Buelela Dipeeletso ka Nako Nngwe le Nngwe
1 Re na le lebaka le le utlwalang la go anaanela Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke dimakasine dife tse dingwe gape tse di ratiwang ke batho ba ditšhaba tsotlhe? Mo kgweding eno go tla bo go tsamaisiwa dimakasine mo tirelong ya rona ya go rera mme a bo tshedimosetso e e mo ditokololong tsa October e le maatla jang ne! Gantsi re tsamaisa bontsi jwa dipeeletso tsa rona mo tirong ya ntlo le ntlo; lefa go ntse jalo, re batla go ipaakanyetsa gore re di tsamaise ka nako nngwe le nngwe e e tshwanelang.
2 Fa o tsamaisa “Tora ya Tebelo” ya October 1, o ka nna wa rata go tsosa kgatlhego ya motho ka setlhogo se se reng “Lefatshe le le Senang Ntwa—Le Tla Nna Teng Leng?” ka go bolela jaana:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke eng go bonala e kete lefatshe le le senang ntwa le ka se ka la nna teng go sa kgathalesege maiteko otlhe a batho ba a dirang. O akanya eng ka dikakgelo tse di mo tsebeng 5 ya Tora ya Tebelo eno ya October 1? [Bala polelwana ya ntlha mo go sengwe le sengwe sa dirapa tsa ntlha tse pedi tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Bodumedi—Sekgoreletsi se Segolo,” mme o bo o letela karabo.] Gone mme, seno ga se reye gore dintwa di tla nna di ntse di le teng ka metlha. Ela tlhoko tsholofetso eno ya Modimo e e mo go Isaia 9:6, 7.” O ka nna wa bala temana eno go tswa mo Baebeleng ya gago kana jaaka e nopotswe mo setlhogong seno sa Tora ya Tebelo. Tlhalosa ka bokhutshwane gore Tora ya Tebelo e buelela Bogosi jwa ga Jehofa gore ke jone fela go ka solofelwang gore bo tla lere kagiso mo lefatsheng mme o bo o tsamaisa peeletso. Fa peeletso e ganwa, tsamaisa makasine ono le molekane wa one Tsogang! mme o bo o kgothaletsa motho yoo gore a di bale.
3 Fa o tsamaisa “Tsogang!” ya November 8 o ka nna wa re:
◼ “O akanya eng ka potso eno e e kafa ntle ga makasine ono: ‘Ke Eng fa Botshelo bo le Bokhutshwane Jaana?’ [Letela karabo.] Metseletsele eno ya ditlhogo e bua thata ka se saense ya motlha wa segompieno le se batho ba bangwe ba se bolelang ka botsofe mme di bo di bua ka se Mmopi a se solofeditseng malebana le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Ke ka rata go go tlogelela makasine ono mmogo le molekane wa one ka moneelo wa R1,60.”
4 Fa o kopana le batho ba ba ratang bodumedi, ke eng o sa buelele setlhogo se se mo makasineng wa “Tora ya Tebelo” ya October 15? Puisano eno e ka nna ya dira gore motho a kgatlhege:
◼ “Ke ka rata go utlwa gore wena o akanya eng ka potso eno: A go a kgonega gore motho a rate Modimo a bo a mmoife ka nako e e tshwanang?” Letela karabo o bo o bala mafoko a temana ya setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang Fa re Tshwanetse go Boifa Modimo wa Boammaaruri Gone Jaanong?” (Mor. 12:13) Dirisa sengwe sa ditshwantsho tse di mo tsebeng ya 196 mo bukeng ya Go Fetolana, o bo o tsamaisa peeletso, kana dimakasine tse pedi ka moneelo wa R1,60.
5 Fa o tsamaya ka ntlo le ntlo, o se ka wa feta mabenkele a mannye le a magolo. Batho ba ba etelang mabenkele ka metlha ba tlhalosa gore ke tiro e e monate le e e nang le matswela. O ka nna wa leka puisano e e motlhofo e e ntseng jaana fa o tsamaisa “Tsogang!” ya October 8:
◼ “Re a itse gore borakgwebo ba rata go nna le tshedimosetso ya bosheng ka se se diragalang mo tikologong ya bone. Ke dumela gore o tla kgatlhiwa ke ditlhogo tseno.” Morago ga foo tlotla ka bokhutshwane ka ntlha nngwe kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Nna Motsadi yo o Nosi yo o Atlegileng.” Mo tlhalosetse ka thulaganyo ya peeletso.
6 Nna le rekoto ya go tsamaya ka ntlo le ntlo e e kwadilweng sentle mme o boele kwa o tsamaisitseng dimakasine gone. Fa o dira loeto lwa go boela, buelela peeletso ya makasine o le mongwe kana tsoopedi. E kete re ka nna re ntshitse matlho dinameng go tsamaisa dimakasine tsa rona ka nako nngwe le nngwe e e tshwanelang mme segolobogolo dipeeletso.