Basha—Itiseng mo go Tsheleng Botshelo Jwa Boitimokanyo
“Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gaga; . . . me u bo u itse ha Modimo o tla gu isa tshekoñ kaga dilō tse cotlhe hèla.”—MORERI 11:9.
1, 2. Go na le sekai sefe sa mosha yo o neng a tshela botshelo jwa boitimokanyo?
“KE NE ka golela mo Bakereseteng go tswa fela kwa bonyaneng, gareng ga Basupi ba ga Jehofa,” ga kwala jalo mosha mongwe. “Lefa go le jalo, botshelo joo ke neng ke bo tshela, lefa ke ne ke santse ke le kwa gae, bo ne bo farologane thata le ditekanyetso le go akanya ga batsadi ba me. Bogolo jwa botshelo jwa me e ne e le jo bo repileng, botshelo jwa boithatelo jwa lefatshe.”
2 Mosha yoo gape o ne a tlhalosa ka go re: “Le eleng pele ga ke nna dingwaga tse some, ke ne ka simolola go tshela matshelo a mabedi a a farologaneng ka mo ke neng ke ka kgona ka gone—gore ke amogelwe ke bo ke nne le ditsala kwa sekolong mme gape ke nne ke amogelwe ke batsadi ba me. Kwa sekolong ke ne ke inaakanya ka moo ke neng ke ka kgona ka gone le mokgwa le boitshwaro jwa koo . . . Mme kwa gae ke ne ke farologane gotlhelele. Ke ne ke le Mokeresete yo o itshwarang sentle yoo batsadi ba me ba neng ba mo lebeletse.”
3. (a) Lefa go na le seo re se lemogang, ke tshepo efe e re nang nayo? (b) Ke eng seo se re dirang gore re lebise tlhokomelo go basha?
3 Re lemoga gore boitshwaro jwa mosha yono ga bo tshwane le jwa bontsintsi jwa lona basha mo phuthegong. Re tshepa gore, bontsi jwa lona lo ikanyega mo batsading ba lona le mo phu thegong, mme sena se itumedisa dipelo tsa rona. Ka nako e e tshwanang, re itse gore bangwe ba itshema gore ba siame, mme lefa go le jalo ka bojotlhe jwa bone, ba fitlhela bagolo tsela nngwe e e phoso. Ka gone potso ke go re: A o mofuta wa motho yoo o re dirang gore re dumele gore o ene, a kana o tshela botshelo jwa boitimokanyo? Ga re botse sena ka boikutlo jwa go lo bona molato mme, go na le moo, ka gonne ka boammaaruri re a lo rata ebile re batla go lo thusa go ipelela bosha jwa lona ka go bo tshela ka tsela eo e tla itumedisangJehofa.—Moreri 11:9, 10; 12:14; 2 Bakorintha 5:10.
4. Ke jang bagolo bangwe le bone ba tshedileng botshelo jwa boitimokanyo, mme ke eng seo se etsweng tlhoko bosheng gareng ga batho ba basha?
4 Lefa go le jalo, lo ka nna lwa botsa lwa re: ‘Ke ka ntlhayang fa lo bua ka rona basha fela? Go tweng ka bagolo?’ Ga go na pelaelo ya gore le bone ba tshwanetse go itisa mo go tsheleng botshelo jwa boitimokanyo. Gehasi, mothusi wa ga Elisha, o ne a dira ka boferefere, a leka go bipa ntlha ya gore o ne a amogetse dimpho mo go Naamane. (2 Dikgosi 5:20-26) Mme Ananiase le Safira, bao e neng e le batsadi, ba ne ba bua maaka ka go bolela gore ba ne ba neile baaposetoloi madi otlhe ao ba neng ba rekisitse tshimo ka one—ba leka go dira gore ba lebege ba le molemo—fa tota ba ne ba itshadiseditse madi mangwe. (Ditihō 5:1-4) Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo re bua le lona basha ke gore go lebega go nnile le koketsego mo tiragalong ya bothata jono gareng ga lona.
Lebaka la go bo Bangwe ba Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyo
5. (a) Ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba tshela botshelo jwa boitimokanyo? (b) Gantsi basha ba tshwarwa jang fa ba tshela matshelo a mantle, mme jalo bangwe ba dira eng?
5 Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Mosha mongwe o ne a tomolola lebaka la konokono, a tlhalosa ka go re: “Ke ne ke sa batle go latlhegelwa ke ditsala tsa me ka go nna yo o farologaneng.” Ke boammaaruri gore go nna yo o farologaneng ka tsela e e molemo gantsi go dira gore motho a kgalwe ka metlha yotlhe. (Bapisa 1 Petere 3:16; 4:4.) Go tila sena le go dira gore ba amogelwe ke balekane ba bone, basha bangwe ba dira gore ba tagwe le go tagwa kana ba tlhakanele dikobo. Mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 13 yo o seng Mosupi, yo o tsayang maemo a ntlha mo dithutong tsotlhe tsa gagwe a bile a tsaya karolo mo metlotlong ya setlhopha sa gagwe, o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Makau ga a kitla a kgatlhegela motho yo o itsegeng ka molemo jaaka nna . . . Ke akanyetsa go isa kwa tlase matshwao a me kana go dira sengwe fela gore ke tle ke tume.”
6. Petere o ne a tlhotlheletsega go sa itshware sentle jang, mme jalo se se tshwanetse go ama jang tsela e re atlholang basha ba rona ka yone?
6 Selo sa botlhokwa ke gore, moaposetoloi Petere ka boene nako nngwe o kile a akanya ka boene, kana go tuma ga gagwe, go na le go dira seo a neng a itse gore se siame. Fa Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba tswa Jerusalema ba ne ba etela kwa Antioka, Petere o ne a itomolola mo Bakereseteng ba Baditšhaba ka go bo a ne a tshaba go nyadiwa ke Bajuda gore o ne a itlhakatlhakanya le Baditšhaba bano. (Bagalatia 2:11-14) Ka gone ereka le eleng Bakeresete ba ba godileng le bone ba ineetse mo kgatelelong ya balekane ba bone, a go a gakgamatsa go bo basha ba ba senang maitemogelo le bone ba ka dira jalo?—Diane 22:15.
7. Ke eng seo se ka raelang basha bangwe go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
7 Lebaka le le amanang le seo la go bo basha bangwe ba tshela botshelo jwa boitimokanyo ke gore ba dumela gore ba fetwa ke monate mongwe. Ba utlwa basha kwa sekolong ba bua kaga ditiro tsa bone—kafa moletlo o neng o le monate ka teng, mmino o o monate, go nwa, diokobatsi, kafa ba neng ba tagwa ka teng ke diokobatsi tseo! Kana ba utlwa kafa ene [mosimane kana mosetsana J, a kgonang go atla kana go robalana ka teng. Jalo keletso ya go itemogelela dilo tseno e tsoge, mme basha ba tlhotlhelediwa go leka seo Bibela e se bitsang “go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka.”—Bahebera 11:24, 25; 1 Bakorintha 10:6-8.
8. Lebaka le legolo la go bo basha ba tshela botshelo jwa boitimokanyo ke lefe?
8 Lefa go ntse jalo, lebaka le legolo la go bo basha bangwe ba tshela botshelo jwa boitimokanyo ke ka go bo Jehofa le lefatshe le lesha le le tlang e se dilo tsa mmatota mo go bone. Ga ba dumele ka boammaaruri ditsholofetso tsa ga Jehofa kana ditlhagiso tseo di bolelwang mo Lefokong la gagwe le phuthego ya gagwe e e bonalang mabapi le diphelelo tsa go sa utlwe Jehofa. (Bagalatia 6:7, 8) Ga ba tshwane le Moshe, yoo Bibela e reng ka ene: “O na a lebile tehO ea tuèlo [ya Modimo]. . . . O na a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” Go Moshe, Jehofa le ditsholofetso tsa Gagwe e ne e le dilo tsa mmatota. Mme bao ba tshelang botshelo jwa boitimokanyo ba tlhaela tumelo eo. Seo ba se bonang fela ke seo Satane a batlang gore ba se bone—go phatsima ga tsamaiso ya gagwe. Mme ka jalo ba sale morago go ipelela boleo ka nakwana mme lefa go le jalo, ka nako e e tshwanang ba leka go itshema gore ba boitsepo.—Bahebera 11:26, 27.
Batsadi, lo ka Nna le Seabe
9. (a) Batsadi ba ka nna le seabe jang mo go direng gore bana ba bone ba tshele botshelo jwa boitimokanyo? (b) Bagolo ba tlhoka go tlhaloganya eng le go nna ba thantse go dira eng?
9 Mosha yo o tsopotsweng kwa tshimologong o ne a etse tlhoko jaana: “Seo se neng se dira gore ke seka ka ratega kwa sekolong se ne se dira gore kwa gae ba nkamogele ba bo ba intumelele. Mme ke ne ke tlhoka se se fetang seo. Ke ne ke tlhoka mongwe yoo ke neng ke ka mo ngaparela, yoo ke neng ke ka bua nae, ka ba ka itsheba nae, mme batsadi ba me ba ne ba sa nna jalo.” Batsadi, a lo iketse tlhoko gore lo seka lwa dira gore bana ba lona ba tshele botshelo jwa boitimokanyo? A lo ba naya tlhokomelo ya botho le kaelo eo ba e tlhokang? Bagolo ba tshwanetse go tlhaloganya dikgatelelo tse dikgolo, tseo di koafatsang tumelo tseo basha ba rona ba thulanang natso kwa sekolong mme ba nne ba thantse go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go ba kgothatsa le go ba thusa.—Pesalema 73:2, 3; Bahebera 12:3, 12, 13.
10. (a) Ke go batla go itse gofe moo eleng boikarabelo jwa batsadi go itebaganya le gone? (b) Ke eng seo gantsi e nnang phelelo fa batsadi ba retelelwa ke go neela kaelo?
10 Gantsi bontsi jwa dipotso tsa mosha di amana le kamano ya gagwe le batho ba bong bo sele, seo e leng kgang eo, ka maswabi, batsadi ba le bantsi ba e tilang. “Ba ne ba seke ba buisana le nna go tswa pelong,” ga anela jalo moithuti mongwe yo montlenyane yo o ikanyegang wa dingwaga tse 15. “Ke ne ka ithuta sengwe le sengwe seo ke neng ke tlhoka go se itse kaga tlhakanelo-dikobo ka bonna. . . . Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go ntsha kgang eo lemororo go ne go na le dilo di le dintsi tseo ke neng ke batla go di itse.” Diphelelo e ne ya nna eng? O ne are: “Lobota lo lo sa bonaleng loo lo neng lo le fa gare ga batsadi ba me le nna lo ne lwa gola ka bokima, mme ke ne ka nna mosetsanyana yo o batlang go itse thata, yo o seeleele le yo o ineelang motlhofo fela.” Ee, o ne a ineela mo dikopong tsa tlhakanelo-dikobo tsa lekawana lengwe, mme o ka re ke bomang bao le bone ba neng ba na le boikarabelo mo go seno?—Diane 22:3; 27:12.
11. (a) Batsadi ba ka bontsha jang gore ba rata bana ba bone? (b) Basha ba ka nna ba arabela jang go lorato loo?
11 Go botlhokwa gore batsadi ba bontshe basha ba bone gore ba ba rata ka boammaaruri ka go senya nako le bone, go buisana le bone ka dilo tse di kwa teng, le go ba neeladikaelo. (Diane 15:22; 20:18) “Ke ikutlwa gore fa tota ba ne ba amega ka nna ba ka bo ba dirile melao mengwe,” ga elatlhoko mosha mongwe jalo. Le eleng fa basha ba ngadisiwa ke melao ya lona le ditaolo jaanong, moragonyana ba tla leba kwa morago mo go tsone ka kanaanelo. Mosha mongwe o ne a kwalela mmaagwe jaana: “Jaaka mongwe yoo gangwe le gape a neng a ntse a lekeletsa fa a ka tlolang teng, a batla fa go leng bokoa teng le ditsela tsa go tila melao e e thata le ditaolo, ke leboga fela go le gogolo go bo o ne wa nkgagamaletsa dilo.” Jalo bontsha gore o rata bana ba gago ka go batla gore ba dire tumalanong le melawana ya gago. Ekete le ka motlha o ka se nne le seabe mo go direng gore ba tshele botshelo jwa boitimokanyo ka go retelelwa ke go buisana le bone ka metlha yotlhe kana ka go sa nne teng fa ba go tlhoka!
12. Ke boikutlo bofe jo bo sa siamang joo batsadi bangwe ba nang najo joo bo dirang gore bana ba tshele botshelo jwa boitimokanyo?
12 Batsadi gape ba ka nna le seabe ka tsela e e farologaneng fela thata mo go direng gore bana ba bone ba tshele botshelo jwa boitimokanyo. Dikakgelo tsa moatlhodi mongwe wa kgotlatshekelo e kgolo ya naga ya New Jersey di bontsha seno. “Barutabana,” ga rialo moatlhodi, “ba leka go otlhaela bana go dira phoso kwa sekolong mme go tswa foo batsadi ba ba nyatsa fela thata go na le go ba ema nokeng.” Go lebega batsadi bangwe ka phoso ba dumela gore basha ba bone ga ba kake ba dira phoso epe. Le eleng fa bagolwane ba Bakeresete kana bangwe ba ha nang le maikarabelo mo phuthegong ba ba tlhokomedisa go dira phoso ga bana ba bone, batsadi ba ithiba ditsebe. Ka go dira jalo, ba nna le seabe mo boferefereng jwa basha ba bone.
Seo Tota Botshelo jwa Boitimokanyo e Leng Sone
13. Tota go tshela botshelo jwa boitimokanyo go raya eng?
13 Go botlhokwa go akanyetsa sena: Tota go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke go bua maaka—go nna leferefere, go itira se o seng sone. (Pesalema 12:2; 2 Timotheo 3:13) Ke go nna jaaka Satane, yo o ‘itshwantshang le moengele wa lesedi.’ (2 Bakorintha 11:14, 15) Gape go raya go tshwana le baeteledipele ba bodumedi bao Jesu a neng a bua jaana ka bone: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bōnalañ di le dintlè kaha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi le boitshekologō yotlhe hèla. Hèla yalo le lona, kaha ntlè lo bōnala mo bathuñ yaka ekete lo siame, me mo teñ lo bo lo tletse boitimokanyō, le boikèpō.” (Mathaio 23:27, 28) Ka phepafalo, go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke molato o o masisi mo Modimong.
14. Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse go batla go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
14 Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa ka masisi ke eno: Tsela ya go itira se o seng sone ga e kake ya fitlhelwa ruri. “Le e leñ ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame,” go rialo Bibela. (Diane 20:11; Luke 12:1-3) Ee, tiro ya gago, e ka ne e le molemo kana e le bosula, labofelo e tla itsege. Mme Bibela e bontsha gore Modimo o tla otlhaya batho ba ba itirang se ba seng sone mo go botlhoko. (Mathaio 24:51) Eleruri o tshwanetse go batla go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo!
Kafa o ka go THang ka Gone
15. Ke eng seo se ka thusang basha go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
15 Tsela e nngwe ya go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke ka go lebana le seo tota go se rayang mme go tswa foo o bo o ipotsa jaana: A ke kafa ke batlang go gakologelwa ka gone, jaaka motho yo o itirang se a seng sone, jaaka moetsi wa ga Satane le wa Bafarasai? Legoka! Selo se sengwe se se ka go thusang go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke go akanya ka kutlobotlhoko eo motho o nnang nayo le matlhotlhapelo tseo botshelo jwa go nna jalo bo di lereng. Gakologelwa seo se neng sa diragalela Gehasi ka go bo a ne a batla go tshela botshelo jwa maaka. O ne a tsenwa ke lepero la ga Naamane, mme o ne a nna molepero botshelo jotlhe jwa gagwe. Mme Ananiase le Safira boababedi ba ne ha bolawa ke Modimo ka go bo ha ne ba leka go itshema gore ba pelotshweu.—2 Dikgosi 5:27; Ditihō 5:5, 9, 10.
16. Mosha mongwe yo o neng a tsenelela mo mokgweng wa botshelo wa selefatshe o ne a diragalelwa ke eng?
16 Gape go na le dikai tsa segompieno. Mosha mongwe mo United States o ne a simolotse go ithuta Bibela ebile a nna gone mo dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Mme go tswa foo o ne a simolola go itlhakatlhakanya le mokgwa wa selefatshe wa botshelo mme a emisa go tlhola a kopanela. Morago ga dingwaga o ne a kwala jaana: “Dikgwedi tse di ka nnang pedi tse di fetileng ke ne ka kopa Modimo go re o nthomelele Mosupi mongwe ka gonne ke ne ke ikutlwa ke na le keletso ya go simolola gape. Ke ne ke sa tswa go simolola go ithuta gape fa ke ne ke utlwa mafoko a a botlhoko. Kgwedi e e fetileng tlhatlhobo e ne ya supa fa ke na le bolwetse jwa Kaposi’s sarcoma, jo eleng karolo ya bolwetse jo bo sa alafesegeng jwa AIDS.” O ne a digela ka go re: “Fa fela ke ne ka latela le go utlwa ditlhagiso tsa Dikwalo mo nakong eo e e fetileng, ke ka bo ke se mo seemong sena gompieno.” Eleruri o batla go tila diphelelo tsa go nna jalo tse di hutsafatsang! Ruri lefatshe ga le na sepe se se molemo se le ka se nayang.—1 Yohane 2:15-17.
17. Ke go akanyetsa dilo dife gape moo go ka thusang basha go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
17 Seo gape se ka go thusang go tila go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke go akanyetsa kafa go dira jalo go ka amang leina la ga Jehofa ka gone. Mosha yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a bolela gore mongwe yo o neng a mmona a amogela sekerete o ne a akgela ka go re: “Ke ne ke sa itse fa Basupi ba ga Jehofa ba goga motsoko. Aga o Mosupi?” Moragonyana o ne a bolela fa potso eo e ne ya mo utlwisa botlhoko ka gonne seo a neng a se dira se ne se lere kgobo mo leineng la ga Jehofa. A ke se o se hatlang? A o nyatsa Modimo wa rona mo, jaaka Baiseraele ha ha sa ikanyegeng ba bogologolo o ka lereng kgobo mo leineng la gagwe?—Pesalema 78:36, 37, 41; Esekiele 36:22.
18. (a) Batsadi ba ka nna ka tsela efe fa ba utlwa gore ngwana wa bone o tshela botshelo jwa boitimokanyo? (b) Ke ka ntlhayang fa sena se tshwanetse go thibela basha ba Bakeresete go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
18 Gape, akanyetsa leina le maikutlo a batsadi ba gago. “Go ne ga tla letsatsi leo batsadi ba me ba neng ba itse seo tota ke neng ke le sone,” ga kwala jalo mosha yo o umakilweng fa godimo. “Go ne ga ba gakgamatsa fela thata. Mme ya nna lantlha mo botshelong jwa me ke neng ka bona mmè le rre ba lela. Ba ne ba utlwisitswe botlhoko fela thata ke seo ke neng ke se dirile.” Gongwe batsadi ba gago ba tla lela le bone, fa ha ka itse gore o tshela botshelo jwa boitimokanyo. A seo ke se o se batlang? “Leina ye le molemō le chwanetse go itshenkèlwa bogolo go dikhumō tse dikgolo,” go rialo Bibela. (Diane 22:1) Ka go tshela botshelo jwa boitimokanyo, o itshenyetsa leina le lentle. Mme ga se gone gotlhe. Gape o senya leina la batsadi ba gago, o le tlatsa leswe, o ba dira gore ba nyatsege ba bo ba tlhabiwe ke ditlhong.—Diane 10:1; 17:21.
19. Go sa itshware sentle ga bomorwa Jakobe go ne ga mo ama jang, mme ke eng seo se ka ithutiwang mo go seno?
19 Bomorwa Jakobe ba bontsha sentle kafa bana ba ka senyang leina le lentle la batsadi ba bone ka teng. Fa morwadia Jakobe ebong Dina a sena go betelelwa, bomogolowe Dina ba ne ba bolaya banna ba motse oo ba bo ba gapa motse oo, ba dira gore Jakobe a bue jaana ka khutsafalo: “Lo nchwentsè, lo nnkgisitse sebodu mo bannili ba lehatshe ye.” Modimo a bile wa ba wa laela Jakobe gore a tswe ma lefelong leo. (Genesise 34:30; 35:1) Wena le wena o ka nkgisa leina la ga rrago le mmago, o ba tlhabisa ditlhong mo ba sa kgoneng go leba baagelani ba bone le ditsala. Eleruri, jaaka Bibela e bolela: “Mosimane eo o seeleele o ledisa rragwè, o bile o cosa pelo e e galakañ mo go èna eo o mmelegeli.”—Diane 17:25.
20. Ke mpho efe e e molemo eo batsadi ba Bakeresete ba e fileng bana ba bone?
20 Lefa go ntse jalo, re tshepa gore ga o batle go ledisa batsadi ba gaga le go galakisa pelo ya bone. Jalo akanyetsa kafa ditiro tsa gago di ba amang ka teng. Gape, fa o na le lesego la go nna le batsadi ba Bakeresete, akanya ka seo ba go fileng sone—eseng botshelo fela—mme sengwe se se botlhokwa fela thata. Bibela e bua jaana kaga Jehofa: “Bopelonomi yoa gago yoa loratō bo molemō bogolo go botshelō.” (Pesalema 63:3) Ka go go godisetsa mo boammaaruring, batsadi ba gago ba dirile gore o kgone go bona bopelonomi jwa Modimo jwa lorato, ba go thusa go nna le kamano le ene. Go nna le sena go botoka go gaisa go nna le botshelo ka bobone ka gonne lefa o ka swa, Modimo o tla go tsosolosetsa mo botshelong jo bo sa khutleng mo Paradaiseng.
Thusa ba Bangwe go go TUa
21. (a) Basha ba ba itseng ka go dira phoso ga ba bangwe ba na le boikarabelo bofe? (b) Motho mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a neela sekao sefe se se malemo?
21 Go ‘tweng fa e le gore o itse mongwe yo o tshelang botshelo jwa boitimokanyo? Santlha, kgothaletsa motho yoo go atamela bagolwane. Mme go tweng fa e le gore o gana go dira jalo? He ke boikarabelo jwa gago go ya kafa Dikwalong go go bega. (Lefitiko 5:1) Re lemoga gore sena se ka nna sa seka sa nna motlhofo, mme ke selo se se siameng go se dira. “Ditlhabō tse di ntshicweñ ke tsala di boikañō,” go rialo Bibela. (Diane 27:6) Mosetsanyana wa dingwaga tse 13, morago ga a sena go utlwa polelo e e neng e tlhalosa boikarabelo jwa gagwe go ya kafa Dikwalong, o ne a ya kwa tsaleng ya gagwe yo a neng a itse gore o ne a dira bosula mme a mmolelela gore o tshwanetse go ipolelela bagolwane. “Ke ne ka ya go tlhola gore a o ne a buisantse le mogolwane mongwe,” ga kwala jalo mosetsana yoo. “O ne a sa dira jalo. Jalo ke ne ka ya go buisana le bone.” Mosetsanyana yoo o ne a botsa ka go re: “A ke dirile selo se se siameng ka go tlaleya ‘motho yo o neng a le tsala ya me e kgolo?’” Ee o ne a dirile selo se se siameng! Lefa matswela a go dira sena a ka utlwisa botlhoko gone foo, phelelo e ka nna e e itumedisang morago, le eleng e e bolokang botshelo mo go yo o dirileng phoso.—Bahebera 12:11.
22. Basha ba kgothalediwa go tsaya tsela efe e e botlhale, mme phelelo ya yone e tla nna eng?
22 Lefa go le jalo sena sotlhe se ka tilwa fa fela o se kile wa tshela botshelo jwa boitimokanyo. Jalo nna botlhale. Nna le kamano e e nonofileng ya botho le Modimo, fela jaaka o ka dira ka tsala e kgolo. Dira sena ka go mo rapela ka metlha, ka go mo kopa thuso, le ka go ithuta Lefoko la gagwe ebong Bibela ka tlhagafalo moo a tla kgonang go tlhaloganya dinonofo tsa gagwe ka boammaaruri. Basha, ke gona he lo tla segofalang lo bo lo itumedisa dipelo tsa batsadi ba lona. Mme se ebileng se le botlhokwa go feta, lo tla itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
O ne O ka Arabela Jang?
◻ Ke ka ntlhayang ta basha bangwe ba tshela botshelo jwa boitimokanyo?
◻ Ke jang batsadi bangwe ba nnang le seabe mo go direng gore bana ba bone ba tshele botshelo jwa boitimokanyo?
◻ T ota go tshela botshelo jwa boitimokanyo ke eng?
◻ Ke jang basha ba ka tilang go tshela botshelo jwa boitimokanyo?
◻ Basha ba na le boikarabelo bote ta ba itse ka basha ba bangwe bao ba dirileng diphoso tse di masisi?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go bua dilo tse di kwa teng go bontsha gore motsadi o na le lorato
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa o lemoga gore mongwe o dirile phoso e e masisi, mo kgothaletse go e bega