Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Thulaganyo ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e ne ya simolola sentle mo ngwageng wa tirelo wa 1998. Mo dikgweding tsa ntlha tse pedi, go ile ga neelwa Diholo Tsa Bogosi di le thataro: Bapong (Brits), Edendale East (Pietermaritzburg), Gopane (Zeerust), Inadi (Greytown), Mataleng (Barkly West) le Molepolole (Botswana). Go dirilwe dithulaganyo tsa go neela diholo tse dingwe tse 12.
Mokgatlho o rata go lo akgolela meneelo ya lona e lo e ntshang ka go rata lo e ntshetsang Letlole la go Aga Diholo Tsa Bogosi. Matswela e nnile gore meneelo eno e oketsege fela thata. Mo Diholong Tsa Bogosi tse 31 tse di neetsweng fa e sa le ka July 1996, Brooklyn e ne ya re adima madi mo go tse pedi fela tsa tsone; madi otlhe a mangwe a ile a duelelwa ke meneelo ya lona. E re ka go sa ntse go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le dintsi, segolobogolo kwa magaeng, re lo kgothaletsa go tswelela lo ntshetsa letlole leno madi.