Baka Leina la Modimo ka Botlalo
1 Abo re ipelela masego a ga Jehofa a mantsi jang ne! Mo Afrika Borwa mo ngwageng ono wa tirelo, go ile ga nna le ditlhora tse disha tsa baboledi le tsa dithuto tsa magae tsa Bibela. Gape go ne ga nna le palo e e kgatlhisang ya bao ba neng ba tlile Segopotsong ya ba ba ka nnang 125 000. Batho ba ba fetang 128 000 ba ile ba nna gone kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Puo E E Itshekileng” tsa Afrika Borwa le tsa dinaga tse di agelaneng le yone. Re ile ra solegelwa molemo ke letlotlo la dijo tsa semoya tseo di neng tsa neelwa mo dithulaganyong tse di molemo tsa kopano ya rona ya potologo le letsatsi la kopano e e kgethegileng. Gape re ile ra amogela masego a mangwe a mantsi.
2 Re ka bontsha jang gore re anaanela tsotlhe tseo Jehofa a re di direlang? Re ka dira seno ka go baka leina la Modimo ka botlalo!—Pes. 145:21.
TSWELELANG PELE LO BAKA LEINA LA MODIMO
3 Re ka baka leina la ga Jehofa ka botlalo jang ka August? Re tla tswelela pele re tsamaisa diboroutšhara tse di lekanang le makasine. Ka go baakanyetsa ka tlhagafalo le ka go tsamaya re tshotse mefuta ya diboroutšhara tseno fa re ya mo tirelong ya tshimo, re tla bo re tlhomeletse go ka baka Jehofa le gore fa go kgonega re thuse ba bangwe go ithuta gore le bone ba ka mmaka jang.
4 Setlhogo sa Motlotlo sa re “Lefatshe le Lesha Le Tla Tlisiwa ke Mang?” Re ka baakanyetsa diketapele tse di tshwanelang re theile seno mo ditsebeng 9-15 tsa buka ya Go Fetolana. Kwantle ga go tikatika beng ba bangwe ba matlo ba tla tlotla le wena kaga seo baeteledipele ba lefatshe ba se bolelang malebana le ditsholofelo tsa ga jaanong tsa go tokafatsa lefatshe. Lemororo batho ka bontsi ba eletsa maemo a kagiso, Yeremia 10:23 e bontsha gore motho a ka se ka a fedisa mathata a gagwe ka boene. Go a kgotsofatsa go itse gore tsholofetso ya Modimo ya go dira sengwe kaga maemo a lefatshe gompieno eleruri e tla diragadiwa. Tsholofetso eno e fitlhelwa mo go 2 Petere 3:13. Buelela boroutšhara e e tshwanelang.
BAAKANYETSA SENTLE
5 Go baakanyetsa go botlhokwa fa e le gore re tla ruta ba bangwe ka tsela e e nang le matswela. Ke ka ntlha yang fa o sa baakanyetse le maloko a mangwe a lelapa, le yo o go rutileng boammaaruri, kana le mongwe yo o mo setlhopheng sa lona sa thuto ya buka? Ka go boaboeletsa seo o tlileng go se bua, o tla ikutlwa o itshepa go gaisa fa o bua le batho mo tshimong mme o tla bontsha gore o tlhomamisega ka seo o se bolelang.
6 Seo re se bolelang se tshwanetse sa bontsha gore re kgatlhegela batho. Gatelela tsholofetso ya Bibela ya lefatshe le lesha eo e neelang ba ba mo khutsafalong le ba ba kgobegileng marapo tsholofelo. Fa mong wa ntlo a amogela boroutšhara, o ka nna wa mmontsha thulaganyo ya rona ya thuto ya Bibela. Kana o ka nna wa dira tshwetso ya gore go tla bo go tshwanela go dira jalo mo loetong lwa go boela.
7 Jaaka fa re tla mo bokhutlong jwa ngwaga ono o o botlhokwa wa tirelo, abo go ipedisa jang ne go amogela masego a mantsi jaana go tswa kwa go Jehofa! Fa mmoledi mongwe le mongwe a ka tsaya karolo ka metlha mo tirelong beke le beke a bo a bega tirelo ya gagwe ka nako kwa bokhutlong jwa August, kwantle ga pelaelo e tla re kwa bokhutlong jwa ngwaga ono wa tirelo re bo re na le tlhora e nngwe ya baboledi! Ekete rotlhe re ka dirisa kgwedi eno e e setseng ya ngwaga wa tirelo wa 1991 go baka leina la ga Jehofa ka botlalo re ntse re lebeletse pele go tla re direla Jehofa ka bosakhutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha.