A Tota o Tlhoka go Kopa Maitshwarelo?
‘LE KA motlha ga nke ke kopa maitshwarelo,’ George Bernard Shaw o ne a kwala jalo. ‘Se se diragetseng se diragetse,’ ba bangwe ba ka nna ba bolela jalo.
Gongwe le rona re tlhabiwa ke ditlhong go dumela phoso nngwe re tshaba gore re tla intsha seriti. Gongwe re itlhatswa leina ka gore bothata ke jwa motho yo mongwe. Kana re ka nna ra akanya go kopa motho maitshwarelo mme re bo re kgaphela seo kwa thoko go fitlha re akanya gore kgang eo e setse e lebetswe.
Ka jalo he, a go botlhokwa go kopa maitshwarelo? A tota go ka fitlhelela sengwe?
Lorato lo re Tlhotlheletsa Gore re Kope Maitshwarelo
Lorato lwa bakaulengwe ke letshwao le le tlhaolang balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete. O ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Dikwalo di rotloetsa Bakeresete gore ba “ratane mo pelong ka tlhoafalo.” (1 Petere 1:22) Lorato lo lo nonofileng lo re tlhotlheletsa gore re kope maitshwarelo. Ka ntlha yang? Ka gonne totatota go sa itekanela ga batho go utlwisa maikutlo a batho ba bangwe botlhoko a a kgoreletsang gore go nne le lorato fa e le gore ga a fodisiwa.
Ka sekai, ka ntlha ya go bo re na le dikgotlhang le motho mongwe mo phuthegong ya Bokeresete, re ka nna ra akanya gore re se ka ra mmuisa. Fa re diretse motho yo mongwe phoso, re ka tsosolosa jang botsalano jo bo lorato le ene? Mo mabakeng a le mantsi, o ka dira jalo ka go kopa maitshwarelo mme go tswa foo o bo o leka go bua ka mokgwa o o lorato. Re na le molato wa go rata bakaulengwekarona, mme fa re bolela gore re swabetse go bo re kgopisitse motho, re a bo re duela bontlhanngwe jwa molato oo.—Baroma 13:8.
Fa re tshwantsha: Mari Carmen le Paqui ke basadi ba babedi ba Bakeresete ba e saleng e le ditsala go tloga bogologolo. Lefa go ntse jalo, e re ka Mari Carmen a ne a dumela tshebo nngwe e e utlwisang botlhoko, botsala jwa gagwe le Paqui bo ne jwa fela. O ne a tlhokomologa Paqui gotlhelele a sa mo tlhalosetsa sepe. Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, Mari Carmen o ne a lemoga gore tshebo eo e ne e se boammaaruri. O ne a tsaya kgato efe? Lorato lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a ye kwa go Paqui mme a bontshe fa a swabetse thata go itshwara ka tsela e e sa siamang, a bua ka boikokobetso. Boobabedi ba ne ba thubega ka selelo, mme fa e sa le ka nako eo e ntse e le ditsala tse di ntshanang se se inong.
Lefa gone re ka nna ra se ka ra ikutlwa re dirile sengwe se se phoso, go kopa maitshwarelo go ka nna ga rarabolola go tlhoka kutlwisisano. Manuel o gakologelwa jaana: “Dingwaga di le dintsi tse di fetileng nna le mosadi wa me re ne re nna mo legaeng la mongwe wa bokgaitsadi ba rona ba semoya fa a ne a lwala a le kwa sepateleng. Re ne ra leka ka bojotlhe gore re mo thuse mmogo le bana ba gagwe fa a santse a lwala. Mme fa a sena go boela kwa gae, o ne a ngongoregela mo tsaleng nngwe gore ga re a duela ditshenyegelo tsa ntlo ka tshwanelo.
“Re ne ra mo etela mme ra mo tlhalosetsa gore gongwe ke ka gonne re le basha e bile re sena maitemogelo, fa re sa tlhokomela dilo jaaka ene a ne a ka dira. Ka bonako o ne a araba ka gore e ne e le ene yo o neng a re diretse phoso le gore totatota o itumelela sotlhe se re mo diretseng sone. Bothata bo ne jwa rarabololwa. Boitemogelo joo bo ne jwa nthuta gore go botlhokwa go kopa maitshwarelo ka boikokobetso fa go tsoga ditlhokakutlwisisano.”
Jehofa o ne a segofaletsa banyalani bano go bontsha lorato le go ‘latela dilo tse di diranang le kagiso.’ (Baroma 14:19) Gape lorato lo dira gore o tlhokomele maikutlo a ba bangwe. Petere o re gakolola gore re bontshe ‘bopelotlhomogi.’ (1 Petere 3:8) Fa re le pelotlhomogi, gantsi re ka kgona go lemoga botlhoko jo re bo bakileng ka mafoko kana sengwe se re se dirileng ka tsela e e bofafalele mme re tla tlhotlheletsega go kopa maitshwarelo.
“Lo Itlame ka Boikokobetso”
Tota le bagolwane ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ka nna le kganetsano e e botlhoko gangwe le gape. (Bapisa Ditiro 15:37-39.) Tseno ke dinako tse go leng mosola thata go kopa maitshwarelo ka tsone. Mme ke eng se se ka thusang mogolwane kana Mokeresete ope yo mongwe yo o palelwang ke go kopa maitshwarelo?
Boikokobetso ke jone tharabololo. Moaposetoloi Petere o ne a gakolola jaana: “Lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana.” (1 Petere 5:5) Le mororo go le boammaaruri gore mo dikganetsanong di le dintsi batho ka bobedi ba tshwaana diphoso, Mokeresete yo o boikokobetso o amega ka diphoso tsa gagwe a bo a batla go di dumela.—Diane 6:1-5.
Motho yo o kopiwang maitshwarelo o tshwanetse a a amogela ka moya wa boikokobetso. Fa re dirisa setshwantsho, a re re gongwe banna ba babedi ba ba batlang go buisana ba eme kwa ditlhoeng tsa dithaba tse pedi tse di farologaneng. Puisano ya bone e e fetang selomo se se ba kgaogantseng ga e kgonege. Lefa go ntse jalo, fa mongwe wa bone a fologela kwa mokgatšheng o o kwa tlase le yo mongwe a bo a dira se se tshwanang, ba ka kgona go buisana motlhofo. Ka mo go tshwanang, fa Bakeresete ba babedi ba tlhoka go rarabolola kgotlhang ya bone, a yo mongwe a kopane le yo mongwe kwa mokgatšheng ka boikokobetso, jaaka go ka tualo, mme ba kope maitshwarelo a a tshwanetseng.—1 Petere 5:6.
Go Kopa Maitshwarelo go Botlhokwa Thata mo Lenyalong
Totatota lenyalo la batho ba babedi ba ba sa itekanelang le dira gore go nne le sebaka sa go kopa maitshwarelo. Mme fa e le gore monna le mosadi ba pelotlhomogi, go tla ba tlhotlheletsa gore ba kope maitshwarelo fa go ka direga gore ba buisane kana ba direlane ka tsela e e sa akanyetseng. Diane 12:18 e tlhalosa jaana: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.” ‘Ditlhabo tsa kgakgabuelo’ di ka se dirololwe, mme di ka fodisiwa ka go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa. Ke boammaaruri gore seno se tlhoka go nna kelotlhoko le boiteko ka metlha.
Susana o bolela jaana ka lenyalo la gagwe: “Nna le Jack* re setse re na le dingwaga di le 24 re nyalane, mme re santse re ithuta dilo tse disha ka mongwe le mongwe wa rona. Se se hutsafatsang ke gore mo nakong e e fetileng, re ne ra kgaogana mme ra se nne mmogo ka dibeke di sekaenyana. Lefa go ntse jalo, re ne ra reetsa kgakololo ya Dikwalo e e tswang mo bagolwaneng mme ra nna mmogo gape. Jaanong re lemoga gore e re ka re na le botho jo bo sa tshwaneng gotlhelele, dikgotlhang di ka nna teng. Fa seno se diragala, re kopa maitshwarelo ka bonako mme tota re bo re leka thata go tlhaloganya tsela e yo mongwe a lebang dilo ka yone. Ke itumelela go bolela gore lenyalo la rona le tokafetse fela thata.” Jack o oketsa jaana: “Gape re ithutile gore re lemoge dinako tse re ka nnang ra kgopisega ka tsone. Ka dinako tse di ntseng jalo re tshwarana ka matsetseleko.”—Diane 16:23.
A o tshwanetse go kopa maitshwarelo fa o akanya gore ga o phoso? Fa seo se akaretsa maikutlo a a boteng, go thata gore re itse ka boammaaruri gore ke mang yo o leng phoso re sa tsiediwe ke maikutlo a rona. Mme selo se se botlhokwa ke go nna le kagiso mo lenyalong. Akanya ka Abigaile, mosadi wa Moiseraele yo monna wa gagwe a neng a sotla Dafite. Lefa gone a ne a ka se ka a tshwaiwa phoso ka ntlha ya boeleele jwa monna wa gagwe, o ne a kopa maitshwarelo. O ne a kopa jaana: “Ke a go rapela, o itshwarele tlolo ya lelata la gago.” Dafite o ne a amogela seo ka go mo tshwara sentle, a dumela ka boikokobetso gore fa e ne e se ka ene, o ka bo a ne a tsholola madi a a senang molato.—1 Samuele 25:24-28, 32-35.
Ka mo go tshwanang, mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang June, yo o setseng a na le dingwaga di le 45 a nyetswe, o akanya gore lenyalo le le atlegang le tlhoka gore motho e nne ene wa ntlha go batla go kopa maitshwarelo. O bolela jaana: “Ke ipolelela gore lenyalo la me le botlhokwa thata go feta maikutlo a me jaaka motho ka namana. Ka jalo fa ke kopa maitshwarelo, ke ikutlwa gore ke a thusa mo lenyalong.” Monna mongwe yo o godileng e bong Jim o bolela jaana: “Ke kopa mosadi wa me maitshwarelo tota le mo dilong tse di nnye. Fa e sa le a dirwa karo e e masisi, o na le go tlalelwa motlhofo fela. Ka jalo ka metlha ke baya letsogo la me mo godimo ga gagwe ke bo ke re, ‘Tshwarelo, Moratiwa. Ke ne ke sa ikaelela go go utlwisa botlhoko.’ Fela jaaka setlhare se se nosediwang, o a thama ka bonako.”
Fa e le gore re ile ra utlwisa motho yo re mo ratang thata botlhoko, go kopa maitshwarelo ka bonako go mosola thata. Milagros o dumela ka pelo yotlhe a re: “Ke na le bothata jwa go palelwa ke go itshepa, mme fa monna wa me a nkgalefela ke a tenega. Mme fa a kopa maitshwarelo, ke ikutlwa ke le botoka ka bonako.” Dikwalo di re bolelela jaana ka tsela e e botlhale: “Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.”—Diane 16:24.
Dirisa Mokgwa wa go Kopa Maitshwarelo
Fa re dira gore go kopa maitshwarelo e nne mokgwa fa go tlhokega, re ka nna ra fitlhela gore batho ba tla arabela sentle. Mme gongwe e ka nna bone ba ba kopang maitshwarelo. Fa re belaela gore re kgopisitse mongwe, ke ka ntlha yang fa re sa dire gore go kopa maitshwarelo e nne mokgwa go na le gore re senye nako re tila go dumela phoso epe e re e dirileng? Lefatshe le ka nna la akanya gore go kopa maitshwarelo ke sesupo sa gore motho o bokoa, mme tota go neela bosupi jwa gore o godile mo Bokereseteng. Ke boammaaruri gore re ka se batle go tshwana le bao ba lemogang phoso nngwe mme lefa go ntse jalo ba bo ba fokotsa boikarabelo jwa bone. Ka sekai, a re a tle re re re maswabi re sa bue go tswa mo pelong. Fa re fitlha thari re nna re kopa maitshwarelo gantsi, a re ititaya sehuba gore re tokafatse re fitlhe ka nako?
Ka jalo he, a tota re tlhoka go kopa maitshwarelo? Ee, re tlhoka go dira jalo. Re tshwanetse go dira jalo le gore ba bangwe le bone ba dire jalo. Go kopa maitshwarelo go ka okobatsa botlhoko jo bo bakiwang ke go sa itekanela, go ka fodisa dikgotlhang. Go kopa maitshwarelo gope mo re go dirang ke thuto ya boikokobetso le go re thapisa gore re tseye maikutlo a ba bangwe ka tsela e e masisi. Ka ntlha ya seo, badumedikarona, bao re nyalaneng nabo le ba bangwe ba tla re leba jaaka bao ba tlhokang go ratiwa le go ikanngwa. Re tla ritibala mo mogopolong, mme Jehofa Modimo o tla re segofatsa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ga se maina a bone tota.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Go kopa maitshwarelo mo go tswang mo pelong go rotloetsa lorato lwa Bokeresete