LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/93 ts. 7
  • Dikgakololo Tse di Tlileng ka Nako

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgakololo Tse di Tlileng ka Nako
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisang Setlha sa Selemo ka Tsela E E Botlhale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Dira Ditshono Tsa go Neela Bosupi jo Eseng Jwa ka Tlwaelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • A o Tla Nna le Seabe mo Bosuping Joo Eseng Jwa ka Tlwaelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • A o Ipaakanyeditse go Rera Le fa O se Mo Bodireding?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 12/93 ts. 7

Dikgakololo Tse di Tlileng ka Nako

1 Bontsi jwa rona re tla bo re seyo mo diphuthegong tsa rona tsa mo gae ka December. Bontsi jwa bakaulengwe ba tla ya dikopanong tsa kgaolo mme bangwe ba bone ba ka nna ba kopanya malatsi a bone a boikhutso a ngwaga le ngwaga le kopano ya kgaolo. Fa e le gore re tla bo re seyo fa December e fela, re tla tlhomamisa gore re romelela mokwaledi wa phuthego pego ya rona ya tshimo. Seno se tshwanetse go dirwa go santse go le gale sentle gore e tle e tsenngwe mo pegong ya kgwedi ya phuthego, e mokwaledi a tla e tlhakanyang le go e romelela Mokgatlho fa kgwedi e tlhola malatsi a le marataro. Palo e kgolo ya bakaulengwe e tla ya kopanong ya merafeyotlhe go tloga ka December 30 go ya go January 2. Seno se ka nna sa dira gore go nne thata gore mokwaledi a amogele pego ya gago ya tshimo ka nako. Re akantsha gore lo ntshe dipego tsa lona ka Sontaga, December 26. Fa e le gore o tla nna le seabe mo bodiheding morago ga letlha leo, o ka nna wa e tsenya mo pegong ya gago ya January 1994.

2 Gape re batla go dirisa tshono nngwe le nngwe go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ditshono tse di ntseng jalo di ka tlhaga fa re le mo loetong, fa re etetse balosika, kgotsa fa re ntse re tlotla le batho ba bangwe ba re kopanang le bone. A re leba dinako tse re ka neelang bosupi ka tsone jaaka Jesu a dirile? Ga a ka a ikgogona go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. (Yoh. 4:5-30) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a ‘swela lobaka molemo’ mme a bona matswela a a molemo. (Baef. 5:16; Dit. 17:17; 28:30, 31; Bakol. 4:5) Tota le fa re ile kopanong re ka neela bosupi. Tsela e nngwe e o ka dirang seno ka yone ke ka go tsenya betšhe ya gago ka metlha. Seno se ka nna sa go naya tshono ya go neela bosupi. Gape o tla fitlhela gore o ka nna le tshono ya go neela bosupi pele ga thulaganyo le morago ga yone letsatsi lengwe le lengwe. Ipaakanyetse dintlha di sekae tse di mo nakong tse o tla di buelelang sentle mme o nne le dimakasine le dipampitshana go tsosa kgatlhego.

3 Fa re ka gagamalela go diragatsa dikgakololo tseno ka kelotlhoko, re tla tlhomamisega gore re dirisa nako ya rona ka botlhale mo selemong seno mme e bile re tla bo re neela Jehofa “tsa ntlha tsa totahalèlō” ya rona.—Dia. 3:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela