LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/98 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa January

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa January
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka January 5
  • Beke e e Simololang ka January 12
  • Beke e e Simololang ka January 19
  • Beke e e Simololang ka January 26
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 1/98 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa January

Beke e e Simololang ka January 5

Pina 10

8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

17 mets: “Itumelele go Neela Bosupi ka Botlalo.” Motlotlo le bareetsi ka setlhogo seno. Gatelela dilo tse di tlhokegang gore o nne le puisano e e nang le matswela: (1) Dumedisa ka tsela e e botsalano, (2) akgela kana botsa potso ka ga kgang nngwe e go ntseng go tlotlwa thata ka yone bosheng jaana, (3) umaka temana nngwe ya Dikwalo e e tshwanelang, o bo o (4) lebisa kgatlhego kwa kgatisong e e tsamaisiwang. Dira gore mmoledi yo o nang le bokgoni a bontshe ketelo ya ntlha e e akantshitsweng le loeto lwa go boela lo lo tsamaisanang le yone.

20 mets: Thuto ya Lelapa e e Tlisang Boitumelo. Banyalani ba tlotla ka dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke lelapa la bone. Ka ba tshwenyegile ka ditlhotlheletso tsa lefatshe tse di amang bana ba bone ka tsela e e sa siamang, ba akanya gore ba tshwanetse go nonotsha bomoya jwa bana ba bone mme ba lemoga gore thuto ya bone ya lelapa e ntse e sa tshwarwe ka metlha e bile ka dinako dingwe e se na matswela. Ba le mmogo, ba sekaseka dikakantsho tsa kafa ba ka tshwarang thuto ya lelapa e e nang le mosola tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1997, ditsebe 26-9. Ka bobedi jwa bone ba ikemiseditse go dira se ba ka se kgonang go sireletsa bomoya jwa bana ba bone.

Pina 142 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 12

Pina 125

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

15 mets: “Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso ka Tsela e e Molemo.” Motlotlo le bareetsi. Akaretsa le maitemogelo a a tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1996, tsebe 13, serapa 15.

20 mets: “Jehofa o Naya Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng.” Dipotso le dikarabo. (Bona w90-TN 7/15 19, dirapa 15-16.) Rulaganya gore bangwe ba bolele maitemogelo a a kgothatsang a a bontshang kafa Jehofa a ba nonotshitseng ka gone.

Pina 81 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 19

Pina 1

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Lebogela tshegetso ya madi e e dirwang.

15 mets: Dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lona.

20 mets: Ipaakanyetse Jaanong go Tshegetsa Molao wa Modimo ka Madi. Mogolwane yo o tshwanelegang o tlotla ka botlhokwa jwa go tlatsa karata ya Advance Medical Directive/Release. Kaelo e e tlhotlheleditsweng e e mo go Pesalema 19:7 e bontsha gore Ditiro 15:28, 29 ke molao o o itekanetseng wa Modimo ka madi. Baobamedi ba ba ikanyegang ba kgaratlhela go tshegetsa molao oo. Dikarata tseno di itsise maikaelelo a gago a go dira jalo mme di a go buelela fa o sa kgone go ipuelela. (Bapisa Diane 22:3.) Karata e ntšha e dira boipolelo jwa sesheng jwa gore ga o batle go tshelwa madi. Morago ga pokano eno, Basupi ba ba kolobeditsweng ba ba ratang go nna le karata e ntšha ba tla e newa, mme ba ba nang le bana ba bannye ba ba sa kolobediwang ba tla amogela Identity Card ya ngwana mongwe le mongwe. Dikarata tseno ga di a tshwanela go tladiwa mo maitseboeng ano. Di tshwanetse tsa tladiwa ka kelotlhoko kwa gae mme DI SE KA tsa saeniwa. Go saeniwa, go saenisa basupi le go tsenngwa ga matlha a dikarata tsotlhe go tla dirwa morago ga Thuto e e latelang ya Buka ya Phuthego, ka kaelo ya motshwari wa thuto ya buka. Seno se tla tlhomamisa gore botlhe ba ba abetsweng mo setlhopheng sa gagwe ba ba batlang go latela kaelo eno ya madi ba bona thuso e ba e tlhokang. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a saena ka boene mo karateng eno. Ope fela yo o seyong ka nako eo mme a rata go tlatsa le go saena karata eno o tla thusiwa ke batshwari ba thuto ya buka kana bagolwane kwa Pokanong ya Tirelo e e latelang go fitlhela baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba na le dikarata tsa bone di tladitswe sentle le go saeniwa. (Boeletsa lekwalo la October 15, 1991.) Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela dikarata tsa bone gore ba di dirise ka bobone le bana ba bone ba fetola fela puo e e dirisitsweng mo karateng eno gore e dumalane le maemo a bone le se ba se dumelang.

Pina 146 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 26

Pina 187

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka mpho ya buka ya February. Umaka ntlha e le nngwe kana di le pedi go tswa mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone tse di tla nnang mosola fa e tsamaisiwa.

15 mets: “Bontsha go Tlotla Lefelo la ga Jehofa la Kobamelo.” Dipotso le dikarabo. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane, yo ka lorato a ka dirang gore e tshwanele maemo a phuthego ya lona.

18 mets: Go Bega Seabe sa Rona mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Neela Bosupi. (E tserwe go tswa mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 100-2, 106-10) Puo le motlotlo o o neelwang ke mokwaledi. Morago ga go bontsha sekai sa Dikwalo sa go bega tiro ya rona ka metlha, o kopa batlhanka ba bodiredi ba le babedi go sekaseka setlhogwana se se reng “Lebaka Leo re Begang Tirelo ya Rona ya Tshimo.” Morago ga moo mokwaledi o gatelela botlhokwa jwa go tlisa dipego tse di siameng ka bonako a bo a kgothaletsa botlhe gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa January fa kgwedi e fela. O ntsha mabaka a go bo go ipeela mekgele ya ka namana go le mosola, a konela ka go dira dikakgelo tse di kgothatsang ka ga masego a a tlelang ba ba nnang le seabe ka botlalo mo tirong ya go neela bosupi.

Pina 189 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela