LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/97 ts. 1
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Thapelo ya go Leboga
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 3/97 ts. 1

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

1 Bontsi jwa rona re ile ra rutiwa fa re ne re sa ntse re le bannye go re “tsweetswee” le “ke a leboga” fa mongwe a re diretse sengwe kana a re bontsha molemo mongwe. Paulo o re kgothatsa gore ka metlha re ‘itshupe re na le tebogo’ mme re leboge segolobogolo Jehofa. (Bakol. 3:15, 16) Mme re ka supa jang tebogo ya rona go Mmopi wa rona yo Mogolo? E bile re na le mabaka afe a a kgethegileng a go bo re tshwanetse go mo leboga?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re leboga Modimo, gonne o re naya phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete!” (1 Bakor. 15:57) Ngwaga le ngwaga kwa Segopotsong re gakololwa ka lorato lo logolo lo Modimo le Keresete ka bobedi ba ileng ba lo re bontsha ka go re naya thekololo gore re nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 3:16) E re ka rotlhe re kile ra swelwa ke baratiwa ba rona, a bo re lebogela Jesu jang ne ka ntlha ya tsholofetso ya tsogo! Dipelo tsa rona di penologa ka tebogo fa re akanya ka ga go falola tsamaiso eno ya dilo re sa tlhole re swa ka gope. (Joh. 11:25, 26) Go thata go bona mafoko a ka one re ka bontshang tebogo ya rona ka ntlha ya masego a magolo a re sa ntseng re tla a bona mo go Jehofa mo lefatsheng le le tlang la Paradaise. (Tshen. 21:4) A go na le mabaka ape a a fetang ano a ope a ka ‘itshupang a na le tebogo’ mo Modimong ka one?

3 Tsela ya go Leboga Modimo: Ka metlha go siame go rapela Jehofa re mo leboga ka ntlha ya molemo wa gagwe. (Pes. 136:1-3) Gape re tlhotlheletsega go supa tebogo ya rona mo go ene ka ditsela tse dingwe tse di siameng. Ka sekai, re tla tlhomamisa gore re nne gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka Sontaga, March 23. Gore re thuse ka dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lefelo la rona le mo tirong ya lefatshe ka bophara, re itumelela go ‘tlotla Jehofa ka dithoto tsa rona.’ (Dia. 3:9) Re tla ema bagolwane nokeng le go dirisana le bone, ka go dira jalo re bontsha Jehofa gore re leboga thuso e a re nayang yone ka bone. (1 Bathes. 5:12, 13) Letsatsi lengwe le lengwe re leka go nna le boitsholo jo bo siameng jo bo galaletsang leina la Modimo. (1 Pet. 2:12) Jehofa o itumelela thata ditsela tseno tse re bontshang go mo leboga ka tsone.—1 Bathes. 5:18.

4 Tsela e e Molemolemo ya go Leboga: Go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka Bogosi, go tlotla leina la ga Jehofa, go mo leboga ka thapelo le go femela boammaaruri ka boikanyego ke dingwe tsa ditsela tse dintsi tse re ka supang go leboga Mmopi wa rona ka tsone ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a re di diretseng. Jehofa o itumela thata go re bona re mo direla tirelo e e boitshepo, re ema thato ya gagwe nokeng ya “gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Tim. 2:3, 4) Ke ka moo baboledi ba le bantsi ba ba kgonang go dira jalo ba arabelang taletso e e neng ya tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February ya go ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta, ka March, April le May. Go dira maiteko a a oketsegileng mo tirelong ke tsela e e molemo ya gore re ‘itshupe re na le tebogo’ mo Modimong. A o tla kgona go nna mmulatsela ka April? ka May?

5 Re filwe tsholofelo e e tlhomameng ya go tshelela ruri. Fa re bona dilo tseno di diragala re tla bo re na le mabaka a mangwe a mantsi a go tswelela re leboga Jehofa ka boitumelo letsatsi le letsatsi.—Pes. 79:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela