LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/97 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa March
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka March 3
  • Beke e e Simololang ka March 10
  • Beke e e Simololang ka March 17
  • Beke e e Simololang ka March 24
  • Beke e e simololang ka March 31
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 3/97 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa March

Beke e e Simololang ka March 3

Pina 53

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothatsa botlhe gore ba simolole go laletsa batho ba ba kgatlhegang go tla Segopotsong ka March 23. Bontsha khopi ya taletso ya Segopotso mme kgothatsa botlhe go iponela dikhopi gore ba simolole go di tsamaisa mo bekeng eno.

15 mets: “Aga Ntlo ya Gago.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa maitemogelo go tswa go 1995 Yearbook, tsebe 228.

20 mets: “Go Thusa Malapa go Bona Isagwe e e Nnelang Ruri.” (Dirapa 1-5) Akgela ka bokhutshwane ka serapa 1, o bo o tlotla ka tsela ya go tlhagolela kgatlhego mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng ka go dirisa ditlhogo tsa dikgaolo, ditshwantsho tse di mebalabala le mabokoso a go boeletsa. Dira gore baboledi ba ba nang le bokgoni ba dire pontsho ka puisano e e mo dirapeng 2-5. Kopa botlhe gore ba dire maiteko a a kgethegileng go tsamaisa buka eno mo malapeng a a ileng a bontsha kgatlhego mo nakong e e fetileng.

Pina 71 le pina e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 10

Pina 56

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola botlhe gore ba latele mmalo wa Baebele wa Segopotso o o beetsweng March 18-23, jaaka go bontshitswe go Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe.

20 mets: “Itshupeng Lo na Le Tebogo.” Dipotso le dikarabo. Botlhe ba tshwanetse go leka ka natla go laletsa diithuti tsa Baebele, batho ba ba kgatlhegang, ba lelapa ba ba kgatlhegang le bakaulengwe le bokgaitsadi bape fela ba ba sa kopaneleng sentle le phuthego go nna teng kwa Segopotsong. Dira pontsho e khutshwane ya mmoledi a dirisa taletso ya Segopotso a laletsa motho yo o kgatlhegang go tla Segopotsong. Dira dikakgelo tse di oketsegileng go tswa go Tora ya Tebelo ya July 1, 1988, tsebe 11, dirapa 16-17. Kgothatsa botlhe ba ba ka kgonang gore ba nne babulatsela ba ba thusang ka April le May.

15 mets: “Go Thusa Malapa go Bona Isagwe e e Nnelang Ruri.” (Dirapa 6-8) Ntsha dikakantsho dingwe go bontsha tsela ya go tsamaisa buka ya Boitumelo mo Lelapeng fa go neelwa bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kwa tirong, kwa sekolong, mo parakeng kana mo dipalangweng tsa botlhe le fa go etetswe ba losika. Dira gore mmoledi yo o tshwanelang a dire pontsho ka puisano ya dirapa 6 le 7. Puisano e e dirwang mo loetong lwa go boela e tshwanetse go thusa motho go bona ka moo thuto ya Baebele e ka nonotshang kutlwano ya lelapa ka teng. Dithuto di tshwanetse go tsamaisiwa ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?, ka maikaelelo a go fetela mo bukeng ya Kitso, kana thuto e ka simololwa ka buka ya Kitso ka boyone.

Pina 72 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 17

Pina 63

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka “Dikgakololo Tsa Segopotso,” le go itsise phuthego ka dithulaganyo tsa lona tsa Segopotso. Botlhe ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bofelo go thusa diithuti tsa Baebele le ba ba kgatlhegang go nna gone. Itsise phuthego ka ga dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa letsatsi la boikhutso la March 21.

15 mets: Puo e e neelwang ke mogolwane ka setlhogo se se reng, “A Tota o Tlhoka go Kopa Maitshwarelo?” mo go Tora ya Tebelo ya September 15, 1996, ditsebe 22-4.

15 mets: Dirisa 1997 Yearbook of Jehovah’s Witnesses ka tsela e e molemo. Rre o boeletsa dintlhakgolo tsa ditsebe 3-9 le lelapa la gagwe. Di bontsha mabaka a go bo re itumelela kgatelopele e e direlwang puso ya Modimo mo lefatsheng. Rre o tlhalosa ka tsela e mo ngwageng ono ba tla dirisang metsotso e sekae letsatsi lengwe le lengwe ka nako ya dijo go bala Yearbook mmogo le go sekaseka temana ya letsatsi. Fa lo ise lo nne le 1997 Yearbook, tlotlang ka ditlhokafalo tsa phuthego ya lona.

Pina 75 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 24

Pina 67

9 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa gore ga go ise go nne thari go ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang ka April. Itsise dithulaganyo tse di oketsegileng tse di dirwang mo phuthegong ya lona tsa dipokano tsa tirelo mo kgweding eno.

24 mets: “Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela.” (Dirapa 1-20) Dipotso le dikarabo. Dira pontsho e khutshwane ka serapa 16.

12 mets: Go Thusa Mmoledi yo Mosha go Simolola. Sekaseka serapa 19 mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996. Bontsha kafa mmoledi yo o tshwanelang a baakanyetsang seithuti sa Baebele se se sa tswang go amogelwa ke bagolwane go nna mmoledi yo o sa kolobediwang ka teng. Ba sekaseka mmogo buka ya Bodihedi jwa Rona mo tsebeng 111, serapa 2. Mmoledi yo o tshwanelang o bontsha dilo tse di ka nnang tsa diragala mo tirong ya ntlo le ntlo le gore motho ga a tshwanela go kgobega marapo le fa ba le bantsi ba sa arabele. Mmoledi o anela ka maitemogelo a a kgothatsang a a bontshang ka boitumelo jo motho a ka nnang le jone fa a bona motho yo o reetsang ka tlhoafalo. Ba baakanyetsa le go boeletsa puisano e khutshwane le e e motlhofo ya dimakasine. Go neelwa kakgolo e e kgothatsang go bo go dirwa dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go dira mmogo mo tshimong mo bekeng eno.

Pina 89 le thapelo e e konelang.

Beke e e simololang ka March 31

Pina 70

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Laletsa botlhe ba ba kgatlhegang go nna gone kwa puong ya phatlalatsa e e kgethegileng ka April 6. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa March. Itsise maina a botlhe ba e leng babulatsela ba ba thusang ka April. Sekaseka Lebokoso la Dipotso.

20 mets: “Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela.” (Dirapa 21-35) Dipotso le dikarabo. Sekaseka lebokoso le le mo go tsebe 3. Kgothatsa botlhe go bala maeto a go boela otlhe a ba a dirileng mo kgweding fa ba bega tirelo ya bone ya tshimo.

10 mets: Sekaseka Mpho e e Tsamaisiwang ka April. Tsamaisa peeletso ya Tora ya Tebelo kana boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Bolela ka bokhutshwane dikakantsho tsa ka fa go ka baakanyediwang dipuisano tse di tlhagang go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996, dirapa 3, 4, le 8 mo go tsebe 12. Dira gore baboledi ba babedi ba dire pontsho e le nngwe kana tse pedi tse dikhutshwane mme e le nngwe e nne e go tsamaisiwang dimakasine fa peeletso e ganwa. Baboledi ba tshwanetse go boloka rekoto ya ba ba amogelang dimakasine ba bo ba ba akaretsa mo tselaneng ya bone ya dimakasine.

Pina 92 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela