LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/96 ts. 1
  • Etsa Tumelo ya Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Tumelo ya Bone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tumelo—E a Re Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 6/96 ts. 1

Etsa Tumelo ya Bone

1 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa tumelo e le “go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng.” O ne a oketsa ka gore “kwantle ga tumelo go reteletse ruri go [kgatlha Modimo].” (Baheb. 11:1, 6) Paulo o ne a re kgothaletsa go nna le tumelo, re nne le yone thata, le go e latela.—2 Bakor. 4:13; Bakol. 2:7; 2 Tim. 2:22.

2 Go na le dikai tse dintsi tse di tlhomologileng tsa tumelo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng. Mo go Bahebere kgaolo 11, Paulo o re naya lenaane le le telele la basupi ba ba neng ba supa tumelo e e nonofileng. Mo lenaaneng leno go akarediwa Abele, yo e neng e le wa ntlha go bolaelwa tumelo ya gagwe. Noa le ene o kwadilwe moo ka gonne ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a supa poifomodimo e a neng a e tlhoka go boloka lelapa la gagwe. Aberahame o akgolelwa tumelo le go nna kutlo ga gagwe. Moše o bakiwa ka go bo ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna a nitame a ntse jaaka motho yo o bonang Ene yo o sa bonaleng. Lenaane leno la dikai le ne le le letelele jaana mo e leng gore Paulo o ne a re o tla tlhaelwa ke lobaka fa a ka tswelela pele a ba tlhalosa botlhe. A bo re leboga jang ne go bo re ka nonotsha tumelo ya rona ka go akanya ka tsela e ba neng ba ‘tshela gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo’ ka gone!—2 Pet. 3:11.

3 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga Jesu o ne a botsa jaana: “E tlaa re Morwa Motho a tla, a o tlaa fitlhela tumelo mo lefatsheng?” (Luke 18:8) Jalo he, a gompieno re na le dikai tsa mmatota tsa tumelo mo gare ga rona? A re bona banna le basadi, bagolo le bannye ba supa tumelo e e nonofileng mo go Jehofa jaaka batho ba Modimo mo metlheng ya Baebele?

4 Dikai Tsa Segompieno Tsa Tumelo: Go na le dikai tsa tumelo tse di tlhomologileng tse di re dikologileng! Re ka etsa tumelo ya balebedi ba ba re etetseng pele. (Baheb. 13:7) Mme lefa go ntse jalo, ga se bone fela ba ba tlhomang sekao mo tumelong. Go na le batho ba ba ikanyegang ba ba kopanelang le phuthego nngwe le nngwe ba ba nang le dingwaga tse dintsi mo tirelong ba ikanyega mo go Jehofa, ba mo direla kafa tlase ga maemo a a boima.

5 Re tshwanetse go akgola bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang, ba go fetileng dingwaga tse dintsi ba itshoketse kganetso ya banna ba bone ba ba sa dumeleng. Batsadi ba ba nosi ba ile ba patelesega go lebana le kgwetlho ya go godisa bana ba le bosi. Go na le batlholagadi ba ba setseng ba tsofetse mo gare ga rona ba le ka motlha ba sa tlhokegeng kwa dipokanong le mororo ba sena ba losika ba ba ka ba thusang. (Bapisa Luke 2:37.) Re kgatlhiwa ke tumelo ya batho ba ba itshokelang mathata a bolwetse jo bo sa feleng. Ba le bantsi ba nna ba direla ka boikanyegi le mororo ba na le ditlhaelo tse di dirang gore ba se ka ba fiwa ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo. Go na le Basupi ba basha ba ba ileng ba supa tumelo ka bopelokgale lefa ba ganediwa kwa sekolong. Poifomodimo ya rona e a nonofa fa re ntse re bona babulatsela ba ba ikanyegang ba ba tswelelang pele ngwaga le ngwaga lefa ba lebane le mathata a a boitshegang. Fela jaaka Paulo, re tla tlhaelwa ke nako fa re ka leka go tlhalosa maitemogelo otlhe a tirelo ya Bogosi le ditiro tsa tumelo tse di dirilweng ke bakaulengwe le bokgaitsadi bano!

6 Dikai tseno tsa batho ba ba ikanyegang di a re gomotsa le go re kgothatsa. (1 Bathes. 3:7, 8) Re dira sentle fa re etsa tumelo ya bone ka gonne “ba ba dirang ka boammaaruri ba [natefela Jehofa].”—Dia. 12:22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela