“A Mokgwa oa Lona oa Botshelō E Nnè O O Chwanetseñ Mahoko A A Molemō”
“A mokgwa oa lona oa botshelō e nnè o o chwanetseñ Mahoko a a Molemō a ga Keresete.”—BAFILIPI 1:27.
1. Tiragalo ya bosheng jaana kwa New York City e ne ya dira gore ramotse a dire dikakgelo dife tse di molemo? (Baroma 13:3)
“BASUPI ba ba fetang 1 000” ba ne ba tlile kwa City Hall ya kwa borwa jwa Manhattan ka September 29, 1988, go bega jalo The New York Times. Ba ne ba tlile go tshegetsa kopo ya kago eo e neng e tlile go sekasekiwa fa pele ga Board of Estimate ya motse-mogolo oo. Lefa kopo eo ya go ba letla go aga kago e ntšha ya bonno kwa ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya ganwa, ramotse “o ne a akgola Basupi ka gore ke batho ba ‘boitsholo jo bontle fela thata’ mme a bolela gore ba ne ba tshwanetse go ‘tlotlomadiwa eleruri.’”
2. Ke ka tsela efe maitseo a Basupi ba ga Jehofa a farologaneng, mme ka ntlhayang?
2 Gantsi, fa batho ba ba fetang sekete ba kgobokane go tla go tshegetsa kgato eo e sa dumelelweng, go ka lebelelwa eng? Go kgarametsana, go goa, le eleng go lwa le bothubaki ke dilo tse di tlwaelegileng. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba farologane? Ke ka gonne ba lemoga gore boitsholo jwa bone ka dinako tsotlhe bo ama tumelo ya bone. Ba gakologelwa sentle kgakololo eno ya Dikwalo: “Lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle e re mo ba lo bolèlañ yaka badiha boshula ka gōna, bo ba galaletsè Modimo mo motlheñ oa tekolō.”—1 Petere 2:12.
Maitseo a Mantle a Galaletsa Jehofa
3. Maitseo a rona a na le seabe sefe mo go tlotleng Jehofa?
3 Go galaletsa Jehofa ka boitshwaro jo bontle ka phepafalo ke karolo ya boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete. (Mathaio 5:16) Legale, boitshwaro jo bontle, bo akareletsa dilo tse dintsi—ka sekai, boikanyegi, botlhaga, le boitsholo jo bo siameng. Lefa go ntse jalo, dinonofo tseno gantsi di anaanelwa fela ke bao ba re itseng sentle kana bao re dirisanang ka metlha le bone, jaaka ditsala tsa rona, bamasika, bahiri, badirimmogo, le barutabana. Mme go tweng ka bontsintsi jwa batho bao re sa dirisaneng thata le bone? Fano ke gone koo maitseo a rona segolo bogolo a tlhokegang gone. Jaaka sephuthelo se sentle se tlatseletsa mo boikuelong jwa mpho e e tlhwatlhwa kgolo, maitseo a mantle a dira gore seo re ka se nayang ba bangwe se ikuele. Lefa re ka bo re na le dinonofo dipe fela tse dingwe tse dintle tsa Bokeresete kana lefa maikaelelo a rona a ka tswa a kgatlha jang, a tla dira go le gonnye fela fa maitseo a rona e se a a siameng. Jalo maitseo a rona a ka galaletsa Jehofa jang?
4. Re tshwanetse go tlhokomela maitseo a rona mo dikarolong dife tsa botshelo?
4 “A mokgwa oa lona oa botshelō e nnè o o chwanetseñ Mahoko a a Molemō,” go bua jalo Paulo. (Bafilipi 1:27) Le gale, seno se kopanyeletsa bodihedi jwa rona jwa phatlalatsa. Mme boitshwaro jwa rona le maitseo kwa lefelong la rona la kobamelo, mo tikologong, kwa tirong, kwa sekolong, ee, mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona, a amana ka tlhamalalo fela le go atlega ga rona mo bodiheding. Paulo o kwala jaana: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato.” (2 Bakorintha 6:3) Re ka tlhomamisega jang gore re dirisa kgakololo eo? Re ka dira eng go thusana, segolo bogolo ba babotlana ba ba leng mo gare ga rona, go bontsha maitseo a Bokeresete ka dinako tsotlhe?
Kwa Holong ya Bogosi
5. Ke eng seo re tshwanetseng go se tlhokomela fa re le kwa Holong ya Bogosi?
5 Holo ya Bogosi ke lefelo la rona la kobamelo. Re ya koo ka go bo re laleditswe ke Jehofa le Morwawe, Jesu Keresete. Ka tlhaloganyo eo, re baeng mo ntlong ya ga Jehofa. (Pesalema 15:1; Mathaio 18:20) A o moeng yo o molemo fa o tla kwa Holong ya Bogosi? Gore re nne jalo, re tswanetse go bontsha go akanyetsa le tlotlo tse di tshwanetseng eseng mo molaletsing wa rona fela mme gape le mo balalediweng ba bangwe. Seno se kopanyeletsa eng?
6. (a) Go tla morago kwa dipokanong ka metlha go bontsha go palelwa mo go eng? (b) Go ka dirwa eng go fenya bothata jono?
6 Santlha, go na le kgang ya go tla ka nako. Eleruri ga go motlhofo go dira jalo ka metlha. Ba bangwe ba nna kgakala; ba bangwe ba na le malapa le bana bao ba tshwanetseng go ba baakanya. Eleruri ba akgolelwa maiteko a bone a go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. Lefa go ntse jalo, go ile ga tlhokomelwa gore go na le ba bangwe bao ba nang le mokgwa wa go tla morago kwa dipokanong. Ba ka dira eng go baakanya seno? Santlha motho o tshwanetse go lemoga gore go tla morago kwa dipokanong tsa Bokeresete ga se ka metlha go bontshang go sa anaaneleng ga gagwe botlhokwa jwa dipokano. Go lebega bangwe ba batho bao ba tlang morago kwa dipokanong ka metlha ba ipelela dipokano fela jaaka ba bangwe—fela fa ba fitlha koo. Go na le moo, bothata bo ka nna jwa tswa bo bakiwa ke go sa rulaganyeng sentle le go sa akanyetseng Bakeresete-ka-bone. Lengwe la mabaka ao ka one re kgothalediwang gore “re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona,” ke gore re tle re ‘gopolane le go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditihong tse di molemo.’ (Bahebera 10:24, 25) Ga re kake ra dira seno fa, nako le nako, re goroga morago mme ka jalo re itaya ba bangwe tsebe le go ba kgoreletsa. Gore re se ka ra tla morago, baitse ba akantsha gore re ikemisetse go goroga pele ga nako ka tshwanelo go na le gore re fitlhe fela ka nako. A o tlhoka go itlwaetsa seno?
7. Tlhalosa ka moo go reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong go amanang ka gone le maitseo a a siameng.
7 Maitseo a a siameng a re tlhoka go tlhokomela batho ba bangwe fa ba bua le rona. (Diane 4:1, 20) Seno se dira gape le mo dipokanong tsa Bokeresete, koo badihedi ba Modimo ba buang e le gore ba ka re naya mpho e e agang ya semoya. Eleruri e tla bo e se go bontsha maitseo a a siameng fa e le gore re ne re ka otsela, ra nnela go sebaseba le bao ba ntseng fa thoko ga rona, ra tlhafuna tšhunkama kana dilekere, re bala dibuka tse dingwe, kana re dira ditiro dingwe fela pokano e ntse e tsweletse. Elihu yo mmotlana o ne a seka a nna fela ka bopelotelele fa Jobe le ditsala tsa gagwe tse tharo di ne di bua ka nako e telele mme o ne gape a “reetsa” seo ba neng ba se bua mme gape a ba “tlhōkōmèla.” (Yobe 32:11, 12) Maitseo a a siameng a Bokeresete a tla re tlhotlheletsa go bontsha sebui le molaetsa wa gagwe o o thailweng mo Bibeleng tlotlo e e tshwanetseng ka go mo reetsa ka tshisibalo le go mo tshegetsa.
8. Re bontsha jang gore re barutwa-mmogo ba ga Jesu Keresete?
8 Pele le morago ga dipokano, maitseo a Bokeresete a kopanyeletsa go kgatlhegela ba bangwe ba ba leng gone kwa Holong ya Bogosi. Paulo o ne a tlhokomela gore maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete a ne a ‘sa tlhole e le baeng le bajaki fela, mme e ne e le ba ntlo ya Modimo.’ (Baefesia 2:19) A o tshwara Basupi-ka-wena jaaka baeng le bajaki kana jaaka maloko a ntlo e le nngwe? Go dumedisa ka botsalano, go ba tshwara ka letsogo, monyenyo o o bonolo—gongwe dilo tseno tsotlhe ke tse e seng tsa sepe, mme ke karolo ya bosupi jwa gore re barutwa-mmogo ba ga Keresete. Fa e le gore re dira dilo tseno fa re kopana le baeng, a ga re a tshwanela go di dira “bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō”?—Bagalatia 6:10.
9. Bana ba ka rutiwa go bontsha kgatlhego mo bathong ba e seng fela ba dingwaga tsa bone jang?
9 A bana ba ka rutiwa go bontsha go kgatlhegela batho ka tsela eno go na le fela bao e leng ba dingwaga tsa bone? Bagolo bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore bana ba tshwanetse go ya go tshameka le ditsala tsa bone tse di potlana morago ga go nna oura yotlhe kana tse pedi ba reeditse kwa dipokanong. Mme Holo ya Bogosi ga se lefelo le go tshamekelwang kwa go lone. (Moreri 3:1, 17) Fa morutabana wa mosimanyana wa dingwaga tse nne le sephatlo a ne a mmotsa gore o na le bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba le kae, o ne a araba jaana: “Ba bantsi mo ke sa kgoneng go ba bala botlhe.” Moragonyana, fa batsadi ba gagwe ba ne ba mmotsa kaga seno, mosimanyana o ne a tlhalosa jaana: “Ga ke itse gore ke na le barwarre le bokgaitsadiake ba le kae. Fa ke ya kwa Holong ya Bogosi, ba bantsi fela thata.” Mo go ene, botlhe ba ba neng ba nna teng kwa dipokanong e ne e le bomorwarraagwe le bokgaitsadie.
Mo Bodiheding jwa Rona jwa Phatlalatsa
10. Ke taolo efe ya ga Jesu e e ka re thusang ‘go tshela ka mo go tshwanelang mafoko a a molemo’ fa re le mo bodiheding jwa rona?
10 Go ‘tshela ka mokgwa o o tshwanelang mafoko a a molemo’ ka tlholego fela go kopanyeletsa bodihedi jwa rona jwa phatlalatsa. Re tshwanetse go nna re gakologelwa gore molaetsa o re o tshotseng ke wa kagiso, mme maitseo a rona a tshwanetse go supa seo. (Baefesia 6:15) Jesu o ne a re naya taolo eno: “E re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagishō ea lona e tlè mo go eōna.” Re dira gore mong wa ntlo a itse gore re mo kgatlhegela ka mmatota go tswa mo pelong ka go nna ba ba bothito, ba ba botsalano le ba ba nang le tlotlo. Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, re kopana le motho yo a ka nnang a bo a se botsalano, gongwe ebile a rata ntwa. A re tla kgoberega re bo re simolola go itshwara ka tsela e e tshwanang? Elatlhoko seo Jesu a ileng a tswelela go se bua: “Me ha [ntlo] e le e e sa chwanèlañ, a kagishō ea lona e boèlè mo go lona.” (Mathaio 10:12, 13) Maitseo a rona kwa mejakong a tshwanetse ka metlha a bo a tshwanela “tihèlō ea tetlanyō.”—2 Bakorintha 5:18.
11. Mokgwa wa rona wa go apara le tebego ya rona di ka ama seabe sa rona jaaka badihedi ba Modimo jang?
11 Maitseo a rona a bua ka rona ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, a tebego ya rona e tshwanela seabe sa rona jaaka badihedi ba Lefoko la Modimo? Go tweng ka didirisiwa tseo re di dirisang—kgetse ya dibuka, Bibela, le dibuka tsa Bibela? Motlhatlheledi mongwe wa koranta nngwe o ne a naya borrakgwebo kgakololo eno: “Aparelang gore lo ya tirong, eseng modiro, kokoano fela e e seng ya sepe kana go ya kwa metshamekong.” Ka ntlhayang? Ka gonne diaparo tsa gago le tebego ya gago “ke mekwalo e mekhutshwane e e nayang batho ba ba go dikologileng tshedimosetso ya gore o mang le gore o ntse jang le gore o motho wa mofuta ofe.” Jalo fa re le mo “tirong” ya bodihedi, diaparo tsa rona le tebego ya rona ga di a tshwanela go nna tse di seng phepa lefa e le go nna botlhaswa, le gore ga di a tshwanela go nna tse di maphatsiphatsi, le tse di feteletseng, mme ka metlha e nne tse di “chwanetseñ Mahoko a a Molemō.”—Bapisa 1 Timotheo 2:9, 10.
12. Re ka bontsha jang maitseo a a siameng ka go tlotla ditshwanelo le dithoto tsa mong wa ntlo?
12 Lefa re tshwanetse go nna re “iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola moñwe le moñwe eo o [re botsang]” ka mafoko a a molemo, maitseo a a siameng a Bokeresete a tlhoka gore re dire seo ka “boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:15) Seo se kopanyeletsa go tlotla ditshwanelo tsa mong wa ntlo le thoto ya gagwe. A re rulaganya tiro ya rona gore re tle re kgone go ba etela ka dioura tse di tshwanetseng? A re podimatseba go lemoga fa re kgoreletsa sengwe sa botlhokwa kana tiro nngwe? A re dirisa mafoko a a tshwanang le “A nka?” “Tswee-tswee,” le “Ke a go leboga,” thata? A re leka go kopanyeletsa mong wa ntlo mo motlotlong, kana a go bua rona fela e le gore re ka fetsa seo re rulaganyeditseng go se bua?
13. Bontsha ka moo maitseo a a molemo mo bodiheding gantsi a nnang le matswela a a molemo ka gone.
13 Maitseo a a siameng, gammogo le go tlhoafalela go amega ka batho ka bopeloephepa, gantsi di bula tsela ya go naya bosupi jo bo molemo. Ke gone ka moo bana ba ba nang le maitseo a a siameng gantsi ba kgonang go goga tlhokomelo ya beng ba matlo koo bagolo ba palelwang ke go dira jalo gone. Mosupi mongwe wa dingwaga tse 13 kwa Mexico o ne a kopana le mosetsanyana mongwe yo mmotlana yo a neng a batla go ithuta. Lefa go ntse jalo, mosetsanyana yoo o ne a bolela gore o tla tshwanelwa ke go dira jalo rraagwe a sa itse. Mme mmoledi yo mmotlana yono o ne a ikutlwa gore fa go ntse jaana, ene ka boene o tshwanetse go bona tetla ya ga rre yoo ka go bo a mo tlotla. Ka jalo o ne a ithaopela go bua le rre yoo mme a mmolelela gore seo ba neng ba tlile go se ithuta se ne se le botlhokwa fela thata. Fa a bona tlhoafalo ya kgaitsadi yono mme gape a lemoga gore o tlile mo go ene ka tlhamalalo, o ne a re: “Fa e le gore seo lo ileng go se ithuta se botlhokwa mo go kalo, he, lelapa lotlhe le tshwanetse go se ithuta.” Go ne ga felela ka gore mmotlana yono wa dingwaga tse 13 a simolole thuto ya Bibela le lelapa lotlhe, go kopanyeletsa le morwaabone yo o nyetseng le mosadi wa gagwe le bana ba bangwe ba ba godileng.
Maitseo a a Siameng a Simolola kwa Gae
14. Maitseo a a siameng a simolola kae, mme ke ntlha efe e e nang le seabe se segolo?
14 Maitseo a a siameng a Basupi ba babotlana gantsi ke bosupi jo bo molemo jwa katiso eo ba e bonang kwa gae. Eleruri, maitseo a rona a supa tsela ya rona ya botshelo. Ka lebaka leno, go farologana le seo ba bangwe ba ka se akanyang, maitseo a a siameng a tshwanetse go nna selo sa botlhokwa thata kwa gae. Mo go seno, fela jaaka mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa lelapa, sekao sa batsadi ke sa botlhokwa thata. (2 Timotheo 1:5) Go raya bana o re, “Dirang jaaka ke bua, eseng jaaka ke dira” eleruri ga se tsela ya go ba ruta maitseo. Dikarolo tse dintsi tsa maitseo a a siameng di ithutiwa eseng fela ka go laelwa ka molomo, mme ka go di bona le ka go di etsa. “Batsadi ga se barutisi ba konokono fela, mme gape ke dikao, ka go bo bana ba ithuta ka go dira jaaka rona,” go tlhokomela jalo Beverley Feldman, mokwadi wa Kids Who Succeed. Ke mofuta ofe wa maitseo oo bana ba gago ba o bonang mo go wena?
15. Batsadi ba ka thusa bana ba bone go tlhagolela mekgwa e mentle e e tshwarelelang botshelo jotlhe ya maitseo jang?
15 “Borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa” ke kgakololo ya Bibela. (Baefesia 6:4) Go a lapisa ebile go a swabisa gore bana ba bolelelwe gore ba nne pelonomi le kutlo lefa go le jalo ba bona batsadi ba bone ba ngangisana, ba seba, ba tlhoka maitseo, kana ba galefa ka bonako. A ba tla bo ba le molato fa le bone ba ka itshwara ka mokgwa o o tshwanang? Mo letlhakoreng je lengwe, lokwalo lo tswelela go bua jaana: “Me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna [Jehofa, NW].” Mme seo se akareletsa metheo ya maitseo a a siameng, jaaka go re, “Dumela,” “Tswee-tswee,” “Ke a go leboga,” le “Intshwarele,” ba bontsha go tlotla batho ba bagolo, le go kgaoganya dilo le ba bangwe. (Lefitiko 19:32; Baroma 16:3-7) Fa dinonofo tseno di ithutilwe kwa gae mo bonyaneng di tla nna tsa botlhokwa mo botshelong jotlhe.—Diane 22:6.
16. Ke maiteko afe a a tlhokegang, mme go ka felela jang?
16 Jalo batsadi le bana ka go tshwana ba tshwanetse go ithuta maitseo a a siameng jaaka karolo ya botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi go na le gore ba emele motlha mongwe o o kgethegileng. Ka go dira jalo, batsadi ba tshwanetse go nna pelotelele le go itshokela diphoso tseo bana ba bone ba tla di dirang. Ba itsiseng gore maitseo a bone a a molemo a rayang mo go lona, mme lo ba akgolele botswelelopele bope fela jo ba bo dirang. Legale, seo se batla boiteko jo bogolo mo go wena. Mme a Dikwalo ga di a bolela gore go tlhagolela melao-metheo ya bomodimo mo baneng go tshwanetse go dirwa “ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa”? (Duteronome 6:7) Go dira jalo go bopa tikologo ya botsalano le e e molemo mo lelapeng, eo e tla dirang mo gogolo mo go godiseng bana ba gago jaaka ba golela go nna bagolo ba ba thusang ba ba akanyetsang, le ba ba nang le maitseo. He ba tla fetoga motswedi wa pako le tlotlo mo go wena le Mmopi wa bone, Jehofa Modimo.
Batho ba ba Nang le Maitseo a a Siameng
17. Ke eng seo se ileng sa lemogiwa kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa?
17 “Basupi ba ba fetang 1 000” ba ba neng ba kgobokane kafa ntle ga City Hall kwa New York City mo thapameng eo ya September ba ne ba bontsha fela selekanyo se sennye sa ka moo Basupi ba ga Jehofa ba itshwarang ka gone ka metlha. Kwa lefelong lengwe gape, monna mongwe yo e neng e le lantlha a tla kwa Holong ya Bogosi o ne a bua jaana morago ga mo: “Ke ne ka kopana le batho ba ba nang le lorato ka mmatota mo letsatsing le le lengwe fela, ba ke neng ke sa ba itse gotlhelele, bao ke neng ke ise ke ko ke kopane le bone mo kerekeng e ke goletseng mo go yone.” Ga felela ka eng? “Go ne ga bonala sentle fela gore ke ne ke bone boammaaruri,” o ne a bua jalo. Monna yono o ne a fetola tsela ya gagwe ya botshelo, mme o ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa a bo a kolobediwa mo dikgweding tse supa morago ga foo.—Bapisa 1 Bakorintha 14:25.
18. Ditekanyetso tsa maitseo a a siameng tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa ama ba ba kwantle jang?
18 Ditekanyetso tsa Basupi tsa maitseo le go apara ga bone kwa dikopanong tsa bone tsa bomorafe le tsa boditšhabatšhaba di ile tsa akgolwa fela thata. Kwa go e nngwe ya ditiragalo tseo moragonyana jaana kwa Japane, mongwe yo o tsamaisang bajanala ba ba tsamayang ka bese o ne a tlhokomela jaana “Fa lo ne lo fologa mo beseng, mongwe le mongwe wa lona, go kopanyeletsa le ba babotlana, ga a ka a palelwa ke go nthaya a re, ‘Ke go leboga fela thata.’ Seo se ne sa intumedisa tota!” Kwa kopanong e nngwe, monna mongwe yo o dirang kwa boemelong jo bo gaufi jwa diterena o ne a raya Mosupi mongwe a re: “Fa batho ba ba 12 000 ba ne ba kgobokane mo kokoanong e e fetileng kwa Osaka Castle Hall go ne ga nna le tlhakatlhakano e ntsi thata.” Mme o ne a tswelela ka go re: “Lona lo na le thulaganyo tota, mme lo re imolotse. Ke kopa gore lo ise ditebogo tsa me go ope fela yo o ikarabelelang.”
19. Ke eng seo mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go ikemisetsa go se dira malebana le maitseo?
19 Dikakgolo tse di ntseng jalo di bontsha eng? Gore Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso ‘ba tshela ka tsela e e tshwanelang mafoko a a molemo.’ Mme go tweng ka rona, motho ka mongwe? Jaaka bana ba ba lebileng kwa go Rraabo yo o lorato, a rotlhe, bannye le bagolo, re lebe kwa go Rraarona, Jehofa, gore a re rute go nna batho ba ba nang le maitseo a a siameng, le eleng mo lefatsheng le le senang maitseo.—Duteronome 8:5; Diane 3:11, 12.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa maitseo a a siameng a tlhokega jaaka karolo ya boitshwaro jo bo molemo?
◻ Ke maitseo afe a a molemo a a tshwanelang kwa lefelong la rona la kobamelo?
◻ Maitseo a a molemo a ka bontshiwa jang mo bodiheding jwa tshimo?
◻ Batsadi ba ka thusa bana ba bone go tlhagolela maitseo a a siameng jang?
◻ Ke selekanyo sefe se se kwa godimo sa maitseo seo re tshwanetseng go leka go se tshegetsa?