Batsadi—Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona go Tswa Bonyaneng
“Lo ba godisetsè [bana ba lona] mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—BAEFESIA 6:4.
1. Ke eng seo se neng sa diragala mo botshelong jwa ga Jesu ka nako eo a neng a tshwenyegile thata ka yone?
JESU KERESETE le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo tseleng ba ya Jerusalema. Lobakanyana pele ga foo, mo makgetlong a le mabedi a a farologaneng, Jesu o ne a boleletse barutwa ba gagwe gore o ne a tla bogisiwa fela thata a bo a bolawa gone mo motseng oo. (Mareko 8:31; 9:31) Mo nakong eno eo mo go yone Jesu a neng a tshwenyegile thata, pego ya Bibela ya re: “Ba lere kwa go èna banyana ba bōnè ba banyenyane, gore a ba amè.”—Luke 18:15.
2. (a) E ka tswa e ne e le ka ntlhayang fa barutwa ba ne ba leka go koba batho? (b) Jesu o ne a itshwara jang ka tiragalo eno?
2 Go ne ga nna le karabelo efe mo go seno? Ebu, barutwa ba ne ba kgalemela batho mme ba leka go ba koba, ka phepafalo ba akanya gore ba direla Jesu molemo mongwe ka go mo sireletsa mo go tshwenngweng mo go sa tlhokafaleng le kgatelelo. Mme Jesu o ne a kgalemela barutwa ba gagwe, a ba raya are: “Lesañ banyana ba tlè kwa go nna: lo se ka loa ba itsa: . . . Me a ba tsaea mo mabogoñ a gagwè, a ba segōhatsa ka go ba baea diatla.” (Mareko 10:13-16) Ee, go sa kgathalesege sotlhe seo se ka tswang se ne se le mo mogopolong wa gagwe le pelo, Jesu o ne a na le nako ya banyana.
Ke Thuto Efe go Batsadi?
3. Ke thuto efe eo batsadi ba tshwanetseng go e ithuta go tswa tiragalong eno?
3 Seo batsadi ba ithutang sone go tswa go seno e tshwanetse go nna gore: Go sa kgathalesege ditiro dipe tse dingwe kana mathata ape a mangwe a o lebaneng nao, go senya nako le bana ba gago go tshwanetse ga tsaya sebaka sa ntlha. Nako eo le e senyang mmogo e tla go thusa go nwetsa dilo tsa semoya mo baneng ba gago tseo di tla dibelang dipelo tsa bone mme di ba beye mo tseleng e e siameng. (Duteronome 6:4-9; Diane 4:23-27) Eunike le Loise, bao e neng e le mmè le mmaagwemogolo Timotheo go ya ka go tlhomagana ga bone, ba ne ba tsaya nako go mo naya thuto eo e neng ya ama pelo ya gagwe e nnye mme ya betla botshelo jwa gagwe gore o ne a nna modihedi yo o ineetseng wa Modimo fa a gola.—2 Timotheo 1:5; 3:15.
4. Bana ba botlhokwa go le kana kang, mme batsadi ba tshwanetse go bontsha jang gore ba a ba anaanela?
4 Batsadi ba Bakeresete ga ba kake ba kgona go tlhokomologa bana bao ba ba filweng ke Jehofa Modimo. Ee, bana ke neo ya botlhokwa go tswa go Jehofa. (Pesalema 127:3) Jalo senya nako le bone—fitlhelela dipelo tsa bone—fela jaaka mmè le mmaagwemogolo Timotheo ba ne ba re beela sekao. Ga se fela gore o tshwanetse go senya nako o bua le bana ba gago kaga boitshwaro jwa bone le go ba otlhaya mme gape go tlhokega gore o je le bone, o bale le bone, o tshameke le bone, o ba thuse go ipaakanyetsa go robala bosigo. Nako yotlhe eno e o e senyang le bana ba gago ke ya botlhokwa.
5. Naya sekai sa rre mongwe yoo a neng a hontsha kanaanelo mo boikarabelong jwa gagwe jwa botsadi.
5 Rakgwebo mongwe wa Mojapane wa maemo a a kwa godimo yo o neng a fetoga Mosupi wa ga Jehofa o ne a lemoga ntlha eno. Kafa tlase ga setlhogo se segolo se se neng se re, “Ramaemo wa JNR o Tlogela Tiro go ya go Nna le Lelapa,” Mainichi Daily News ya February 10, 1986, e ile ya bega jaana: “Ramaemo mongwe wa Japanese National Railways (JNR) o itlhophetse go tlogela tiro go na le go kgaoganngwa le lelapa la gagwe . . . ‘Tiro ya go nna mokaedimogolo e ka tsewa ke mongwe le mongwe fela mme nna ke nna fela rre wa banake, ga rialo Tamura.’” A le wena o tsaya boikarabelo jwa gago jwa botsadi ka bomasisi jalo?
Ke ka Ntlhayang fa go Tlhokega Maiteko a a Kgethegileng Jaanong
6. Ke ka ntlhayang fa go le thata go godisa bana sentle gompieno?
6 Gongwe mo ditiragalong tsa motho ga go ise go ke go nne bokete jaana go godisa bana ka tsela eo Lefoko la Modimo le laolang ka yone, “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Lebaka la seno ke ka ntlha ya gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” mme Satane le badimona ba gagwe ba tsositse kgoberego e kgolo ka gonne ba galefile, gonne ba itse gore nako e e ba saletseng e khutshwane. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolō 12:7-12) Ka gone, maiteko a batsadi ba a dirang go godisa bana ba bone ka tsela ya bomodimo a kgorelediwa ke “moya” wa tshwantshetso o o laolwang ke Satane. “Moya” oo, kana moya wa bogagapa le boganana, o leswe fela jaaka moya o re o hemang.—Baefesia 2:2.
7, 8. (a) Ke eng seo thelebishene e ka se tlisang mo legaeng, mme lefa go le jalo ke eng seo batsadi ba le bantsi ba se dirang? (b) Ke ka ntlhayang fa go dirisa thelebishene jaaka motlhokomedi wa bana e le go tlogela boikarabelo jwa botsadi mo go swabisang?
7 Thelebishene, segolo bogolo, e tlisa ‘moya wa lefatshe’ mo legaeng, “moya” ono o o nang le botlhole. (1 Bakorintha 2:12) Tota seo se bonwang mo thelebisheneng gant si se tlhotlhelediwa fela thata ke lephata la boitlosobodutu la karolo ya boitsholo jo bo sa siamang le go robalana ga banna. (Baroma 1:24-32) Bana ba gago ba mo kotsing segolo jang ya go amiwa ke go akanya mo eseng ga bomodimo le bosula jwa boitsholo jo bo sa siamang jo bo bontshiwang moo, le eleng fela jaaka ba amiwa ke go kgotlelwa ga moya. Mme ke eng seo batsadi ba bantsi ba se dirang?
8 Ba dirisa thelebishene jaaka motlhokomedi wa bana. “Eseng jaanong, ngwanaka. Ke santse ke bereka. Ya go leba thelebishene,” ke seo ba se bolelelang bana ba bone. Mogasi mongwe yo o kwa godimo wa thelebishene o bolela gore mafoko ano ke “ao gantsi a buiwang mo magaeng a le mantsi a Maamerika.” Mme lefa go le jalo go romela bana ba gago go ya go leba sepe fela seo se leng mo thelebisheneng; tota, ke go ba senya. (Diane 29:15) Seno ka maswabi ke go tlhokomologa boikarabelo jwa gago jwa botsadi. Jaaka mogasi yono a ne a tlhokomedisa malebana le go godisa bana: “Boikarabelo jwa botsadi bo bogolo ebile bo ja nako e ntsi mme ga bo kake jwa abelwa yo mongwe, eleruri tota eseng thelebishene.”
9. Bana ba tlhoka go sirelediwa mo kgotlelong efe segolo-bogolo?
9 Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya dikgatelelo tsa nako eo re tshelang mo go yone, o ka nna wa sekamela mo go reng, jaaka barutwa ba ne ba dira, o kgaphele bana ba gago kwa thoko e le gore o tle o dire tiro nngwe e o akanyang gore e botlhokwa thata. Mme ke eng seo se leng botlhokwa go feta bana bao e leng ba gago? Matshelo a bone a semoya a mo kotsing! O ka nna wa gakologelwa gore fa kotsi ya nuklea ya kwa Chernobyl e ne e diragala kwa Soviet Unioñ ka 1986, bana ha ne ba tlosiwa mo kgaoiong eo go ba sireletsa mo phefong e e kgotletsweng. Ka mo go tshwanang, fa e le gore o tla tlhokomela bomoya jwa bana ba gago, o tshwanetse go ba sireletsa kgatlhanong le “moya” o o kotsi wa lefatshe leno, 00 gantsi o tswang mo thelebisheneng.”—Diane 13:20.
10. Ke metswedi efe e mengwe ya “moya” o o nang le botlhole oo o leng kotsi mo baneng, mme ke sekai sefe sa Bibela seo se bontshang seno?
10 Lefa go ntse jalo, go na le metswedi e mengwe gape ya “moya” o o nang le botlhole, 00 o ka senyang maitsholo a mantle wa ba wa thatafatsa ditlhaloganyo tse dinnye. Bokopano jo bo sa siamang le bana mo tikologong le kwa sekolong le gone go ka nna ga timetsa dithuto tsa boammaaruri jwa Bibela tseo di jadilweng mo dipelong tsa bone tse dinnye. (1 Bakorintha 15:33) Go ka ithutiwa sengwe go tswa go morwadia Jakobe ebong Dina, yo a neng a tlhola a “cwa a ea go bōna bomorwadia lehatshe” mme, ga felela ka gore a senngwe ke mongwe wa makawana a koo. (Genesise 34:1, 2) Bana ba tshwanetse go laiwa sentle le go katisiwa go tila gore ba seka ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang joo bo senyegileng le eleng go feta nako eo.
Ke Ka Ntlhayang fa ba Tshwanetse go Thapisiwa go Tswa Bonyaneng?
11. (a) Batsadi ba tshwanetse go simolola go thapisa bana ba bone leng? (b) Ke diphelelo dife tseo di molemo tse di ka lebelelwang?
11 Mme batsadi ba tshwanetse go simolola go ba thapisa leng? Bibela e bolela gore Timotheo o ne a amogela katiso ya gagwe go tswa “bonyaneñ.” (2 Timotheo 3:15) Ka mo go kgatlhisang, lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano, ebong breʹphos, gantsi le dirisiwa mabapi le ngwana yo o iseng a tsholwe, jaaka mo go Luke 1:41, 44. Koo lesea Johane le ne la bolelwa le tlola mo sebopelong sa ga mmaalo. Mme breʹphos gape le dirisiwa le lebisitswe go bana bao ba neng ba sa tswa go tsholwa ba Baiseraele bao matshelo a bone a neng a le mo kotsing kwa Egepeto ka nako ya fa Moshe a tsholwa. (Ditihō 7:19, 20) Mo kgannyeng ya ga Timotheo, ka phepafalo lefoko leo le supela go ngwana yo monnye, kana lesea, mme eseng ngwana fela yo mmotlana. Timotheo o ne a rutiwa dikwalo tse di boitshepo go tloga ka nako eo a kgonang go gakologelwa, go tloga ka nako ya fa a santse e le lesea. Mme abo go ne ga felela ka diphelelo tse di molemo! (Bafilipi 2:19-22) Lefa go le jalo, a bana ba ba sa tswang go tsholwa ba ka solegelwa molemo mo thutong eo ya fa ba santse ba le babotlana thata?
12. (a) Masea a ka simolola go tshwara dipolelwana le boikitsiso leng? (b) Ke leng mme ke jang batsadi ba tshwanetseng go simolola go naya bana ba bone thapiso ya semoya?
12 “Nngwe ya diphitlhelelo tse di kgatlhisang mo lephateng lotlhe la thuta-tlhaloganyo ya motho ke kitso eo re nnileng nayo bosheng ya kgono e kgolo eo lesea le nang nayo mo go ithuteng,” go begile jalo Dr. Edward Zigler, yo eleng moperofesara wa Unibesithi ya Yale, ka 1984. Ebile tota, makasine wa Health o bua jaana: “Masea a a santseng a le mo sebopelong a kgona go bona, go utlwa, go latswa—le go ‘utlwa’ maikutlo, go kaya jalo dipatlisiso tsa bosheng.” Ka phepafalo, ga go kake ga twe batsadi ba simolotse go sale gale thata go thapisa bana ba bone. (Duteronome 31:12) Ba ka simolola ka go bontsha bana ba bone ditshwantsho mo dibukeng le go ba balela dikgannyana. “Dingwaga tse di botlhokwa-tlhokwa,” go bua jalo Masaru Ibuka, mokwadi wa buka Kindergarteñ Is Too Late, “ke dingwaga tsa go tloga fa a tsholwa go ya go di le tharo.” Seno ke ka ntlha ya go bo segolo bogolo tlhaloganyo ya lesea e kgona go laolwa, go tshwara boikitsiso motlhofo, jaaka fa sena se supelwa ke go kgona ga ngwanyana go bua puo e sele. Moporofesa mongwe wa mo thutong ya bannye kwa Yunibesithing ya New York o ile a bua le eleng gore “batsadi ba tshwanetse go simolola go ruta bana ba bone go bala go tloga fela ka nako ya fa ba ba tlisa gae go tswa sepetlele”!
13. Ke eng seo se bontshang kgono ya masea ya go ithuta?
13 Mmè mongwe go tswa Canada o ne a kwala jaana mabapi le kgono ya ngwana wa gagwe ya go ithuta: “Tsatsi lengwe ke ne ke balela morwa wa me yo o dingwaga di nne le sephatlo polelo go tswa go Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, ebong Shauñ. Fa ke ne ke ikhutsa ka nako nngwe, ke ne ka gakgamadiwa ke go utlwa a tswelela ka polelo eo, lefoko ka lefoko, fela jaaka e ntse mo bukeng ya Dipolelo tsa Bibela. . . . Ke ne ka leka e nngwe ka ba ka leka e nngwe gape, mme o ne a tshwere nngwe le nngwe ya tsone ka tlhogo. . . . O ne a tshwere dipolelo tsotlhe tsa ntlha tse 33 ka tlhogo, lefoko lengwe le lengwe, go akareletsa le maina a batho le a mafelo a a thata.”a
14. (a) Ke bomang bao ba sa gakgamadiweng ke dilo tseo masea a di iitlhelelang? (b) Ke eng seo e tshwanetseng go nna mokgele wa batsadi ba Bakeresete? (c) Bana ba tshwanetse go baakanyediwa eng, mme ka ntlhayang?
14 Bao ba tlwaelaneng thata le nonofo ya bana ya go ithuta ga ba gakgamadiwe ke kgono e e ntseng jalo. “Lefatshe le ka bo le tletse ka borakitso ba ba tshwanang le Einsteiñ, Shakespeare, Beethoveñ le Leonardo da Vinci fa re ne re ruta masea go na le bana,” ga bua jalo Dr. Glenn Domañ, mokaedi wa The Institutes for the Achievement of Rumañ Potential. Legale, mokgele wa batsadi ba Bakeresete ga se go nna le borakitso mme ke go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone gore le ka motlha bana ba seka ba tlogela go direla Jehofa. (Diane 22:6) Maiteko a a jalo a tlhoka go dirwa pele fela ngwana a ya sekolong, e le go mmaakanyetsa diteko tseo a tla kopanang le tsone koo. Ka sekai, dithulaganyo tsa dikolo tsa bana ba babotlana kana tsa tlhokomelo ya bana, ke tseo di dirang meletlo ya matsalo le ya malatsi a boikhutso tseo di ka itumedisang bana ba bannye. Ka jalo ngwana o tshwanetse go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba sa kopanele mo go seno. Go sa nneng jalo fa a gola o ka nna a ila bodumedi jwa batsadi ba gagwe.
Ka Moo o ka Fitlhelelang Pelo ya Ngwana ka Gone
15, 16. Ke eng seo batsadi ba ka se dirisang go iitlhelela pelo ya ngwana wa bone, mme dipaakanyetso tseno di ka dirisiwa ka katlego jang?
15 Go thusa batsadi go fitlhelela pelo ya ngwana wa bone, dikgatiso tse di tshwanang le Go Reetsa Morutisi yo Mogolo di setse di baakanyeditswe ke Basupi ba ga Jehofa. Buka eno e bua ka meletlo le gore e ka nna “boipelo jo bogolo” mo kgaolong ya yone e e reng “Batho ba Babedi ba ba ileng ba Keteka Malatsi a Botsalo.” Lefa go le jalo kgaolo e tlhalosa gore meletlo ya botsalo e mebedi fela e e umakiwang mo Bibeleng e ne ya ketekwa ke baheitane, bao ba neng ba sa obamele Jehofa, le gore mo moletlong mongwe le mongwe ‘mongwe o ne a kgaolwa tlhogo.’ (Mareko 6:17-29; Genesise 40:20-22) o ka dirisa boikitsiso jono jang go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago?
16 o ka nna wa dirisa mokgwa ono o o ikuelang o o mo bukeng ya Morutisi yo Mogolo ka go re: “Re a itse gore sengwe le sengwe se se leng mo Bibeleng se teng ka lebaka.” He o ka botsa: “Re ka re Bibela e re bolelelang ka meletlo ya matsalo?” Ka go dira jalo ngwana wa gago o thusiwa go akanyetsa kgang le go fitlhelela diphetso tse di siameng. Kwantle ga buka Morutisi yo Mogolo, dikgatiso tse dingwe di setse di baakanyeditswe go dirisiwa ke batsadi, go akareletsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le metseletsele ya ditlhogo tsa “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu” tseo di ntseng di tlhaga mo tokololong nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo fa esale go tloga ka April 1985. A o ntse o dirisa ditlhogo tseno mo go ithuteng le mo go ruteng bana ba gago?
17. Ke dikakantsho dife tseo di dirang tseo batsadi ba di fiwang fano?
17 Fa e le ka ngwana wa gago, o tlhoka go boeletsa boikitsiso jono jo bo akareletsang dikgang le maemo ao ba tla kopanang le one kwa sekolong. Dira gore ngwana wa gago a itse gore wena le ene le ikarabelela mo go Jehofa. (Baroma 14:12) Tlotlomatsa dilo tse di molemo tseo Jehofa a re di direlang, ka go dira jalo o tlhotlheletsa pelo e nnye ya ngwana wa gago go batla go itumedisa Jehofa. (Ditihō 14:17) Dira gore nako ya go ithuta e nne e e itumedisang. Bana ba rata dipolelo, jalo berekela mo go ruteng ka tsela eo o tla fitlhelelang pelo ya ngwana wa gago ka yone. Malapa a le mantsi a latlhegelwa ke tshono eno e e itumedisang malebana le dinako tseno ka go sa kopanele dijo mmogo ka metlha. A lo ja mmogo jaaka lelapa? Fa o sa go dire, a o ka baakanya seemo seo?—Bapisa Ditihō 2:42, 46, 47.
18, 19. (a) Batsadi ba tshwanetse go baakanyetsa go rota bana ba bone jang, mme ke eng seo se leng ootlhokwa thata? (b) Ke dikarolo dife tsa sekai sa segompieno sa thapiso ya botsadi tseo di go kgatlhang, mme o akanya gore go ka felela ka eng fa motsadi a ka di dirisa?
18 Nako ya go ithuta e tshwanetse ya lekanngwa le bogolo jwa ngwana. Jalo mabapi le lesea, leo nako ya go reetsa ga lone ka tlhomamo go leng potlana, nna le nako ya dithuto tse dikhutshwane tsatsi le letsatsi. Go tswa foo, fa nako e ntse e ya, di lelefatse o bo o oketsa seo se ithutiwang. Botlhokwa jwa go nna le dinako tsa ka metlha tsa go ruta bana ba gago go botlhokwa fela thata. (Genesise 18:19; Duteronome 11:18-21) Rre mongwe, yoo jaanong a leng mo dingwageng tsa masome a a supang, o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go godisa morwawe, yo jaanong e leng mogolwane wa Mokeresete. Dingwaga di le dintsi tse di fetileng o ne a tlhalosa thulaganyo ya gagwe, jaana:
19 “Fa morwa wa rona a ne a ka nna ngwaga o le mongwe fela ke ne ka simolola go mo tseela dikgannyana tsa Bibela fa a ya go robala, ke di tlotla ka tsela e e atolositsweng, e e kgabisitsweng gore a kgone go lemoga sentle. Mo ngwageng wa bobedi fa a simolola go bua re ne re khubama ka mangole fa bolaong jwa gagwe mme ke ne ke dira gore a boeletse fa morago ga me lefoko lengwe le lengwe, la ‘Thapelo ya Morena.’ . . . Fa a le dingwaga di le tharo ke ne ka simolola thuto ya ka metlha ya Bibela le ene . . . O ne a latela mo bukeng ya gagwe, a boeletsa mafoko fa morago ga me. Jalo o ne a bua mafoko sentle mme ka gone a ithuta go bitsa mafoko a a thata sentle. . . . Go thusa gore boammaaruri jwa Bibela bo tsenelele kwa teng mo pelong ya gagwe, fa a le dingwaga di le tharo re ne ra simolola gore a tshware ka tlhogo ditemana tse di motlhofo tsa Bibela. Nako ya fa a ya sekolong sa bana ba babotlana o ne a setse a itse ditemana di le masome a mararo, mme mo ngwageng o o fetileng ka September fa a ne a simolola seemo sa ntlha o ne a setse a tshwere ka tlhogo ditemana di le masome a supa. . . . Pele ga morwa wa rona a ya go robala ke mo dira gore a boeletse dingwe tsa dikwalo tse a di itseng. Fela jalo fa a tsoga mo mosong gantsi o boeletsa dingwe tsa ditemana tseno jaaka karolo ya tumediso ya gagwe ya letsatsi leo.”
