-
Kobamelo ya BagologolwaneGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baōbamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”
Go na le tsholofelo efe ya go kopanya maloko a malapa mo isagweng, go akareletsa le ba ba suleng?
Yoh. 5:28, 29: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”
-
-
KolobetsoGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Kolobetso
Tlhaloso: Lefoko “kolobetso” le tswa go la Segerika ebong baptiʹzein, le le rayang “go ina, go thabuetsa.” (A Greek-English Lexicon, ka Liddell le Scott) Kolobetso ya Bakeresete ya metsing ke tshupo ya ka kwantle ya gore mongwe yo o kolobediwang o dirile boineelo jo bo feletseng, jo bo phepafetseng, le jo bo tlhomameng ka Jesu Keresete go dira thato ya ga Jehofa Modimo. Dikwalo gape di umaka kolobetso ya ga Johane, kolobetso ya moya o o boitshepo, kolobetso ya molelo, gareng ga tse dingwe.
A batho bao ruri ba dumelang Lefoko la Modimo ba ikgogona mo go kolobediweng?
Math. 28:19, 20: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”
Dit. 2:41: “Me hoñ ba ba amogetseñ lehoko ya gagwè, ba kolobediwa.”
Dit. 8:12: “Me e rile ba dumèla Filipo, yaka a ba rèrèla Mahoko a a Molemō kaga bogosi yoa Modimo, le kaga leina ya ga Yesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.”
Dit. 8:36-38: “Me ea re ba sa cwèlèla pele mo tseleñ, ba hitlha ha metsiñ mañwe; me moopahadiwa [wa Moethiopia] a re, Bōna, metse ke a; ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe? . . . Me a laola gore kara e ème: . . . me [Filipo] a mo kolobetsa.”
Kolobetso ya metsi ya Bakeresete—a ke ka go kgatšha kana go nwediwa gotlhelele?
Mar. 1:9, 10: “Yesu . . . a kolobediwa [“a nwediwa,” ED, Ro] ke Yohane mo [Nokeng ya] Yoredane. Me ea re hèla a tlhatloga mo metsiñ, a bōna magodimo a hatogile.”
Dit. 8:38: “Me ba hologèla mo metsiñ boo babedi, èna Filipo le moopahadiwa; me a mo kolobetsa [“nwetsa,” ED, Ro].”
A Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kolobetsa masea?
Math. 28:19: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . lo ba kolobetse.”
Dit. 8:12: “Me e rile ba dumèla Filipo, . . . ba kolobediwa, banna le basadi.”
Lefa go ntse jalo, moragonyana, Origen (185-254 C.E.) o ne a kwala ka go re: “Ke ngwao ya kereke gore le e leng masea a kolobediwe.” (Selections From the Commentaries and Homilies of Origen, Madras, India; 1929, ts. 211) Tlwaelo eno e ne ya rurifadiwa ke Third Council of Carthage (253 C.E.).
Raditiragalo wa bodumedi Augustus Neander o ne a kwala ka go re: “Tumelo le kolobetso di tswa kgakala di sa kgaogane; me ka gone ke mo go sa ganediweng gotlhe gotlhe . . . gore tlwaelo ya kolobetso ya masea e ne e sa itsiwe mo lobakeng lono [mo lekgolong la ntlha la dingwaga]. . . . Gore e ne ya tla go tsewa lwa ntlha jaaka ngwao ya seaposetoloi mo lekgolong la boraro la dingwaga, ke bosupi jo bo kgatlhanong go na le jo bo emelang go dumelwa ga gore e simolotswe ke baaposetoloi.”—History of the Planting and Training of the Christian Church by the Apostles (New York, 1864), ts. 162.
A kolobetso ya metsing ya Bakeresete e felela ka boitshwarelo jwa maleo?
1 Yoh. 1:7: “Me ha re tsamaea mo lesediñ, yaka ōna o le mo lesediñ, . . . me madi a ga Yesu Morwa ōna a re tlhapisa mo boleuñ yotlhe.” (Ka gone, eseng metsi a kolobetso, mme eleng madi a ga Jesu ao a re tlhapisang mo boleong.)
Math. 3:11: “Nna [Johane Mokolobetsi] . . . ke lo kolobeletsa boikwatlhaō ka metse: me eo o tlañ moragō ga me [Jesu Keresete] o nonohile bogolo go nna, eo ditlhako tsa gagwè ke sa chwanèlañ go di mo cholèla.” (Ditemana 5, 6, gape le Ditihō 13:24, di bontsha gore seo Johane a neng a se dira o ne a se lebisitse, eseng bathong botlhe, mme go Bajuda. Ka baka lang? Ka ntlha ya maleo a bone kgatlhanong le kgolagano ya Molao le go ba baakanyetsa Keresete.)
Dit. 2:38: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete.” (A kolobetso ka boyone e ne ya ba tlisetsa boitshwarelo? Akanyetsa seno: Seno se ne sa tlhalosediwa Bajuda bao ba neng ba nna le seabe mo losong lwa ga Jesu. [Bona ditemana 22, 23.] Kolobetso ya bone e ne e tla neela bosupi jwa sengwe. Jwa eng? Gore jaanong ba ne ba dumela mo go Jesu jaaka Mesia, Keresete. E ne e le fela ka go dira seno maleo a bone a neng a ka itshwarelwa. [Dit. 4:12; 5:30, 31])
Dit. 22:16: “Nanoga, u kolobediwè, me u itlhapisè dibe, ka go bitsa leina ya gagwè.” (Gape Ditihō 10:43)
Ke mang yo o ka kolobediwang ka moya o o boitshepo?
1 Bakor. 1:2; 12:13, 27: “Eboñ bōnè ba ba itshepisicweñ mo go Keresete Yesu, ba bidicwe go nna baitshepi, . . . Rotlhe re kolobeledicwe mmele o le moñwe hèla mo Moeeñ o le moñwe hèla, leha re le Bayuda kgotsa Bagerika, leha re le bagolegwi kgotsa bagololesegi; rotlhe ra nosiwa Mōea o le moñwe hèla. Me yana lona lo mmele oa ga Keresete.” (Jaaka Daniele 7:13, 14, 27 e bontsha, “baitshepi” ba ba ntseng jalo ba tla tlhakanela mo Bogosing le Morwa motho, ebong Jesu Keresete.)
Yoh. 3:5: “Ha motho a sa tsalwe ka metse le Mōea ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Motho o ‘tsalwa ka moya’ ka nako ya kolobetso ya gagwe ka moya oo. Luke 12:32 e bontsha gore ke “lecomanyane” fela le le nang le tshiamelo eo. Bona gape Tshenolō 14:1-3.)
A botlhe bao ba kolobediwang ka moya o o boitshepo ba bua ka diteme kana ba na le neo ya go fodisa?
1 Bakor. 12:13, 29, 30: “Rotlhe re kolobeledicwe mmele o le moñwe hèla mo Moeeñ o le moñwe hèla, . . . A botlhe ke baaposetoloi? . . . A botlhe ke badihi ba dikgakgamaco? A botlhe ba na le dineō tsa phodishō? A botlhe ba bua ka dipuō?”
Bona gape “Phodiso” le “Diteme, Go Bua ka.”
‘Kolobetso ya baswi’—e rayang?
1 Bakor. 15:29, KJ: “Mme ha go sa nna jalo, ba tla dirang ba ba kolobediwang bakeng sa baswi, fa baswi ba sa tsosiwe gotlhelele? ke eng he ba kolobediwa bakeng sa baswi?”
Lefoko la Segerika hy·perʹ, le le ranoletsweng fano ka “bakeng sa,” gape le raya “malebana,” “mo boemong jwa,” “go na le,” “ka boikaelelo jwa,” jalo le jalo. (A Greek-English Lexicon, ka Liddell le Scott) Le raya eng mo mokwalong ono? A Paulo o ne a akantsha gore go kolobediwe batho ba ba tshedileng mo boemong jwa bao ba suleng ba sa kolobediwa?
Dikwalo di le tsosi fela tseo di umakang ka tlhamalalo loso mabapi le kolobetso di lebisa go kolobetso eo motho a e tsenelelang, eseng kolobetso ya mo boemong jwa motho yo mongwe, yo o suleng
Bar. 6:3: “Kgotsa a ga lo itse ha rona ba re kolobeledicweñ Keresete Yesu, re kolobeledicwe losho loa gagwè?” (Gape le Ditihō 10:38, 39)
Bakol. 2:12: “Ka lo kile loa [maloko a a tshelang a phuthego ya Kolosa] hitlhwa naè mo kolobecoñ, me le gōna lo cosiwe naè, mo go eōna ka tumèlō mo go diheñ ga Modimo, o o mo cositseñ mo bashwiñ.”
Phetolelo go “New World Translation” e siame kafa kerameng ebile e tumalanong le mekwalo e mengwe eno ya Bibela
1 Bakor. 15:29, NW: “Go tla tweng, bao ba kolobelediwang ka boikaelelo jwa go nna baswi ba tla dirang? Fa e le gore baswi ga ba tsosiwe gotlhelele, ke goreng gape ba kolobediwa ka boikaelelo jwa go nna jalo?” (Ka jalo ba a kolobediwa, kana ba a nwediwa, mo tseleng ya botshelo eo e tla gogelang losong lwa bothokgami jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mme ka gone ba tsosediwe botshelong jwa semoya jaaka a ne a dirwa.)
Go diragalang morago ga kolobetso ya molelo?
Luke 3:16, 17: “[Jesu Keresete] o tla lo kolobetsa ka . . . molelō: Eo losèlō loa gagwè o lo chotseñ ka seatla; me o tla olosetsa rure mo segotloñ sa gagwè, . . . me o tla chuba mmoko ka molelō o o sa timeñ.” (Tshenyo ya one ke ya bosakhutleng.)
Math. 13:49, 50: “Go tla nna hèla yalo mo bokhutloñ yoa lehatshe; baengele ba tla cwa, ba tlhaola ba ba boshula mo go ba ba siameñ, Me ba ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō.”
Luke 17:29, 30: “Ka letsatsi yeuō hèla, ye Lote o duleñ mo Sodoma ka yeōna, ga na molelō le sulefura mo go cwañ legodimoñ, me ga ba laila botlhe hèla. Go tla nna hèla yalo mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna.”
Ga e tshwane le kolobetso ya moya o o boitshepo, eo e neng e le ya barutwa
Dit. 1:5: “Gonne Yohane le galè o na a kolobetsa ka metse; me e tla re malatsi a e se a nne mantsi, lona [baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu] lo tla kolobediwa ka Mōea o o Boitshèpō.”
Dit. 2:2-4: “Me ka choganeco ga cwa moshumō kwa legodimoñ, ekete sehehō se segolo se se cubutlañ, me oa tlala ka ntlo e ba dutseñ mo go eōna. Me ga bōnala mo go bōnè diteme tse di patologanañ, ekete tsa molelō; me oa nna [me ga o a ka wa ba khurumetsa kana wa ba apesa] mo go moñwe le moñwe oa bōnè. Me botlhe ba tladiwa ka Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.”
-
-
LefatsheGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Lefatshe
Tlhaloso: Fa le ranolwa go tswa lefokong la Segerika koʹsmos, “lefatshe” le ka raya (1) lotso lwa motho ka kakaretso, kwantle ga boemo jwa bone jwa boitsholo kana tsela ya bone ya botshelo, (2) mokgwa wa botshelo jwa batho o motho a tsalelwang le go tshelelang go one, kana (3) setho sotlhe ka bontsi jwa sone kwantle ga batlhanka ba ba amogelwang ke Jehofa. Baranodi bangwe ba Bibela ba ile ba tlisa dipolelo tse e seng tsa boammaaruri ka go dirisa lereo “lefatshe” ka go tshwana fela le a Segerika a a rayang “kgolokwe-lefatshe,” “kgolokwe e e agilweng,”
-