Nnang Badiri—E Seng Bautlwi Fela
1 Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore ba nne badiri ba lefoko e seng bautlwi fela. (Jak. 1:22) Seno se dira gore ba farologane thata le batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete mme ba obamela Modimo ka molomo fela. (Isa. 29:13) Jesu o ne a bontsha sentle gore ke fela batho ba ba dirang go rata ga Modimo ba ba tla bolokiwang.—Math. 7:21.
2 Kobamelo e e senang ditiro ke ya lefela. (Jak. 2:26) Ka jalo re tshwanetse gore re ipotse gore, ‘Ditiro tsa me di supa jang gore tumelo ya me ke ya boammaaruri? Ke eng se se bontshang gore tota ke tshela go ya ka se ke se dumelang? Nka etsa Jesu jang ka botlalo?’ Fa re ka araba dipotso tseno ka go ikanyega go tla re thusa gore re bone gore re gatetse pele go le kana kang kana gore re santse re tlhoka go gatela pele go le kana kang mo go direng go rata ga Modimo.
3 Jaaka balatedi ba ga Jesu, mokgele wa rona o mogolo mo botshelong e tshwanetse go nna o o tshwanang le o mopesalema a neng a bua ka one a re: “Re tlhotse re kgana ka Modimo letsatsi lotlhe; leina la gago re tlaa le ntshetsa malebogo ka bosenabokhutlo.” (Pes. 44:8) Bokeresete ke tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e bile bo itshupa mo go sengwe le sengwe se re se dirang. A bo re kgotsofala jang ne fa re bona gore mo go sengwe le sengwe se re se dirang re supa go tswa pelong gore re batla go baka Jehofa!—Bafil. 1:11.
4 Go Baka Jehofa go Akaretsa mo go Fetang Fela go Tshela Botshelo jo bo Siameng: Fa e ne e le gore Modimo o batla fela gore re itshware sentle, re ne re tla leka fela go tokafatsa botho jwa rona. Lefa go ntse jalo, kobamelo ya rona e akaretsa go bolela batho botlhe kafa Jehofa a tlotlometseng ka gone le go itsise leina la gagwe phatlalatsa!—Baheb. 13:15; 1 Pet. 2:9.
5 Go rera mafoko a a molemo phatlalatsa ke nngwe ya ditiro tse di botlhokwa thata tse re di dirang. Jesu o ne a ineetse go dira tiro eno ka gonne o ne a itse gore go ka raya botshelo jo bo sa khutleng mo bathong ba ba mo reetsang. (Joh. 17:3) Gompieno ‘tirelo ya thuto ya lefoko’ e botlhokwa fela jalo; ke ka yone fela batho ba ka kgonang go bolokiwa. (Dit. 6:4; Bar. 10:13) Fa re lemoga melemo e e tla nnelang ruri eno, re ka kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a re kgothatsa gore re ‘rere lefoko’ mme re le ‘tlhoafalele.’—2 Tim. 4:2.
6 Go baka Jehofa e tshwanetse go nna selo se se botlhokwa go le kana kang mo matshelong a rona? Mopesalema o ne a bolela gore go ne go le mo mogopolong wa gagwe letsatsi lotlhe. A rona ga re ikutlwe jalo? Ee, mme re tla dirisa tshono nngwe le nngwe ya fa re kopana le motho go bua ka leina la ga Jehofa. Re tla batla ditshono tse di tshwanetseng tse re ka dirang gore motlotlo wa rona e nne wa dilo tsa semoya. Mme gape re tla leka go nna le seabe ka metlha mo ditirong tsa tirelo ya tshimo tse di rulagantsweng ke phuthego. Batho bao maemo a bone a ba letlang ba ka nna ba akanyetsa tirelo ya bobulatsela ka masisi, ka gonne seno se tla re thusa gore re dire gore tiro ya go rera e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore fa re dira go rata ga Modimo ka metlha, re tla itumela.—Jak. 1:25.