-
DikitsisoTirelo ya Bogosi—1993 | March
-
-
Dikitsiso
◼ Buka e e tsamaisiwang ka March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R8,00 kana Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo ka moneelo wa R4,00. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. June: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00.
◼ Molebedi yo o okamelang kana ope fela yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bofefo fela morago ga moo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.
◼ Lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong la February 20, 1992, le le neng le ya kwa diphuthegong tsotlhe le ile la itsise ka Letlole la Dikopano tsa 1993 le le tla thusang barongwa go etela mafatshe a gagabo le go nna gone mo go nngwe ya dikopano tsa kgaolo tsa monongwaga. Kgwedi ya March e tla bo e le yone ya bofelo ya go romela meneelo ya Letlole la Dikopano tsa 1993 kwa Mokgatlhong. Go tshegetsa ga lona thulaganyo eno ka bopelotshweu go anaanelwa fela thata.
◼ Go simolola ka April 1, 1993, tokololo ya Tora ya Tebelo ya Sevenda e tla bo e tswa gabedi ka kgwedi. Jalo he peeletso ya ngwaga ke R17,00.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seburu: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20; phuthego, batho botlhe, le babulatsela: disente di le 2); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Seesemane: Jehovah’s Witnesses—What Do They Believe? (Pampitshana ya No. 18; e diretswe Bajuda); Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22); Will There Ever Be a World Without War? (Eno ke boroutšhara e e nang le ditsebe di le 32 e e gatiseditsweng tshimo ya Sejuda. Phuthego le batho botlhe: disente di le 80; babulatsela: disente di le 40). Seherero: Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sekwangali: Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sekwanyama: Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21). Sepedi: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sepotokise: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sesotho: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Setsonga: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Setswana: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sevenda: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sexhosa: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22). Sezulu: Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong (Pampitshana ya No. 20); Itumelele Botshelo jwa Lelapa (Pampitshana ya No. 21); Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? (Pampitshana ya No. 22).
-
-
Dikgang Tsa BolegodimoTirelo ya Bogosi—1993 | March
-
-
Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Phuthego ya Ottery kwa Cape Town le Phuthego ya Cezu kwa Transkei di ne tsa simolola ngwaga wa 1993 ka boitumelo jo bogolo fa di ne di kgakola Diholo tsa tsone tsa Bogosi mo mafelobekeng a bobedi a January.
Dikopano tsa Kgaolo di le 20 tsa “Batshodi ba Lesedi” tse di neng di tshwaretswe mo Afrika Borwa le mo mafatsheng a a gaufi le yone di ne tsa atlega tota, ba ba neng ba le gone mo go tsone tsotlhe ba ne ba le 126 703, mme go ne ga kolobediwa ba le 2 477. Re rata go leboga botlhe bao ba neng ba ithaopela gore ba tle ba thuse ba ba neng ba le gone mo dikopanong tseno ka dilo tse ba di tlhokang.
Hong Kong: Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 704 ka October. Go a itumedisa go bona gore ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 4 043.
Madagascar: Batho bao ba neng ba le gone mo Dikopanong tsa Kgaolo di le tlhano tsa “Batshodi ba Lesedi” ba ne ba le 10 694, mme ga kolobediwa ba le 241. Bao ba neng ba le gone ba ne ba feta tlhora ya bone ya baboledi ba le 4 542 go menagane gabedi.
St Helena: Bakaulengwe ba ile ba bereka ka natla go aga Holo e ntšha ya Bogosi ya Phuthego ya Jamestown. Ba ne ba itumetse fela thata fa holo e ne e kgakolwa ka January fa molebedi wa potologo yo o tswang mo Afrika Borwa a ne a ba etetse.
-
-
Fa lo Baakanyetsa SegopotsoTirelo ya Bogosi—1993 | March
-
-
Fa lo Baakanyetsa Segopotso
A mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, ba setse ba itsisitswe ka nako e e tlhomameng le lefelo le go tla ketekelwang kwa go lone? A sebui se na le sepalangwa?
A go setse go dirilwe dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore ditshwantshetso di nne teng le gore di bewe ka nako e e tshwanetseng?
A go setse go dirilwe dithulaganyo tsa go baakanya tafole nako e santse e le teng ka letsela le le phepa la tafole le palo e e lekaneng ya digalase le dipoleite?
Ke dithulaganyo dife tse di dirilweng tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi pele ga nako? A go setse go rulagantswe didirisiwa tsa go godisa lentswe tse di tshwanetseng fa e le gore holo ke e e hirilweng?
A batlhokomedi le bao ba tla bong ba tsamaisa ditshwantshetso ba setse ba abetswe dikabelo tsa bone? A go setse go rulagantswe gore ba kopane pele ga Segopotso gore ba tle ba itlwaetse ditiro tsa bone? Seo se tla dirwa leng? Ke thulaganyo efe e lo tla e latelang go tlhomamisa gore ditshwantshetso di fetisiwa mo go mongwe le mongwe?
A lo setse lo feditse dithulaganyo tsa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng le ba ba bokoa? A go dirilwe dithulaganyo tsa go abela batlodiwa bape bao ba ka tswang ba le mo diphateng ka ntlha ya bokoa mme ba sa kgone go kopanela le phuthego?
-
-
Thuto ya Buka ya PhuthegoTirelo ya Bogosi—1993 | March
-
-
Thuto ya Buka ya Phuthego
Thulaganyo ya dithuto tsa phuthego mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.
March 1: Kgaolo 55-57
March 8: Kgaolo 58-60
March 15: Kgaolo 61-63
March 22: Kgaolo 64-66
March 29: Kgaolo 67-69
-
-
Pego ya Tirelo ka DecemberTirelo ya Bogosi—1993 | March
-
-
Pego ya Tirelo ka December
Palo Babul. Babul.
ya Bab. Thus. Metlha
Botswana 645 34 29
Lesotho 1 495 99 172
Namibia 597 11 37
St. Helena (Nov.) 137 - -
South Africa 48 874 1 811 3 674
Swaziland 1 425 34 130
-