LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 143-145
  • Buka ya Bibela ya bo 28—Hosea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 28—Hosea
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO HOSEA
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hosea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Hosea
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tsamaya le Modimo Mme o Robe se se Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 143-145

Buka ya Bibela ya bo 28—Hosea

Mokwadi: Hosea

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Samaria (Kgaolo)

Go Wediwa ga go E Kwala: Morago ga 745 B.C.E.

Lobaka Lo Lo Tserweng: Pele ga 804–morago ga 745 B.C.E.

1, 2. (a) Dibuka tsa bofelo tse 12 tsa Dikwalo tsa Sehebera di bidiwang fa gongwe? (b) Ke eng se se itsegeng kaga Hosea, mme boperofeti jwa gagwe bo amana le bomang?

KAFA tlwaelong dibuka tsa bofelo tse 12 mo Dikwalong tsa Sehebera di bidiwa “baperofeti ba maemo a mabotlana.” Tlhaloso e e dirisiwang thata kwa Jeremane e e reng, “baperofeti ba babotlana,” go bonala e tshwanela thata, ka go bo dibuka tseno eleruri ga se tse di seng botlhokwa thata, lemororo fa di kopantswe di se boleele jo bo lekanang le Isaia kana Jeremia. Mo Bibeleng ya Sehebera, di ne di tsewa jaaka bolumo e le nngwe fela mme di bidiwa “Tse Di Lesome Le Bobedi.” Go phuthiwa ga tsone ka tsela eno go bonala go ne go direlwa gore di tle di bolokiwe, ereka jaana momeno o le mongwe fela o mmotlana o ne o ka nna wa latlhega motlhofo fela. Fela jaaka go ntse ka nngwe le nngwe ya dibuka tse 12 tseno, ya ntlha mo go tsone e bidiwa ka mokwadi wa yone, Hosea, yoo leina la gagwe e leng khutshwafatso ya Hoshaiah, leo le rayang “Yo O Bolokilweng ke Jah; Jah O Bolokile.”

2 Ga go tlhalosiwe sepe se sentsintsi ka Hosea mo bukeng eno e e bidiwang ka leina la gagwe, fa e se fela gore e ne e le morwa Beeri. Dipolelelopele tsa gagwe di lebagantswe thatathata le Iseraele, mme Juda a umakiwa fela ka sewelo; mme lemororo Hosea a sa umake sepe ka Jerusalema, Eferaime, morafe wa popota mo Iseraele, o umakiwa ka leina ga 37 mme motsemogolo wa Iseraele, Samaria, o umakiwa ga 6.

3. Hosea o ne a nna moperofeti ka lobaka lo lo kae, mme ke bomang ba e neng e le baperofeti mo nakong e le nngwe fela le ene?

3 Temana ya ntlha mo bukeng eno e re bolelela gore Hosea e ne e le moperofeti wa ga Jehofa ka nako e telele ka mo go sa tlwaelegang, go tloga gautshwane le bofelo jwa puso ya kgosi ya Iseraele ebong Kgosi Jeroboame II go ya fela kwa pusong ya ga Hesekia wa Juda. Ke gore go tloga bogautshwane le 804 B.C.E. go ya go fitlha morago ga 745 B.C.E., mo e ka nnang dingwaga tse 59. Kwantle ga pelaelo dingwaga tsa fa a ntse a le moperofeti di ne tsa akaretsa dingwaga tse di yang go fitlha kwa dipusong tsa bo Jeroboame II le Hesekia. Mo lobakeng lono Amose, Isaia, Mika, le Odede e ne e le baperofeti ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.—Amose 1:1; Isa. 1:1; Mika 1:1; 2 Ditih. 28:9.

4. Ke dilo dife tseo di tsopotsweng mo go Hosea le tseo di diragaditsweng tseo di tiisetsang gore e boammaaruri?

4 Go nna boammaaruri ga boperofeti jono go tiisediwa ke go bo e ile ya tsopolwa ka makgetlo a le mmalwa mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Jesu ka boene o ne a tsopola Hosea 10:8 fa a ne a bolela dikatlholo kgatlhanong le Jerusalema: “Hoñ ba tla simolola go raea dithaba, ba re, Re weleñ godimo; le makgabana, ba re, Re khurumetseñ.” (Luke 23:30) Yone temana eno e tsopolwa gape ka bontlhanngwe mo go Tshenolō 6:16. Mathaio o tsopola Hosea 11:1 fa a bontsha go diragadiwa ga polelelopele e e reng: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.” (Math. 2:15) Polelelopele ya ga Hosea ya go tsosolosiwa ga Iseraele yotlhe e ne ya diragadiwa fa batho ba le bantsi mo morafeng wa bogosi jwa ditso tse di lesome ba ikopanya le Juda pele ga e ya botshwaro mme ditlogolwana tsa bone di ne di le gareng ga bao ba neng ba boa morago ga ba sena go ya botshwaro. (Hos. 1:11; 2 Ditih. 11:13-17; 30:6-12, 18, 25; Esere 2:70) Go tloga fela kwa metlheng ya ga Esere, buka eno e ile ya nna mo e tshwanetseng teng mo dibukeng tsa Sehebera jaaka moo ‘Jehofa a neng a bua ka Hosea’ teng.—Hos. 1:2.

5. Jehofa o ne a otlhaela Iseraele bosaikanyegeng bofe?

5 Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a romela Hosea go nna moperofeti wa gagwe mo Iseraele? E ne e le ka ntlha ya go sa ikanyegeng ga Iseraele le go bodisiwa ga yone ke kobamelo ya ga Baale, seo e leng tlolo ya kgolagano ya bone le Jehofa. Mo Lefatsheng la Tsholofetso, batho ba Iseraele ba ne ba itshedisa ka temo le leruo, mme fa ba ntse ba dira jalo ba ne ba tsaya mekgwa ya botshelo jwa Bakanana le bodumedi jwa bone jwa go obamela Baale, modimo o o neng o tshwantshetsa dinonofo tsa tlholego tsa lotsalo. Mo motlheng wa ga Hosea Iseraele o ne a latlhile kobamelo ya ga Jehofa gotlhelele mme a ile le mekete eo e neng e kopantse le phasogo ya botagwa le go tlhakanela dikobo le diaka tsa mo tempeleng. Iseraele o ne a ikaya gore letlotlo la gagwe le ne le tswa mo go Baale. O ne a ikanyologile mo go Jehofa, a sa mo tshwanele, mme ka jalo a tshwanetswe ke kotlhao. Jehofa o ne a tla mmontsha gore dithoto tsa gagwe tsa dilo tse di bonalang di ne di sa tswe mo go Baale, mme jalo a romela Hosea go ya go tlhagisa Iseraele gore fa a ne a sa ikotlhae o ne a tla tlelwa ke eng. Morago ga fa Jeroboame II a sena go tlhokafala, Iseraele o ne a lebagana le dipharagobe tse dikgolo thata. Puso e e setlhogo, eo mo go yone dikgosi di le mmalwa di neng tsa bolawa, e ne ya tswelela jalo go fitlhela e gapiwa ke Asiria ka 740 B.C.E. Mo lobakeng lono, mephato e le mebedi e e sa batlaneng e ne e lwantshana, mongwe o batla go nna le botsalano le Egepeto, o mongwe o batla Asiria. Go ne go se ope mo go yone o o neng o ikantse mo go Jehofa.

6. Ke eng seo re se lemogang mo tseleng eo Hosea a kwadileng ka yone?

6 Re lemoga sengwe mo tseleng e Hosea a kwadileng ka yone. Gantsi o bua ka tsela e e bonolo le e e gapang maikutlo mme nako le nako o gatelela bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa le kutlwelobotlhoko. O bua thata ka tshupo ya boikwatlhao e a e bonang le fa e ka tswa e le potlana go le kana kang. Ka dipaka tse dingwe puo ya gagwe ke e e sa golaganang sentle le e e sa rulaganyediwang pele. O baakanya puo ya gagwe e e sa lomaganang sentle ka go dirisa mafoko a a supang botlhaga le nonofo. O ntsha maikutlo a a gagametseng le go fetola kgang ka bofefo.

7. Ke eng seo se tshwantshediwang ke bosaikanyegeng jwa ga Gomera le gore morago a amogelwe gape?

7 Fela fa a simolola tiro ya gagwe jaaka moperofeti, Hosea o ne a fiwa taolo ya gore a “tseè mosadi oa boaka.” (1:2) Eleruri Jehofa o ne a batla go supa sengwe ka seno. Iseraele mo go Jehofa o ne a ntse jaaka mosadi wa gagwe yo o ileng a tlhoka boikanyego, a dira boaka. Lefa go le jalo o ne a tla supa lorato lwa gagwe mo go ene ka go leka go mmusetsa kwa go ene. Mosadi wa ga Hosea, yo go tweng Gomera, o ne a ka kgona go tshwantshetsa seno sentle ka papamalo. Go tlhalosiwa gore e ne ya re morago ga fa a sena go tshola ngwana wa gagwe wa ntlha, o ne a tlhoka boikanyego mme go bonala gore o ne a tsholela bana ba bangwe mo boakeng. (2:5-7) Seno se supiwa ke mafoko a a reng “a bōna naè [Hosea] ñwana oa mosimane” mme e sa bue sepe ka gore moperofeti yono o ne a tsholelwa bana ba bangwe ba babedi. (1:3, 6 8) Go bonala fa Kgaolo 3, ditemana 1-3, e bua ka Hosea fa a tsaya Gomera gape, a mo reka jaaka ekete o reka motlhanka, mme seno se nyalana sentle le kafa Jehofa a ileng a amogela batho ba gagwe gape morago ga ba sena go ikwatlhaela go akafala ga bone.

8. Ke maina afe a fa gongwe go dirisiwang le lengwe mme fa gongwe le lengwe mme go tewa selo se le sengwe mo bukeng eno?

8 Bogosi jwa bokone jwa morafe wa ditso tse di lesome tsa Iseraele, joo mafoko a ga moperofeti Hosea a neng a lebagantswe le jone thatathata, bo ne bo bidiwa gape go twe Eferaima, bo teeletswe ka morafe wa popota mo bogosing joo. Maina ano, Iseraele le Eferaima, fa gongwe go dirisiwa le lengwe mme fa gongwe le lengwe, mme gone go tewa selo se le sengwe mo bukeng eno.

SEO SE LENG MO GO HOSEA

9. Maina a bana ba ga Gomera a supang malebana le tsela eo Jehofa a neng a tla dirisana le Iseraele ka yone?

9 Setshwantsho sa boaka jo bo dirilweng ke Iseraele (1:1–3:5). “Mosadi oa boaka” wa ga Hosea o tsholela moperofeti yono ngwana, Jesereele. Morago ga moo o nna le bana ba bangwe ba le babedi, ngwana wa mosetsana, Lo-ruhama, leo le rayang “Eo O Se Kañ A Bōna Boutlwèlō Botlhoko,” le morwa, Lo-ami, leo le rayang “Ga Lo Batho Ba Me.” Jehofa o ne a bolela maina a mabedi ano go supa gore o ne a ‘se kitla a utlwela ba ntlo ya Iseraele botlhoko’ le go gatelela kafa a neng a ba latlhile botlhe go tlhola ba nna batho ba gagwe ka gone. (1:2, 6, 9) Lefa go le jalo, bana ba Juda le Iseraele, jaaka fa e ne e le “bomorwa Modimo o o tshedileñ,” ba ne ba tshwanetse go phuthiwa gape ka kutlwano go etelelwa pele ke tlhogo e le nngwe fela, “gonne motlha oa Yesereele o tla nna mogolo.” (1:10, 11) E ne e tla re fa ba sena go latlhisiwa kobamelo ya ga Baale, batho bano ba Modimo ba ne ba tla boela kwa go Jehofa mme ba mo amogele jaaka monna yo o ba nyetseng. (2:16) Jehofa o ne a tla sireletsa Iseraele mme a mmeelele ka bosaengkae mo tshiamong, mo tshiamisong, mo bopelonoming jo bo lorato, mo mautlwelobotlhokong, le mo boikanyegong. Tumalanong le leina le le reng Jesereele (le le rayang gore “Modimo O Tla Jala Peo”), Jehofa o solofetsa jaana: “Ke tla mo iyalèla mo lehatshiñ; . . . ke tla raea bōnè ba e neñ e se batho ba me, ke re, Lo batho ba me; le bōnè ba tla re, U Modimo oa rona.” (2:23) Jaaka mosadi yo o ikwatlhaetseng boaka jwa gagwe, “bana ba Iseraela ba tla boea, ba batla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè.”—3:5.

10. Ka ntlha ya go gana kitso ke eng seo se neng se tla diragalela morafe?

10 Dikatlholo tsa seperofeti kgatlhanong le Eferaima (le Juda) (4:1–14:9). Temana ya ntlha ya kgaolo 4 e ntsha mabaka ao ditlhagiso tse di latelang tsa boperofeti di ileng tsa ntshiwa ka ntlha ya one: “Yehofa o na le kgañ le banni ba lehatshe, ka go bo go sena boamarure, leha e le boutlwèlō botlhoko, leha e le kicō ea Modimo mo lehatshiñ.” Go ne go tla felela ka eng ka ntlha ya boemo jono? “Ereka u ganne kicō, le nna ke tla gu gana, gore u se nne moperisiti oa me: ereka u lebetse molaō oa Modimo oa gago, le nna ke tla lebala bana ba gago,” go bua Jehofa. (4:1, 6) One moya wa boaka o ne o dirile gore Iseraele a timele. Iseraele le Juda di ne di tla ikarabelela boaka jwa tsone, mme di ne di tla senka Jehofa fa di ne di iphitlhela di le “mo pitlaganoñ.”—5:15.

11. Hosea o ikuela jang mo bathong, mme ke ka ntlhayang fa e le mahutsana mo go bone?

11 Hosea o ikuela mo bathong a re: “Ntloñ, re boeleñ kwa go Yehofa: gonne . . . o tla re hapa.” Jehofa o ipelela bopelonomi jo bo lorato le kitso ya bomodimo go na le ditlhabelo le ditshupelo tse di fisiwang, mme bopelonomi jo bo lorato jwa Eferaima le Juda bo “nntse . . . yaka monyō o o tloñ o phakèle o tloge.” (6:1, 4) Eferaima o ntse jaaka “lephoi ye le boeleele, ga a na tlhaloganyō.” Batho ba ya kwa Egepeto le kwa Asiria go ya go batla thuso go na le go ya kwa go Jehofa. (7:11) Seno ruri se tla ba tlisetsa mahutsana. Ka ntlhayang? Ba tsamaya fela kwantle ga maikaelelo, ba loga maano a go dira bosula, ba tlola kgolagano ya ga Jehofa, le go fosa molao wa gagwe. “Gonne ba yala phehō, me ba tla rōba secuacue.” (8:7) Jehofa o tla gakologelwa molato wa bone mme a ba sekisetse maleo a bone. “Ba tla nna bakaidi hèla mo merahiñ.” (9:17) Iseraele ke mofine o o swang yo pelo ya gagwe e nnileng boitimokanyo. Mo boemong jwa gore Iseraele a jale peo ya tshiamo le go roba thobo ya boutlwelobotlhoko jo bo lorato, o ile a lema boikepo mme a roba tshiamololo. “Ka bitsa morwaake a cwè kwa Egepeto,” Jehofa o gakolola gape. (11:1) Ee, O ne a rata Iseraele go tswa fela kwa bonyaneng jwa gagwe, mme Iseraele o ne a Mo dikaganyetsa ka maaka le tsietso. Jehofa o gakolola ka go re: “Boèla Modimoñ oa gago: tshegetsa boutlwèlō botlhoko le katlholō, me u lebèlèlè Modimo oa gago ka metlha eotlhe.”—12:6.

12. (a) Ke eng seo Hosea a se sobokanyang mo kgaolong ya bo 13? (b) Ke tsosoloso efe e e solofediwang?

12 Mo kgaolong ya bo 13, Hosea o sobokanya dilo tsotlhe tse di diragetseng mo nakong e e fetileng malebana le tsholofetso e Jehofa pele a neng a e file Iseraele le pabalelo ya gagwe e e bonolo mo go ene, mmogo le go bolela kaga go lebala ga Iseraele le gore morafe oo kgabagare o tsogologele Jehofa. Jehofa o bolela jaana: “Ka gu naea kgosi mo bogaleñ yoa me, me ke e tlositse mo kgakaloñ ea me.” (13:11) Mme, jaanong, go tla nna le tsosoloso: “Ke tla ba golola mo thateñ ea phupu; ke tla ba rèkolola mo loshuñ: Losho, dipecō tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ea gago e kae?” (13:14) Lefa go ntse jalo, ruri bofelelo jwa Samaria wa motsuolodi bo ne bo tla boitshega.

13. Ke boikuelo bofe jo bo digelang buka ya Hosea, mme ke bomang ba ba tla tsamayang mo ditseleng tsa ga Jehofa?

13 Buka eno e digelwa ka boikuelo jo bo phatlolang pelo: ‘Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago, gonne o ole ka boikepo jwa gago. Batlang boitshwarelo mme lo ntshe tshupelo ya melomo ya lona jaaka e ka bo e le dikgomo. Jehofa o tla lo bontsha kutlwelo botlhoko le lorato. O tla nna jaaka monyo mo go wena, mme o tla thunya jaaka lesoma le jaaka motlhware.’ Ba ba botlhale le ba ba bonokopela ba tla tlhaloganya dilo tseno: “Gonne ditsela tsa ga Yehofa di siame, me ba ba tshiamō ba tla sepela mo go cōna; me [batlodi] bōnè, ba tla wa mo go cōna.”—14:1-6, 9.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

14. Ke ditiragatso dife tse di opang kgomo lonaka tsa polelelopele ya ga Hosea tseo di lemotshegang?

14 Buka ya Hosea e nonotsha tumelo ya rona mo dipolelelopeleng tse di tlhotlheleditsweng tsa ga Jehofa. Sengwe le sengwe seo Hosea a neng a se bolelela pele kaga Iseraele le Juda se ne sa diragala. Iseraele o ne a latlhwa ke barati ba gagwe a dikaganyeditswe ke merafe e e gaufi e e neng e obamela medimo ya disetwa mme o ne a roba setsuatsue sa go senngwa ke Asiria ka 740 B.C.E. (Hos. 8:7-10; 2 Dikg. 15:20; 17:3-6, 18) Lefa go ntse jalo, Hosea o ne a boleletse pele gore Jehofa o ne a tla bontsha Juda kutlwelobotlhoko mme a mmoloke, mme eseng ka dinonofo tsa sesole. Seno se ne sa diragadiwa fa moengele wa ga Jehofa a ne a bolaya Baasiria ba le 185 000 bao ba neng ba tshosetsa Jerusalema. (Hos. 1:7; 2 Dikg. 19:34, 35) Lefa go le jalo, Juda o ne a akarediwa mo katlholong eo e tlhalosiwang mo go Hosea 8:14: “Me ke tla tsenya molelō mo metsiñ ea gagwè, me o tla laila dikagō tse di thata tsa eōna,” polelelopele eo e neng ya diragadiwa ka tsela e e tshosang fa Nebukadenesare a ne a swafatsa Juda le Jerusalema, 609-607 B.C.E. (Yer. 34:6, 7; 2 Ditih. 36:19) Dipolelelopele tse dintsi tsa ga Hosea tse di buang kaga tsosoloso di ne tsa diragadiwa fa Jehofa a ne a phuthela Juda le Iseraele golo go le gongwe, mme ‘ba boa mo lefatsheng’ la botshwaro jwa bone ka 537 B.C.E.—Hos. 1:10, 11; 2:14-23; 3:5; 11:8-11; 13:14; 14:1-9; Esere 2:1; 3:1-3.

15. Bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba dirisa jang ditsopolo tse di tswang mo bukeng ya Hosea?

15 Dintlha tseo bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba lebisang go tsone mo polelelopeleng ya ga Hosea di na le mosola o montsi thata mo go rona gompieno. Ka sekai, Paulo o dirisa Hosea 13:14 ka tsela e e botlhokwa thata fa a bua ka tsogo: “Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lob[o]lèla loa gago lo kae?” (1 Bakor. 15:55) Fa a gatelela kafa Jehofa a nang le bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka gone mo dijaneng tsa kutlwelobotlhoko, Paulo o tsopola dintlha mo go Hosea 1:10 le 2:23: “Yaka o bua le mo go Hosea, oa re, Ke tla bitsa bōnè batho ba me, ba e ne e se batho ba me; le èna moratwi, eo e neñ e se moratwi. Me go tla dihala, go re, kwa ba reilweñ gōna, ga twe, Ga lo batho ba me, gōna ba tla bidiwa bana ba Modimo o o tshedileñ.” (Bar. 9:25, 26) Petere o sobokanya mafoko ao a ga Hosea ka go re: “Eboñ lona ba e rileñ mo metlheñ e e hetileñ loa bo lo se chaba epè, me gompiyeno lo chaba ea Modimo: loa bo lo no lo e se lo bone boutlwèlō botlhoko, me gompiyeno lo bonye boutlwèlō botlhoko.”—1 Pet. 2:10.

16. Ke mafoko afe a ga Hosea ao Jesu a neng a a bua ao a neng a bontsha dilo tseo Jehofa a di tlhokang mo kobamelong ya gagwe?

16 Jalo, go bonala sentle gore polelelopele ya ga Hosea ga e a ka ya diragala fela mo go boeng ga masalela a motlha wa ga Serubabele mme gape le mo kutlwelobotlhokong ya ga Jehofa ya go phutha masalela a semoya ao a nnang ‘bana ba Modimo ba ba rategang.’ Hosea o ne a tlhotlhelediwa go bona dilo tsotlhe tseo di neng di tlhokafala mo bathong bano. Ga se fela go supa kobamelo ka meletlo mengwe ya tlwaelo, mme ke mo mafokong a Hosea 6:6 (ao Jesu a neng a a boelela mo go Mathaio 9:13 le 12:7): “Ke eletsa boutlwèlō botlhoko, e señ setlhabèlō; le go itse Modimo bogolo go dichupèlō tse di hisiwañ.”

17. (a) Ke eng se se tshwanetsweng go dirwa ke mongwe le mongwe yo o ka tshoganang a dirile boaka jwa semoya? (b) Ke tsholofetso efe e e itumedisang ya Bogosi e e mo go Hosea?

17 Setshwantsho sa mosadi wa boaka seo se neng sa diragadiwa ka phepafalo mo botshelong jwa ga Hosea ka sebele sa gagwe se supa gore Jehofa o bifela botlhe ba ba mo furalelang ba ya le kobamelo ya medimo ya disetwa le kobamelo ya maaka, mme ka jalo ba dira boaka jwa semoya. Mongwe le mongwe yo o ileng a wela mo phosong o tshwanetse a boela go Jehofa ka boikotlhao jwa mmannete mme ‘a ntsha tshupelo ya molomo jaaka e ka bo e le dikgomo.’ (Hos. 14:2; Baheb. 13:15) Bano ba ka ipela mmogo le masalela a bana ba Iseraele wa semoya mo tiragatsong ya tsholofetso ya Bogosi ya Hosea 3:5: “Moragō ga mouō bana ba Iseraela ba tla boea, ba batla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè; ba tla tla ka poihō mo go Yehofa le mo molemoñ oa gagwè mo metlheñ ea moragō.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela