LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dikitsiso
    Tirelo ya Bogosi—1993 | June
    • Dikitsiso

      ◼ Mpho e e tsamaisiwang ka June: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R9,00. July: Go ka tsamaisiwa epe ya diboroutšhara tse di latelang: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya ya Batho Ba Ba Suleng A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente di le 90 nngwe le nngwe ya yone. August le September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50.

      ◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe fela yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bofefo jo bo ka kgonegang morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.

      ◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

      E Diretswe Batho Ba Ba Sa Utlweng mo Ditsebeng ka Seesemane: A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona? (Kgatiso eno e kwadilwe ka Seesemane se se motlhofo segolobogolo e diretswe batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng.).

  • Dikgang Tsa Puso ya Bomodimo
    Tirelo ya Bogosi—1993 | June
    • Dikgang Tsa Puso ya Bomodimo

      Afrika Borwa: Diphuthego tse dingwe tse tharo di ne di itumetse fa Diholo tsa tsone tsa Bogosi tse disha tse dintle di ne di kgakolwa. E ne e le ya Emolweni (e e kwa bokone jwa Pinetown), Sweetwaters (gaufi le Pietermaritzburg), le ya Lydenburg.

      Mo ngwageng eno go setse go kgakotswe Diholo tsa Bogosi di le lesome le bobedi. Mo nakong eno diphuthego tse di masome a mabedi le bosupa di sa ntse di tshwaregile ka go aga Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Ekete re ka kgothatsa botlhe ba ba tshwaregileng mo ditirong tseno, gore ba tswelele pele ba sa kgaotse. Re leboga bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi ba ba ikemiseditseng ba ba berekang ka natla mo mofuteng ono wa tirelo.

      Albania: Go tloga ka December 1991 go ya go December 1992, palo ya baboledi e ne ya oketsega go tloga go 24 go ya go 107. Palo ya dithuto tsa Bibela e ne ya ya kwa godimo go tloga go 4 go ya go 221 ka yone nako eo.

      Central African Republic: Ka January 20, 1993, puso e ne ya gatisa molao o o neng o letlelela gore ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di tswelele pele gape ka mo go feletseng. Bakaulengwe ba koo ba itumelela go bo jaanong ba kgona go dirisa Diholo tsa bone tsa Bogosi le go bo ba ile ba kgona go tshwara Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ka tshosologo. Palogotlhe ya bao ba neng ba le gone mo dikopanong tse thataro tse di neng di tshwerwe e ne e le 4 739, mme go ne ga kolobediwa ba le 121.

  • Nna Gone ka Metlha mo Tirelong ya Tshimo
    Tirelo ya Bogosi—1993 | June
    • Nna Gone ka Metlha mo Tirelong ya Tshimo

      1 A re tsaya dikgato tse di siameng go nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka metlha? A re tlhoafetse thata go isa dipego tsa rona tsa tirelo ya tshimo ka bofefo kwa Holong ya Bogosi kgwedi nngwe le nngwe? Ke sengwe se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go leka go se dira, le ka motlha kgwedi e se ka ya feta re sa bontsha phatlalatsa tumelo ya rona.—Bar. 10:9, 10.

      2 Diphuthego di le dintsi di sa ntse di na le bothata jwa gore baboledi ba se ka ba bega tirelo ya bone ka bofefo kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Mo lekwalong la rona la August 15, 1992, re ile ra neela diphuthego tsotlhe taelo e e mabapi le mokgwa o o tlhamaletseng wa go tshwara dipego tsa tirelo ya tshimo. Re rata go boeletsa dintlha tseno di sekae gore o iponele molemo mo go tsone. Mmoledi ka bongwe o na le tshiamelo le boikarabelo jwa go tsenya pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo mo lebokoseng le le kgethegileng le le kwadilweng “Dipego tsa Tirelo ya Tshimo” le le tshwanetseng la bo le le mo Holong ya Bogosi nngwe le nngwe. Fa e sale go tloga ka nako eo a o ntse o latela kaelo eno ka boikanyegi? Fa go le jalo, re a go akgola. Go tweng he fa e le gore o lebetse go isa pego ya gago ka nako?

      3 Kwa tshimologong ya kgwedi nngwe le nngwe, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go neela motshwari wa thuto ya buka mongwe le mongwe lenane le le bontshang gore ke baboledi bafe ba ba mo setlhopheng sa gagwe ba ba sa begang. Motshwari wa thuto ya buka o tshwanetse a buisana le baboledi bao ka bofefo a bo a tsaya dipego tseno tse di neng di seyo a bo a di neela mokwaledi. Thulaganyo eno e tshwanetse ya latelwa kgwedi e nngwe le e nngwe go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tse di tlisitsweng morago ga nako di amogetswe le go romelwa kwa Mokgatlhong. Go tswa foo dipego tseno tse di tlisitsweng morago ga nako di tla kopanngwa le pego ya kgwedi e e latelang. Seno se tla raya gore mmoledi mongwe le mongwe yo o tlisang pego morago ga nako o tla balwa jaaka baboledi ba babedi mo kgweding e e latelang. Ka tsela e e ntseng jalo mmoledi yono o ka se nne yo o sa begeng ka metlha. O seka wa kopanya se o se dirileng mo dikgweding tse pedi mo tirelong ya tshimo mo pegong e le nngwe fela mme o dire gore kgwedi nngwe le nngwe e nne le pego ya yone e e farologaneng.

      4 Re ka dirisana mmogo jang le thulaganyo eno fa e le gore ga re yo kwa bofelong jwa kgwedi? Re ka tsenya dipego tsa rona mo lebokoseng pele ga re tsamaya kana re tlhomamisa gore re romela dipego tsa rona tsa tirelo ya tshimo kwa mokwaleding wa phuthego. Seno se tshwanetse sa dirwa nako e santse e le teng sentle gore e tle e akarediwe le pego ya kgwedi le kgwedi ya phuthego, e mokwaledi a e kopanyang le go e romela kwa Mokgatlhong ka letsatsi la borataro la kgwedi nngwe le nngwe.

      5 Kwantle ga gore rona ka borona re nne ba ka metlha, re batla go nna podimatseba go thusa ba bangwe go nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. (Bafil. 2:4) Re ka dira seno jang? Re ka nna ra kopa baboledi ba ba sa kolobediwang ba ba sa tswang go simolola mo bodiheding go bereka le rona. Thulaganyo ya ka metlha ya tirelo e tla ba thusa gore boammaaruri bo nwelelele thata mo dipelong tsa bone.

      6 Nna gone ka metlha mo tirelong ya tshimo. Isa pego ya gago ya tirelo ya tshimo ka boikanyegi kgwedi le kgwedi. Thusa ba bangwe go nna le seabe mo tirelong ka metlha. Bontsha ‘lorato lwa bokaulengwe.’—1 Pet. 2:17.

  • Thuto ya Buka ya Phuthego
    Tirelo ya Bogosi—1993 | June
    • Thuto ya Buka ya Phuthego

      Thulaganyo ya dithuto tsa phuthego mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.

      June 7: Kgaolo 95-96

      June 14: Kgaolo 97-98

      June 21: Kgaolo 99-100

      June 28: Kgaolo 101-102

  • Pego ya Tirelo ya March
    Tirelo ya Bogosi—1993 | June
    • Pego ya Tirelo ya March

      Palo Babul. Babul.

      ya Bab. Thus. Metlha

      Botswana 619 60 22

      Lesotho 1,286 104 134

      Namibia 680 29 24

      St. Helena (Feb.) 140 7 -

      South Africa 52 064 3 770 3 836

      Swaziland 1 373 82 120

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela