A o Tla Nna le Seabe mo Bosuping Joo Eseng Jwa ka Tlwaelo?
1 Dilo tseo re di dirang ka metlha mo botshelong di akaretsa dinako tse di rileng tseo re buisanang le batho kaga Jehofa ka tsone. Re beela nako kwa thoko ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo ka mokgwa wa ka tlwaelo, re dira maeto a go boela, le go tsamaisa dithuto tsa Bibela. Lefa go ntse jalo, go na le makgetlo a mangwe ao eseng a ka tlwaelo ao re ka buisanang le batho ka one kaga boammaaruri mo go one. Re bitsa mokgwa ono wa go rera re re ke bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo.
2 Baboledi bangwe ba bona ditshono di le dintsi tsa go nna le seabe mo mofuteng ono wa bodihedi. A o ke o akanye fela ka ditsela tseo o ka neelang baeti, ba losika, badirimmogo, bao o tsenang sekolo nabo, batho bao re kopanang le bone fa re ya go reka, mmogo le bao re kopanang le bone fa re tswa mo ntlong e nngwe re ya kwa go e nngwe ka nako ya fa re le mo tirelong ya tshimo bosupi ka tsone. A o tla dirisetsa ditshono tseno go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo?
3 Dira Dithulaganyo Esale Gale: Go baakanyetsa le go akanya esale gale kafa re tla buang ka teng go tla re kgonisa gore re neele bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo ka tsela e e nang le katlego. Malebana le seno, re tlhomeletswe ka botlalo ka dikgatiso tse di farologaneng go re thusa gore re dire seno. Mo godimo ga Tora ya Tebelo le Tsogang!, re na le dipampitshana di le mmalwa tseo di nang le ditlhogo tse di kgatlhisang thata go ka tsosa kgatlhego. Go na le diboroutšhara tseo di ikuelang mo bathong ba mefuta e e farologaneng le ba ditumelo tse di farologaneng. Ebile gape re na le dibuka tse di ka lekanang kgetsana tseo di tlotlang ka ditlhogo tseo di kgatlhegelwang ga jaanong. Ke dikgatiso dife tseo o ikutlwang o le kwa gae fa o di dirisa? Jelang seno tlhogo jaaka lelapa. Mme lo bo lo ithapisa malebana le seo lo tla se bolelang fa go tlhaga sebaka se se tshwanetseng.
4 Fa O Le mo Malatsing a Boikhutso: Nako e e molemo thata eo re ka neelang bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo ka yone ke ya fa re le mo malatsing a boikhutso. A o rulaganyetsa go tsaya loeto ka sefofane, ka terena, kana ka bese? He tsamaya ka Bibela le ka nngwe ya dikgatiso tseo di umakilweng fa godimo. Fa o bala dikgatiso tse di ntseng jalo ka nako ya fa o le mo dipalangweng tsa botlhe gantsi go tsosa motlotlo. Fa o sepela ka koloi, akanya ka seo o ka se bolelang fa o ema kwa go tshelwang peterolo gone kana kwa marekisetsong a go jelwang kwa go one kana ka nako eo o tla bong o nna kwa hoteleng ka yone. Mo makgetlong a a ntseng jalo, o ne o ka nna wa tsamaya ka palo e e rileng ya dipampitshana gore o ke o di neele batho ba ba kgatlhegang. Fa o le kwa losing lo lontle lwa lewatle kana kwa parakeng nngwe e ntle, gongwe o ne o ka nna wa simolola go neela bosupi ka go botsa mongwe jaana: “A e ne e tla bo e se selo se se molemo fa lefatshe lotlhe le ne le ntse jaana?”
5 Mo go ba Losika: Gantsi ba losika lwa rona bao ba sa dumeleng ba a itse gore re Basupi ba ga Jehofa. Ba ka nna ba kgatlhegela go itse dilo tseo re di dumelang kana dilo tseo re di dirang mme lefa go ntse jalo ba dikadika go botsa ka ntlha ya gore ba sa batle ‘go rerelwa’ kana ba sa batle go kopanela mo motlotlong o moteleletelele. Ke ka ntlha yang fa o sa bue sengwe fela se se malebana le boammaaruri mme morago ga moo o bo o naya motho yoo wa losika sebaka sa gore a tsweletse motlotlo fa a batla? Kana o ka nna wa bolela fela gore ke kae koo o neng o ile kopanong teng bosheng jaana mme o bo o ba bontsha nngwe ya dibuka tse disha tseo di golotsweng teng. Basha gantsi ba sekegelwa tsebe ke ba losika.
6 Re tshwanetse ra nna re ntsheditse ditshono tseo re nang le tsone tsa go neela bosupi joo eseng jwa ka tlwaelo matlho dinameng. Lefa go ntse jalo, gakologelwa kafa go leng botlhokwa ka gone gore o nne botsalano le go bontsha motho yo mongwe kgatlhego ya mmatota. (Dia. 15:23; 1 Pet. 3:15) Mokgwa ono wa go rera o na le matswela, mme batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse ba nna le seabe mo go one. Jaaka fa go ne go ntse ka Jesu, ekete lorato loo re nang le lone mo go bankarona lo ka re tlhotlheletsa gore re bue ka sebaka sengwe le sengwe se se tshwanetseng!—Math. 5:14-16.