LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/91 ts. 1-8
  • Karolo 2—Go Dira Gore Re Nne Matlhagatlhaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 2—Go Dira Gore Re Nne Matlhagatlhaga
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO BAAKANYETSA GO BOTLHOKWA
  • KAFA RE KA BAAKANYETSANG KA GONE
  • A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Baakanyetsa Go sa Le Gale go a Itumedisa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tsela ya go Tokafatsa Ka fa Re Bontshang Mabaka ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 8/91 ts. 1-8

Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding Jwa Tshimo

Karolo 2—Go Dira Gore Re Nne Matlhagatlhaga

1 Go motlhofo go nna matlhagatlhaga mo tirong nngwe fa e le gore re a ipelela. Gape ka kakaretso go boammaaruri gore motho o ipelela sengwe se a se ipaakanyeditseng. Kwantle ga pelaelo go ntse fela jalo malebana le go swetsa bodihedi jwa rona.—2 Tim. 4:5.

GO BAAKANYETSA GO BOTLHOKWA

2 Go nna matlhagatlhaga ga rona mo bodiheding jwa tshimo go amana ka tlhamalalo le gore re ipaakanyeditse sentle go le kana kang le gore re tswa ka metlha go le kana kang mo tirelong. Ka sekai, fa re kopana le mongwe mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo a ipolela gore ke Momoselema, re ne re tla reng? Mmoledi yo o ipaakanyeditseng sentle a ka arabela ka go re: “Seo se a itumedisa. Ga ke ise ke buisane le Mamoselema a le mantsi. Mme lefa go ntse jalo ke ile ka bala sengwe kaga dithuto di sekae tsa bodumedi jwa gago mo bukeng eno e potlana. [Bula tsebe 23 ya buka ya Go Fetolana.] Ya re lo dumela gore Jesu e ne e le moperofeti mme lefa go ntse jalo Muḥammad e ne e le moperofeti wa bofelo ebile e le yo o botlhokwa go gaisa. A ga go a nna jalo? [Letela karabo.] A gape lo dumela gore Moshe e ne e le moperofeti wa boammaaruri? [Letela karabo, eo e ka nnang ya bo e le go dumela.] A ke ka go bontsha mo Mekwalong e e Boitshepo gore Moshe o ne a ithuta eng mo Modimong kaga leina la Modimo ka namana?” Go tswa foo o ka bala Ekesodo 6:3. Ka tsela eno, o ka nna wa simolola motlotlo o o kgatlhisang.

3 Bontsi jwa rona re palelwa ke go gakologelwa dinomoro tsa ditsebe tse di kgethegileng. Mme lefa go ntse jalo ka go baakanyetsa le go ikatisa go sekaenyana, re ka dirisa karolo e go tweng “Bakgoreletsi ba Puisano” kafa tshimologong ya buka ya Go Fetolana. Mo karolong eo go akarediwa ditsebe di le mmalwa tse di nang le tshedimosetso eo e ka re thusang go arabela batho bao ba itshupang gore ke ba bodumedi jo bo rileng.

4 Buka ya Go Fetolana gape e na le karolo e e molemo e e buang kaga diketapele. Ke ka ntlha yang fa o sa dire diketapele tse di tshwanang le tseno? Go ka nna ga tlhokafala gore re dire gore seo re se buang se tsamaelane le seemo. Kwa bokhutlong jwa ditlhogo di le dintsi tsa buka ya Go Fetolana, go na le karolo e e reng “Fa Mongwe A Re,” eo e neelang tshedimosetso e e tshwanelang go araba dipotso tse di kgethegileng kana dikganetso tse di malebana le kgang eno. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso eno yotlhe e e molemo e nna mosola go ya bokgakaleng joo re e dirisang ka jone mo paakanyetsong ya rona.

KAFA RE KA BAAKANYETSANG KA GONE

5 Nna o etse tlhoko dikgatiso dipe tseo go tla tlotliwang ka tsone kwa Pokanong ya Tirelo mme o tsamaye le tsone gore o lebe mo go tsone fa go tlotliwa ka tsone le fa go neelwa dipontsho. Ka tsela eno, o ka solegelwa molemo ka botlalo go gaisa ke seo ba bangwe ba se baakanyeditseng.

6 Go botlhokwa gore o dirise nakonyana o baakanyetsa tirelo. Tlhomamisa gore o tsere dibuka tseo o di tlhokang. Dirisa metsotso e sekae go leba Setlhogo sa Motlotlo. Boeletsa ditemana tse di dirisitsweng, mme o tlhodumele dintlha tse di kgethegileng tse di ka buelelwang mo dibukeng tseo di tla dirisiwang. Go dira seno mmogo jaaka lelapa go ka thusa.

7 Nnang le dithulaganyo tsa go ikatisa. Lo ka ikatisa ka dinako tse di farologaneng—morago ga Thuto ya Buka ya Phuthego, mo dikokoanong tsa botsalano, ka ditlhopha tse di tsamayang mmogo ka koloi, fa lo tswa mo mojakong o mongwe lo ya kwa go o mongwe. Go neela molaetsa le go tlotla kaga dikganetso le go bontsha kafa go ka dirisanwang le tsone ka gone go ka ipedisa thata mme ya nna sebaka se se molemo sa go lootsa bokgoni jwa rona.

8 Go baakanyetsa ka tlhagafalo go tla dira gore re nne matlhagatlhaga mo bodiheding gore re tle re nne badiri ba ba nang le bokgoni mme re robe kgotsofalo e e ipedisang.—Yoh. 2:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela