Bakang Jehofa ka Metlha
1 Go na le dilo di le mmalwa tse di leng botlhokwa thata mo e leng gore re tshwanetse gore re di dire ka metlha. Gareng ga tsone ke go ja, go hema le go robala. Dilo tseno di botlhokwa gore re itlhokomele mo mmeleng. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore go rera mafoko a a molemo go botlhokwa fela jalo fa a ne a kgothatsa jaana: “A re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako . . . ka metlha yotlhe.” (Baheb. 13:15, mokwalo o o sekameng ke wa rona) Ka jalo, re tshwanetse go baka Jehofa ka metlha. Ke sengwe se re tshwanetseng go leka go se dira letsatsi le letsatsi, re baka Rraarona wa selegodimo ka metlha.
2 Fa batho ba bangwe ba ne ba batla gore a tlhokomele dilo di sele, Jesu o ne a araba jaana: ‘Ke na le go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.’ (Luke 4:43) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga tse tharo le sephatlho, sengwe le sengwe se a neng a se dira letsatsi le letsatsi se ne se amana ka tlhamalalo ka tsela nngwe le go galaletsa Modimo. Re itse gore Paulo o ne a ikutlwa jalo ka ntlha ya se a se buileng mo go 1 Bakorinthe 9:16: “Go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.” Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba kgothadiwa gore ba iketleetse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o ba botsang ka tsholofelo ya bone. (1 Pet. 3:15) Gompieno diketekete tsa makgolokgolo a babulatsela ba ba tlhagafetseng le dimilione tsa baboledi ba phuthego ba leka go etsa dikao tse di molemolemo tseo.
3 Fa re akanya ka tlhoafalo e e tswang pelong e Jesu Keresete Sekao sa rona a neng a na le yone, re tlhotlheletsega go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. (1 Pet. 2:21) Ka dinako tse dingwe re ka nna ra kgobega marapo fa re tshwanetse gore re lebane le mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo. Re ka sola jang molemo ditshono tse re di bonang tsa go baka Jehofa fa re dira tiro ya boitshediso ya ka metlha? Re ka se ka ra itlhokomolosa maikarabelo a rona a lelapa a re tlhokang go dirisa nako ya rona e ntsi mo go one. Bontsi jwa basha ba tshwanetse gore ba ye sekolong letsatsi le letsatsi. Batho bangwe ba ka nna ba akanya gore ga go kgonege gore motho a bake Jehofa phatlalatsa letsatsi lengwe le lengwe. Ka dinako tse dingwe, batho ba bangwe ba fetsa kgwedi yotlhe ba sa rere mafoko a a molemo ka tsela nngwe.
4 Jeremia e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba sa kgone go didimala. Fa a ne a sa kgone go bua ka leina la ga Jehofa ka lobakanyana lo lokhutshwane fela, o ne a ikutlwa e kete go na le molelo o o tukang mo teng ga gagwe o a sa kgoneng go o itshokela. (Jer. 20:9) Fa a ne a lebane le kganetso e e neng e lebega e tla mo feeketsa, ka metlha Jeremia o ne a bona tsela e ka yone a neng a ka bolelela batho ba bangwe molaetsa wa ga Jehofa. A re ka kgona go etsa sekao sa gagwe sa bopelokgale mme re nne re batle ditshono tsa go baka Mmopi wa rona letsatsi le letsatsi?
5 Go bua ga rona kaga Jehofa ga e a tshwanela go nna selo se se tlwaelegileng, e le dinako tse di rulagantsweng e sale gale tsa go neela bosupi le baboledi ba bangwe mo tshimong ya phuthego. Re tlhoka fela batho ba ba ka re reetsang. Re kopana le batho letsatsi le letsatsi—ba tla mo matlong a rona, re dira le bone kwa tirong, re ema le bone mo moleng wa go duela kwa lebenkeleng, kana re palama bese le bone. Re tshwanetse fela gore re ba dumedise ka botsalano le go ba botsa dipotso tse di ka dirang gore motho a akanye kana re bue sengwe se se ka dirang gore re simolole motlotlo. Batho ba le bantsi ba fitlhela gore tsela eno ke e e molemolemo ya go neela bosupi. Fa re na le ditshono tse dintsi tsa go bua le batho ba bangwe ka mafoko a a molemo, le ka motlha go ka se ka ga direga gore kgwedi yotlhe e fete re sa neela bosupi ka Bogosi. Mme gape go botlhokwa gore re bege tirelo ya rona ka bonako fa kgwedi nngwe le nngwe e fela.
6 Tshiamelo ya go baka Jehofa le ka motlha e ka se ka ya khutla. Jaaka mopesalema a ile a bolela, sengwe le sengwe se se tshelang se tshwanetse go baka Jehofa mme tota le rona re batla go akarediwa. (Pes. 150:6) Fa re tlhotlheletsega mo dipelong go dira jalo ka metlha, re tla dirisa tshono nngwe le nngwe letsatsi le letsatsi go bua kaga Jehofa le ka Lefoko la gagwe.