Bontsha go Tlotla Lefelo la ga Jehofa la Kobamelo
1 Fa re le baeng mo ntlong ya mongwe, re bontsha go tlotla dithoto tsa gagwe, re sa dire sepe se se tla di senyang mme e bile ga re tshwenyane le thulaganyo ya lelapa leo. A bo go tshwanetse ga nna jalo bogolo jang ne fa re le baeng mo ntlong ya ga Jehofa! Re tshwanetse go itse gore re tshwanetse go itshwara jang mo ntlong ya gagwe. (Pes. 15:1; 1 Tim. 3:15) Go sa kgathalesege gore a dipokano tsa rona tsa Bokeresete di tshwarelwa mo Holong ya Bogosi, mo ntlong ya mongwe kana mo lefelong la batho botlhe, bontsi jwa rona re bontsha go tlotla lefelo la rona la kobamelo jaaka e kete ke ntlo ya ga Jehofa, yo “kgalalelo ya gagwe e [leng] godimo ga lefatshe le legodimo.”—Pes. 148:13.
2 Bakaulengwe bangwe ga ba bontshe tlotlo kwa dipokanong ka go dira modumo kana ka go itshwara jaaka e kete tshedimosetso e e neelwang ga e mosola ka sepe. Bagolo bangwe ba tlotla ba sa fetse mo diphasiking, mo difoyareng, mo matlwaneng a boithomelo kana ka kwa ntle ga Holo ya Bogosi fa dipokano di ntse di tsweletse. Fa ngwana yo mogolwane a tlogelwa go tlhokomela yo monnye, ka dinako tse dingwe bone boobabedi ba ka simolola go tshameka mme ba se ka ba solegelwa molemo ke thulaganyo. Basha bangwe ba bonwe ka kwa ntle ga Holo ya Bogosi morago ga dipokano ba tshameka, ba tsositse modumo thata le e leng go tshameka karate mmogo. Mo mabakeng a mangwe ba ile ba itaya baagelani tsebe kana ba eme mo tseleng ya dikoloi tse di phakilweng kana tse di mo tseleng.
3 Tsela ya go Tila go sa Bontshe Tlotlo: Fa re tlhaloganya bomasisi le boitshepo jwa kobamelo ya rona, kwantle ga pelaelo ga re kitla re batla go itaya ba bangwe tsebe ka go nna re sebaseba, re ja, re tlhafuna tšhunkama, re swaratlhanya dipampiri, re ya ntlwaneng ya boithomelo go sa tlhokege kana re go dira mokgwa go fitlha morago ga nako kwa dipokanong. Batsadi ba ba bontshang tlotlo le ba ba anaanelang dilo ga ba letle bana ba bone go leswafatsa mmetshe, ditulo kana mabota a Holo ya Bogosi kana a ntlo e thuto ya buka e tshwarelwang kwa go yone. Kwantle ga pelaelo rotlhe re dumalana gore ga re ka ke ra nna le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong, puo ya dinyana kana go dira metlae e e leswe fa re le kwa dipokanong.—Baef. 5:4.
4 Fa re nna re gakologelwa maikaelelo a dipokano tsa rona tsa Bokeresete, re tla tlhomamisa gore rona le bana ba rona re bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo kobamelong ya ga Jehofa mo lefelong le re ‘ratang go nna mo go lone.’—Pes. 84:10.