Kgaolo 12
Boiselamo—Tsela ya go Amana le Modimo ka Boikobo
[Setshwantsho—Ditlhaka Tsa Searabia]
1, 2. (a) Mafoko a ntlha a Qur’ān ke a a reng? (b) Ke ka ntlhayang fa mafoko ano a le botlhokwa mo Bamoselemeng? (c) Qur’ān e ne ya kwalwa ka puo efe la ntlha, mme “Qur’ān” e raya eng?
“MO LEINENG la ga Allah, Mobelonomi, Moutlwelabotlhoko.” Seno ke thanolo ya temana ya Searabia e e fa godimo, e e tswang mo go Qur’ān. E tswelela ka go re: “Kgalalelo e nne go Allah, Morena wa Mafatshe: Mobelonomi, Moutlwelabotlhoko: Moatlhodi ka Letsatsi la Katlholo. Ke Wena (wesi) yo re go obamelang; Ke Wena (wesi) yo re kopang thuso mo go wena. Re bontshe tsela e e tlhamaletseng: Tsela ya bao O ba bontshitseng lorato; Eseng (tsela) ya bao O tla ba galefelang lefa e le ya bao ba timelang.”—Qur’ān surah 1:1-7, MMP.a
2 Mafoko ano ke a a tswang mo go Al-Fātiḥah (“Tshimologo”), eleng kgaolo ya ntlha, kana surah, ya buka e e boitshepo ya Bamoselema, Qur’ān e e Boitshepo, kana Koran. Ereka mo bathong botlhe ba ba mo lefatsheng a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba barataro e le Momoselema mme ebile Bamoselema ba ba ineetseng ka botlalo ba boeletsa ditemana tseno mo e ka nnang makgetlo a le matlhano ka letsatsi mo dithapelong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, mafoko ano e tshwanetse ya bo e le leboko le le boelediwang go a feta otlhe mo lefatsheng.
3. Boiselamo bo aname go le kana kang gompieno?
3 Go ya ka motswedi mongwe, go na le Boiselema ba ba fetang dimilione tse 900 mo lefatsheng, seo se dirang gore Bomoselema e nne bodumedi jwa bobedi jo bo nang le batho ba palo e kgolo jo bo latelang Kereke ya Roma Katoliki. Gongwe ebile ke bodumedi jo bogolo jo bo golang go gaisa otlhe mo lefatsheng, ereka jaana mokgatlho wa Bamoselema o oketsega mo Afrika le mo lefatsheng la Bophirima.
4. (a) “Boiselamo” e raya eng? (b) “Moselema” e raya eng?
4 Leina Boiselamo ke la botlhokwa mo Momoselemeng, ka gonne le raya “go ikobela,” “go ineela,” kana “go itlama” mo go Allāh, mme go ya ka raditiragalo mongwe, “le bolela boikutlo jo bo kwa teng jwa bao ba ileng ba utlwa thero ya ga Mohammed.” “Moselema” e raya ‘motho yo o dirang kana yo o dirisang Boiselamo.’
5. (a) Bamoselema ba dumela eng malebana le Boiselamo? (b) Bibela le Qur’ān di tshwana mo dikarolong dife?
5 Bamoselema ba dumela gore tumelo ya bone ke moo ditshenolo tseo di neilweng Bahebera ba ba ikanyegang le Bakeresete ba bogologolo di feleleditsweng gone. Lefa go ntse jalo, dithuto tsa bone ga di dumalane le Bibela mo dintlheng tse dingwe, lemororo ba tsopola Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika ka bobedi mo go Qur’ān.b (Bona lebokoso, tsebe 285.) Gore re tlhaloganye tumelo ya Bomoselema botoka, re tlhoka go itse gore tumelo eno e ile ya simologa jang, kae, le leng.
Go Bidiwa ga ga Muḥammad
6. (a) Boremelelo jwa kobamelo ya Searabia e ne e le kae mo motlheng wa ga Muḥammad? (b) Go ne go na le polelo efe ya bogologolo malebana le Kaʽbah?
6 Muḥammadc o ne a tsholelwa kwa Mecca (Searabia, Makkah), kwa Saudi Arabia, mo e ka nnang ka 570 C.E. Rraagwe, ebong ʽAbd Allāh, o ne a tlhokafala pele ga Muḥammad a tsholwa. Mmaagwe, ebong Āminah, o ne a tlhokafala fa a ne a na le dingwaga di ka nna thataro. Ka nako eo Baarabia ba ne ba na le tsela ya go obamela Allāh kwa mokgatšhaneng wa Mecca, kwa lefelong le le boitshepo la Kaʽbah, ko go neng go na le ntlwananyana e e khutlonne eo go neng go obamelwa sedumedi se sentsho mo go yone. Go ya ka dipolelo tsa Seiselamo, “Kaʽbah e ne ya agiwa lantlhantlha ke Adame e le ya modiro wa selegodimo mme morago ga Morwalela e ne ya agiwa sesha ke Aberahame le Ishemaele.” (History of the Arabs, ka Philip K. Hitti) E ne ya nna lefelo la kobamelo la medimo ya disetwa e le 360, go obamelwa o le mongwe fela ka letsatsi lengwe le lengwe la ngwaga o o balwang go ya ka kgwedi.
7. Ke ditlwaelo dife tsa bodumedi tseo Muḥammad a neng a tshwenyegile ka tsone?
7 Fa Muḥammad a ntse a gola, o ne a nna le dipelaelo kaga ditlwaelo tsa bodumedi tsa motlha wa gagwe. John Noss, mo bukeng ya gagwe Man’s Religions, o tlhalosa jaana: “[Muḥammad] o ne a tshwentswe ke go omanela ruri ka dikgang tsa bodumedi le tlotlomalo ga dikgosi tsa Quraysh [Muḥammad e ne e le wa lotso loo]. Gape o ne a sa itumedisiwe gotlhelele ke go bo dilo tsa bogologolo di santse di le teng mo bodumeding jwa Baarabia, kobamelo ya medimo e mentsi ya disetwa le tumelo ya gore motho o na le moya o o kgonang go tshela o le nosi, boitsholo jo bo sa siamang kwa diphuthegong tsa bodumedi le tsa balaodi ba dikereke le meletlo, go nowa ga bojalwa, go betšha, le ditantshe tse di neng di tlwaelegile thata, le gore masea a basetsana ao a sa batliweng a fitlhiwe a ntse a tshela moo go neng go sa dirwe fela mo Mecca mme go dirwa mo Arabia yotlhe.”—Surah 6:137.
8. Muḥammad o ne a bilediwa go nna moperofeti mo maemong afe?
8 Go bidiwa ga ga Muḥammad go nna moperofeti go ne ga diragala fa a ne a ka nna dingwaga di le 40. O ne a tlwaetse go ya kwa legageng lengwe la thaba eo e neng e le gaufi, eo e neng e bidiwa Ghār Ḥirāʼ a le esi, go ya go tlhatlhanya, mme o bolela gore e ne e le ka lengwe la makgetlo ano fa a ne a amogela pitso ya go nna moperofeti. Polelo ya bogologolo ya Bomoselema e bolela gore fa a ne a le koo, moengele mongwe, yo moragonyana a neng a tlhalosiwa fa e le Gabariele, o ne a mo laolela go boeletsa mafoko mangwe ka leina la ga Allāh. Muḥammad o ne a seka a arabela, jalo moengele yoo ‘o ne a mo tshwara ka maatla mme a mo gatelela fa fatshe thata mo a neng a sa tlhole a kgona go itshoka.’ Go tswa foo moengele yoo o ne a boeletsa taolo ya gagwe. Le gone, Muḥammad o ne a seka a arabela, jalo moengele yoo ‘a mo kgama’ gape. Seno se ne sa diragala makgetlo a le mararo pele ga Muḥammad a simolola go bua ka tlhogo seo se neng sa tsewa jaaka tshenolo ya ntlha ya metseletsele ya ditshenolo tseo di bopang Qurʼān. Polelo ya bogologolo nngwe e bolela gore Muḥammad o ne a neelwa tshenolo ya bomodimo ka tsela e e tshwanang le go lela ga tloloko.—The Book of Revelation ya ga Ṣaḥīḥ Al-Bukhārī.
Tshenolo ya Qurʼān
9. Ke eng seo go bolelwang fa e ne ya nna tshenolo ya ntlha eo Muḥammad a neng a e neelwa? (Bapisa Tshenolō 22:18, 19.)
9 Mafoko ao go bolelwang fa e ne ya nna tshenolo ya ntlha eo e neng ya amogelwa ke Muḥammad ke afe? Bakwadi ba Baiselamo ka kakaretso ba dumalana gore e ne e le ditemana tsa ntlha tse tlhano tsa surah 96, e e bidiwang Al-‘Alaq, “Letlhole [la Madi],” tseo di balegang jaana:
“Mo leineng la Allah, Mobelonomi, Moutlwelabotlhoko.
Bala: Mo leineng la Morena wa rona yo o bopileng dilo.
A bopa motho ka letlhole.
Bala: Mme Morena wa rona o Pelontle,
Yo o neng a ruta ka go kwala,
A ruta batho seo ba neng ba sa se itse.”—MMP.
10-12. Qur’ān e ne ya bolokiwa jang?
10 Go ya ka buka nngwe ya Searabia eleng The Book of Revelation, Muḥammad o ne a araba jaana, “Ga ke itse go bala.” Ka jalo o ne a tshwanelwa ke go tshwara ditshenolo tseo ka tlhogo e le gore a tle a kgone go di bolela jaaka di ntse le go di bua ka tlhogo. Baarabia ba ne ba le ditswerere mo go tshwareng dilo ka tlhogo, mme Muḥammad le ene o ne a ntse fela jalo. Go ne ga tsaya lobaka lo lo kae gore a amogele molaetsa otlhe wa Qur’ān? Ka kakaretso go dumelwa gore ditshenolo tseo di ne tsa tla mo nakong ya dingwaga tse di ka nnang 20 go ya go tse 23, go simolola ka mo e ka nnang 610 C.E. go ya go ngwaga o a neng a tlhokafala ka one wa 632 C.E.
11 Dibuka dingwe tsa Semoselema di tlhalosa gore e ne e re fa a amogela nngwe le nngwe ya ditshenolo tseo, Muḥammad ka bokhutshwane fela o ne a di bolelela bao ba neng ba le gaufi nae. Morago batho bano ba ne ba tshwara ditshenolo tseno ka tlhogo mme ba nnela go di bua ka tlhogo gore di seka tsa lebalesega. Ereka Baarabia ba ne ba sa itse go dira pampiri, Muḥammad o ne a dira gore bakwadi ba kwale ditshenolo tseno mo dikwalelong tsa bogologolo tseo di neng di le teng ka nako eo, tseo di tshwanang le marapo a magetla a dikamela, matlhare a makolana, dikgong, le matlalo a a kwalelang. Lefa go ntse jalo, e ne e le fela morago ga moperofeti yoo a sena go tlhokafala Qur’ān e neng ya nna jaaka e ntse gompieno, ka kaelo ya batlhatlhami ba ga Muḥammad le balekane ba gagwe. Seno e ne e le ka nako ya puso ya batlhatlhami ba ga Muḥammad ba ntlha ba bararo, kana baeteledipele ba Bamoselema.
12 Moranodi Muhammad Pickthall o kwala jaana: “Di-surah tsotlhe tsa Qur’ān di ile tsa kwalwa pele ga Moperofeti yoo a tlhokafala, mme bontsi jwa Bamoselema ba ne ba tshwere Qur’ān yotlhe ka tlhogo. Mme di-surah tse di kwadilweng di ne tsa abelwa batho; mme fa . . . palo e kgolo ya bao ba neng ba itse Qur’ān yotlhe ka tlhogo ba ne ba bolawa mo ntweng, Qur’ān e ne ya kgobokanngwa yotlhe mme ya kwalwa.”
13. (a) Dibuka tse tharo tsa thuto ya Seiselamo ke dife? (b) Bakanoki bangwe ba Baiselamo ba leba jang go ranolwa ga Qur’ān?
13 Botshelo jwa Seiselamo bo laolwa ke balaodi ba bararo eleng—Qur’ān, Ḥadīth, le Sharīʽah. (Bona lebokoso, tsebe 291.) Bamoselema ba dumela gore Qur’ān ka Searabia ke tshenolo e e itshekileng go di gaisa tsotlhe, ereka, jaaka ba bolela, e le puo eo e neng e dirisiwa ke Modimo fa a ne a bua ka Gabariele. Surah 43:3 e tlhalosa jaana: “Re e dirile Qur’ān ka Searabia, e le gore lo tle lo kgone go tlhaloganya (le go ithuta botlhale).” (AYA) Ka gone, thanolo epe fela ya yone e tsewa jaaka matlhaolosa fela mo go rayang gore e a bo e sa tlhole e itshekile. Ebile tota, bakanoki bangwe ba Baiselamo ba gana go ranola Qur’ān. Pono ya bone ke gore “go ranola gantsi go a senya,” mme ka jalo, “gantsi Bamoselema ba ile ba gana mme ka dinako tse dingwe ba bo ba thibela ope fela yo o neng a leka go e ranolela mo lolemeng lo sele,” go tlhalosa jalo Dr. J. A. Williams, motlhatlheledi wa hisitori ya Boiselamo.
Go Gola ga Boiselamo
14. Ke tiragalo efe eo e neng ya tshwaya nako ya botlhokwa kwa tshimologong ya hisitori ya Boiselamo?
14 Muḥammad o ne a nna le mathata a magolo fa a ne a thaya tumelo ya gagwe e ntšha. Batho ba Mecca, le eleng batho ba lotso lwa gagwe, ba ne ba mo gana. Morago ga dingwaga tse 13 tsa go bogisiwa le go ilwa, o ne a fudusetsa lefelo leo a neng a direla mo go lone kwa bokone jwa Yathrib, leo go simolola ka nako eo le neng la itsiwe jaaka al-Madīnah (Medina), motse wa moperofeti. Khuduga eno, kana hijrah, ya 622 C.E. e ne ya nna selo sa botlhokwa mo ditiragalong tsa Boiselamo, mme moragonyana ngwaga oo o ne wa tsewa e le o khalendara ya Seiselamo e neng ya simololwa go dirwa ka one.d
15. Go ne ga diragala jang gore Mecca e nne lefelo le legolo leo Baiselamo ba yang go obamela kwa go lone?
15 Kgabagare, Muḥammad o ne a tlotlomadiwa fa batho ba Mecca ba ne ba ineela mo go ene ka January 630 C.E. (8 A.H.) mme a nna mmusi wa bone. Ka go bo a ne a kgona go laola ka tsela ya selefatshe le ya bodumedi, o ne a kgona go phepafatsa Kaʽbah ka go ntsha ditshwantsho tsa medimo ya disetwa mme a e tlhoma go nna lefelo le legolo la batho bao ba tlang go obamela mo Mecca mme ebile go santse go ntse jalo le go tla go fitlha mo motlheng wa gompieno.—Bona ditsebe 289, 303.
16. Boiselamo bo ne jwa anama go ya bokgakaleng jo bo kana kang?
16 Dingwaga di se masome a a kalo morago ga Muḥammad a sena go tlhokafala ka 632 C.E., Boiselamo bo ne bo setse bo anametse kgakala kwa Afghanistan mme le eleng kwa Tunisia mo Afrika Bokone. Kwa tshimologong ya lekgolo la borobabobedi la dingwaga, tumelo ya Qur’ān e ne e setse e tseneletse mo Spain mme ebile e tloga e tsena mo Fora. Fela jaaka moporofesa Ninian Smart a ne a tlhalosa mo bukeng ya gagwe Background to the Long Search: “Fa go lejwa go ya ka pono ya motho, tiro e kgolo eo moperofeti wa Moarabia yo o neng a tshela mo lekgolong la borataro le la bosupa la dingwaga morago ga ga Keresete a neng a e dira e tsitsibanya mmele. Go ya ka pono ya batho, tlhabologo e ntšha e ne ya simololwa ke ene. Mme legale go ya ka Bamoselema tiro ya gagwe e ne e le ya bomodimo mme seo o neng a kgona go se dira e ne e le sa ga Allah.”
Loso lwa ga Muḥammad lo Tsala Dikgaogano
17. Ke bothata bofe jo bogolo jo Baiselamo ba neng ba thulana najo fa Muḥammad a ne a tlhokafala?
17 Loso lwa moperofeti yoo lo ne lwa tsosa mathata. O ne a tlhokafala a sena ngwana ope wa mosimane gape a sa tlhoma motlhatlhami ope sentle. Fela jaaka Philip Hitti a tlhalosa: “Ka jalo he tiro ya botlhatlhami jwa ga Muḥammad ke bothata jo Baiselamo ba saleng ba nna najo bogologolo. E santse e le kgangkgolo le gompieno. . . . Go ya ka mafoko a ga raditiragalo wa Momoselema ebong al-Shahrastāni [1086-1153]: ‘Baiselamo ga ba ise ba ko ba nne le kgang e e ileng ya dira gore go tshololwe madi a mantsi jaana jaaka botlhatlhami jwa ga Muḥammad (imāmah).’” Bothata joo bo ne jwa rarabololwa jang mo ngwageng oo wa 632 C.E.? “Abu-Bakr . . . o ne a tlhongwa (ka June 8, 632) go nna motlhatlhami wa ga Muḥammad ka go tlhophiwa ka tsela nngwe eo ka yone baeteledipele bao ba neng ba le mo toropong eo, ya al-Madīnah, ba neng ba tsaya karolo.”—History of the Arabs.
18, 19. Ke maiphako afe ao a kgaoganyang Bamoselema ba Ba-Sunnī le ba Ba-Shīʽite?
18 Motlhatlhami wa moperofeti yoo o ne a tla nna mmusi, eleng khalīfah, kana motlhatlhami wa ga Muḥammad. Lefa go ntse jalo, kgang ya gore ke bomang ba eleng batlhatlhami ba boammaaruri ba ga Muḥammad e ne ya tsosa dikgaogano mo Boiselamong. Bamoselema ba Bo-Sunnī ba ne ba dumelela gore go tlhophiwe batlhatlhami go na le go tsaya ditlogolwana tsa moperofeti yoo. Ka jalo he ba ne ba dumela gore batlhatlhami ba ntlha ba bararo ba ga Muḥammad, Abū Bakr (mogwagadiagwe Muḥammad), ʽUmar (mogakolodi wa moperofeti yoo), le ʽUthmān (mogwe wa moperofeti yoo), e ne e le bone batlhatlhami ba kafa molaong ba ga Muḥammad.
19 Mafoko ao a ganediwa ke Bamoselema ba Ba-Shīʽite, bao ba bolelang gore baeteledipele ba boammaaruri ke ba eleng ditlogolwana tsa moperofeti yoo le tsa ga ntsalae le mogwe wa gagwe, ʽAlī ibn Abī Ṭālib, eleng imām wa ntlha (moeteledipele le motlhatlhami), yo o neng a nyala morwadia Muḥammad yo a neng a mo rata thata, ebong Fāṭimah. Mo lenyalong la bone ba ne ba tshola ditlogolwana tsa ga Muḥammad bo Ḥasan le Ḥusayn. Gape Ba-Shīʽite ba iphaka gore “go tswa fela kwa tshimologong Allah le Moperofeti wa Gagwe ba ne ba ile ba tlhoma ʽAli jaaka e le ene fela motlhatlhami wa kafa molaong mme gore batlhatlhami ba ntlha ba bararo ba ga Muḥammad ba ne ba mo tsietsa ba mo tlogedisa tiro eo e e neng e mo tshwanetse.” (History of the Arabs) Legale, Bamoselema ba Ba-Sunnī ba leba seo ka tsela e e farologaneng.
20. Mogwe wa ga Muḥammad ebong ʽAlī o ne a diragalelwa ke eng?
20 Ke eng seo se neng sa diragalela ʽAlī? Mo pusong ya gagwe jaaka motlhatlhami wa bonè wa ga Muḥammad (656-661 C.E.), ene le molaodi wa Syria, Muʽāwiyah ba ne ba simolola go lwela boeteledipele. Ba ne ba ya go tlhabana ba le mmogo, mme gore ba tle ba seka ba nna ba tsholola madi a Bamoselema, ba ne ba isa kgang ya bone tshekong. Go dumela ga ga ʽAlī gore kgang ya bone e isiwe tshekong go ne ga supa fa kgang ya gagwe e sena mabaka mme ga mo kgaoganya le balatedi ba gagwe ba le bantsi, go akaretsa le Bo-Khawārij (Baitomolodi), bao e neng ya nna baba ba gagwe ba ba matlho a mahibidu. Mo ngwageng wa 661 C.E., ʽAlī o ne a bolawa ka go tlhabiwa ka segai se se tshasitsweng botlhole ke seganka sengwe sa Mo-Khārijī. Ditlhopha tse pedi tseo tsa (Ba-Sunnī le Ba-Shīʽah) ba ne ba itaana ka noga e utlwa. Go tswa foo lekgamu la Boiselamo la Ba-Sunnī le ne la kgetha moeteledipele mo go Ba-Umayyad, eleng dikgosi tse di humileng tsa kwa Mecca, bao e neng e se balelapa la moperofeti yoo.
21. Dipono tsa Ba-Shīʽite kaga batlhatlhami ba ga Muḥammad ke dife?
21 Fa e le ka Ba-Shīʽah bone, morwa wa ntlha wa ga ʽAlī, ebong Ḥasan, eo e neng e le setlogolwana sa moperofeti yoo, e ne e le ene motlhatlhami wa boammaaruri. Lefa go ntse jalo, o ne a tlogela tiro a ba a bolawa. Morwarraagwe ebong Ḥusayn e ne ya nna imām yo mosha, mme le ene o ne a bolawa ke masole a Ba-Umayyad ka October 10, 680 C.E. Loso kana go swela tumelo ga gagwe, jaaka Ba-Shīʽah ba go leba, go ne ga nna le phelelo e kgolo mo go Shīʽat ʽAlī, eleng lekoko la ga ʽAlī, go fitlha motlheng ono. Ba ne ba dumela gore ʽAlī e ne e le ene motlhatlhami wa boammaaruri wa ga Muḥammad le “imām [moeteledipele] wa ntlha yo o neng a sireleditswe ke Modimo kgatlhanong le go dira phoso le sebe.” ʽAlī le batlhatlhami ba gagwe ba ne ba tsewa ke Bo-Shīʽah fa e le barutisi ba ba sekeng ba dira phoso ka gope ba ba nang “le mpho ya bomodimo ya go sa direng molato.” Bontsi jwa Ba-Shīʽah ba dumela gore go ile ga nna le ba-imām ba boammaaruri ba le 12 fela, mme wa bofelo wa bano, ebong Muḥammad al-Muntaẓar, o ne a nyelelela (878 C.E.) “mo legageng la tempele e kgolo ya Bamoselema kwa Sāmarra a sena bana bape.” Ka gone, “o ne a nna ‘mo-imām yo o iseng a bonale (mustatir)’ kana ‘yo o solofetsweng (muntaẓar).’ . . . Mo nakong e eleng yone o tla tlhaga gape jaaka Mahdi (yo o kaelwang ke Modimo) go busetsa Boiselamo jwa boammaaruri, go fenya lefatshe lotlhe le go simolola puso e khutshwane ya dingwaga tse di sekete pele ga bokhutlo jwa dilo tsotlhe.”—History of the Arabs.
22. Ba-Shīʽah ba keteka segopotso sa loso lwa boswelatumelo lwa ga Ḥusayn jang?
22 Ngwaga le ngwaga, Ba-Shīʽah ba tshwara segopotso sa loso lwa boswelatumelo lwa ga Imam Ḥusayn. Ba dira dipopelelo tseo mo go tsone bangwe ba itshegakang ka dithipa le ditšhaka mme ka go dira jalo ba ipogisa ka bobone. Mo metlheng ya bosheng fela jaana, Bamoselema ba Ba-Shīʽite ba ile ba tuma fela thata ka baka la botlhaga jwa bone mo ditirong tsa Boiselamo. Lefa go ntse jalo, ba emela mo e ka nnang 20 lekgolong fela ya Bamoselema ba ba mo lefatsheng lotlhe, bontsi jwa bone e le Bamoselema ba Ba-Sunnī. Mme jaanong, a re lebeng kwa dithutong dingwe tsa Boiselamo mme re eletlhoko kafa tumelo ya Seiselamo e amang boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi jwa Bamoselema ka gone.
Modimo ke Ene yo Mogolo, Eseng Jesu
23, 24. Muḥammad le Bamoselema ba ne ba leba Bojuda le Bokeresete jang?
23 Ditumelo tse tharo tse dikgolo tsa lefatshe tse di dumelang mo Modimong o mongwe fela ke Bojuda, Bokeresete, le Boiselamo. Mme fa Muḥammad a ne a nna teng kwa masimologong a lekgolo la bosupa la dingwaga C.E., ditumelo tsa ntlha tse pedi tseo, kafa ene a neng a leba ka gone, di ne di tlogetse tsela ya boammaaruri. Ebile tota, go ya ka baakgedi bangwe ba Baiselamo, Qur’ān e kaya gore Bajuda le Bakeresete ba seka ba reediwa ka go tlhalosa e re: “Eseng (tsela) ya bao O tla ba galefelang lefa e le ya bao ba timelang.” (Surah 1:7, MMP) Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
24 Kakgelo nngwe ya Qur’ān e tlhalosa ka go re: “Batho ba Buka eno ba ne ba dira phoso: Bajuda ba dirile jalo ka go roba Kgolagano ya bone, le ka go bua Maria le Jesu leswe . . . Mme Bakeresete bone ba dirile jalo ka go tlhatlosa Jesu wa Moaposetoloi ba re o lekana le Modimo” ka thuto ya motheo ya Tharonngwe.—Surah 4:153-176, AYA.
25. Ke mafoko afe a a tshwanang ao re a fitlhelang go Qur’ān le mo Bibeleng?
25 Thuto ya konokono ya Boiselamo, fa go tlhofofadiwa fela, ke seo se itsiweng jaaka shahādah, kana boipolelo jwa tumelo, jo Momoselema mongwe le mongwe o bo itseng ka tlhogo eleng: “La ilāh illa Allāh; Muḥammad rasūl Allāh” (Ga go na modimo ope fa e se Allah; Muḥammad ke morongwa wa ga Allah). Seno se dumalana le tlhaloso ya Qur’ān e e reng, “Modimo wa gago ke Modimo o le Mongwe fela; ga go na Modimo fa e se Ene, ke Mobelonomi, Moutlwelabotlhoko.” (Surah 2:163, MMP) Ntlha eno e ne ya tlhalosiwa dingwaga di le 2 000 pelenyana fa go ne go ikuelwa go Iseraele bogologolo: “A u ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Duteronome 6:4) Jesu o ne a boeletsa taolo eno ya botlhokwatlhokwa eo e kwadilweng mo go Mareko 12:29, dingwaga di ka nna 600 pele ga Muḥammad, mme ga go na gope fa Jesu a ileng a bolela gone gore ke Modimo kana o lekana le Ene.—Mareko 13:32; Yohane 14:28; 1 Bakorintha 15:28.
26. (a) Bamoselema ba leba Tharonngwe jang? (b) A Tharonngwe e rutwa mo Bibeleng?
26 Malebana le go sa tshwaneng le ope ga Modimo, Qur’ān e tlhalosa jaana: “Jalo dumela mo Modimong le mo baaposetoloing ba Gagwe. Se re ‘Tharonngwe’: se tlhole o rialo: go tla nna botoka gore o dire jalo: ka gonne Modimo ke Modimo o Mongwe fela.” (Surah 4:171, AYA) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go elatlhoko gore Bokeresete jwa boammaaruri ga bo rute Tharonngwe. Eo ke thuto ya motheo e e simologileng mo boheitaneng eo e neng ya simololwa ke batenegi ba Labodumedi morago ga loso lwa ga Keresete le baaposetoloi.—Bona Kgaolo 11.e
Moya, Tsogo, Paradaise, le Molelo wa Dihele
27. Qur’ān ya reng kaga moya le kaga tsogo? (Bapisa Lefitiko 24:17, 18; Moreri 9:5, 10; Yohane 5:28, 29.)
27 Boiselamo bo ruta gore motho o na le moya o o tswelelang o tshela morago ga loso. Qur’ān e tlhalosa jaana: “Allah o amogela meya (ya batho) fa ba tlhokafala, le (moya) wa motho (yo o iseng) a tlhokafale yo o robetseng. O boloka (moya) oo A o laoletseng go swa.” (Surah 39:42, MMP) Ka nako e e tshwanang, surah 75 e kwaletswe “Qiyāmat, kana Tsogo” (AYA), fela, kana “Go Tsoga ga Baswi” (MMP). Karolo ya yone ya re: “Ke lo gakolola Letsatsi la Tsogo . . . A motho o akanya gore Re ka seka ra kgona go kopanya marapo a gagwe? . . . O botsa ka go re: ‘Letsatsi la Tsogo le leng?’ . . . A (Allāh) Ene ga a na maatla a go naya botshelo le go bolaya?”—Surah 75:1, 3, 6, 40, AYA.
28. Qur’ān ya reng kaga dihele? (Bapisa Yobe 14:13; Yeremia 19:5; 32:35; Ditihō 2:25-27; Baroma 6:7, 23.)
28 Go ya ka Qur’ān, moya o ka ya mafelong a a farologaneng, ao e ka nnang ya nna kwa tshingwaneng ya selegodimo ya paradaise kana go ya go tlhokofadiwa mo diheleng tse di tukang molelo. Jaaka Qur’ān e tlhalosa: “Ba botsa ka gore: Letsatsi la Katlholo le leng? (Ke) letsatsi la fa ba tla bo ba tlhokofadiwa mo Molelong, (mme ba tla tewa go twe): Utlwang tlhokofatso (eo lo e itiretseng).” (Surah 51:12-14, MMP) “Mo go bone [baleofi] ke tlhokofatso mo botshelong jwa lefatshe, mme eleruri katlholo ya Morago ga Loso e botlhoko go gaisa eo, mme ebile go a bo go sena ope yo o ka ba femelang mo go Allah.” (Surah 13:34, MMP) Go bodiwa potso e e reng: “Mme ke mang yo o tla tlhalosang gore seno ke eng? (Ke) Molelo o o tukang ka kgabo e e boifisang!” (Surah 101:10, 11, AYA) Katlholelogale e e boitshegang eno e tlhalosiwa jaana ka botlalo: “Bonang! Bao ba sa dumeleng ditshenolelo tsa Rona, Re tla ba ja ka Molelo. Fela fa matlalo a bone a sena go jewa ke molelo Re tla ba naya matlalo a masha gore ba tle ba utlwe tlhokofatso eo. Bonang! Allah o Mogolo ka bosakhutleng, o Botlhale.” (Surah 4:56, MMP) Tlhaloso e nngwe e bolela jaana: “Bonang! Dihele di ba letetse . . . Ba tla nna mo go tsone ka dingwaga tse dintsi. Fa ba le koo ga ba na go bona botsiditsana lefa e le seno (sepe) fa e se metsi a a belang le botsididi jo bo gatsetsang.”—Surah 78:21, 23-25, MMP.
29. Bapisa seo Baiselamo ba se rutang le seo Bibela e se rutang malebana le moya le seo se o diragalelang.?
29 Baiselemo ba dumela gore moya wa motho o o suleng o ya kwa Barzakh, kana “Makgaolakgang,” “eleng lefelo kana seemo seo batho ba tla nnang mo go sone morago ga loso kana pele ga Katlholo.” (Surah 23:99, 100, AYA, ntlhanyana e e kwa tlase) Moya o a bo o ikutlwa fa o le koo mme o diragalelwa ke seo se bidiwang “Kwatlhao ya Lebitla” fa motho a ne a ntse a le bosula, kana o ipelela boitumelo fa e le gore o ne a ntse a ikanyega. Mme baikanyegi ba tshwanetse go utlwa tlhokofatso ya mofuta mongwe ka baka la dibe di sekae tse ba neng ba di dira fa ba santse ba tshela. Mo letsatsing la katlholo, mongwe le mongwe o lebagana le bowelo jwa gagwe jwa bosakhutleng, joo bo digelang seemo sele sa go letela.f
30. Basiami ba solofediwa eng go ya ka Qur’ān? (Tshwantsha seno le Isaia 65:17, 21-25; Luke 23:43; Tshenolō 21:1-5.)
30 Phapaanong le seo, basiami ba solofediwa go ya ditshingwaneng tsa selegodimo tsa paradaise jaana: “Mme fa e le ka ba ba dumelang ba bile ba dira ditiro tse di molemo, Re tla dira gore ba tsene mo Ditshingwaneng tse di kafa tlase tseo dinoka di elelelang mo go tsone go ya go nna koo ka bosakhutleng.” (Surah 4:57, MMP) “Mo letsatsing leo bao ba nnang mo Paradaiseng ga ba na go akanya ka sepe fela fa e se boitumelo. Mmogo le basadi ba bone, ba tla nna mo meriting ya ditlhare ba ntse mo ditilong tse di manobonobo.” (Surah 36:55, 56, NJD) “Pele ga seno Re ne ra kwala mo go Dipesalema, morago ga Molaetsa (oo o neng wa newa Moshe) gore: ‘Batlhanka ba me, basiami, ba tla rua lefatshe.’” Ntlhanyana e e fa tlase ya surah eno o lebisa mmadi go Pesalema 25:13 le 37:11, 29, mmogo le mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:5. (Surah 21:105, AYA) Go umakiwa ga basadi ba ba nyetsweng jaanong go dira gore re lebe potso e nngwe gape.
A go Tshwanetswe ga Nyalwa Mosadi a le Mongwe fela Kana ga Nyalwa Lefufa?
31. Qur’ān ya reng kaga go nyala lefufa? (Tshwantsha seno le 1 Bakorintha 7:2; 1 Timotheo 3:2, 12.)
31 A molao o Bamoselema ba o dirisang ke go nyala lefufa? Lemororo Qur’ān e letlelela go nyala lefufa, Bamoselema ba le bantsi ba na le mosadi a le mongwe fela fela. Ka baka la batlholagadi ba bantsi bao ba neng ba tlogelwa morago ga dintwa, Qur’ān e ne ya letlelela go nyala lefufa: “Mme fa o boifa gore o ka nna wa seka wa direla masiela ka tshiamo, wa nyala basadi, bao ba lebegang ba le molemo mo go wena, ba le babedi kana ba le bararo kana ba le banè; mme fa e le gore o boifa gore ga o na go ba direla (ba le bantsi jalo) sentle he nyala a le mongwe fela (fela) kana (batshwarwa) bao ba leng mo diatleng tsa gago.” (Surah 4:3, MMP) Polelo ya botshelo jwa ga Muḥammad ka Ibn-Hishām e umaka gore Muḥammad o ne a nyala motlholagadi mongwe yo o humileng, Khadījah, yo o neng a mo feta ka dingwaga tse 15. Morago ga loso lwa gagwe o ne a nyala basadi ba le bantsi. Fa a ne a tlhokafala o ne a tlogela batlholagadi ba robabongwe.
32. Mutʽah ke eng?
32 Mofuta o mongwe gape wa lenyalo la Boiselamo le bidiwa mutʽah. Le tlhalosiwa jaaka “kgolagano e e kgethegileng e e dirwang ke monna le mosadi ka go akantsha le go dumalana gore ba nyalane ka lobaka lo lo lekanyeditsweng mme ba ntsha bogadi jo bo kgethegileng jo bo tshwanang le jwa kgolagano ya lenyalo la goyagoile.” (Islamuna, ya ga Muṣṭafā al-Rāfiʽī) Ba-Sunnī ba le bitsa lenyalo la dikgatlhego, mme Ba-Shīʽah bone, ba bitsa lenyalo leo le le tla khutlisiwang morago ga nako e e beilweng. Yone buka eo e tlhalosa jaana: “Bana [ba manyalo a go nna jalo] ke ba kafa molaong me ba na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa bana ba lenyalo la goyagoile.” Go lebega gore mofuta ono wa lenyalo lwa nakwana o ne o dirisiwa mo motlheng wa ga Muḥammad, mme o ne a o letlelela go tswelela. Ba-Sunnī ba gatelela gore o ne wa fedisiwa moragonyana, fa Ba-Imāmī bone, eleng setlhopha se segolo go feta tsotlhe sa Ba-Shīʽite, ba dumela gore o santse o le gone. Ebile tota, ba le bantsi ba a o dirisa, segolobogolo fa monna a tlogetse mosadi wa gagwe ka lobaka lo loleele.
Boiselamo le Botshelo jwa Letsatsi le Letsatsi
33. Dipilara tse Tlhano tsa Kobamelo le Tumelo ke eng?
33 Mo Bomoselemong go na le dilo tse tlhano tse dikgolo tse motho o tlamegang go di dira le ditumelo tse tlhano tsa motheo. (Bona mabokoso, ditsebe 296, 303.) Nngwe ya tseno tse motho o tlamegang go di dira ke gore Momoselema yo o ineetseng o tshwanetse go leba kwa Mecca makgetlo a le matlhano ka letsatsi a rapela (ṣalāt). Ka Sabata ya Bomoselema (eleng ka Labotlhano), banna ba ologela kwa tempeleng ya Bamoselema ba ya go rapela fa ba utlwa pitso e e sa kgaotseng ya motlhaeletsi wa Momoselema a le kwa ntlwaneng e e kwa godimo ga tempele ya bone. Mo malatsing a gompieno ditempele di le dintsi tsa Bamoselema di gatisitse lentswe la motlhaeletsi go na le go dira gore motho mongwe a dire tlhaeletso eo ka nako eo.
34. Mosque ke eng, mme e dirisiwa jang?
34 Mosque (masjid, ka Searabia) ke lefelo la Bamoselema la kobamelo, leo le tlhalosiwang ke Kgosi Fahd Bin Abdul Aziz wa Saudi Arabia jaaka “boremelelo jwa borapelo Modimo.” O ne a tlhalosa tempele ya Bamoselema jaaka “lefelo la thapelo, la go ithuta, la ditiro tsa semolao le tsa katlholelo, la dipuisano, go rera, kaelo, thuto le paakanyetso. . . . Tempele ya Bamoselema ke kwa pelo ya Bamoselema e leng gone.” Mafelo ano a kobamelo jaanong a fitlhelwa gongwe le gongwe mo lefatsheng. Le le tumileng thata mo ditiragalong ke la Mezquita (Tempele ya Bamoselema) wa Córdoba, kwa Spain, leo le neng la nna le legolo go a feta otlhe mo lefatsheng ka makgolokgolo a dingwaga. Jaanong mo bogareng jwa lone go agilwe kereke e kgolo ya Katoliki.
Dikgotlhang le Labodumedi le mo Gare ga Labodumedi ka Boene
35. Mo metlheng e e fetileng, ke boemo bofe jo bo neng bo le gone gareng ga Boiselamo le Bokatoliki?
35 Go simolola ka lekgolo la bosupa la dingwaga, Boiselamo bo ne jwa anamela kwa bophirima mo Afrika Bokone, kwa botlhaba kwa Pakistan, India, le Bangladesh, le go ya fela kwa Indonesia. (Bona mmapa, tsebe ya ntlha ya tsa bofelo.) Fa go ntse go diragala jalo ka jone, bo ne jwa thulana le batlhabani ba Kereke ya Katoliki, bao ba neng ba rulaganya Dintwa tsa Botlhabanelatumelo go gapa Lefatshe le le Boitshepo mo Bamoselemeng. Ka 1492 Mohumagadi Isabella le Kgosi Ferdinand ba Spain ba ne ba wetsa phenyo ya Bakatoliki mo Spain. Bamoselema le Bajuda ba ne ba tshwanelwa ke go sokologa eseng jalo ba ne ba kojwa mo Spain. Go tshedisana mmogo sentle mo go neng go le gone mo pusong ya Bamoselema mo Spain go ne ga nyelela moragonyana ka baka la tlhotlheletso ya Potsisiso ya Bokatoliki. Lefa go ntse jalo, Boiselamo bo ne jwa seka jwa nyelelela ruri mme mo lekgolong la bo 20 la dingwaga bo ile jwa boela mo maemong a jone mme jwa gola fela thata.
36. Ke ditiragalo dife tseo di neng di diragala mo Kerekeng ya Katoliki fa Baiselamo ba ne ba nna bantsi?
36 Fa Boiselamo bo ntse bo gola, Kereke ya Katoliki e ne e na le dikhuduego ka boyone, e leka go boloka kutlwano gareng ga balaodi ba yone. Mme go ne go tla tloga go nna le ditlhotlheletso tse di maatla, mme di ne di tla phatlakanya le eleng popagano ya kereke eo. E ne e le metšhine e e gatisang mmogo le Bibela e e kwadilweng ka puo ya batho. Kgaolo ya rona e e latelang e tla bua ka go kgaoganngwa ditokitoki ga Labodumedi ke ditlhotlheletso tseo le tse dingwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Qur’ān” (seo se rayang “Poko”) ke kafa bakwadi ba Bamoselema ba ratang go peleta leina leo ka gone, mme le rona re tla le peleta jalo fano. Go tshwanetse ga elwatlhoko gore Searabia ke puo ya ntlha e Qur’ān e neng ya kwalwa ka yone, mme mo Seesemaneng ga go na thanolo epe eo e amogelwang ke batho botlhe. Fa re tsopotseng teng palo ya ntlha e emela kgaolo, kana surah, mme ya bobedi ke temana.
b Bamoselema ba dumela gore Bibela e na le ditshenolo tse di tswang kwa Modimong mme gore dingwe tsa tsone di ne tsa tswakiwa moragonyana.
c Ka Seesemane leina la moperofeti yoo le peletiwa ka ditsela tse di farologaneng (Mohammed, Muḥammad, Mahomet). Bontsi jwa bakwadi ba Bamoselema ba rata go dirisa Muḥammad, leina leo le rona re tla le dirisang. Bamoselema ba Ba-Turkey ba rata go dirisa Muhammed.
d Ka gone, go bolelwa fa ngwaga wa Semoselema e le A.H. (Selatine, Anno Hegirae, ngwaga wa go tshaba) go na le A.D. (Anno Domini, ngwaga wa Morena) kana C.E. (Motlha o o Tlwaelegileng).
e Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng ka Tharonngwe le Bibela, bona boroutšhara e e reng A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe? e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 1989.
f Kaga kgang ya moya le molelo wa dihele, bapisa ditemana tseno tsa Bibela: Genesise 2:7; Esekiele 18:4; Ditihō 3:23. Bona Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 133-140; 295-300, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1985.
[Lebokoso mo go tsebe 285]
Qur’ān le Bibela
“O lo senoletse Buka ya boammaaruri, a lo tlhomamisetsa dikwalo tse di neng di le gone pele ga yone; ka gonne O setse a lo senoletse Tora le Efangele go kaela batho, le pharologanyo gareng ga molemo le bosula.”—Surah 3:2, NJD.
“Mo e ka nnang dipolelo tsotlhe tsa ditiragalo tsa Koran di na le tse di tshwanang natso mo Bibeleng . . . Gareng ga batho bao go buiwang ka bone mo Tesetamenteng e Kgologolo, Adame, Noa, Aberahame, (yo o umakiwang makgetlo a ka nna masome a supa go di-sūrah tse 25 tse di farologaneng mme ebile sūrah 14 e reeletswe ka leina la gagwe), Ishemaele, Lote, Josefa (yo sūrah 12 e kwadilweng kaga gagwe), Moshe (yo leina la gagwe le tlhagang go di-sūrah di le masome a mararo le bonè tse di farologaneng), Saulo, Dafide, Solomone, Elija, Jobe, le Jona (yo sūrah 10 e reeletsweng ka leina la gagwe) ba tlhagelela gantsi thata. Polelo ya go bopiwa le go leofa ga ga Adame e tsopolwa makgetlo a le matlhano, morwalela a robabobedi le Sodoma a robabobedi. Ebile tota Koran e tshwana thata le Dikwalo Tse Tlhano tsa ga Moshe go gaisa karolo epe fela e nngwe ya Bibela. . . .
“Mo bathong bao ba umakiwang mo Tesetamenteng e Ntšha, Sekaria, Johane Mokolobetsi, Jesu (ʽĪsa) le Maria ke bone fela bao go buiwang thata ka bone. . . .
“Fa go bapisiwa dipolelo tsa . . . Koran le Bibela . . . ga go lebege fa e ne e le dipolelo tse di ipuelwang ke batho fela [ba sa tsopole mo go sepe].”—History of the Arabs.
[Lebokoso mo go tsebe 291]
Didirisiwa tse Tharo tsa Thuto le Kaelo
Qur’ān e e Boitshepo, eo go bolelwang fa e ile ya senolelwa Muḥammad ke moengele Gabariele. Tlhaloso ya Qur’ān le mafoko a Searabia di tsewa e le tse di tlhotlheleditsweng.
Ḥadīth, kana Sunnah, “ditiro, mafoko le go amogelwa ka tidimalo (taqrīr) ke Moperofeti . . . tse di tlhomilweng mo lekgolong la bobedi la dingwaga [A.H.] jaaka di-ḥadīth tse di kwadilweng. Ka jalo, ḥadīth ke rekoto ya tiro kana mafoko a Moperofeti.” Gape e ka lebisa go ditiro kana mafoko ape fela a “Balekane kana Batlhatlhami ba bone” ba ga Muḥammad. Mo go ḥadīth, ke tlhaloso fela eo go tsewang gore e tlhotlheleditswe.—History of the Arabs.
Sharīʽah, kana molao o o tlhomameng, o o thailweng mo melaometheong ya Qur’ān, ke yone e e laolang botshelo jotlhe jwa Momoselema mo bodumeding, dipolotiking, le tsa loago. “Ditiro tsotlhe tsa motho di kgaogantswe ka dikarolo tse tlhano tsa semolao eleng: (1) seo go tsewang gore ke tiro e e patelesegang (farḍ) [eo e kopanyeletsang go duelelwa go dira kana go otlhaelwa go retelelwa ke go dira sengwe]; (2) ditiro tse di akgolelwang kana tsa botswerere (mustaḥabb) [tseo di kopanyeletsang go duelwa mme eseng go otlhaelwa go sa dira sengwe]; (3) ditiro tse di letlelesegang (jāʼiz, mubāḥ), tseo eseng tsa botlhokwa go ya kafa molaong; (4) ditiro tse di nang le mokgobo (makrūh), tseo di sa amogelweng lefa go le jalo di sa otlhaelwe; (5) ditiro tse di ilediwang (ḥarām), tseo motho o ka otlhaelwang go di dira.”—History of the Arabs.
[Lebokoso mo go tsebe 296]
Dipilara tse Tlhano tsa Tumelo
1. Go dumela mo Modimong o le mongwe fela, Allāh (Surah 23:116, 117)
2. Go dumela mo baengeleng (Surah 2:177)
3. Go dumela mo baperofeting ba bantsi mme molaetsa wa bone o le mongwe fela. Adame e ne e le moperofeti wa ntlha. Ba bangwe ba ne ba akaretsa Aberahame, Moshe, Jesu, le “Moperofeti wa Bofelo le yo mogolo” go ba feta botlhe, Muḥammad (Surah 4:136; 33:40)
4. Go dumela mo letsatsing la katlholo (Surah 15:35, 36)
5. Go dumela gore Modimo o itse sengwe le sengwe, o itse dilo tse di fetileng, ebile o laola ditiragalo tsotlhe. Lefa go le jalo, motho o ka ikgethela sengwe le sengwe ka ditiro tsa gagwe. [Makoko a Boiselamo a kgaogantswe ke kgang ya gore motho o ka itirela seo a se ratang] (Surah 9:51)
[Lebokoso mo go tsebe 303]
Dipilara tse Tlhano tsa Kobamelo
1. Boeletsa tumelomotheo (shahādah) e e reng: “Ga go na Modimo ope fa e se Allah; Muḥammad ke morongwa wa ga Allah” (Surah 33:40)
2. Thapelo (ṣalāt) motho a lebile kwa Mecca ga tlhano ka letsatsi (Surah 2:144)
3. Dineo (zakāh), tlamego ya go ntsha sengwenyana mo mading a a amogelwang le sa tlhotlhwa ya dithoto tsa motho (Surah 24:56)
4. Go itima dijo (ṣawm), segolobogolo ka nako ya mokete wa Ramaḍān o o tsayang kgwedi yotlhe (Surah 2:183-185)
5. Maeto a go ya kobamelong (ḥajj). Gangwe fela mo botshelong, monna mongwe le mongwe wa Momoselema o tshwanetse go tsaya loeto lwa go ya kwa Mecca. Ke bolwetsi fela le khumanego tse motho o ka di ntshang jaaka mabaka a a amogelesegang a go sa ye (Surah 3:97)
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 304, 305]
Tumelo ya Bahāʼī—Boitlhomo jwa go Batla Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
1 Tumelo ya Bahāʼī, ga se lekoko la Boiselamo mme ke letlhogela la tumelo ya Ba-Bābī, setlhopha sengwe sa kwa Persia (eo gompieno e bidiwang Iran) leo le neng la tswa mo lekgamung la Baiselamo ba Ba-Shīʽite ka 1844. Moeteledipele wa Ba-Bābī e ne e le Mīrzā ʽAlī Moḥammad wa Shīrāz, yo o neng a ipolela fa e le Bāb (seo se rayang “Kgoro”) le imām-mahdī (“moeteledipele yo o kaetsweng sentle”) wa losika lwa ga Muḥammad. O ne a bolawa ke babusi ba Persia ka 1850. Ka 1863 Mīrzā Ḥoseyn Alī Nūrī, leloko la maemo a a kwa godimo la setlhopha sa Bābī, “o ne a ipolela fa e le ‘Ene yo Modimo o tla mo supang,’ yo Bāb a neng a boleletse pele kaga gagwe.” Gape o ne a bidiwa Bahāʼ Ullāh, (“Kgalalelo ya Modimo”) o ne a tlhama bodumedi jo bongwe gape jo bosha, eleng tumelo ya Bahāʼī.
2 Bahāʼ Ullāh o ne a kojwa mo Persia mme labofelo a latlhelwa mo kgolegelong mo Acco (e gompieno e bidiwang Acre, mo Iseraele). Fa a le koo o ne a kwala buka ya gagwe eleng, al-Kitāb al-Aqdas (Buka ya Boitshepo jo Bogolo), mme a dira thuto ya motheo ya tumelo ya Bahāʼī thuto e e akaretsang dilo di le dintsi. Morago ga loso lwa ga Bahāʼ Ullāh, boeteledipele jwa bodumedi jo bosha jwa bone bo ne jwa fetela go morwawe ebong ʽAbd ol-Bahā’, go tswa foo jwa ya go setlogolwana sa gagwe, Shoghi Effendi Rabbānī, mme ka 1963 jwa fetela go setlhopha sa batsamaisi ba ba tlhophilweng bao ba neng ba itsiwe jaaka Lekgotla la Baatlhodi ba Meraferafe.
3 Bahāʼī ba dumela gore Modimo o ile a itshenolela batho ka “Go Iponatsa ga Bomodimo,” go akaretsa le ka Aberahame, Moshe, Krishna, Zoroaster, Buda, Jesu, Muḥammad, Bāb le Bahāʼ Ullāh. Ba dumela gore go ne ga ntshiwa barongwa bano go kaela batho mo diphetogong tseo mo go tsone go bonala ga ga Bāb go neng ga simolola motlha o mosha wa batho. Bahāʼī, ba bolela gore le gompieno molaetsa wa gagwe ke tshenolo e e tletseng ya thato ya Modimo le gore ke sedirisiwa se segolo se se abilweng ke Modimo seo se tla kgonisang gore lefatshe le nne le kutlwano.—1 Timotheo 2:5, 6.
4 Mongwe wa melao ya motheo ya Bahāʼī ke gore bodumedi jotlhe ke selo se le sengwe go ya ka motheo wa jone, “gore ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe ke tsa bomodimo, gore melaometheo ya tsone e megolo e tsamaisana ka botlalo.” Di “farologana fela mo dilong tse eseng tsa botlhokwa tsa dithuto tsa tsone tsa motheo.”—2 Bakorintha 6:14-18; 1 Yohane 5:19, 20.
5 Ditumelo tsa Bahāʼī di akaretsa le gore Modimo o mongwe fela, moya wa motho ga o swe, le go tlhagelela (ga botshelo, bomoya, le loago) ga motho. Mo letlhakoreng le lengwe, ga ba dumele mo tumelong eo batho botlhe ba nang le yone ya gore go na le baengele. Gape ga ba dumele mo Tharonngweng, mo thutong ya go tsalwa sesha ka mmele o mongwe ya Bahindu, le gore motho o ne a latlhegelwa ke boitekanelo seo se neng sa dira gore Jesu Keresete a ntshe setlhabelo sa madi a gagwe.—Baroma 5:12; Mathaio 20:28.
6 Gore batho botlhe ke bana ba motho a le mongwe fela le gore basadi ba lekalekana le banna ke dingwe tsa dintlha tse dikgolo tsa tumelo ya Bahāʼī. Bahāʼī ba nyala mosadi a le mongwe fela. Bobotlana gangwe fela ka letsatsi, ba rapela nngwe ya dithapelo tse tharo tseo di senotsweng ke Bahā’ Ullāh. Ba itima dijo go simolola ka tlhabo ya letsatsi go ya phirimong ya lone mo malatsing a le 19 a kgwedi ya Bahāʼī ya ʽAlā, eo eleng ka March. (Khalendara ya Bahā’i e na le dikgwedi di le 19, nngwe le nngwe ya dikgwedi tseo e ne e na le malatsi a le 19, go na le malatsi a a tsentsweng fa gare mo khalendareng.)
7 Tumelo ya Bahāʼī ga e na dingwaokobamelo tse dintsi tse di tlhomilweng, le gone ga e na baruti. Mongwe le mongwe yo o bolelang fa a na le tumelo mo go Bahāʼ Ullāh ebile a amogela dithuto tsa gagwe o ka nna a ikwadisa jaaka leloko. Ba kopanela go obamela ka letsatsi la ntlha la kgwedi nngwe le nngwe ya Bahāʼī.
8 Bahāʼī ba tsaya gore ba romilwe go fenya lefatshe lotlhe ka tsela ya semoya. Ba leka go anamisa tumelo ya bone ka go tshwara motlotlo, ka sekao, ka go tsaya karolo mo ditirong tsa motse, le go tsena mo letsholong la go gasa tshedimosetso. Ba dumela mo go obameleng melao yotlheyotlhe ya naga eo ba nnang mo go yone, mme lemororo ba tlhopha, ga ba tsenelele mo dipolotiking. Ba bona go le botoka go dira ditiro tse eseng tsa botlhabani mo sesoleng fa go kgonega mme ga se baemelathoko ka baka la bodumedi jwa bone.
9 Jaaka bodumedi jwa barongwa, Bahāʼī ba ile ba oketsega ka bofefo mo dingwageng di sekae tsa moragonyana. Bahāʼī ba fopholetsa gore go na le badumedi ba ka nna 5 000 000 lefatshe ka bophara, lemororo tota gone jaanong palo ya batho ba ba godileng ba ba leng mo tumelong eo e feta 2 300 000 go sekae fela.
[Dipotso Tsa Thuto]
1, 2. Tumelo ya Bahāʼī e ne ya simologa jang?
3-7. (a) Ditumelo dingwe tsa Bahāʼī ke dife? (b) Ditumelo tsa Bahāʼī di farologana jang le dithuto tsa Bibela?
8, 9. Tiro ya Bahāʼī ke eng?
[Setshwantsho]
Kago ya kobamelo ya Bahāʼī kwa ntlongkgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Haifa, Iseraele
[Ditshwantsho mo go tsebe 286]
Dipolelo tsa bogologolo tsa Bamoselema di bolela gore Muḥammad o ne a tlhatlogela kwa legodimong ka lentswe leno le le mo Dome of the Rock mo Jerusalema
[Ditshwantsho mo go tsebe 289]
Bamoselema ba ba yang kobamelong kwa Mecca ba dikologa Kaʽbah makgetlo a supa mme ba bo ba ame kana ba atle Lentswe le Lentsho, kwa tlase kafa molemeng
[Setshwantsho mo go tsebe 290]
Go tlhokega gore motho a ba a itse Searabia e le gore a tle a kgone go bala Qur’ān
[Ditshwantsho mo go tsebe 298]
Go tswa kwa godimo kafa mojeng go ya kafa molemeng go simolola kafa molemeng: Dome of the Rock, kwa Jerusalema. Ditempele tsa Bamoselema tsa kwa Iran, Afrika Borwa, le Turkey
[Ditshwantsho mo go tsebe 303]
Mezquita ya Córdoba e kile ya bo e le tempele e kgolo go di feta tsotlhe tsa Bamoselema mo lefatsheng (kereke e kgolo ya Katoliki, eo e neng ya agiwa kwa morago, e fa gare)