LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 6/15 ts. 21-24
  • Ba-Venezuela Ba Ithuta go Ikanya Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba-Venezuela Ba Ithuta go Ikanya Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Go Gola ga Dipeo tsa Pele tsa Bogosi
  • Tshimo E E Sa Tshwaneng mme Fela E Nonne
  • Dikopano di Tlisa Pako go Jehofa
  • Go Betlela Koketsego E Nngwe Tsela
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 6/15 ts. 21-24

Ba-Venezuela Ba Ithuta go Ikanya Jehofa

“DINGWAGA tsa Letlotlo”—Ba-Venezuela ba bantsi ba gakologelwa dingwaga tseo di neng tsa latela morago ga 1976 jalo. Ka ngwaga oo, ditlamo tsotlhe tsa oli tseo e neng e le tsa dinaga di sele di ne tsa dirwa ke puso gore e nne tsa morafe, mme ekonomi ya naga e ne ya gola ka potlako. Jaaka sesupo sa letlotlo la dilo tse di bonalang leo le sa tswang go bonwa, go ne ga nna le dikago tse dintsi tse di agiwang go tlala le naga yotlhe. Parque Central Towers, ebong dikago tse di kwa godimo go feta tsotlhe mo nageng eo, di ne tsa agiwa kwa Caracas, eleng motsemogolo. Batho ba ne ba bonala ba na le mabaka otlhe a go ikanya go ema sentle goo ga ekonomi e e neng e gola.

Lefa go ntse jalo, gompieno bokamoso bo bonala bo sa solofetse go le kalo. Lemororo e santse e le morafe o o emeng sentle mo ekonoming, Venezuela e ile ya nna le mathata a yone a ekonomi. Batho ba koo botlhe ba gakologelwa ‘Black Friday,’ jaaka fa February 28, 1983, e bidiwa ka tlwaelo, fa madi a a dirisiwang mo nageng eo, ebong bolivar, a ne a digelwa tlase ka boleng. Ka ntlha ya seno, madi ao a ne a latlhegelwa ke maatla, mme melato eo e neng e na le yone le dinaga di sele e ne ya simolola go tlhatloga. Ka bonako, “Dingwaga tsa Letlotlo” di ne tsa fetoga “Dingwaga tsa Maemo A A Maswe a tsa Ekonomi.” Ba le bantsi ba ne ba swabile mo go botlhoko ka go bo ba ne ba beile ikanyo le tshepo ya bone mo go sa tshwanelang gone. Phapaanong le seo, Basupi ba ga Jehofa mo Venezuela ba ne ba ithuta go ikanya Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ba ile ba ipelela kgolo le koketsego e e tswelelang pele go ralala dingwaga.

Go Gola ga Dipeo tsa Pele tsa Bogosi

Dipeo tsa mafoko a a molemo a Bogosi di ne tsa tlisiwa lantlha mo Venezuela ka 1936 di tlisiwa ke babulatsela bangwe ba le babedi, kana badihedi ba nako e e tletseng, go tswa Texas, U.S.A. (Mathaio 24:14) Dingwaga di le some morago ga moo, barongwa bangwe ba le babedi—baalogi ba tlelase ya botlhano ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade—ba ne ba goroga. Ofisi ya lekala ya Watch Tower Society e ne ya bulwa mo Venezuela ka September wa ngwaga oo. Pego ya ngwaga oo e ne ya bontsha palogotlhe ya baboledi ba Bogosi ba le 19 mo Venezuela.

N. H. Knorr, mookamedi wa nako eo wa Mokgatlho, le mokwaledi wa gagwe, ebong M. G. Henschel, ba ne ba ema mo Venezuela ka November 1953 mo loetong lwa bone lwa go ya kwa Amerika Borwa. Batho ba le makgolo a le robonngwe le masome a mane le bobedi ba ne ba tla kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Caracas. Ka 1977 palo ya baboledi ba Bogosi ba mo Venezuela e ne e godile go nna tlhora ya ba ba fetang 13 800. Seo se ne sa dira gore go tlhokafale gore ofise e ntšha ya lekala e agiwe mo La Victoria, dikilomitara di le 85 ka kwa ntle ga motsemogolo wa gone. E ne ya okediwa ka karolo e ntšha mme e ne ya neelwa ka 1985. Gompieno, go na le baboledi ba ba fetang 42 900 mo diphuthegong le mo ditlhopheng tse 500 tsa mo Venezuela. Mme batho ba bantsi gape ba mo Venezuela ba ithuta go ikanya Jehofa, jaaka seno se bontshitswe mo palong e e ipedisang ya ba le 154 881 bao ba neng ba le gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1988.

Tshimo E E Sa Tshwaneng mme Fela E Nonne

Venezuela ke lefatshe la batho ba ba sa tshwaneng, mme seo se bonala mo go bao ba ileng ba ithuta go ikanya Jehofa. Santlha, naga eno e itsiwe ka batho ba bantsi ba ba fudugetseng mo go yone. Ka jalo, le eleng mo Basuping ba ga Jehofa, go na le ba le bantsi ba ba tswang kwa Italy, Portugal, Jeremane, Spain, Fora, Haiti, Trinidad, Cuba, Dominican Republic, Ecuador, le kwa mafelong a mangwe. Lefa go ntse jalo ba seoposengwe le Ba-Venezuela ka bone mo go ikanyeng le mo go direleng Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa.

Gape go na le dipharologano di le dintsi tse di leng teng ka ntlha ya dikgaolo. Motshwaraditlhapi wa kwa Botlhaba yo o tswang kwa dikgaolong tseo o farologane tota le Mo-llanero yo o ruileng dikgomo yo o tswang kwa dikgaolong tse di kwa borwa. Mo-Caraqueño yo o tsamaelang ka bonako yo o tswang kwa motsengmogolo, kana motho yo o botsalano yo o berekang mo setlamong sa oli yo o tswang kwa Maracaibo, o eleng motse wa bobedi ka bogolo mo nageng eo, o farologane thata le Mo-Andino wa molemi yo o tsamayang ka bonya go tswa kwa borwa-bophirima, koo Dithaba tsa Andes di simologang gone. Mongwe le mongwe mo go bone o na le mekgwa ya gagwe le tsela ya gagwe ya go bua. Ka jalo, mo godimo ga mekgwa ya seeng e e tsenngwang moo ke batho ba ba fudugetseng teng, go na le pharologano e e kgatlhisang mo bathong ba gone.

Go sa kgathalesege mekgwa ya botshelo e e farologaneng jalo, batho ba mefuta yotlhe ba ile ba ithuta ka Jehofa. María Luisa e ne e le mongwe wa bone. Fa esale go tloga fa a ne a le dingwaga di le supa, o ne a ntse a tseneletse mo tirisabadimong. Fa a ntse a gola, o ne a fetoga lekgoba la nnotagi, le diokobatsi, a tshela botshelo jwa boitshwaro jo bo sa siamang, mme o ne a tshwaregile mo kobamelong ya modimogadi wa Ba-Venezuela, ebong María Lionza.a Fa a tenwa ke tsela eo a neng a tshela ka yone, o ne a bereka mo mmišineng wa Katoliki a le mo gare ga Ma-India mo karolong e e kwa bophirima ya naga eo. O ne a konela ka bonako gore tiro ya gagwe e ne e sa thuse Ma-India ao kana ene. Jalo he o ne a simolola go tsenelela go le gonnye go metaphysics le mo tumelong ya gore fa motho a swa go na le koo a tsalwang teng gape mme ga a ka a bona thuso. Mo nakong eo, María Luisa o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. Kitso ya Bibela eo a neng a e bona e ne ya mo naya thata eo a neng a e tlhoka gore a lwantshane le mewa e e bosula. Jaanong o ikanya Jehofa mme ke mmoledi yo o matlhagatlhaga wa mafoko a a molemo a Bogosi.

Le eleng batho ba ba golofetseng ba ithuta go ikanya Jehofa, jaaka go bonala mo kgannyeng ya barwarra motho ba babedi, ebong Juan le Carlos. Carlos o ne a tsenwa ke bolwetsi jwa meningitis a bo a foufala fa a ne a le dingwaga di le robonngwe. Moragonyana, o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa lemororo a ne a tsenetse mokgatlho mongwe wa Makatoliki o o fodisang. O ne a kolobediwa ka 1982, mme go simolola ka December 1983 e ntse e le modihedi wa nako e e tletseng. A direla jaaka mmulatsela yo o sa boneng, o tsamaya gongwe le gongwe mo tshimong ya gagwe, mme fa go tlhokafala o tsamaya a le nosi. Lefa go ntse jalo, morwarraagwe ebong Juan, ene ke kgang e nngwe.

Juan o feta dimitara di le 1,8 ka boleele mme o ne a rata go lwa mo mmileng thata. Tsatsi lengwe o ne a thuntshiwa gabedi mo mo kwatleng. Lefa a ne a falola, o ne a sule ditokololo go simolola mo sehubeng go ya kwa tlase mme go tloga foo o ne a nna a le mo boalong ka dinako tsotlhe. Fa Basupi ba ne ba fitlha kwa go ene, o ne a dumela ka go ikgolola fela fa ba ne ba ithaopela gore ba ithute Bibela le ene. Dithuto tseo di ne tsa tsosolosa tlotlo eo a neng a na le yone mo Bibeleng. Tsholofelo ya botshelo jo bo itekanetseng kwa Paradaiseng e ne ya mo ama. Fa a fetsa go tlogela go goga, go nwa, le go dirisa puo e e sa siamang, ditsala tsotlhe tsa gagwe tsa pele di ne tsa mo tlogela gonne, jaaka ba ne ba bolela, Juan o ne a fetogile “moitshepi.” Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a ikanya Jehofa, mme kgabagare o ne a kolobediwa.

“Go nna mo bolaong ka dinako tsotlhe ga go a ka ga nkiletsa go dira thato ya ga Jehofa,” Juan o bolela jalo, “gonne bobotlana dinao tsa me le boboko di santse di dira sentle.” O direla Jehofa jang a le mo boemong joo? “Ke dirisa segatisa-mantswe sa me go diragatsa maikarabelo ao ke nang le one, jaaka a dipuo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo, dikarolo tsa Pokano ya Tirelo, le go buisa mo Thutong ya Tora ya Tebelo e e tshwarwang beke le beke. Ke na le tshiamelo ya go tshwara nngwe ya Dithuto tsa Buka ya Phuthego ya mo lefelong la rona, mme e tshwarelwa mo legaeng la me. Gape ke ile ka kgona go direla jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng.” O ikutlwa jang ka seno sotlhe? “Ke leboga ba losika lwa me thata le bakaulengwe le bokgaitsadiake ba semoya, ba ba nthusang thata jaana. Ke solofela le go rapela gore ekete rotlhe re ka ikanya Jehofa re sa kgaotse ka jalo re ke re kgone go bona letsatsi leo ka lone ‘setlhotsa se tla tlolang jaaka kwalata.’”—Isaia 35:6.

Dikopano di Tlisa Pako go Jehofa

Basupi ba ba kwa Venezuela ba fetsa go aga Diholo tse pedi tsa Dikopano maloba jaana gore ba kgone go tsweletsa tiro eno e e thusang batho ba le bantsi gore ba ikanye Jehofa. E nngwe ya tsone e kwa Campo Elias, kwa Yaracuy State, kwa karolong e e kwa bophirima-gare jwa naga eo. E nngwe, e e agilweng dikilomitara di ka nna 60 go tswa kwa borwa jwa Caracas, e na le letangwana leo go kolobediwang mo go lone, difetlhamoya, ntlo ya go apeela, le ntlo ya bojelo.

Diholo tseno di ile tsa kgatlha batho ba lefatshe thata le batho ba ba kgatlhegang bao ba ileng ba tla go di bona. Mokgweetsi mongwe wa bese o ne a hiriwa ke setlhopa sengwe sa Basupi go ba isa kwa kopanong ya bone ya potologo. Fa ba fitlha gone mme a bona lefelo le legolo leo go emisiwang dijanaga mo go lone le tikologo ya koo e ntle, mokgweetsi yoo o ne a akanya gore le ene o tshwanetse go tsena mo teng mme a bone lefelo leno. Moragonyana o ne a bolela jaana, “Seo ke neng ka se bona mo teng ga Holo eo ya Dikopano e ne e le lefatshe la mofuta wa lone fela, lefelo la mofuta wa lone fela le legolo.” O ne a kgatlhiwa thata ke thulaganyo le kutlwano moo e leng gore o ne a reetsa thulaganyo eo yotlhe ka kelotlhoko. Moragonyana ga moo o ne a kopa thuto ya Bibela mme jaanong ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng.

Ka nako nngwe kopano ya potologo e ne e tshwanetse go tshwarelwa kwa El Tigre, eleng motse o o kwa karolong nngwe e e kwa borwabotlhaba ya naga eo. Ereka Holo ya Dikopano e ne e seo kwa lefelong leo, go ne ga hiriwa lefelo lengwe la gone. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba sa itse gore go ne go na le moletlo mongwe o o tlileng go ketekelwa mo motseng oo mo go one matlha ao kopano e neng e tlile go tshwarwa ka one. Fa balaodi ba selegae ba tla go tlhoma serala seo bente e tlang go tshamekela mo go sone go bapa fela le lefelo leo kopano e neng e tlile go tshwarelwa mo go lone, Basupi ba ne ba kopa barulaganyi ba moletlo oo gore tswee tswee ba tlhome serala seo golo gongwe mme go ne ga seka ga thusa sepe. Ba setse ba itlhobogile jaanong, Mosupi yo mongwe o ne a bolelela batshwara marapo jaana: “Tswee tswee itseng fa lo ipatlela mathata fela mo go Jehofa.” Fa ba utlwa seno, monna mongwe wa motshwara marapo o ne a fetola jaana: “Nnyaa, tlhe, ga ke batle mathata ape mo go Jehofa!” Moletlo oo o ne wa tshwarelwa kwa lefelong le lengwe le le kgakala thata le leo kopano ya potologo e neng e tlile go tshwarelwa mo go lone.

Kwa kopanong e nngwe, monna wa ga kgaitsadi mongwe, yo e neng e le rradipolotiki, o ne a tla go bona gore a gongwe kgaitsadi yoo a ka ne a ratana le mongwe koo. O ne a gakgamadiwa ke boleng jwa dipuo tseo di neng di neelwa koo. O ne a bolelela mogatse jaana, “Fa ke ne nka kgona go bua jaaka monna yole, tota ke ne nka tswela pele mo tirong ya me ya dipolotiki.” Morago ga thulaganyo, o ne a ya kwa go mongwe wa bagolwane mme o ne a lopa gore a bontshiwe gore a ka tokafatsa jang tsela ya gagwe ya go bua phatlalatsa—mme ke sone fela se a se batlang. O ne a tlhagisa jaana, “Lo seka lwa ithaya lwa re ke tla ya ka ntlo le ntlo ke tshotse potomente.” Go ne ga simololwa thuto ya Bibela, mme ka bonakonyana fela monna yoo o ne a fetola mogopolo wa gagwe—o ne a batla go ya ka ntlo le ntlo a tshotse potomente go ya go rera mafoko a a molemo! O ne a tlogela dipolotiki mme a kolobediwa, mme jaanong ene le ba lelapa la gagwe ba ikanya Jehofa.

Go Betlela Koketsego E Nngwe Tsela

Fa L. A. Swingle, tokololo ya Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a ne a etetse koo, batho ba le 63 580 ba ne ba kgobokanela kwa lebaleng lengwe leo batho ba lwelang le dipoo mo go lone la Plaza Monumental kwa Valencia. Ba bantsi mo go bone ba ne ba sepetse bosigo jotlhe ka bese. Botlhe bao ba neng ba le teng ba ne ba kgothala tota fa ba utlwa Mokaulengwe Swingle a ba bolelela jaana: “Ga lo tlhole lo le lekala le lennye. Jaanong lo lekala le le bogolo jo bo magareng. Mme go bonala ekete, tsatsi lengwe mo bogautshwaneng lo tla bo lo le mo ‘lekokong la baboledi ba le 100 000’!”

Go diriwa dithulaganyo tsa go atolosa ofise ya lekala kwa La Victoria go tlamela koketsego eno e e gakgamatsang. Ee, ka dikete, batho ba kwa Venezuela ba ithuta go ikanya Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Awake! ya June 22, 1967, ditsebe 21-3.

[Mmapa mo go tsebe 21]

(For fully formatted text, see publication)

CARIBBEAN SEA

VENEZUELA

Maracaibo

ANDES MOUNTAINS

Campo Elias

Valencia

La Victoria

Caracas

El Tigre

COLOMBIA

BRAZIL

GUYANA

600 Km

400 mi

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Ditshwantsho tsa Holo ya Dikopano ya kwa Cúa tsa fa o e lebelela go tswa ka kwa ntle le fa o e lebelela go tswa kafa teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela