Lokwalo Longwe le Longwe lo Mosola mo go Ruteng
1 Go na le ditsela tse dintsi le tse di farologaneng tse batho ba lebang botlhokwa jwa Baebele ka tsone. Lefa go ntse jalo, re tlhatswegile pelo gore e na le dikarabo tse di ka rarabololang mathata a magolo a batho ba nang le one e bile e re neela kaelo e re ka e ikanyang e e ka re kaelang mo botshelong. (Dia. 3:5, 6) Botlhale jwa kgakololo ya yone bo kwa godimo thata. Melao ya boitsholo eo e e buelelang e kwa godimo thata. Molaetsa wa yone o maatla thata, e kgona go “lemoga megopolo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Re ka thusa jang batho ba bangwe gore ba bone kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba ntshe buka eno mo dishelofong tsa bone mme ba e tlhatlhobe ka kelotlhoko? O ka nna wa rata go leka dingwe tsa dikakantsho tse di latelang fa o tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo le New World Translation ka November.
2 E re ka batho ba le bantsi ba re kopanang le bone ba rata bodumedi mme ba sa batle go fetola bodumedi jwa bone, gongwe fa o simolola jaana go tla dira gore ba reetse:
◼ “Fa re ntse re bua le baagisani ba rona, re fitlhetse gore batho ba le bantsi ba kgotsofetse ka bodumedi jwa bone mme ga ba batle go bo fetola. Mme fa e le gore batho ba ne ba ka ipha nako ya gore ba tlhatlhobe ditumelo tsa batho ba bangwe, a o akanya gore seo se ne se tla dira gore batho ba tlhaloganyane botoka mme go fokotse le letlhoo mo lefatsheng? [Letela karabo.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka batho ba ba ratang Modimo le gore ba tshwanetse gore ba ikutlwe jang ka ba bangwe.” Fa o sena go bala Ditiro 17:26, 27, mmontshe dirapa 15 le 16 mo tsebeng ya 10 mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Tsamaisa buka ka moneelo wa R5,30.
3 Kakantsho e nngwe e o ka nnang wa akanya ka yone ke eno:
◼ “Nako le nako fa re bala kuranta kana re reetsa dikgang re utlwa ka bothata jo bongwe jo bo tshwenyang maikutlo jo bo dirang gore re tlhobaele. [Umaka tiragalo nngwe e e tshwenyang e go begilweng ka yone bosheng jaana mo dikgannyeng.] Re ka itshokela jang mathata a a ntseng jalo? [Letela karabo.] Morago kwa ka 1983 poresidente wa nako eo wa kwa United States [Ronald Reagan] o ne a bolela gore Baebele e na le molaetsa o mogolo go gaisa ope fela o o kileng wa kwalwa le gore ‘e tshotse dikarabo tsotlhe tsa mathata otlhe a batho ba kileng ba nna le one.’ Se a neng a se bolela se re gakolola ka se Baebele ka boyone e se bolelang. [Bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Mma ke go bontshe lebaka la go bo re ka ikanya Baebele.” Tlhalosa dintlhakgolo dingwe go tswa mo pampitshaneng ya Lebaka la Go Bo O ka Ikanya Baebele. “Go thusa batho gore ba ikanye Baebele re tsamaisetsa baagisani ba rona thanolo eno ya bosheng ya New World Translation le kgatiso eno e e ka ba thusang go ithuta Baebele e e reng Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Re ka itumelela go boa gape go tla go go bontsha kafa o ka solegelwang molemo ka teng ke go ithuta Baebele.” Tsamaisa kgatiso tse pedi ka R19,30.
4 Fa e le gore go na le batho ba le bantsi ba ba sa rateng bodumedi mo tshimong ya lona, o ka nna wa leka go simolola ka tsela eno:
◼ “Batho ba le bantsi mo lefelong leno ba tsaya gore dibuka tse di boitshepo di a ikganetsa e bile ba akanya gore ke ditlhamane fela. Ba bone go dirwa dilo tse dintsi tse di bosula go twe ke tsa bodumedi mo e leng gore ga ba tlhole ba ikanya le yone Baebele. Tota e bile ba ba oketsegileng ba ipotsa gore a Baebele ke Lefoko la Modimo kana ke la batho. Wena o akanya jang?” Letela karabo. Go ikaegile ka gore mongantlo o araba jang, bula karolo nngwe mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo e e buang ka kgang eno kana ka kgopolo e mongantlo a nang le yone mme o bo o tlotla ka ntlha e le nngwe kana di le pedi. Ka sekai, o ka nna wa nna le sebaka sa gore o dirise lebokoso le le mo ditsebeng 340 le 341.
5 Morutisi wa rona yo Mogolo o ile a tlhomamisa gore batho botlhe ba ba batlang go ithuta ba itse ka go rata ga gagwe. Go thusa batho ba bangwe gore ba lemoge gore tota Baebele e botlhokwa go le kana kang ke sengwe sa dilo tse di molemolemo tse re ka di dirang go ba thusa; go ka boloka matshelo a bone.—Dia. 1:32, 33.