwala jaana: “Gonne ha dilō tse e le tsa lona, mme ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.”—2 Petere 1:2-8.

22 Kitso ya rona e tshwanetse go ama pelo. E tshwanetse go re tlhotlheletsa go bontsha Modimo gammogo le baagelani ba rona lorato le go nna Bakeresete ba ba ungwang mo boitsholong jwa rona le mo bodiheding. Seno se tla felela ka kutlwano le go tlhaloganya sekao sa ga Keresete ka botlalo. (Baefesia 4:13) Abo go batla dikhumo tse di fitlhegileng go na le tuelo e e molemo jang ne!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go a kgatlhisa go bo Diane 2:5 e na le polelwana “kicō ea Modimo” eo e tlhagelelang mo go Septuagint ya Segerika yaka e·piʹgno·sis, kana “kitso e e tlhomameng,” eleng lengwe la makgetlo a le robedi ao Septuagint e dirisang lefoko leno la Segerika.

b Go bona tlhaloso e e tletseng ya ka moo o ka dirisang Reference Bible ka gone, bona The Watchtower ya November 1, 1985, ditsebe 27-30.

Dipotso tse go Tshwanetseng go Tlhatlhanngwa ka Tsone

◻ Go ya ka Kgosi Solomone, ke eng se se botlhokwa go gaisa dikhumo tse di fitlhegileng?

◻ Ke ka ntlhayang fa kitso e e tlhomameng e le botlhokwa go batlodiwa le ba dinku di sele?

◻ Re ka reka nako ya go dira thuto ya botho jang?

◻ Ke didirisiwa dife tse di kgethegileng tseo re nang le tsone tsa go epa kitso e e tlhomameng?

◻ Ke mang yo a tshwanetseng go etelela thuto ya lelapa pele, mme re tshwanetse go ithuta ka boikaelelo bofe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela