Itise mo go Nneng Pelonomi ka Tsela E e Sa Tshwanelang
1 Batho ba ga Jehofa ba itsewe e le batho ba ba pelonomi ba ba nang le moya wa bopelotshweu. Gantsi seno se itemotsha ka tsela e e bonalang fa re etsa Mosamarea yo o molemo yo Jesu a neng a bua ka ene mo setshwantshong sa gagwe se se amang maikutlo. (Luke 10:29-37) Mme lefa go ntse jalo, batho bangwe ba go sa tlhokegeng gore ba thusiwe ka dilo tse di bonalang ba ka nna ba leka go iteka lesego mo go rona ka gonne re le pelonomi. Ka jalo, lorato lo re nang le lone mo bathong ba bangwe lo tshwanetse lwa bo lo tsamaisana le ‘kitso e e tlhomameng le temogo.’—Bafil. 1:9.
2 Mo Phuthegong: Ka sekai, motho mongwe o ka nna a re ga a bereke, kana a ntsha lebaka lengwe la go bo a kopa gore a thusiwe. Ka dinako tse dingwe batho ba ba ntseng jalo ga ba dire matsapa a go batla tiro, go na le moo ba solofela gore batho ba bangwe ba tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. Moaposetoloi Paulo o ne a laela jaana ka batho ba ba ntseng jalo: “Ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.”—2 Bathes. 3:10.
3 “Motlha le bowèlō” di diragalela batho botlhe, ka gone, fa re tlhoka dilo tse di bonalang, re sena “seyō sa rona sa letsatsi,” ga re a tshwanela go tlhobaela bobe, ka jaana Jehofa a tlamela ba ba mo ratang le ba ba dirang thato ya gagwe. (Mor. 9:11, Math. 6:11, 31, 32) Go ka nna molemo gore motho yo o tlhokang a buisane le mongwe wa bagolwane. Bagolwane ba ka nna ba bo ba itse dithulaganyo dingwe tsa puso tse di diretsweng go thusa mo go seno mme ba ka kgona go mo thusa go tlatsa dipampiri tsa gone kana ba na le kitso ya gore dithulaganyo tse di ntseng jalo di tlhoka eng. Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, bagolwane ba ka kgona go sekaseka maemo a motho yono yo o kopang go thusiwa le go bona gore go ka dirwang.—Bapisa 1 Timotheo 5:3-16.
4 Batsietsi Ba Ba Fetang ka Tsela: Mokgatlho o ile wa nna wa amogela dipego tsa gore batho bangwe mo phuthegong ba ile ba tseelwa madi le dilo tse di bonalang ka bokukuntshwane ke batsietsi ba ba fetang ka tsela. Se ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gonne Dikwalo di re tlhagisa gore “batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.” (2 Tim. 3:13) Gantsi batsietsi ba ba ntseng jalo ba tle ba itire basetlha ba re ba gaeletswe mme ba tlhoka madi a dipalangwa le a dijo gore ba boele gae. Le mororo ba ka lebega ba le peloephepa, gantsi e a bo e se Basupi ba ga Jehofa ka gope mme ba itira o ka re ke bone.
5 Fa motho mongwe yo o sa mo itseng a kopa thuso, ke selo se se botlhale gore o ikgolaganye le mongwe wa bagolwane ba phuthego, yo o tla sekasekang dilo go bona gore a motho yono ke mokaulengwe. Ka gale go founelwe mongwe wa bagolwane ba phuthego ya motho yoo gore go bonwe gore seemo sa gagwe ke sefe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba boammaaruri ba ba iphitlhelang ba tlhoka thuso jalo ba sa solofela, ba tla tlhaloganya gore kgato e e ntseng jalo e dirwa gore go sirelediwe botlhe ba ba amegang mo kgannyeng eo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, kgato eno ya go sekaseka dilo e tla senola ba e leng batsietsi. Ga go tlhokege gore re belaele motho mongwe le mongwe yo re sa mo itseng, mme lefa go ntse jalo re tshwanetse go ntsha matlho dinameng go lemoga batsietsi ba ba boikepo.—Bona gape le kmTN 11/80, tsebe 7.
6 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a gakolola jaana: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.” (Dia. 3:27) Fa re na le temogo, re tla nna pelotlhomogi mme re ntse re ntshitse matlho dinameng go lemoga gore re se ka ra nna pelonomi ka tsela e e sa tshwanelang.