20. Ke eng se se tshwanetseng go akarediwa mo thulaganyong ya thuto, mme ngwana o ka ipelela jang tirelo ya ntlo le ntlo?
20 Thulaganyo e e ntseng jalo e e tswelelang ya go ruta, go akareletsa le sekao se se siameng sa batsadi le go dirisa kotlhao ka tlhomamo, di tla dira gore ngwana wa gago a simolole botshelo joo a tla bo lebogelang ka metlha. (Diane 22:15; 23:13, 14) Karolo ya botlhokwa ya thulaganyo eno e tshwanetse go nna go thapisediwa bodihedi jwa phatlalatsa go tswa bonyaneng. Go dire boitemogelo jo bo itumedisang ka go baakanyetsa ngwana wa gago go tsaya karolo. Rre yo o umakilweng fa godimo o ne a akgela gape jaana mabapi le morwa wa gagwe: “Go kgona ga gagwe go tsopola dikwalo go mo dira yo o atlegang thata mo tirelong ya ntlo le ntlo, ereka beng ba matlo ba le bantsi ba gakgamala ba bile ba ka seka ba gana dimakasine tsa Bibela tseo a di ba neelang. O sale a arola mo tirelong eno ya Bokeresete go tloga a le dingwaga tse tharo, mme jaanong [o dingwaga di le 6] gantsi o atlega thata mo go neelaneng ka dibuka tsa Bibela mo bathong go gaisa nna le mosadi wa me.”—Awake!, January 22, 1965, ditsebe 3-4.
21. (a) Ke mpho efe e e molemo eo batsadi ba ka e tlogelelang bana ba bone? (b) Ke kgothatso efe e e newang batsadi, mme ke eng seo batsadi botlhe ba ba nang le bana ba bannye ba tshwanetseng go bo ba na le sone?
21 Eleruri, batsadi ba Bakeresete ba na le boswa jo bo molemo, eleng kitso kaga Jehofa, eo ba tshwanetseng go e tlogelela bana ba bone eo e nayang tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng, kagiso, le boitumelo mo lefatsheng le lesha le le galalelang. (Diane 3:1-6, 13-18; 13:22) Mo godimo ga tseo tsotlhe, aga mo dipelong tsa bana bano tsholofelo ya isagwe e e molemo e e itumedisang, mmogo le keletso ya go direla Jehofa. Dira gore kobamelo ya boammaaruri e nne boitemogelo jwa tlholego le jo bo itumedisang mo go bone. (1 Timotheo 1:11) Tsenya mo go bone go ikanya Jehofa go tswa bonyaneng. Mme o seka le ka motlha, nnyaa, lefa e le ka motlha ope, wa lesa, go nna le dinako tsa go ithuta ka metlha le bone! Baya tseno kwa pele, ka metlha o ntse o tlhatlhoba gore bana ba gago ba tlhoka boikitsiso bofe le kafa o ka fitlhelelang dipelo tsa bone ka jone botoka ka gone. O tshwaregile ebile o kafa tlase ga kgatelelo; Satane le lefatshe la gagwe ba dira gore go nne jalo. Mme gakologelwa sekao sa ga Jesu! Le ka motlha o seka wa tshwarega thata mo o sa kakeng wa nna le thuto ya ka metlha le bana ba gago!
[Ntlha e e kwa tlase]
a A ise a ho a kgone go bala, o ne a setse a ithutile dipolelo tseno fela ka go reetsa dikhasete tse di gatisitsweng tsa buka eo.
O ne o ka Arabela Jang?
◻ Ke bosupi bofe jwa Bibela joo bo bontshang gore batsadi ba tshwanetse go baya ditlhokafalo tsa bana ba bone kwa pele?
◻ Ke ka ntlhayang fa batsadi jaanong ba tlhoka go dira maiteko a a kgethegileng go sireletsa bana ba bone?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go thapisa ngwana go tswa bonyaneng?
◻ Ke dikakantsho dife tse di dirang tseo batsadi ba ka di dirisang go fitlhelela pelo ya ngwana wa bone?
◻ Ke eng seo batsadi ba Bakeresete le ka motlha ba sa tshwanelang go se tlhokomologa?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go katisa ga botsadi ga go ka ke ga twe go simolotswe go sale gale thata