Itshware ka Tsela e e Tshwanelang Mafoko a a Molemo
1 E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re batla go tlotla leina la ga Jehofa. Re itse gore boitshwaro jwa rona, puo ya rona, go ipaakanya ga rona le diaparo tsa rona di ka tlhotlheletsa tsela e batho ba bangwe ba lebang kobamelo ya boammaaruri ka yone. Go ntse jalo segolobogolo fa re le kwa dipokanong tsa rona. Re tshwanetse gore re tlhomamise gore sengwe le sengwe se re se buang le se re se dirang kwa dipokanong se tshwanela mafoko a a molemo e bile se tlotla Jehofa.—Bafil. 2:4.
2 Ditsela tse dintsi tse lefatshe le aparang le go ipaakanya ka tsone ga di tshwanele Bakeresete. Badiredi ba mafoko a a molemo ba tshwanetse go ela kgang eno tlhoko thata. Tora ya Tebelo ya June 1, 1989 e ne ya bolela jaana mo tsebeng ya 20: “Ga go tlhokege gore diaparo tsa rona di nne tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo, mme di tshwanetse go nna phepa, di kgatlhise, di bile di nne tekatekano. Ditlhako tsa rona le tsone di tshwanetse tsa bo di baakantswe sentle e bile di lebega sentle. Ka mo go tshwanang, mebele ya rona e tshwanetse go nna phepa, gape re tshwanetse go apara sentle le ka tshwanelo, kwa dipokanong tsotlhe, go kopanyeletsa le kwa Thutong ya Buka ya Phuthego.”
3 Go fitlha ka nako go supa gore motho o lorato e bile o akanyetsa batho ba bangwe. Ka dinako tse dingwe go na le maemo a re sa kgoneng go a tila a a dirang gore re se ka ra fitlha ka nako kwa pokanong. Mme lefa go ntse jalo go tla morago ga nako ka metlha go ka supa gore ga re tlotle boikaelelo jo bo botlhokwa thata go bo go na le dipokano e bile ga re lemoge maikarabelo a re nang le one a go tila go itaya batho ba bangwe tsebe. Gantsi batho ba ba tlang morago ga nako ba itaya batho ba bangwe tsebe mme ba dira gore thulaganyo e se ka ya ba solegela molemo ka botlalo. Fa re fitlha ka nako re supa gore re akanyetsa batho botlhe ba ba leng teng e bile re a ba kgatlhegela.
4 Go rata ga rona baagisani ba rona go tshwanetse ga dira gore re nne kelotlhoko gore re se ka ra itaya ba bangwe tsebe ka nako ya dipokano. Go sebaseba, go ja, go ja tšhunkama, go sugasuga dipampiri le go ya kwa ntlwaneng go sa tlhokege go ka dira gore batho ba bangwe ba se ka ba tlhoma mogopolo mo go se se buiwang e bile go tlosa seriti se lefelo la kobamelo ya ga Jehofa le tshwanetseng go nna le sone. Ga go a tshwanela gore go dirwe ditiro dingwe tsa phuthego kana ga tlotliwa fa e se fela fa go tlhaga maemo a tshoganetso a a tla dirang gore bakaulengwe ba tloge mo mannong a bone. Kwantle ga foo, botlhe ba tshwanetse go nna fa fatshe le go reetsa thulaganyo gore bone le malapa a bone ba solegelwe molemo. Maitseo a a sa siamang ga a tshwanela kwa Holong ya Bogosi ka gonne “lorato . . . ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang.”—1 Bakor. 13:4, 5; Bagal. 6:10.
5 Boitshwaro jo bontle jwa bana ba rona kwa dipokanong le jone bo baka le go tlotla leina la ga Jehofa. Go botlhokwa gore batsadi ba ele bana ba bone tlhoko thata. Bana ba tshwanetse gore ba kgothadiwe gore ba reetse le go nna le seabe. Batsadi ba bantsi ba ba nang le bana ba babotlana ba tlhopha go nna mo mafelong a ba ka kgonang go tswa ka bonako gore ba neye bana se ba se tlhokang ba sa iteye batho ba bangwe tsebe.
6 Paulo o ne a kgothatsa jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo.” (Bafil. 1:27) Ka jalo he, a re lekeng go bontsha maitseo le go akanyetsa batho ba bangwe fa re ya dipokanong. Fa botlhe ba dirisana mmogo re tla tlhomamisa gore re tla ‘gomotsanya mmogo . . . mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe.’—Bar. 1:12.