LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 20 ts. 318-339
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diholo tsa Bogosi
  • E Ka Agiwa ka Ditsela Tse Di Farologaneng
  • Go Tlhama Mekgwa ya go Aga ka Bofefo
  • Mokgwa wa go Aga ka Bofefo O Dirisiwa Ke Merafe Yotlhe
  • Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo
  • Go Tlamela ka Diholo Tse Di Tlhokegang tsa Dikopano
  • Diofisi, Mafelo a go Gatisa, le Magae a Bethele mo Lefatsheng ka Bophara
  • Go Atolosiwa ka Lobelo ga Dikago go Dikologa Lefatshe
  • Dikete Tse Dintsi Di Eletsa go Thusa
  • Kgolo Eo E Ntseng E Tswelela Pele kwa Ntlokgolong ya Lefatshe Lotlhe
  • Baithaopi Ba Ba Tswang mo Merafeng Yotlhe
  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 20 ts. 318-339

Kgaolo 20

Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe

GO NA le ditsela tse dintsi tseo lorato lwa mmatota lwa bokaulengwe lo bontshiwang ka tsone mo Basuping ba ga Jehofa. Bao ba nnang teng kwa dipokanong tsa bone ba bona bosupi jwa gore lo gone. Lo supiwa ka tsela e kgolo fela thata kwa dikopanong tsa bone tse dikgolo. Gape, lo bonala ka phepafalo jaaka fa ba ntse ba dira mmogo go baakanyetsa diphuthego tsa bone mafelo a a tshwanetseng ao di ka kopanelang mo go one.

Ka nako ya fa ngwagasome wa 1990 o ne o simolola, go ne go na le diphuthego tse di fetang 60 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara. Mo lesomeng la dingwaga le le fetileng, diphuthego tseno di ne tsa oketsega ka palogare ya di le 1 759 tse disha ngwaga nngwe le nngwe. Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1990, palo eo e ile ya tlhatlogela go tse di fetang 3 000 ka ngwaga. Go rulaganya mafelo a a tshwanetseng gore botlhe ba kopanele mo go one e ne e le namane e tona ya tiro.

Diholo tsa Bogosi

Jaaka fa go ne go ntse ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, kwa tshimologong diphuthego di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di tshwarela bontsi jwa dipokano tsa tsone mo magaeng a ba bangwe. Kwa Stockholm, kwa Sweden, di le mmalwa tseo la ntlha di neng tsa tshwara dipokano ka metlha koo di ne di dirisa lebenkele la mmetli, leo di neng di le hirile gore di le dirise morago ga fa tiro ya letsatsi ya lebenkele leno e sena go wediwa. Ka ntlha ya go bogisiwa, setlhopha se sennye seo se neng se le kwa perofensing ya La Coruña, kwa Spain, se ne sa tshwarela dipokano tsa sone tsa ntlha mo “ntlong e potlana ya polokelo,” kana mo “sefaleng.”

Ka nako ya fa di ne di tlhoka lefelo le legolwane, kwa dinageng tseo go neng go na le kgololesego ya go dira jalo gone, diphuthego tsa lefelo leo tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di tle di hire lefelo leo di neng di ka kopanela mo go lone. Lefa go ntse jalo, fa e le gore eno e ne e le holo eo gape e neng e dirisiwa ke mekgatlho e mengwe, go ne go tshwanetse gore go tliwe le didirisiwa kana sengwe le sengwe sa tsone se bewe koo se tshwanetseng gone mo pokanong nngwe le nngwe, mme gantsi go ne go na le monkgo wa mosi wa motsoko. Koo go neng go kgonega gone, bakaulengwe ba ne ba tle ba hire lebenkele le le sa dirisiweng kana phaposi nngwe e e ka kwa godimo eo e neng e tla dirisiwa ke phuthego fela. Mme lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, tuelo e e kwa godimo le go tlhokega ga mafelo a a tshwanetseng di ne tsa dira gore go tlhokege gore go dirwe dithulaganyo tse dingwe. Mo makgetlong mangwe go ne go rekwa dikago di bo di tlhabololwa.

Pele ga Ntwa ya Lefatshe II, go ne go na le diphuthego di le mmalwa tse di neng di agile mafelo ao di neng di ka kopanela mo go one ao di neng di a rulagantse ka mo go kgethegileng gore di a dirise. Le eleng ka nako ya fa ngwaga wa 1890 o ne o simolola, setlhopha sa Baithuti ba Bibela bao ba neng ba le kwa United States kwa Mount Lookout, kwa West Virginia, ba ne ba aga lefelo leo e leng la bone ka namana gore ba kopanele mo go lone.a Lefa go ntse jalo, Diholo tsa Bogosi di ne di ise di simolole go agiwa gongwe le gongwe go tla go fitlha mo dingwageng tsa bo1950.

Ka 1935, J. F. Rutherford, yoo ka nako eo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a akantsha gore go dirisiwe leina Holo ya Bogosi. Malebana le dikago tsa lekala la Mokgatlho kwa Honolulu, kwa Hawaii, o ne a rulaganya dilo gore bakaulengwe ba age holo eo go neng go ka tshwarelwa dipokano mo go yone. Ka nako ya fa James Harrub a ne a botsa gore Mokaulengwe Rutherford o ne a tlile go bitsa kago eno ka leina lefe, o ne a araba jaana: “A ga o akanye gore re tshwanetse ra e bitsa ‘Holo ya Bogosi,’ ereka seo e le sone seo re se dirang, re rera mafoko a a molemo a Bogosi?” Morago ga moo, koo go neng go kgonega gone, diholo tseo ka metlha di neng di dirisiwa ke Basupi di ne ka iketlo tsa simololwa go lemogiwa ka mafoko a a reng “Holo ya Bogosi.” Ka gone, ka nako ya fa London Tabernacle e ne e tlhabololwa ka 1937-38, e ne ya fiwa leina le lengwe eleng Holo ya Bogosi. Fa nako e ntse e tsamaya, lefelo la konokono la mo nageng nngwe le nngwe leo diphuthego mo lefatsheng ka bophara di kopanelang mo go lone le ne la simolola go itsiwe jaaka Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.

E Ka Agiwa ka Ditsela Tse Di Farologaneng

Diphuthego dingwe le dingwe mo lefelong la tsone, ke tsone tseo di dirang tshwetso ya gore a di hire kana di age Diholo tsa Bogosi. Gape, di duela ditshenyegelo dipe fela tsa go aga le tsa go tlhokomela ka dilo dipe fela tseo di tlhokegang. Gore di tle di se ka tsa senya madi, diphuthego di le dintsi thata di lekile ka natla gore di dire tiro e ntsi ya go aga kafa di ka kgonang ka teng kwantle ga gore di kope thuso mo dikonterakeng tsa kgwebo.

Diholo tseno ka botsone di ka agiwa ka ditena, matlapa, dikgong, kana ka dilo tse dingwe fela, go ikaegile ka gore di tla batla madi a a kana kang mmogo le gore ke eng seo se leng teng go ka dirisiwa mo lefelong leo. Kwa Katima Mulilo, kwa Namibia, ba ne ba dirisa bojang jo boleele go rulela ka jone, mme ba ne ba duba seretse ka mmu wa seolo (seo se omelelang fela thata) gore ba se dirise mo maboteng le fa fatshe. Basupi ba kwa Segovia, kwa Colombia, ba ne ba itirela ditena tseo e leng tsa bone tsa go aga tsa semente. Kwa Colfax, kwa California, ba ne ba dirisa manya a Mount Lassen.

Ereka palo ya bao ba neng ba nna gone mo dipokanong gantsi e ne e feta 200 ka 1972, phuthego ya kwa Maseru, kwa Lesotho, e ne ya lemoga gore e ne e tlhoka gore e age Holo e e tshwanetseng ya Bogosi. Mongwe le mongwe o ne a thusa mo tirong ya go aga. Bakaulengwe ba ba tsofetseng ba ne ba tsamaya dikilometara di le 32 gore le bone ba ye go thusa. Bana ba ne ba kgokolosetsa ditanka tsa metsi kwa lefelong leo go agelwang kwa go lone. Bokgaitsadi ba ne ba apaya dijo. Gape, ba ne ba kataka mmu ka dinao, ba o kitlanya, ba o baakanyetsa go tshelwa ga konkereiti fa fatshe, ba dira jalo ba ntse ba opela dipina tsa Bogosi ebile ba tiba ka dinao tsa bone fa fatshe ba tsamaisana le moribo wa mmino. Ba ne ba dirisa moshawa oo ba neng ba ya go o itseela mahala fela go tswa mo dithabeng tse di fa gaufi go aga mabota. Seno se ne sa felela ka Holo ya Bogosi eo e neng e na le manno a batho ba le 250.

Ka dinako tse dingwe, Basupi ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi ba ne ba thusa mo tirong ya go aga. Ka gone, ka 1985, ka nako ya fa Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Imbali, kwa motsesetoropong mongwe wa bantsho mo Afrika Borwa, ba ne ba aga holo eo e neng e tlile go nna le manno a batho ba le 400, Basupi ka bone bao ba neng ba tswa gaufi le bone kwa Pietermaritzburg le kwa Durban ba ne ba tla go ba thusa. A o ka kgona go akanya fela kafa baagelani ba neng ba gakgametse ka gone ka nako ya fa, mo nakong eo ya tlhakatlhakano ya bomorafe mo Afrika Borwa, ba ne ba bona bontsintsi jwa Basupi ba basweu, Bammala, ba Ba-India ba ne ba thologela mo motsesetoropong ono ebile ba dira ka kutlwano le bakaulengwe ba bone ba bantsho ba Ba-Afrika? Ratoropo wa lefelo leo o ile a bolela jaana: “Seno se ka kgona go dirwa fela ka lorato.”

Le mororo bakaulengwe ba ne ba iketleeditse eletota, diphuthego di ne tsa fitlhela gore maemo a mo mafelong a tsone a ne a thibela bakaulengwe go dira kafa ba kgonang ka teng. Borre ba ba leng mo diphuthegong ba ne ba na le malapa a bone ao ba neng ba tshwanetse go a tlamela mme gantsi ba ne ba dira tiro e e ntseng jalo ya go aga mo mafelobekeng fela mme gongwe ba tle go dira go le gonnye gape mo maitsiboeng a letsatsi lengwe le lengwe. Diphuthego tse dintsi di ne di na le batho ba le mmalwa bao ba neng ba kgona go dira ditiro tsa diatla tseo di amanang le tiro ya go aga, fa e le gore go ne go na le bape ba bone mo go tsone. Lefa go ntse jalo, kago e e e seng ya maemo a a kwa godimo, e e tsamaisanang le maemo a mo dinageng tsa boboatsatsi e ne e ka kgona go agiwa mo malatsing a le mmalwa kana gongwe mo dibekeng di le mmalwanyana fela. Ka thuso ya Basupi ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi, dikago tse di oketsegileng tse di nonofileng di ne di ka kgona go wediwa mo dikgweding di le tlhano kana di le thataro fela. Mo makgetlong a mangwe, seno se ka nna sa tlhoka gore se tseye ngwaga o le mongwe kana tse pedi.

Lefa go ntse jalo, jaaka fa ba ne ba simolola dingwaga tsa bo1970, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara ba ne ba oketsega mo e ka nnang ka diphuthego di le pedi kana di le tharo tse disha ka letsatsi. Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1990, diphuthego di ne di oketsega ka tseo di ka nnang robong ka letsatsi. A go ne go ka kgonega gore go tlamelwe ka Diholo tse disha tsa Bogosi tse ba neng ba di tlhoka thata?

Go Tlhama Mekgwa ya go Aga ka Bofefo

Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1970, kwa United States, Basupi ba ba fetang 50 ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi ba ne ba simolola go tla go thusa setlhopha seo se neng se ntse se kopanela kwa Webb City go aga Holo e ntšha ya Bogosi kwa Carterville, kwa Missouri. Ba ne ba tlhoma mafaratlhatlha a magolo a ditshipi ba bo ba dira tiro e e seng kana ka sepe ya go rulela mo mafelobekeng a le mangwe fela. Go ne go santse go na le tiro e ntsi eo e neng e tshwanetse go dirwa, mme go ne ga tsaya dikgwedi tse dintsi gore tiro eno e wediwe; mme lefa go ntse jalo, karolo e e botlhokwa ya yone e ile ya wediwa mo lobakeng lo lokhutshwanyane fela lwa nako.

Mo dingwageng tse di lesome tse di neng tsa latela, jaaka fa bakaulengwe ba ne ba ntse ba dira mmogo mo go ageng diholo tseo di ka nnang 60, ba ne ba fenya dikgoreletsi ba bo ba tlhama mekgwa e e matsetseleko ya go aga. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba lemoga gore fa go sena go dirwa motheo wa kago, ba ne ba ka nna ba kgona go fetsa Holo yotlhe ya Bogosi mo mafelobekeng a le mangwe fela.

Balebedi ba le mmalwa ba diphuthego—bao botlhe ba neng ba tswa kwa bophirimagare jwa United States—ba ne ba simolola go leka go fitlhelela mokgele oo. Ka nako ya fa diphuthego di ne di kopa gore di thusiwe go aga Holo ya tsone ya Bogosi, a le mongwe kana ba ba oketsegileng ba bakaulengwe bano ba ne ba tle ba tlotle le tsone ka tiro eno ya go aga le go di bolelela dilo tseo di tshwanetseng tsa baakanngwa mo lefelong leo pele ga fa go ne go ka simololwa tiro. Gareng ga dilo tse dingwe, go ne go tshwanetswe gore go bonwe makwalotetla a go aga, go ne go tshwanetswe gore go tshelwe konkereiti ya motheo le ya bodilo jwa holo, motlakase o ne o tshwanetse gore o nne teng, diphaephe tsa kafa tlase ga mmu di ne di tshwanetse gore di tsenngwe, ebile go ne go tshwanetswe ga itsiwe gore dilo tsa go aga di ne di tlile go leriwa ka eng. Morago ga moo go ne go ka nna ga tlhomiwa letlha la go aga Holo ya Bogosi ka boyone. Kago eno e ne e sa tle go agiwa ditokitoki kwa thoko di bo di kopanngwa gore e nne kago e e feletseng; e ne e tlile go agiwa go simololwa kwa tlase mo lefelong leo go agelwang mo go lone.

Tiro ya go aga ka boyone e ne e tlile go dirwa ke bomang? Go ya bokgakaleng joo go neng go ka kgonega ka jone, e ne e dirwa ke badiri ba baithaopi ba ba sa duelweng. Gantsi malapa a a feletseng a ne a nna le seabe mo go yone. Bao ba neng ba rulaganya tiro eno ya go aga ba ne ba tle ba ikgolaganye le Basupi bao e neng e le ditswerere mo ditirong dingwe tsa diatla le bao ba ileng ba bontsha gore ba ne ba iketleeditse go nna le seabe mo ditirong tseno tsa go aga. Ba le bantsi ba bone ba ne ba leba pele ka go shwegashwega pelo go ya go dira tiro nngwe le nngwe e ntšha ya go aga. Basupi ba bangwe bao ba ileng ba utlwela kaga ditiro tseno tsa go aga ba ne ba eletsa go nna le seabe mo go tsone; ba le makgolokgolo ba bone go tswa mo mafelong a a fa gaufi—le go tswa kwa mafelong a a kwa kgakala thata—ba ne ba thologela kwa mafelong ao go agiwang kwa go one, ba eletsa fela thata go thusa ka tsela epe fela eo ba neng ba ka kgona go dira jalo ka yone. Ba le bantsi ba bone ba ne ba sa ithutela tiro ya go aga, mme lefa go ntse jalo ga go na pelaelo epe gore ba ne ba neela bosupi jo bo bontshang gore ba tshwanela go tlhalosiwa jaaka batho bao ba tla tshegetsang Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia jaaka fa go tlhalosiwa mo go Pesalema 110:3, e e reng: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ.”

Bao ba okametseng tiro eno ya go aga ba ne ba kopana mmogo mo maitsiboeng a Labone a pele tiro e kgolo eno e simololwa gore ba rulaganye dilo tsa bofelofelo. Mo maitsiboeng a a latelang, badiri ba ne ba bontshiwa puo ya diselaete eo e neng e le malebana le mokgwa ono wa go aga gore ba tle ba tlhaloganye kafa tiro e neng e tlile go dirwa ka gone. Ntlha eo e neng ya gatelelwa e ne e le kafa go tlhokegang thata ka teng go nna le dinonofo tsa bomodimo. Bakaulengwe ba ne ba kgothalediwa gore ba dire mmogo ka lorato, ba nne pelonomi, ba bontshe bopelotelele le go akanyetsana. Mongwe le mongwe wa bone o ne a kgothalediwa gore a dire ka lobelo lo lo siameng mme a se ka a potlaka le gore a se ka a okaoka go dirisa metsotso e sekaenyana fela go bolelela mongwe boitemogelo bongwe jo bo agang. Ka mahube a moso o o latelang, tiro ya go aga e ne ya simolola.

Ka nako e e tlhomilweng mo mosong wa Matlhatso, mongwe le mongwe o ne a tlogela go tswelela pele ka seo a neng a se dira gore a reetse dintlha tsa temana ya Dikwalo ya letsatsi leo. Go ne ga rapelwa, ka gonne go ne go lemogiwa sentle gore go atlega ga tiro yotlhe fela go ne go ikaegile ka masego a a tswang kwa go Jehofa.—Pes. 127:1.

Ka nako ya fa tiro e ne e simolola, e ne ya tswelela pele ka bofefo. Mo ureng ya ntlha fela, ke fa mabota a setse a eme. Morago ga moo go ne ga pegiwa ditlhomeso tsa marulelo. Go ne ga kokotelelwa mapolanka go apesa mabota otlhe a a kafa gare. Boramotlakase ba ne ba simolola go tsenya motlakase. Go ne ga tsenngwa diphaephe tsa difetlhamowa le tsa dithuthafatsi. Dikhabinete di ne tsa betliwa di bo di bewa fa di nnang teng. Ka dinako tse dingwe pula e ne e na mafelobeke otlhe, kana go ne go nna serame se se tlhabang mo marapong kana mogote o o ntshang noga mo mosimeng, mme lefa go ntse jalo tiro yone e ne ya nna ya tswelela pele fela. Go ne go sena moya wa go gaisana, go sena ope wa banna bano bao e leng ditswerere mo ditirong dingwe tsa diatla yo o neng a dira go gaisa ba bangwe.

Gantsi, Holo ya Bogosi e ne e setse e weditswe pele letsatsi le phirima mo letsatsing la bobedi—e kgabisitswe bontle kafa teng, gongwe go baakantswe le mabala kafa ntle. Go ne go dirwa dithulaganyo tsa gore go dirwe ka lobaka lwa malatsi a a fetang a le mararo, kana lobaka lwa mafelobeke a le mabedi ka nako ya fa seno se ne se tlhokega fela thata. E ne e tle e re fa tiro eno ya go aga e sena go fela, ba le bantsi ba badiri bano, lefa ba ne ba lapile, le mororo ba itumetse, ba ne ba tle ba sale, gore ba ipelele pokano ya ntlha ya ka gale ya phuthego eleng thuto ya Tora ya Tebelo.

Ba sa dumele gore a tota go ne go tla dirwa tiro e e duleng diatla fa go dirwa ka bofefo jo bo kalo, batho ba le mmalwa kwa Guymon, kwa Oklahoma, kwa U.S.A., ba ne ba bitsa motlhatlhobi wa dikago. “Ke ba boleletse gore fa e le gore ba batla go bona sengwe se dirwa ka tsela e e tshwanetseng, ba tshwanetse gore ba etele holo eno!” motlhatlhobi yono o ne a bolela jalo moragonyana ka nako ya fa a ne a anegela Basupi tiragalo eno. “Lo dira sentle le sone selo seo se tlileng go nna se fitlhegile fela se sa bonwe ke ope!”

Jaaka fa go ne go ntse go tlhokega Diholo tsa Bogosi, bakaulengwe bao ba ileng ba tlhama mekgwa e le mentsi ya go aga ka bofefo ba ne ba thapisa ba bangwe. Dikgang kaga seo se neng se dirilwe di ne tsa anamela kwa dinageng tse dingwe. A mekgwa e e ntseng jalo ya go aga e ne e ka dirisiwa le kwa dinageng tseo?

Mokgwa wa go Aga ka Bofefo O Dirisiwa Ke Merafe Yotlhe

Go agiwa ga Diholo tsa Bogosi kwa Canada go ne go le bonya go gaisa kafa diphuthego di neng di oketsega ka gone. Basupi ba kwa Canada ba ne ba kopa bao ba okamelang tiro eno ya go aga ka bofefo bao ba leng kwa United States gore ba tle go ba tlhalosetsa kafa ba e dirileng ka gone. Sa ntlha, Ba-Canada ba ne ba belaela gore a e ne e ka kgona go dirwa mo Canada, mme lefa go ntse jalo ba ne ba swetsa ka gore ba leke go e dira. Holo ya ntlha ya Bogosi eo e neng ya agiwa ka mokgwa ono kwa Canada e ne ya agiwa kwa Elmira, kwa Ontario, ka 1982. Ka 1992, go ne go na le Diholo tsa Bogosi di le 306 tseo di ileng tsa agiwa ka mokgwa ono kwa Canada.

Basupi ba kwa Northampton, kwa Engelane, ba ne ba akanya gore le bone ba ne ba ka kgona go aga ba dirisa mokgwa ono. Tiro e ba neng ba e dira ka 1983, e ne e le ya ntlha kwa Yuropa. Bakaulengwe bao ba nang le maitemogelo mo mofuteng ono wa go aga ba ne ba tsaya loeto go tswa kwa United States le kwa Canada go ya go okamela tiro eno ya go aga le go thusa Basupi ba mafelo ao ba etetseng kwa go one gore ba ithute kafa e dirwang ka gone. Go ne go na le baithaopi ba bangwe go tswa kgakala fela kwa Japane, India, Fora, le Jeremane. Ba ne ba ile koo jaaka baithaopi fela, eseng jaaka batho bao ba neng ba tlile go direla tuelo. Seno sotlhe se ne sa kgonega jang? Jaaka fa molebedi wa setlhopha sa Basupi ba Ba-Ireland yo a neng a dira mo tirong e e ntseng jalo ya go aga a ile a bolela, ‘E a atlega ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba dira mmogo ba tlhotlhelediwa ke moya wa ga Jehofa.’

Le eleng ka nako ya fa go lebega ekete melao ya go aga ya mo mafelong ao e dira gore ditiro tse di ntseng jalo tsa go aga di se ka tsa kgonega, Basupi ba ile ba fitlhela gore gantsi fa ba tlhalosetsa balaodi ba toropo mokgwa wa go aga oo ba o dirisang, ba dumalana le bone gore ba o dirise.

Fa go sena go agiwa ka bofefo kwa Norway, kwa bokone jwa Arctic Circle, lekwalodikgang le le bidiwang Finnmarken le ne la bolela jaana: “Ke tiro e e matsetseleko eleruri. Ke one fela mafoko ao re ka kgonang go a bona ao a tlhalosang seo Basupi ba ga Jehofa ba se dirileng mo mafelobekeng a a fetileng.” Ka tsela e e tshwanang, ka nako ya fa Basupi ba ba kwa Setlhaketlhakeng se se kafa Bokone sa New Zealand ba ne ba agile Holo e ntle ya Bogosi mo malatsing a le mabedi le halofo, setlhogo se se kafa ntle sa lekwalodikgang la mo lefelong leo se ne se re: “Tiro ya go Aga Eo E Batlileng E Nna Motlholo.” Setlhogo seno se ne sa oketsa jaana: “Gongwe karolo e e kgatlhang go di feta tsotlhe ya tiro eno ya go aga e ne e le kafa e neng e rulagantswe ka gone le kafa e neng e tswelela pele ka setu ka gone.”

Bokgakala jwa lefelo leo go tlhokegang Holo ya Bogosi kwa go lone ga se bothata joo bo ka se kang jwa rarabololwa. Go ne ga dirwa tiro ya go aga ka bofefo kwa Belize, le eleng lefa seno se ne se tlhoka gore sengwe le sengwe seo se neng se dirisediwa go aga se isiwe kwa setlhaketlhakeng seo se neng se le bokgakala jwa dikilometara di le 60 go tswa kwa Belize City. Ka nako ya fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi e e nang le difetlhamowa kwa Port Hedland, kwa Australia Bophirima mo mafelobekeng a le mangwe fela, e ne ya agiwa ke setlhopha sa badiri seo se neng se tlile ka dilwana tsa go aga seo mo e batlang e nna mongwe le mongwe mo go sone a neng a tswa bokgakala jwa dikilometara di le 1 600 kana go feta. Badiri bano ba ne ba ituelela ditshenyegelo tsa loeto lwa bone. Ba le bantsi ba bao ba ileng ba nna le seabe mo tirong eno ya go aga ba ne ba sa itse Basupi bao ba neng ba le mo Phuthegong ya Port Hedland ka namana, ebile ba le mokawanyana fela ba bone ba ne ba tle ba ye dipokanong koo. Mme lefa go ntse jalo seo ga se a ka sa ba thibela gore ba bontshe lorato lwa bone ka tsela eno.

Le eleng koo go nang le palo e potlana ya Basupi gone, seno ga se a ka sa thibela gore go dirisiwe mekgwa e e ntseng jalo ya go aga diholo. Ka 1985, Basupi ba ba ka nnang 800 go tswa kwa Trinidad ba ne ba ithaopela go tsaya loeto go ya kwa Tobago gore ba ye go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba le 84 koo go aga holo kwa Scarborough. Ga go na pelaelo epe gore Basupi ba le 17 (bao bontsi ba bone e neng e le basadi le bana) bao ba neng ba le kwa Goose Bay, kwa Labrador, ba ne ba tlile go tlhoka gore ba thusiwe fa e le gore ba ne ba tlile go tshwanelwa ke gore ba nne le Holo ya Bogosi eo e leng ya bone. Ka 1985, Basupi ba ba tswang kwa dikarolong tse dingwe tsa Canada ba ne ba hira difofane di le tharo gore di ise ba le 450 ba bone kwa Goose Bay gore ba ye go dira tiro eno. Fa ba sena go dira ka natla ka malatsi a le mabedi, ba ile ba nna le thulaganyo ya go kgakola holo eno eo e neng e weditswe mo maitsiboeng a Sontaga.

Seno ga se bolele gore jaanong Diholo tsotlhe tsa Bogosi di agilwe ka mekgwa eno ya go aga ka bofefo, mme lefa go ntse jalo tse dintsi tsa tsone di ntse di agiwa ka yone.

Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo

Mo bogareng jwa ngwaga wa 1986, lobelo loo Diholo tsa Bogosi di neng di tlhokega ka lone le ne le oketsegile fela thata. Mo ngwageng oo o neng o sa tswa go feta, go ne go ile ga tlhomiwa diphuthego tse disha di le 2 461 mo lefatsheng ka bophara; di le 207 tsa tseno di ne di le kwa United States. Diholo dingwe tsa Bogosi di ne di dirisiwa ke diphuthego tse tharo, tse nne, kana le eleng ke di le tlhano. Jaaka fa Dikwalo di ile tsa bolelela pele, ruri Jehofa o ne a akofisa tiro ya go phutha.—Isa. 60:22.

Mokgatlho o ne wa simolola go rulaganya tiro ya bone go tlhomamisa gore badiri ba dirisiwe ka tsela e e molemo thata kafa go kgonegang ka gone le go dira gore botlhe bao ba neng ba aga Diholo tsa Bogosi ba kgone go solegelwa molemo ke maitemogelo ao ba ileng ba a bapala. Go ne ga simololwa ka go kgaoganya United States gore e nne le Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo di le 60 ka 1987. Tsotlhe di ne di na le tiro e e seng kana ka sepe eo di neng di tshwanetse go e dira; go ise go e kae tse dingwe tsa tsone di ne di setse di na le ditiro tsa go aga tseo di neng di tlile go dira mo lobakeng lwa ngwaga kana go feta. Bao ba ileng ba tlhomiwa gore ba direle mo dikomiting tseno e ne e le banna bao, totatota, ba neng ba tshwanelega semoyeng, e le bagolwane mo diphuthegong, ebile e le batho ba ba tlhomang sekao mo go bontsheng maungo a moya wa Modimo. (Bagal. 5:22, 23) Gape, ba le bantsi ba bone ba ne ba na le maitemogelo mo tirong ya go tlhabolola dikago le mabala, ya boenjenere, ya go aga, ya go laola kgwebo, ya go thibela gore batho ba ba agang ba se ka ba gobala, le ditiro tse dingwe tse di amanang le tseno.

Diphuthego di ne di kgothalediwa go ikgolaganya le Komiti E E Agang ya Kgaolo pele di tlhopha lefelo la Holo e ntšha ya Bogosi. Koo go nang le diphuthego tse di fetang e le nngwe mo motsemogolong, ba ne ba kgothalediwa go ikgolaganya le (ba)lebedi ba potologo, molebedi wa motsemogolo, le bagolwane ba diphuthego tse di fa gaufi. Diphuthego tseo di neng di rulaganyetsa go dira tiro e e seng kana ka sepe ya go tlhabolola kana ya go aga Holo e ntšha ya Bogosi di ne tsa kgothalediwa gore di ikgolaganye le Komiti E E Agang ya Kgaolo e e mo lefelong la tsone gore di tle di solegelwe molemo ke maitemogelo ao e nang nao le dikgakololo tseo e di filweng ke Mokgatlho. Komiti eo e ne e tla dirisiwa go dira dithulaganyo tsa go phutha badiri ba ba tlhokegang bao ba nang le bokgoni go tswa mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi bao ba ka dirang ditiro tseo di ka nnang 65 tse di farologaneng tsa diatla bao ba neng ba setse ba ntse ba ithaopetse go thusa mo ditirong tse di ntseng jalo.

Jaaka fa dithulaganyo tseno di ne di ntse di tokafadiwa, go ne go kgonega gore go fokodiwe palo ya badiri bao ba neng ba dira epe fela ya ditiro tseno. Go na le gore go tle boidiidi jwa bone kwa lefelong la go aga go tla leba fela kana go thusa, ke ka sewelo fela go neng go tla ba ba fetang 200 ka nako e le nngwe fela kwa lefelong la go aga. Go na le gore ba nne mafelobeke otlhe koo, badiri ba ne ba nna teng fela ka nako ya fa go ne go tlhokega gore go dirwe ditiro tseo ba neng ba itse go di dira sentle. Ka gone, ba ne ba na le nako e e oketsegileng eo ba neng ba ka kgona go e nna ba na le malapa a bone le go nna le seabe mo ditirong dingwe tsa diphuthego tsa kwa magaeng a bone. Ka nako ya fa bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba ka kgona go dira mefuta ya ditiro dingwe tse di rileng mo lobakeng lo lokhutshwanyane fela lwa nako, gantsi go ne go fitlhelwa go le mosola fela thata go bitsa setlhopha se se agang ka bofefo gore se tle go dira fela ditiro tseo go neng go tlhokega gore di dirwe ka bonako.

Le mororo tiro yotlhe fela e ne e tsamaya ka lobelo lo lo gakgamatsang, go potlaka ga yone e ne e se selo sa konokono seo go neng go akantswe ka sone. Selo seo se neng se le botlhokwa go gaisa e ne e le go dira gore go nne le Diholo tsa Bogosi tsa boleng jo bo kwa godimo tseo di agiwang ka boikaelelo jwa go thusa mo mafelong ao di agilweng mo go one. Go ne go rulaganngwa ka kelotlhoko gore go fitlhelelwe seno ebile go ntse go bolokwa ditshenyegelo di le kwa tlase. Go ne go tsewa dikgato tsa go tlhokomela gore polokesego e ne e lejwa e le selo seo se leng botlhokwa go di gaisa tsotlhe—go bolokesega ga badiri, baagelani, batho ba ba fetang ka tsela, le bao mo isagweng ba neng ba tlile go nna mo teng ga Holo eno ya Bogosi.

Jaaka fa dikgang tseo di leng malebana le thulaganyo eno ya go aga Diholo tsa Bogosi di ne di fitlha kwa dinageng tse dingwe, diofisi tsa makala tsa Mokgatlho tseo di neng di dumela gore thulaganyo eno e ne e tlile go nna mosola mo mafelong ao di neng di le mo go one di ne tsa romelelwa dintlha tse di tlhokegang. Ka ngwaga wa 1992, Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo tseo di tlhomilweng ke Mokgatlho di ne di thusa ka tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi kwa dinageng tse di ntseng jaaka Afrika Borwa, Argentina, Australia, Boritane, Canada, Fora, Japane, Jeremane, Mexico le Spain. Go ne go dirwa gore mekgwa eo e neng e dirisiwa mo tirong ya go aga e tsamaisane le maemo a mo lefelong leo go neng go agiwa mo go lone. Fa go ne go tlhokega gore lekala lengwe le thuse ka go aga Diholo tsa Bogosi, seno se ne se rulaganngwa ka go bolelela ofisi ya Mokgatlho kwa ntlokgolo. Kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, go ne go tsewa malatsi a le mantsi go agiwa diholo tse disha; kwa mafelong mangwe a sele, go ne go tsewa dibeke di le dintsi kana gongwe dikgwedi di le mmalwa. Ga go na pelaelo epe gore ka ntlha ya go rulaganngwa ga dilo ka kelotlhoko le go dira mmogo ka kutlwano ga badiri, nako eo e neng e dirisediwa go aga Holo e ntšha ya Bogosi e ne ya khutshwafadiwa.

Ga se ditiro tsa go aga Diholo tsa Bogosi fela tseo Basupi ba ga Jehofa ba di dirang. Go tlhokega dikago tse di atologileng ka nako ya fa ditlhopha tsa diphuthego di kopana mmogo gore di tshware dikopano tsa potologo tsa ngwaga le ngwaga le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe.

Go Tlamela ka Diholo Tse Di Tlhokegang tsa Dikopano

Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, go ile ga dirisiwa dikago tsa mefuta e le mentsi gore go tshwarelwe dikopano tsa potologo mo go tsone. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba hira mafelo a a ntseng jaaka diholo tse dikgolo tseo di neng di le mo mafelong ao ba neng ba tshwarela dikopano mo go one, dikolo, diholo tsa metshameko ya diterama, mafelo ao masole a thapisediwang mo go one, mafelo a dipontsho tsa metshameko, le mafelo a mebaraka. Mo mafelong a le mmalwa, go ne go na le dikago tse dintle eletota tseo ba neng ba di duelela tlhotlhwa e e di tshwanelang sentle gore ba di dirise. Mo makgetlong a le mantsi, go ne go tlhokega nako e ntsi thata le maikatlapelo gore go phepafadiwe lefelo, go tlhomiwe dibuelagodimo, go agiwe serala, go bo go tlisiwe ditulo. Ka dinako tse dingwe, go ne go tle go diragale gore ba bolelelwe fela mo motsotsong wa bofelo gore ba se ka ba dirisa lefelo leo. Jaaka fa palo ya diphuthego e ne e ntse e gola, go ne ga nnela bokete kwa pele go bona mafelo a a lekaneng a a tshwanetseng dikopano tseno. Ke eng seo se neng se ka dirwa?

Tharabololo ya seno e ne ya boa gape ya nna gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le mafelo ao e leng a bone. Seno se ne se tla akaretsa go tlhabolola dikago tseo di neng di tshwanela le go aga tse disha. Ya ntlha ya Diholo tse di ntseng jalo tsa Dikopano kwa United States e ne e le holo ya metshameko ya diterama kwa Long Island City, kwa New York, eo e neng ya tlhabololwa ya bo ya simolola go dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa fa ngwaga wa 1965 o ela go fela.

Mo e batlang e nna ka nako e e tshwanang, Basupi ba ba neng ba le kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa Guadeloupe ba ne ba tshwaragane le go aga Holo ya Dikopano gore ba nne le dilo tseo ba di tlhokang. Ba ne ba akanya gore go ne go tla nna molemo tota fa ba ne ba ka tshwarela dikopano tsa bone tsa potologo mo mafelong a le mantsi a a farologaneng. Mme lefa go ntse jalo ditoropo tse dintsi di ne di sena dikago tseo di neng di le dikgolo ka mo go lekaneng. Ka gone Basupi ba ne ba aga kago e potlana fela eo e neng e dirilwe ka diphaephe tsa ditshipi mme e ruletswe ka aluminiamo, e le kagonyana fela eo e neng e ka kgona go tsenya batho ba le 700 ebile e ne e ka kgona go tlhongwa gongwe le gongwe fela koo go neng go na le sebata sa lefatshe seo se neng se batla se le sephaphathi. Ba ile ba tshwanelwa ke gore ba nne ba atolose holo eno gangwe le gape, go fitlha e kgona go tsenya batho ba le 5 000. A o ko o akanye fela ba rwala ditone di le 30 tsa dilwana tseo ba neng ba di tlhoma, ba bo ba di tlhomolola mo kopanong nngwe le nngwe! Holo eo ya Dikopano e ne e fetsa dingwaga di le 13 e ntse e agiwa le go tlhatlhamololwa makgetlo a le mmalwa ngwaga nngwe le nngwe, go fitlha go nna bokete go ka bona sebata sa lefatshe seo holo e potlana eno e neng e ka tlhomiwa mo go sone mme go ne ga tlhokega gore go rekiwe sebata sa lefatshe le go aga Holo ya leruri ya Dikopano mo go sone, eo jaanong go tshwarelwang dikopano tsa potologo le tsa kgaolo mo go yone.

Mo mafelong a le mantsi thata, dikago tseo di neng di ntse di le teng di ne tsa fetolwa gore e nne Diholo tsa Dikopano. Kwa Engelane, kwa Hays Bridge, kwa Surrey, go ne ga rekiwa kago e kgolo ya sekolo seo se neng se na le dingwaga di le 50 mme e ne ya tlhabololwa. E ikadile diheketara di le 11 fa gare ga motseselegae o montle. Diholo tsa pele tse dikgolo tsa dibaesekopo le ntlo ya bobolokelo ya madirelo di ne tsa tlhabololwa tsa bo tsa simolola go dirisiwa kwa Spain; go dirisiwa feketeri e e sa dirisiweng ya masela kwa Australia; holo ya modikwadikwane kwa Quebec, kwa Canada; kago eo mo go yone go tshamekelwang motshameko wa boula kwa Japane; ntlo ya bobolokelo kwa Repaboliking ya Korea. Tsotlhe tseno di ne tsa fetolwa gore e nne Diholo tse dintle tsa Dikopano tseo di neng di ka kgona go dirisiwa jaaka mafelo a magolo a go rutelwang Bibela mo go one.

Diholo tse dingwe tsa Dikopano tsone di ne di le dishasha, di agilwe go tloga kwa tlase. Mo lokwalopakeng lwa Institution of Structural Engineers, go ne ga kwadiwa setlhogo seo se leng malebana le holo eo go senang epe e e agilweng go tshwana nayo e e nang le matlhakore a le robedi ya kwa Hellaby, kwa Yorkshire Bokone, kwa Engelane, ga ba ga kwadiwa ntlha ya gore bontsi jwa tiro bo ne bo dirwa ke badiri ba baithaopi. Holo ya Dikopano e e kwa Saskatoon, ebong kwa Saskatchewan, kwa Canada, e ne ya agiwa gore e tle e kgone go tsenya batho ba le 1 200; mme lefa go ntse jalo, kago eno e ka kgona go dirisiwa jaaka Diholo tse nne tsa Bogosi tse di bapileng ka nako ya fa mabota a yone a kafa teng a gogilwe gore a e kgaoganye. Holo ya Dikopano ya kwa Haiti (eo dikarolo tsa yone di agetsweng kwa thoko kwa United States e bo e romelwa gore e tle go kopanngwa gore e nne kago e e feletseng) e ne e kgona go bulwa mo matlhakoreng oomabedi gore bao ba ntseng ba nne kafa teng ga yone ba nne ba tlhabiwe ke diphefo tseo di neng di ntse di foka—gore di fokotse mogote wa letsatsi la kwa Haiti. Holo e e kwa Port Moresby, kwa Papua New Guinea, e ne ya agiwa ka tsela eo e leng gore dikarolo tse dingwe tsa mabota a yone di ne di ka kgona go bulwa jaaka dikgoro gore e tle e kgone go tsenya boidiidi jwa batho jo bogolo go feta joo bo neng bo ka kgona go tsena kafa teng ga yone.

Tshwetso eno ya go aga Holo ya Dikopano ga e dirwe ke setlhopha se sennye fela sa balebedi bao morago ga foo ba lebelelang gore mongwe le mongwe a dumalane nayo. Pele ga fa go ka agiwa Holo epe fela e ntšha ya Dikopano, Mokgatlho o tlhomamisa gore go sekasekilwe dilo ka kelotlhoko go bona gore ke eng seo e tla se tlhokang le gore e tla dirisiwa go le go kana kang. Ga go lebiwe fela gore batho ba lefelo ba tlhaga go le kana kang go e aga mme gape go lebiwa dilo tseo di tlhokegang ka kakaretso mo tshimong eo. Seno se tlotliwa le diphuthego tsotlhe tseo di tla nnang le seabe mo go e ageng, gore go tlhomamisiwe keletso eo bakaulengwe ba nang nayo le gore ba kgona go le kana kang go e tshegetsa.

Ka gone, fa tiro e simolola, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong leo ba e tshegetsa ka dipelo tsa bone tsotlhe. Basupi ka bobone ba tshegetsa tiro nngwe le nngwe ya go aga ka madi. Go tlhalosiwa gore go tlhokega madi a a kana kang, mme meneelo e ntshiwa ka go ithaopa le kwantle ga go umaka maina a bao ba e ntshitseng. Go rulaganngwa dilo ka kelotlhoko esale gale, mme tiro ya go aga e dirwa ke batho bao ba nang le maitemogelo ao ba setseng ba ntse ba a bapetse mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi mme gantsi, ao ba a bapetseng mo tirong ya go aga Diholo tsa Dikopano kwa mafelong a mangwe. Koo go neng go tlhokega gone, dikarolo dingwe tsa tiro di ne di fiwa dikonteraka tsa kgwebo gore di di dire, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa yone bo ne gantsi bo dirwa ke Basupi ba ba tlhagafetseng. Seno se ka nna sa fokotsa ditshenyegelo ka halofo.

Gantsi tiro yotlhe fela ya go aga e tswelela pele ka bofefo fa e dirwa ke badiri bao e leng ditswerere mo ditirong dingwe tseo ba di ithutetseng le fa e dirwa ke ba bangwe bao ba ithaopelang go tla go dirisa nako ya bone le dikgono tseo ba nang natso. Ditiro dingwe tsa go aga di ka nna tsa tlhoka gore di tseye lobaka lo lo fetang lwa ngwaga. Mme lefa go ntse jalo kwa Vancouver Island kwa Canada, ka 1985, baithaopi ba ba ka nnang 4 500 ba ne ba wetsa Holo ya Dikopano ya bogolo jwa disekweremetara di le 2 300 mo malatsing a le robong fela. Gape, kago eno e na le Holo ya Bogosi e e nang le manno a batho ba le 200 e e neng e tlile go dirisiwa ke diphuthego tsa mo lefelong leo. Ka 1984, kwa New Caledonia, puso e ne ya tlhoma molao wa tshipi ka ntlha ya tlhakatlhakano ya sepolotiki, mme lefa go ntse jalo baithaopi ba le 400 ba ne ba tshwaragane le go aga Holo ya Dikopano ka nako eo, mme e ne ya wediwa mo dikgweding di le nne fela. Gaufi le Stockholm, kwa Sweden, Holo e ntle ya Dikopano, eo e neng ya nna mosola tota, eo e nang le ditulo di le 900 tse di matobetobe tseo di dirilweng ka logong lwa moakere, e ne ya agiwa mo dikgweding di le supa fela.

Ka dinako tse dingwe go ne go tlhokega gore ba tswelele pele ba kgaratlha tota kwa dikgotlatshekelong gore ba amogele makwalotetla a gore ba age Diholo tseno tsa Dikopano. Go ne go ntse jalo kwa Canada kwa Surrey, kwa British Columbia. Ka nako ya fa go ne go rekilwe sebata sa lefatshe, ba ne ba letliwa go ya ka melao ya mo lefelong leo gore ba age lefelo le le ntseng jalo la kobamelo. Mme lefa go ntse jalo morago ga fa go ne go sena go ntshiwa dipolane tsa kago, ka 1974, Lekgotla la Kgaolo ya Surrey le ne la tlhoma molawana o o neng o gatelela gore dikereke le diholo tsa dikopano di agiwe fela kwa Sounong ya P-3—souno e e neng e seyo! Mme lefa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng go ne go ile ga agiwa dikereke di le 79 kwantle ga bothata bope mo toropong e e laolwang ke mmasepala. Kgang eno e ne ya tseelwa kwa kgotlatshekelo. Go ne ga dirwa ditshwetso di le mmalwa tseo di neng di ema Basupi ba ga Jehofa nokeng. Ka nako ya fa thibelo e e neng e dirilwe ke batlhankedi ba ba neng ba na le maikutlo a a maswe e ne e tlosiwa, badiri ba baithaopi ba ne ba nna le seabe mo tirong eno ya go aga ka tlhagafalo tota mo e leng gore ba ne ba e fetsa mo dikgweding tseo di ka nnang supa fela. Fela jaaka fa go ne go ntse ka Nehemia ka nako ya fa a ne a leka go tsosolosa dithako tsa Jerusalema wa bogologolo, ba ne ba ikutlwa gore ‘letsogo la Modimo le ne le le mo go bone’ gore ba wetse tiro eno.—Neh. 2:18.

Ka nako ya fa Basupi ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba rekile Stanley Theater kwa Jersey City, kwa New Jersey, kago eo e ne e le mo rejisetareng ya puso ya dikago tseo di neng di itsege fela thata. Le mororo e ne e tlhomola pelo ka ntlha ya go sa baakanngwe, e ne e tshwanela thata gore e ne e ka nna ya dirisiwa jaaka Holo ya Dikopano mo isagweng. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa Basupi ba ne ba batla go e baakanya fa e neng e tlhoka gore e baakanngwe gone, balaodi ba toropo ba ne ba gana go ba naya makwalotetla a go dira jalo. Ratoropo o ne a sa batle Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leo; go ne go na le dilo dingwe tseo a neng a rulaganyeditse go di dira ka kago eo. Kgang eno e ne ya tshwanelwa ke gore e tseelwe kwa kgotlatshekelong gore balaodi bano ba thibelwe gore ba se ka ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa letlelelwang ke molao. Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso eo e neng e ema Basupi nokeng. Ka bonakonyana fela morago ga foo, baagi ba lefelo leo ba ne ba akantsha gore ratoropo a ntshiwe mo tirong. Tiro ya go aga holo e ne ya tswelela pele ka bofefo. Tiro eno e ne ya felela ka Holo e ntle ya Dikopano eo e nang le manno a batho a a fetang 4 000. Ke kago eo borakgwebo mmogo le baagi ba mo toropong eo ba ipelang ka yone.

Mo dingwageng di le 27 tse di fetileng, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba aga Diholo tse dintle tsa Dikopano le tseo di ileng tsa nna mosola gore di dirisiwe jaaka mafelo a konokono ao go rutelwang Bibela mo go one. Diholo tse di ntseng jalo jaanong di nna di ntse di oketsegela pele fela kwa Bokone le kwa Borwa jwa Amerika, Yuropa, Afrika, le kwa dinageng tse di kwa Botlhaba, mmogo le kwa ditlhaketlhakeng tse dintsi. Kwa dinageng dingwe—ka sekai, kwa Nigeria, Italy, le kwa Denmark—Basupi ba ga Jehofa ba agile dikago tse dikgolwane, tsa leruri ka kwa ntle fela ga toropo, tseo ba ka kgonang go tshwarela dikopano tsa kgaolo mo go tsone.

Mme lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe fela mo ditirong tsa go aga Diholo tsa Dikopano le Diholo tsa Bogosi gore ba tsweledisetse go bolela ka Bogosi jwa Modimo pele.

Diofisi, Mafelo a go Gatisa, le Magae a Bethele mo Lefatsheng ka Bophara

Ka 1992, go ne go na le diofisi tsa makala di le 99 tsa Mokgatlho wa Watch Tower mo lefatsheng lotlhe, tse nngwe le nngwe ya tsone e okamelang ditiro tse di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa bao ba leng mo karolong ya tshimo eo a leng mo go yone. Mo e batlang e nna makala a a fetang halofo mo go ano a gatisa dikgatiso tse di farologaneng gore go tsweledisetswe pele tiro ya go ruta Bibela. Gantsi ba ba dirang mo makaleng ano, ba nna mmogo jaaka lelapa le legolo mo magaeng a a bidiwang Bethele, lefoko le le rayang “Ntlo ya Modimo.” Ka ntlha ya go oketsega ga palo ya Basupi ba ga Jehofa le go oketsega ga tiro ya bone ya go rera, go ile ga tlhokega gore dikago tseno di atolosiwe le gore go agiwe tse disha.

Phuthego e ile ya gola ka lobelo lo logolo moo e leng gore gangwe le gape go ile ga nna le dithulaganyo tsa gore go atolosiwe makala a a ntseng jalo a le 20 go ya go a le 40 ka nako e le nngwe fela. Seno se ile sa tlhoka gore go dirwe thulaganyo e kgolo ya merafe yotlhe ya go aga.

Ka ntlha ya namane e tona ya tiro ya go aga e e dirwang mo lefatsheng ka bophara, Mokgatlho wa Watch Tower o na le Lefapha la one la tiro ya Boenjenere le la go thala Dipolane tsa go Aga kwa ntlokgolong e e kwa New York. Baenjenere bao ba nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi mo tirong eno ya bone ba tlogetse tiro ya bone ya boitshediso mme ba ithaopetse go dira tiro ya nako e e tletseng ya go thusa mo ditirong tsa go aga tseo di golaganeng ka tlhamalalo le tiro ya Bogosi. Mo godimo ga moo, bao ba nang le maitemogelo ba thapisitse banna le basadi ba bangwe mo tirong ya boenjenere, ya go tshwantsha, le ya go thala dipolane tsa go aga. Go tlhokomela tiro go dirisiwa lefapha leno go thusitse gore maitemogelo ao a bapalwang mo ditirong tsa go aga makala kwa karolong epe fela ya lefatshe a ka kgona go solegela molemo bao ba dirang ditiro tsa go aga kwa dinageng tse dingwe.

Fa nako e ntse e tsamaya, namane e tona ya tiro eo e ntseng e dirwa e ne ya dira gore go nne mosola gore go tlhomiwe Ofisi ya Kgaolo ya Boenjenere kwa Japane gore e thuse ka go thala dipolane tsa go aga tseo di neng di tlile go dirisiwa mo tirong ya go aga kwa dinageng tsa Botlhaba. Diofisi tse dingwe tsa Kgaolo tsa Boenjenere di kwa Yuropa le Australia, mme badiri bao ba dirang mo go tsone ke bao ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng. Diofisi tseno di dirisana thata le ofisi e e kwa ntlokgolo, mme tiro e e dirwang mo go tsone mmogo le go dirisa boranyane jwa khomputara go ile ga fokotsa badiri ba ba tlhokegang kwa lefelong lepe fela leo go agiwang kwa go lone.

Dikago tse dingwe ga di dikgolo thata. Go ne go ntse jalo ka ofisi ya lekala eo e neng ya agiwa kwa Tahiti ka ngwaga wa 1983. E ne e na le diofisi, diphaposi tseo go bolokelwang dilo mo go tsone, le diphaposi tsa borobalo tsa badiri ba baithaopi ba le robedi. Gape, go ne go ntse jalo le ka kago ya lekala e e nang le matlhatlaganyane a le mane eo e neng ya agiwa kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa kwa Martinique mo dingwageng tsa 1982 go ya go 1984. Kwa dinageng tse dingwe, dikago tseno di ka nna tsa se ka tsa lebega jaaka tse di sa tlwaelegang mo bathong ba ba nnang mo ditoropong tse dikgolo, mme lefa go ntse jalo batho ba ile ba di kgatlhegela. Lokwalodikgang lo lo bidiwang France-Antilles le ne la bega gore kago ya lekala e e kwa Martinique e ne e le “tiro ya go aga e e dirilweng ka botswerere jo bo tlhomologileng” e e neng e bontsha “go rata go dira tiro e e duleng diatla.”

Le mororo di ne di le dikgolo dikago tseo di neng tsa wediwa kwa Canada ka 1981 di ne di akaretsa feketeri e e bogolo jwa disekweremetara di le 9 300 le dikago tsa bonno tseo mo go tsone go neng go nna baithaopi ba le 250. Kwa Cesario Lange, kwa Brazil, kago ya Watch Tower e e neng ya wediwa mo go one ngwaga o e ne e akaretsa dikago di le robedi, mme e ne e batla e le bogolo jwa disekweremetara di le 46 000. E ne ya tlhoka diteraka di le 10 000 tse di tletseng semente, matlapa, mmu wa santa, le mekoa e e lekaneng ya konkereiti eo bogodimo jwa yone bo neng bo lekana le jwa Mount Everest gabedi! Fa go ne go wediwa kago e kgolo ya go gatisetsa ka 1991 kwa Philippines, go ne ga tlhokega gape gore go agiwe kago ya bonno ya matlhatlaganyane a le 11.

Ka 1984, go ne ga simololwa namane e tona ya tiro ya go aga kwa Igieduma gore baboledi ba Bogosi ba ba ntseng ba oketsega ba kwa Nigeria ba tle ba tlamelwe ka dilo tseo ba di tlhokang. Seno se ne se tshwanetse sa akaretsa feketeri, kago e kgolo ya diofisi, dikago di le nne tsa bonno tse di tshwaraganeng, le dikago tse dingwe tse di tlhokegang. Go ne ga dirwa dipolane tsa feketeri eo dikarolo tsa yone di neng di tshwanetse go agelwa kwa thoko di bo di romelwa go tswa kwa United States. Mme lefa go ntse jalo, ka nako eo go ne go lebega ekete bakaulengwe ba ne ba sa tle go kgona go gorosa dilo tsa go aga ka nako. Ka nako ya fa ba ne ba kgonne go di gorosa mme sengwe le sengwe sa tsone se gorogile se siame kwa lefelong la go aga, Basupi ga ba a ka ba itlotlomatsa mme ba ne ba lebogela Jehofa masego a gagwe.

Go Atolosiwa ka Lobelo ga Dikago go Dikologa Lefatshe

Lefa go ntse jalo, tiro ya go bolela ka Bogosi e ne ya gola ka bofefo fela thata moo e leng gore le eleng morago ga fa dikago tsa lekala mo nageng di sena go atolosiwa fela thata, gantsi go ne go tlhokega gore go simololwe gape ka tiro ya go aga mo lobakeng lo lokhutshwanyane fela lwa nako. A o ko o akanye ka dikai tseno tse di latelang.

Lekala le lentle le lesha kwa Peru—leo le nang le diofisi, diphaposiborobalo di le 22, mmogo le dikago tse dingwe tseo di leng botlhokwa thata mo malokong a lelapa la Bethele, le Holo ya Bogosi—di ne tsa wediwa fa ngwaga wa 1984 o fela. Mme lefa go ntse jalo ba ba neng ba tsaya kgato kaga molaetsa wa Bogosi kwa nageng eo ya Amerika Borwa ba ne ba le bantsi fela thata go gaisa kafa go neng go lebeletswe ka gone. Morago ga dingwaga di le nne, go ne go tlhokega gore go agiwe kago e nngwe e e lekanang le kago e e leng teng ka bogolo, mme mo nakong eno go ne go dirisiwa polane e e neng e tla dira gore kago eno e se ka ya utlwisiwa botlhoko ke thoromo ya lefatshe.

Ka 1979, go ne ga wediwa moago o mosha o o boitshegang wa lekala kwa Colombia. Go ne go lebega o ne o tlile go fetsa dingwaga tse dintsi tse di tlang o ntse o le mogolo ka mo go lekaneng. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di le supa fela, palo ya Basupi ba kwa Colombia e ne e batla e menagane gabedi mme jaanong lekala le ne le sa gatisetse Colombia fela dimakasine tsa La Atalaya le ¡Despertad! mme gape le ne le di gatisetsa dinaga tse nne tse di fa gaufi. Ba ile ba tshwanela ke gore ba simolole go aga gape ka 1987—mme mo nakong eno, ba ne ba agela moo go neng go na le sebata se segolwane sa lefatshe seo ba neng ba ka atolosetsa kago mo go sone.

Mo ngwageng wa 1980, Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Brazil ba ne ba senya diura di le 14 000 000 mo tirong ya go rera molaetsa wa Bogosi phatlalatsa. Ka 1989, palo ya tsone e ne ya tlhatlogela go tseo di ka nnang 50 000 000. Batho ba le bantsi ba ne ba bontsha gore ba ne ba eletsa go kgorisiwa semoyeng. Dikago tseo di seng kana ka sepe tsa makala tseo di neng tsa kgakolwa ka 1981 di ne di sa tlhole di lekane. Ka September 1988, go ne go setse go ntse go tsweletswe pele ka go epa motheo wa feketeri e ntšha. Feketeri eno e feta eo e neng e le teng ka 80 lekgolong, ebile ke boammaaruri gore gape go ne go tla tlhokega dikago tsa bonno gore go tlamelwe lelapa la Bethele leo le neng le oketsegile.

Ka 1984, kwa Selters/Taunus, kwa Jeremane, go ne ga kgakolwa kago ya go gatisetsa ya Mokgatlho wa Watch Tower o e neng e le ya bobedi e kgolo go di feta tsotlhe. Morago ga dingwaga di le tlhano, ka ntlha ya dikoketsego tseo di neng di nna gone kwa Jeremane le ka ntlha ya ditshono tsa go atolosa tiro ya go neela bosupi kwa dinageng tseo lekala le neng le di gatisetsa dibuka, dithulaganyo tsa go atolosa lekala ka go feta 85 lekgolong le go aga dikago tse dingwe tseo badiri ba neng ba tla nna mo go tsone di ne di tsweletse pele.

Ka 1972, lekala la kwa Japane le ile la fuduga go tswa kwa Tokyo go ya kwa dikagong tse dikgolo tse dintšha kwa Numazu. Ka 1975, go ilwe ga tswelelwa pele go dirwa tiro e e seng kana ka sepe ya go atolosa. Go ne ga rekwa kago e nngwe gape ka 1978, kwa Ebina; mme tiro ya go aga feketeri eo ka bogolo e neng e feta eo e neng e le kwa Numazu gararo e ne ya simolola ka bonako. Eno e ne ya wediwa ka 1982. Dikago tseno di ne di ise di bo di lekane; ka 1989 go ne ga agiwa dikago tse dingwe tse di oketsegileng. A go ne go se kitla go kgonega gore kago e agiwe gangwe fela le go dirwa gore e nne kgolo ka mo go lekaneng? Nnyaa. Palo ya baboledi ba Bogosi kwa Japane e ne ya nna ya menagana gabedi gangwe le gape ka tsela eo go senang motho ope yo o neng a lebeletse gore go ne go tla diragala ka yone. Ka 1972, palo ya bone e ile ya oketsega go tswa go 14 199 go ya go 137 941 ka 1989, mme bontsi jo bo boitshegang jwa bone bo ne bo le mo bodiheding jwa nako e e tletseng.

Re bona sekai se se tshwanang le seno kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Mo dingwageng di le lesome fela—mme ka dinako tse dingwe mo dingwageng di le mmalwa—fa go sena go agiwa makala a magolo ao a nang le bogatisetso, go ne go tlhokega gore go dirwe tiro e e seng kana ka sepe ya go atolosa. Gareng ga mafelo a mangwe, go ne go ntse jalo kwa Mexico, Canada, Afrika Borwa, le kwa Repaboliking ya Korea.

Ke bomang bao ba dirang tiro ya go aga ka boyone? E wediwa jang yotlhe fela?

Dikete Tse Dintsi Di Eletsa go Thusa

Kwa Sweden, mo Basuping ba le 17 000 ba naga eo, ba ba ka nnang 5 000 ba bone ba ne ba ithaopela go thusa mo tirong ka nako ya fa go ne go agiwa lekala la bone kwa Arboga. Ba bantsi ba bone e ne e le batho fela bao ba neng ba eletsa go thusa, mme lefa go ntse jalo gape go ne go na le ba bangwe ba bantsi bao e neng e le ditswerere tota mo ditirong dingwe tseo ba ne ba di ithutetse mme ba neng ba tlile go tlhokomela gore tiro e dirwe sentle. Ke eng se se neng se ba tlhotlheletsa go dira jalo? Go rata Jehofa.

Ka nako ya fa molaodi mongwe kwa ofising ya batlhatlhobi e e kwa Denmark a ne a utlwa gore tiro ya go aga lekala kwa Holbæk e ne e tlile go dirwa ke Basupi ba ga Jehofa, o ne a supa fa a belaela. Lefa go ntse jalo, Basupi bao ba neng ba ithaopela go thusa ba ne ba itse tiro e e neng e tlile go dirwa. Lefa go ntse jalo, a ba ne ba tla dira tiro eno sentle go gaisa dikonteraka tsa kgwebo fa di ka bo di ne di hirilwe gore di tle go e dira? Morago ga fa tiro eno ya go aga e sena go wediwa, bomankge ba ba tswang kwa lefapheng la toropo la go aga ba ne ba tla go bona kago eno mme ba akgela ka ga tiro eno e e dirilweng ka bothakga—selo seo mo malatsing ano ba se bonang sewelo fela mo ditirong tsa kgwebo. Fa e le kaga motlhankedi yoo pelenyana a ileng a bontsha gore o ne a belaela, o ne a nyenya mme a bolela jaana: “Wa bona mo nakong eo, ke ne ke sa itse gore lo na le thulaganyo ya mofuta ofe.”

Ditoropo tsa kwa Australia di katogane fela thata; ka gone, bontsi jwa ba ba 3 000 bao ba neng ba ithaopela go tla go aga dikago tsa lekala kwa Ingleburn fa gare ga ngwaga wa 1978 le wa 1983 ba ile ba tshwanelwa ke gore ba tseye bobotlana loeto lwa dikilometara di le 1 600. Lefa go ntse jalo, go ne ga rulaganngwa gore ditlhopha tsa baithaopi di tseye loeto ka bese, mme diphuthego tseo di neng di le mo tseleng di ne tsa ithaopela go tlamela bakaulengwe bao ba neng ba ema mo mafelong ao ba neng ba ikhutsa mo go one ka dijo le go tsalana nabo. Bangwe ba bakaulengwe ba ile ba rekisa matlo a bone, ba tswala dikgwebo tsa bone, ba tsaya malatsi a boikhutso, ba bo ba itima dilo tse dingwe gore ba nne le seabe mo tirong eo. Ditlhopha tsa banna bao ba nang le maitemogelo mo ditirong dingwe tsa diatla di ne tsa tla—dingwe tsa tsone di ne tsa tla makgetlo a le mmalwa—go tla go tshela konkereiti, go tsenya sileng, le go kampelela ka diterata. Bangwe ba ne ba aba dilo tseo di neng di ka dirisiwa mo tirong ya go aga.

Bontsi jwa bao ba neng ba ithaopa mo ditirong tseno tsa go aga ba ne ba sa ithutela dipe tsa tsone, mme ka go nna ba ntse ba thapisiwa, bangwe ba bone ba ne ba sikara maikarabelo a magolo le go dira tiro e e duleng diatla. Ba ne ba ithuta kafa ditshipi tsa difensetere di lomaganngwang ka gone, go kgweetsa diterekere, go tlhakanya konkereiti, le go aga. Ba ne ba ipelela molemo o o seng kana ka sepe oo batho bao e seng Basupi bao ba dirang one mofuta ono wa tiro ba duelwa ba sa kgoneng go o ipelela. Ka tsela efe? Bao ba neng ba itse tiro eno, ba ne ba iketleeditse go thusa ka kitso eo ba nang nayo. Ga go na ope yo o neng a boifa gore mongwe o sele o ne a tla mo tseela tiro; tiro e ne e le ntsi moo e leng gore mongwe le mongwe o ne a na le sengwe seo a neng a ka se dira. Ebile ba ne ba tlhotlheletsega fela thata gore ba dire tiro e e duleng diatla, ka gonne e ne e dirwa ka tsela ya go supa fa ba rata Modimo.

Kwa mafelong otlhe ao go neng go agiwa kwa go one, Basupi bangwe ba bopa karolo ya botlhokwa ya “lelapa” le le dirang tiro ya go aga. Ka nako ya fa go ne go agiwa kwa Selters/Taunus, kwa Jeremane, go simolola ka 1979 go fitlha ka 1984, makgolo a bone a le mmalwa ka kakaretso a ne a bopa setlhopha seo sa badiri. Ba bangwe ba le diketekete ba ne ba refosana go tla go dira nabo, go ne go tla ba le bantsi ba bone mo mafelobekeng mangwe le mangwe. Go ne go rulaganngwa dilo ka kelotlhoko gore ka nako ya fa baithaopi ba goroga, go bo go na le tiro e ntsi eo ba neng ba ka e dira.

Fa fela batho ba santse ba sa itekanela, go tla nna go ntse go nna le mathata, mme lefa go ntse jalo bao ba dirang ditiro tseno tsa go aga ba leka go a rarabolola ka go dirisa melaometheo e e mo Bibeleng. Ba a itse gore go dira dilo ka mokgwa wa Bokeresete go botlhokwa thata go na le go di dira ka matsetseleko. Ka tsela fela ya go ba gokolola, mo lefelong leo go neng go agelwa kwa go lone kwa Ebina, kwa Japane, go ne go na le dimati tse dikgolo tseo di neng di na le ditshwantsho tsa badiri ba ba rweleng makarapa, ebile mo go lengwe le lengwe la makarapa ano go ne go kwadilwe maungo ano a moya wa Modimo ka ditlhaka tsa Se-Japane: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, boingotlo, le boikgapo. (Bagal. 5:22, 23) Bao ba etelang mafelo ano ao go agiwang kwa go one, ba ka kgona go bona pharologanyo le go e utlwa. Ka nako ya fa a ne a tlhalosa dilo tseo a di boneng ka namana, mmegadikgang yo o neng a tla go bona lefelo leo go neng go agiwa lekala kwa go lone kwa Brazil o ne a bolela jaana: “Ga go na tlhakatlhakano epe kana go tlhoka tirisanommogo . . . Tikologo eno ya Bokeresete e farologana le eo gantsi e bonwang mo Brazil mo lefelong la tiro ya go aga la batho ba ba direlang tuelo.”

Kgolo Eo E Ntseng E Tswelela Pele kwa Ntlokgolong ya Lefatshe Lotlhe

Ka nako ya fa makala a Mokgatlho wa Watch Tower a ne a ntse a oketsega, go ile ga tlhokega gore gape go atolosiwe ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Feketeri ya yone le diofisi tsa ntlokgolo kwa Brooklyn le dikago tse dingwe tseo di leng kwa mafelong a mangwe kwa New York State di ile tsa atolosiwa fela thata ka makgetlo a a fetang lesome fa e sale go tloga ka Ntwa ya Lefatshe II. Go ile ga tlhokega gore go agiwe kana gore go rekiwe dikago di le mmalwa tse dikgolo le tse dinnye, le go di tlhabolola gore batho ba ba dirang tiro eno ba tle ba tlamelwe ka marobalo. Go ne ga itsisiwe ka namane e tona ya tiro e e oketsegileng ya go atolosa kwa Brooklyn ka August 1990 le ka January 1991—le eleng lefa tiro eo e simolotseng ka 1989 ya go aga lefelo le le seng kana ka sepe kafa bokone jwa New York City leo le bidiwang Watchtower Educational Center, leo le dirilweng gore le tle le kgone go tsaya batho ba le 1 200 go akaretsa le bao ba nnang mo dikagong tsa bonno le baithuti e ne e tsweletse pele.

Fa e sale go simolola ka 1972, tiro ya go aga kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn le kwa dikagong tse di amanang thata nayo tseo di leng kwa New York le kwa New Jersey ga e ise e ko e tle mo bokhutlong jwa yone. Fa nako e ntse e tsamaya, go ile ga lemogwa gore le eleng lefa badiri ba ka metlha ba tiro ya go aga ba ne ba le makgolokgolo, ba ne ba sa kgone go lepalepana le tiro. Ka gone, ka 1984, go ne ga tlhomiwa thulaganyo e e tswelelang pele ya badiri ba nakwana. Go ne ga romelwa makwalo kwa diphuthegong tseo di leng kwa United States tseo di neng di le 8 000 ka nako eo go kopa bakaulengwe ba ba tshwanelegang gore ba tle go thusa ka lobaka lwa beke e le nngwe kana go feta. (Thulaganyo e e tshwanang le eno e ile ya dira sentle eletota kwa go a mangwe a makala, go akaretsa Australia, koo bao ba neng ba kgona go nna dibeke di le pedi ba neng ba kopiwa gore ba ithaope.) Badiri ba ne ba tla fiwa marobalo le dijo mme ba ne ba tla ituelela ditshenyegelo tsa bone tsa mosepele ebile ba ne ba se kitla ba duelwa sepe. Ke bomang bao ba neng ba tla arabela?

Ka 1992, go ne ga amogelwa makwalokopo a a fetang 24 000 kgakala! A a ka nnang 3 900 a one e ne e le a batho bao ba neng ba boa lekgetlo la bobedi, kana la boraro, le eleng lekgetlo la bo10 kana la bo20 a mabedi. Ba bantsi ba bone e ne e le bagolwane, batlhanka ba bodihedi, kana babulatsela—batho ba ba tshwanelegang sentle semoyeng. Botlhe fela ba ne ba ithaopela go dira sengwe le sengwe fela seo se neng se tlhoka go dirwa, lefa e ka tswa se ne se ba tlhoka gore ba dire tiro ya diatla eo ba e ithutetseng kana nnyaa. Gantsi tiro e ne e le bokete ebile e tlatsa leswe. Mme lefa go ntse jalo ba ile ba leba seabe sa bone ka tsela eno mo go tsweledisetseng pele ditiro tseo di direlwang Bogosi e le tshiamelo. Bangwe ba ne ba ikutlwa gore tiro eno e ile ya ba thusa gore ba anaanele botoka moya wa go intsha setlhabelo oo o tlhaolang tiro e e dirwang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe. Ba le bantsi ba bone ba ile ba ikutlwa ba duetswe ka tsela e kgolo ka ntlha ya go nna gone mo thulaganyong ya kobamelo ya mo mosong ya lelapa la Bethele le mo thutong ya lelapa ya Tora ya Tebelo e e tshwarwang beke le beke.

Baithaopi Ba Ba Tswang mo Merafeng Yotlhe

Jaaka fa go ne go ntse go tswelela pele go tlhokega gore go atolosiwe dikago ka bofefo, ka 1985 go ne ga simololwa thulaganyo ya gore go nne le baithaopi ba ba tswang mo merafeng yotlhe. Seno e ne e se go simolola thulaganyo ya go dirisana mmogo ga batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe mo tirong ya go aga, mme lefa go ntse jalo, thulaganyo eno e ne jaanong e rulaganngwa ka kelotlhoko go tswa kwa ntlokgolong. Botlhe bao ba nnang le seabe mo go yone ke Basupi ba ba ithaopelang go thusa mo tirong ya go aga kwa dinageng tse e seng tsa bone. Ke badiri ba ba ditswerere, mmogo le balekane ba bangwe ba lenyalo bao ba tsamayang le banna ba bone gore ba ye go thusa lefa e ka nna ka tsela epe fela eo ba ka kgonang go dira ka yone. Bontsi jwa bone ba ituelela ditshenyegelo tsa bone tsa mosepele ka namana; ga go na bape ba bone bao ba duelelwang seo ba se dirang. Bangwe ba bone ba ya go thusa ka nakwana fela, gantsi ba nna koo go tswa go dibeke di le pedi go ya go dikgwedi di le tharo. Bangwe ke bao ba ithaopelang go ya go dira nako e telele, ba nna koo lobaka lwa ngwaga kana go feta, gongwe go fitlha tiro ya go aga e wediwa. Mo dingwageng tsa ntlha tse tlhano, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 000 ba ba tswang kwa dinageng tse 30 tse di farologaneng ba ile ba nna le seabe mo tirong eno, ebile ba le bantsi ba bone ba ne ba eletsa go nna le seabe ka nako ya fa go ne go tlhokega gore go dirwe ditiro tseo ba neng ba itse go di dira ka botswerere. Ba leba go intsha ga bone setlhabelo le go dirisa madi a bone ka tsela eno gore ba tsweledisetse ditiro tseo di direlwang Bogosi jwa Modimo pele e le tshiamelo.

Baithaopi ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba fiwa marobalo le dijo. Ga se gantsi ba iphitlhelang ba le kwa ga mothakga. Basupi ba ba leng mo mafelong ao go tlang go agiwa mo go one ba anaanela fela thata seo bakaulengwe ba bone ba ba etileng ba se dirang, mme fa go kgonega, ba ba amogela go tla go robala nabo mo magaeng a bone, go sa kgathalesege gore ke a maemo a a kwa tlase go le go kana kang. Mo makgetlong a mantsi, badiri ba ja dijo kwa lefelong leo go agelwang kwa go lone.

Bakaulengwe ba ba tswang kwa dinageng di sele ga ba ye koo go ya go dira tiro yotlhe. Boikaelelo jwa bone ke go ya go dira le setlhopha se se agang sa lefelo leo. Ebile ba bangwe ba le makgolokgolo, le eleng ba le diketekete ba ba leng mo nageng eo le bone ba ka nna ba tla ka nako e le nngwe fela go tla go thusa mo mafelobekeng mangwe le mangwe kana ka lobaka lwa beke kana go feta. Kwa Argentina, baithaopi ba le 259 ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba dira le bakaulengwe ba ba ka nnang sekete ba lefelo leo, bao bangwe ba bone ba neng ba dira letsatsi lengwe le lengwe, ba bangwe bone dibeke di le mmalwa, mme ba le bantsi ba ba oketsegileng bone ba ne ba dira mafelobeke mangwe le mangwe. Kwa Colombia, baithaopi ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba ba fetang 830 ba ne ba refosana ka go tla go thusa. Gape, go ne go na le baithaopi ba mo lefelong leo ba ba fetang 200 bao ba neng ba nna le seabe ka nako e e tletseng mo tirong ya go aga le ba bangwe ba le 250 kana go feta bao ba neng ba thusa mafelobeke mangwe le mangwe, ba ba neng ba tla go thusa. Palogotlhe ya batho ba ba farologaneng ba ba neng ba thusa e ne e feta 3 600.

Go bua dipuo tse di sa tshwaneng go ka tsosa mathata, mme lefa go ntse jalo seno ga se thibele ditlhopha tsa batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe gore ba dire mmogo. Go bua ba dirisa diatla, ponalo ya difatlhego tsa bone, go nna le boikutlo jo bo siameng, le go eletsa ga bone go wetsa tiro eo e tla tlotlang Jehofa go thusa gore tiro e wediwe.

Ka dinako tse dingwe, go gola ga phuthego ka tsela e e tlhomologileng mo phuthegong—eo e dirang gore go tlhokege dikago tse dikgolwane tsa makala—e nna gone kwa dinageng tseo kwa go tsone batho bao e leng ditswerere mo ditirong tsa go aga ba leng mokawanyana fela. Mme lefa go ntse jalo seno ga se kgoreletse Basupi ba ga Jehofa bao ba thusanang ka boitumelo ka gope. Ba dira mmogo jaaka karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe le le sa kgaoganngwang ke bomorafe, mmala, kana puo.

Kwa Papua New Guinea, tumalanong le kopo eo e neng ya dirwa ke Lefapha la Puso la Badiri, mongwe le mongwe wa baithaopi ba ba neng ba tswa kwa Australia le kwa New Zealand o ne a katisetsa Mo-Papua New Guinea tiro ya diatla eo a neng a e dira. Ka tsela eno, ka nako ya fa Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba intsha setlhabelo, ba ne ba ithuta go dira ditiro tsa diatla tseo di neng di ka kgona go ba thusa gore ba nne le dilo tseo ba di tlhokang le tseo di tlhokwang ke malapa a bone.

Ka nako ya fa go ne go tlhokega lekala le lesha kwa El Salvador, baithaopi ba le 326 ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba tla go dira mmogo le bakaulengwe ba lefelo leo. Mo tirong ya go aga eo e neng e dirwa kwa Ecuador, Basupi ba le 270 go tswa kwa dinageng di le 14 ba ne ba dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba kwa Ecuador. Baithaopi bangwe ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba ne ba thusa mo ditirong di le mmalwa tsa go aga tseo di neng di dirwa ka nako e le nngwe fela le tse dingwe. Ba ne ba refosana go ya go thusa kwa mafelong ao go neng go agiwa kwa go one kwa Yuropa le Afrika, ba dira jalo go ya ka gore ditiro tsa diatla tseo ba neng ba di ithutetse di ne di tlhoka go dirwa kae.

Ka 1992, baithaopi ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba ne ba romelwa kwa mafelong a le 49 a a nang le makala gore ba ye go thusa ditlhopha tse di agang tseo di leng mo mafelong ao. Mo makgetlong mangwe, bao ba neng ba thusiwa ke thulaganyo eno ba ne ba kgona gore le bone ba thuse ba bangwe. Ka gone, fa ba sena go direlwa molemo ke badiri ba batlhanka ba ba tswang mo merafeng yotlhe bao ba ka nnang 60 bao ba dirang ka nako e telele bao ba ileng ba thusa mo tirong ya go aga lekala kwa Philippines, le go tswa mo baithaoping ba ba fetang 230 ba ba tswang kwa dinageng di sele bao ba ileng ba thusa ka nako e khutshwanyane fela, bangwe ba Ba-Filipino ba ne ba ithaopela go thusa mo go ageng dikago kwa dikarolong tse dingwe tseo di leng kwa Borwa jwa Asia.

Tiro ya go aga e ntse e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya dilo tseo gone jaanong di tlhokegang tseo di amanang le go rerwa ga mafoko a a molemo. Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, ba batla gore ba neele bosupi jo bogolwane kafa go ka kgonegang ka gone mo nakong e e setseng eno pele ga Hara-Magedona. Ba tlhatswegile pelo gore lefatshe le lesha la Modimo le atametse, ebile ba dumela gore jaaka batho ba ba rulagantsweng, ba tla falolela mo lefatsheng le lesha leo, le le tla busiwang ke puso ya Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Gape, ba solofela gore gongwe dikago di le dintsi tse dintle tseo ba di agileng le go di neela Jehofa gore e nne tsa gagwe di tla tswelela pele go dirisiwa morago ga Hara-Magedona jaaka mafelo ao mo go one go ka rutelwang kitso ya Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri go fitlha e tlala ka lefatshe lotlhe ka mmatota.—Isa. 11:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefelo leo le ne le itsiwe jaaka Kereke ya “New Light” ka gonne ba ba neng ba kopanela kwa go lone ba ne ba lemoga gore ba ne ba simolola go tlhaloganya Bibela ka tsela e e farologaneng ka ntlha ya go bala dikgatiso tsa Watch Tower.

[Mafoko a a mo go tsebe 322]

Basupi ba ba tswang mo diphuthegong tse di fa gaufi ba ne ba thusa mo tirong

[Mafoko a a mo go tsebe 323]

Tiro ya go aga e ne e dirwa ke badiri ba baithaopi, ba ba sa duelweng

[Mafoko a a mo go tsebe 324]

Go ne go gatelelwa thata dinonofo tsa semoya

[Mafoko a a mo go tsebe 326]

Kago ya boleng jo bo kwa godimo, e e dirwang ka pabalesego, ka ditshenyegelo tse di kwa tlase

[Mafoko a a mo go tsebe 328]

Holo ya Dikopano e e tlhongwang gongwe le gongwe!

[Mafoko a a mo go tsebe 331]

Go ya go ikuela kwa dikgotla-tshekelong

[Mafoko a a mo go tsebe 332]

Go atolosa ka selekanyo se segolo mo merafeng yotlhe

[Mafoko a a mo go tsebe 333]

Badiri ba ne ba tlotlomatsa Jehofa eseng bone ka bobone

[Mafoko a a mo go tsebe 334]

Go gola ka selekanyo se go neng go se ope yo a neng a se akantse

[Mafoko a a mo go tsebe 336]

Ba ne ba leba e le tshiamelo go thusa mo tirong ya go aga kwa ntlokgolo

[Mafoko a a mo go tsebe 339]

Ba dira jaaka lelapa la lefatshe lotlhe le le sa kgaoganngwang ke bomorafe, mmala, kana puo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 320, 321]

Ba Dira Mmogo mo go Ageng Diholo tsa Bogosi ka Bofefo

Go tlhomiwa diphuthego tse disha di le diketekete ngwaga o mongwe le o mongwe. Mo makgetlong a le mantsi, Diholo tse disha tsa Bogosi di agiwa ke Basupi ka bobone. Ditshwantsho tseno di ne tsa tsewa ka nako ya fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi kwa Connecticut, kwa U.S.A. ka 1991

Labotlhano, 7:40 a.m.

Labotlhano, ura ya bo 12

Matlhatso, 7:41 p.m.

Namane e tona ya tiro e weditswe, ka Sontaga, ka 6:10 p.m.

Ba kopa Jehofa gore a ba segofatse, ebile ba beela nako kwa thoko gore ba tlotle ka kgakololo e e tswang mo Lefokong la gagwe

Baithaopi botlhe ba ba sa duelweng ba itumelela go dira mmogo ka kutlwano

[Ditshwantsho mo go tsebe 327]

Diholo tsa Bogosi kwa Dinageng Tse Di Farologaneng

Gantsi mafelo ao Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang mo go one ga a maphatsiphatsi. A phepa, a a lapolosa, ebile bontle jo bo mo tikologong ya one bo a gogela

Peru

Philippines

Fora

Repaboliki ya Korea

Japane

Papua New Guinea

Ireland

Colombia

Norway

Lesotho

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 330]

Diholo tsa Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa

Gore ba tle ba kgone go tshwara dikopano tsa bone tse di nnang gone gangwe le gape, Basupi ba ga Jehofa ba ba leng kwa mafelong mangwe ba fitlhetse go le mosola gore ba age Diholo tsa Dikopano tseo e leng tsa bone ka namana. Bontsi jwa tiro ya go aga bo dirwa ke Basupi ba lefelo leo. Di le mmalwa tsa diholo tse di neng tsa simolola go dirisiwa fa dingwaga tsa bo1990 di ne di simolola ke tseno

Boritane

Venezuela

Italy

Jeremane

Canada

Japane

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 338]

Thulaganyo ya go Aga ya Merafe Yotlhe E Tlamela ka Dilo Tseo Di Tlhokegang

Go gola ka lobelo ga phuthego go dirile gore diofisi, difeketeri, le magae a Bethele a a leng teng go dikologa lefatshe lotlhe di tswelele pele go nna di ntse di atolosiwa

Baithaopi ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba thusa Basupi ba mo lefelong leo

Spain

Mekgwa e e dirisiwang ya go aga e dira gore baithaopi ba le bantsi ba ba senang kitso e e kalokalo ya go aga ba dire tiro e e kgatlhang eletota

Puerto Rico

Badiri ba ba ditswerere ba thusa ka boitumelo

New Zealand

Greece

Brazil

Go dirisiwa didirisiwa tse di thata go dira gore fa nako e ntse e tsamaya go se ka ga dirisiwa madi a mantsi mo go baakanyeng

Boritane

Tiro e e duleng diatla e kgonwa go dira fa bao ba e dirang ba e kgatlhegela; eno ke tsela eo ba bontshang gore ba rata Jehofa ka yone

Canada

Ditiro tseno tsa go aga ke dipaka tse di itumedisang; ba le bantsi ba tlhagolela botsalano jo bo tsayang lobaka lo loleele

Colombia

Lomati lono kwa Japane lo ne lwa gakolola badiri ka dikgato tseo ba neng ba ka di tsaya gore ba se ka ba gobala, gape lo ne lwa ba gakolola gore go botlhokwa go bontsha maungo a moya wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 318]

Kago ya ntlha eo e neng ya bidiwa Holo ya Bogosi, kwa Hawaii

[Ditshwantsho mo go tsebe 319]

Diholo tse dintsi tsa ntlha tsa Bogosi e ne e le dikago tse di hirilweng kana diphaposi fela tseo di leng ka kwa godimo ga mabenkele; di le dintsi tsa tsone di ne tsa agiwa ke Basupi

[Ditshwantsho mo go tsebe 329]

Diholo tse pedi tsa ntlha tsa Dikopano

New York City

Guadeloupe

[Setshwantsho mo go tsebe 337]

Badiri ba ba dirang ka nakwana mo tirong ya go aga ba ba sa tswang go goroga kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa New York

Setlhopha sengwe le sengwe se gakololwa gore go nna motho wa semoya le go dira tiro e e duleng diatla ke dilo tse di leng botlhokwa go feta go dira tiro ka bofefo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela