Kgaolo 27
Go Gatisa le go Anamisa Lefoko le le Boitshepo la Modimo
BASUPI BA GA JEHOFA ba ile ba supa lotshwao longwe kafa ntle ga dikago tse dikgolo tsa feketiri kwa ntlokgolong ya bone ka masomesome a dingwaga lo lo kgothatsang mongwe le mongwe jaana: “Bala Lefoko la Modimo Ebong Bibela E E Boitshepo Letsatsi le Letsatsi.”
Bone ka bobone ke baithuti ba ba tlhaga ba Lefoko la Modimo. Ba ile ba dirisa dithanolo tse dintsintsi tse di farologaneng tsa Bibela fa dingwaga di ntse di feta ba leka go tlhomamisa gore Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa ntlhantlha di ne tota di bolela jang. Mosupi mongwe le mongwe o kgothalediwa gore a nne le thulaganyo e e leng ya gagwe ka namana ya go bala Bibela letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga go ithuta Lefoko la Modimo ka ditlhogo dingwe, ba ile ba nna ba le bala ka bonya ka bonya ebile ba tlotla ka Bibela ka boyone kwa dipokanong tsa bone tsa phuthego. Boikaelelo jwa bone ga se go senka ditemana tse di tshegetsang dikgopolo tsa bone. Ba lemoga gore Bibela ke Lefoko la Modimo tota le le tlhotlheleditsweng. Ba lemoga gore le a laya le go kgalemela, mme ba leka ka tlhoafalo go akanya le go itshwara go ya kafa le bolelang ka teng.—2 Tim. 3:16, 17; bapisa 1 Bathesalonia 2:13.
Basupi ba ga Jehofa ba gatisa Bibela ebile ba e anamisa ba le tlhaga tota gonne ba tlhatswegile pelo gore Bibela ke Lefoko la Modimo tota le le boitshepo le ka gonne ba itse mafoko a a molemo a a itumedisang a a leng mo go yone.
Mokgatlho O O Anamisang Bibela
Lefoko Bibela le ne la umakiwa ka tlhamalalo semolao ka 1896 mo leineng la mokgatlho wa semolao o o neng o dirisiwa ke Baithuti ba Bibelamo tirong ya bone ya go gatisa. Ka nako eo Zion’s Watch Tower Tract Society e ne ya itsiwe semolao jaaka Watch Tower Bible and Tract Society.a Mokgatlho ga wa ka wa gatisa le go tlama dibuka tsa Bibela ka yone nako eo, mme lefa go ntse jalo o ne o di anamisa fela thata, o tlhama kafa di tshwanetseng go nna ka teng, mmogo le go kwala dikarolo tse di tlaleletsang tse di mosola, mme e re morago o bo o rulaganya le difeme tsa kgwebo gore di di gatise le go di tlama.
Le pele ga 1896, Mokgatlho o ne o dira thata jaaka moanamisi wa Dibibela. Ereka o ne o sa direle seo go gweba go bona madi mme e le go thusa babadi ba one, o ne wa dira gore ba itse kaga dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela tse di neng di le teng ka go di reka di le dintsi gore o di bone ka ditlhwatlhwa tse di siameng, mme morago o bo o di anamisa ka tlhwatlhwa e ka dinako tse dingwe e neng e le kwa tlase ka 35 lekgolong mo ditlhwatlhweng tsa yone tota tse di tlhomilweng. Mo go tsone go ne go na le dikopi tse dintsi tsa King James Version e go neng go le motlhofo go tsamaya ka yone le go e dirisa, gape go ne go na le ‘Dibibela tsa Barutisi’ tse dikgolwane (King James Version e e nang le dilo tse di thusang jaaka khonkhodense, dimmapa, le ditshupiso tse di fa thoko), The Emphatic Diaglott e e kwadilweng e na le karolo ya Segerika le ya Seesemane di bapile, thanolo ya ga Leeser e e kwadileng ditemana tsa Seesemane fa thoko ga tsa Sehebera, thanolo ya ga Murdock e e ranotsweng go tswa go Se-Syriac sa bogologolo, The Newberry Bible e e nang le ditshupiso tsa kafa thoko tse di supang foo leina la Modimo le neng le tlhagelela teng mo puong ya ntlhantlha mmogo le dintlha tse dingwe tse di botlhokwa tse di leng mo ditemaneng tsa Sehebera le tsa Segerika, New Testament ya ga Tischendorf e e nang le ditshupiso tsa dintlhanyana tse di kwa tlase tsa kafa dikwalo tsa bogologolo (ya Sinai, Vatican, Alexandria) tsa Segerika tsa Bibela di balegang ka teng, Bibela ya Variorum e e nang le dintlhanyana tse di kwa tlase e e neng e na le kafa mekwalo e e farologaneng ya bogologolo e neng e balega ka teng mmogo le kafa dithanolo tsa dikarolo tse di farologaneng tsa ditemana tsa bakanoki ba maemo a a kwa godimo di neng di balega ka teng, mmogo le thanolo e e ranolang ditemana fela jaaka di ntse ya ga Young. Gape Mokgatlho o ne wa dira gore batho ba bone dilo tse di thusang jaaka Cruden’s Concordance le Analytical Concordance e e kwadilweng ke Young e e akgelang ka mafoko a a neng a dirisiwa kwa tshimologong a Sehebera le a Segerika. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ile ba nna ba bona diketekete tse dintsi tsa Dibibela go tswa mo mekgatlhong e mengwe ya Bibela ka dipuo dipe fela tse di neng di le teng mme le tsone ba ile ba di anamisa.
Bosupi jo bo leng teng bo bontsha gore bogologolo ka 1890, Mokgatlho o ne wa rulaganya ka tsela e e kgethegileng gore o gatise o dirisa leina la one, Karolo ya Bobedi ya Thanolo ya The New Testament Newly Translated and Critically Emphasised, e e neng e rulagantswe ke moranodi wa Bibela wa Moborithane Joseph B. Rotherham. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlhopha thanolo eno? Ka go bo e ranola ditemana fela jaaka di ntse, e leka go dirisa ka botlalo patlisiso e e dirilweng go bona ditemana tse di tlhomameng tsa Segerika, ebile gape mmadi o ne a thusiwa ke dilo tse di dirisitsweng ke moranodi gore a kgone go bona gore ke mafoko afe kana ke dipolelwana dife tse di neng di gatelelwa ka tsela e e kgethegileng mo ditemaneng tsa Segerika.
Ka 1902 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganya ka tsela e e kgethegileng gore go gatisiwe Holman Linear Parallel Edition of the Bible. E ne e na le diphatlha tse ditona fa thoko tseo di neng di kwadilwe ditshupiso tsa dikgatiso tsa Watch Tower koo ditemana tse di farologaneng di neng di tlhalosiwa teng, mmogo le intekese e e neng e na le lenaane la ditlhogo tse dintsi mmogo le Dikwalo tse di nopotsweng le ditshupiso tse di thusang tse di mo dikgatisong tsa Mokgatlho. Bibela eno e ne e na le mafoko a dithanolo tse pedi—mafoko a King James fa godimo ga a Revised Version koo di neng di farologana teng. Gape e ne e na le khonkhodense e e neng e dira gore mmadi a bone bokao jo bo farologaneng jwa mafoko a puo ya ntlhantlha.
Mo go one ngwaga oo, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa kgona go bona dipoleite tsa go gatisa tse di neng di na le The Emphatic Diaglott, tseo di neng di na le ditemana tsa Segerika tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika (kgatiso ya 1796-1806) tse di kwadilweng ke J. J. Griesbach mmogo le thanolo ya Sekgoa e e kwadilweng ditlhaloso fa gare ga mela. Fa thoko ga tsone di ne di na le ditemana tse di kwadilweng ke Benjamin Wilson yo o tsholetsweng kwa Borithane yo a neng a fudugela kwa Geneva, kwa Illinois, kwa U.S.A. Dipoleite tseo le thata e ba neng ba e neetswe ya go gatisa di ne di rekilwe mme tsa newa Mokgatlho jaaka mpho. Fa dikopi tse di neng di setse di le teng di sena go romelwa, Mokgatlho o ne wa rulaganya gore go gatisiwe tse dingwe, mme di ne tsa bonwa ka 1903.
Kgatiso ya Baithuti ba Bibela ya King James Version e ne ya gatisiwa dingwaga di le nne morago ga foo, ka 1907. E ne ya tlamiwa jalo e na le “Berean Bible Teachers’ Manual” jaaka mametlelelo ya yone. Yone e ne e na le dikakgelo tse dikhutshwane tsa ditemana tse di mo dikarolong tsotlhe tsa Bibela, mmogo le ditshupiso tsa dikgatiso tsa Watch Tower tse o ka bonang tlhaloso e e tletseng mo go tsone. Ngwaga morago ga foo go ne ga gatisiwa kgatiso e nngwe ya yone e e nang le mametlelelo e e okeditsweng.
Dibibela tseno di ne di otoriwa go tswa kwa bagatising le ba ba neng ba di tlama ka palo ya tse di fa gare ga 5 000 le 10 000 gore ditshenyegelo di nne kwa tlase. Mokgatlho o ne o eletsa gore batho ba bantsi ba bone dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela le dilo tse di thusang go dira patlisiso.
Morago ga foo, ka 1926 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tsaya kgato e kgolo mo go anamiseng Dibibela.
Go Gatisa Dibibela mo Metšhineng ya Rona ya go Gatisa
Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya gatisa ya bo ya tlama Bibela nngwe mo feketiring ya yone morago ga dingwaga di le 36 e sena go simolola go anamisa Dibibela. E e neng ya gatisiwa la ntlha e ne e le The Emphatic Diaglott, eo Mokgatlho o neng o setse o na le dipoleite tsa yone ka dingwaga di le 24. Bibela eno e ne ya gatisiwa mo motšhining wa go gatisa kwa feketiring ya Mokgatlho e e kwa Concord Street kwa Brooklyn ka December 1926. Go fitlha gompieno go ile ga gatisiwa di le 427 924.
Dingwaga di le 16 morago ga foo, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e lowa, Mokgatlho o ne wa simolola go gatisa Bibela yotlhe. Go ne ga rekiwa dipoleite tsa King James Version e e nang le ditshupiso fa thoko ka 1942 go tswa go A. J. Holman Company, ya kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania gore seno se kgonwe go dirwa. Thanolo eno ya Bibela e e feletseng e e neng e ranoletswe mo Seesemaneng e ne ya gatisiwa, eseng go tswa go Vulgate ya Selatine, mme e ne e gatisitswe ke bakanoki ba ba neng ba itse go bapisa dithanolo tsa bogologolo le Sehebera, Searamaika, le Segerika tsa ntlhantlha. Go ne ga tsenngwa khonkhodense e e neng e rulagantswe ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba dirisana mmogo ba le 150. Yone segolobogolo e ne e diretswe go thusa Basupi ba ga Jehofa go bona ditemana tse di tshwanetseng ka bonako fa ba le mo bodiheding jwa tshimo mme ka jalo ba kgone go dirisa Bibela sentle jaaka “chaka ea Mōea,” go sega le go senola maaka a bodumedi. (Baef. 6:17) Gore batho ba ba leng mo mafelong otlhe ba bone Bibela ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, e ne ya gatisiwa mo motšhining wa web rotary—sengwe se go neng go sena mogatisi ope wa Bibela yo a neng a kile a leka go se dira. Go ne go setse go gatisitswe Dibibela tseno di le 1 858 368 ka 1992.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa eletse fela go naya batho dikopi tsa Bibela. Basupi ba ne ba batla go thusa batho go itse leina la mokwadi wa yone tota wa bomodimo, Jehofa Modimo, mmogo le maikaelelo a gagwe. Go ne go na le thanolo e nngwe gape ya Seesemane—American Standard Version ya 1901—e e neng e na le leina la Modimo mo mafelong a a fetang 6 870 ao a neng a tlhaga go tswa mo dibukeng tseo baranodi ba neng ba ranola go tswa mo go tsone. Ka 1944, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa reka tetla ya go dira dipoleite tsa Bibela eno tsa mofuta o o neng o dirwa ke Thomas Nelson and Sons ya kwa New York morago ga go buisana ka dikgwedi di le mmalwa. Go ne ga gatisiwa dikopi di le 1 039 482 mo dingwageng tse 48 tse di neng tsa latela.
Steven Byington wa kwa Ballard Vale, kwa Massachusetts, U.S.A., le ene o ne a na le Bibela e a neng a e ranotse ka Seesemane sa segompieno mme a tsentse leina la Modimo fa le tshwanetseng go nna teng. Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa bona mokwalo ono o o neng o ise o anamisiwe ka 1951 mme ya nna one fela o bonang tetla ya go o anamisa ka 1961. Thanolo yotlhe eo e ne ya gatisiwa ka 1972. Go fitlha ka 1992 go ne go setse go gatisitswe di le 262 573.
Lefa go ntse jalo, mo go lone lobaka loo go ne go na le sengwe se se neng se dirwa.
Go Gatisa New World Translation
E ne e le kwa tshimologong ya October ka 1946 fa Nathan H. Knorr yoo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower a ne a akantsha la ntlha gore Mokgatlho o gatise thanolo e ntšha ya Dikwalo tsa Bokereste tsa Segerika. Tiro ya go ranola e ne ya simolola go dirwa ka December 2, 1947. Ditemana tse di feletseng di ne tsa sekasekiwa ka kelotlhoko ke komiti yotlhe ya thanolo, e e neng e dirwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Morago ga foo, Ka September 3, 1949, Mokaulengwe Knorr o ne a bitsa kokoano ya bakaedi ba boto ya lekgotla la Mokgatlho le le kwa New York le le le kwa Pennsylvania. O ne a ba bolelela gore New World Bible Translation Committee e ne e weditse tiro ya go ranolela Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mo puong ya segompieno mme e ne e di neetse Mokgatlho gore o di gatise.b Eno e ne e le thanolo e ntšha e e ranotsweng go tswa mo Segerikeng sa ntlhantlha.
A totatota go ne go tlhokega thanolo e nngwe? Ka nako eo, Bibela e ne e setse e gatisitswe ka dipuo di le 190, mme karolo ya yone e ne e setse e ranoletswe mo dipuong le mo ditemeng tse dingwe gape di le 928. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa bontsi jwa dithanolo tseno ka makgetlo a le mantsinyana. Mme lefa go ntse jalo, lebaka ke gore bontsi jwa tsone bo ile jwa ranolwa ke baruti le barongwa ba makoko a Labokeresete, ebile tsela e ba neng ba ranola ka yone e ne e tlhotlhelediwa ka selekanyo se se rileng ke matlhajana a boheitane le dingwao tse eseng tsa dikwalo tse ditsamaiso tsa dikereke tsa bone di neng tsa di tsaya mo dilong tsa bogologolo mmogo le mo bakanoking ba ba sokamisang dilo. Mo godimo ga moo go ne go ntse go bonwa mekwalo ya Bibela e megologolo le e e neng e ka ikanngwa gonne baithutamarope ba ne ba ntse ba e ribolola. Puo ya Segerika ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e simololwa go tlhaloganngwa ka phepafalo ka ntlha ya dilo tse baithutamarope ba neng ba di ribolola. Gape dipuo tseo go neng go ranolelwa mo go tsone di a fetoga fa dingwaga di ntse di tsamaya.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba batla go nna le thanolo e e nang le dilo tse bakanoki ba metlha eo ya morago ba neng ba di lemogile, eo e neng e sena melawana le dingwao tsa Labokeresete, thanolo e e neng e ranola mafoko fela jaaka a ntse mme e baya dilo fela jaaka di ne di ntse mo mekwalong ya ntlhantlha mme ka gone e ka kgona go ba thusa gore ba tswelele pele ba bona kitso e e oketsegileng ya boammaaruri jwa bomodimo, thanolo e e neng e tlhamaletse e kgona go tlhaloganngwa ke babadi ba segompieno. New World Translation of the Christian Greek Scriptures, e e neng ya gololwa ka 1950 e ne e ntse fela jalo—segolo thata yone karolo eo ya Bibela. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go e dirisa, bontsi bo ne bo sa kgatlhiwe fela ke puo ya yone ya segompieno e ba neng ba kgona go e bala bonolo mme lefa go ntse jalo e ne e le ka gonne ba ne ba lemoga gore ba ne ba kgona go tlhaloganya se se buiwang ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo ka phepafalo.
Sengwe sa dilo tse di tlhomologileng tsa thanolo eno ke go bo e ne ya busetsa leina la bomodimo, leina la Modimo tota, Jehofa, ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. E ne e se yone thanolo ya ntlha go busetsa leina leo.c Mme lefa go ntse jalo e ka tswa e ne e le yone ya ntlha go le busetsa mo mafelong otlhe ka tlhomamo mo ditemaneng tsotlhe go tswa mo go Mathaio go fitlha kwa go Tshenolō. Tlhaloso e e tletseng ya kgang eno e e mo ketapeleng ya yone e ne ya tlhalosa mabaka a a utlwalang a go bo go dirilwe jalo.
Morago ga foo, Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa ranolelwa mo Seesemaneng, mme di ne tsa gololwa kgato ka kgato, mo dibolumung tse tlhano tse di farologaneng go simolola ka 1953. Fela jaaka go ne go dirilwe ka Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go ile ga nniwa kelotlhoko thata gore seo se neng se le mo ditemaneng tsa puo ya ntlhantlha se ranolwe fela jaaka se ntse kafa go neng go ka kgonega ka teng. Go ne ga tlhokomelwa thata gore tsela e di ranolwang ka yone e tshwane, di bolela ka tlhomamo tiro kana maemo a lediri le le neng le dirisiwa mo go one, ebile go dirisiwa puo e e motlhofo e e neng e ka tlhaloganngwa motlhofo ke babadi ba bantsi ba segompieno. Gongwe le gongwe koo Tetragrammaton e neng e tlhaga teng mo ditemaneng tsa Sehebera, e ne e kwalwa sentle jaaka leina la Modimo, go na le gore e emisediwe ka lereo lengwe, jaaka go ne go tlwaelegile ka dithanolo tse dingwe tse dintsi. Ditlhogo tsa mametlelelo le dintlhanyana tse di kwa tlase tse di mo dibolumong tseno di ne tsa thusa baithuti ba ba kelotlhoko go sekaseka mabaka a go bo go ranotswe ka tsela e e ntseng jalo.
New World Bible Translation Committee e ne ya wetsa go bala karolo ya ditemana tsa Bibela tse di neng di dira bolumo ya botlhano ka March 13, 1960. Go ne go tsere lobaka lwa dingwaga di le 12, dikgwedi di le 3, le malatsi a le 11 fa go sena go simololwa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo bolumo eo ya bofelo ya Dikwalo tsa Sehebera e ne e setse e gatisitswe mme e golotswe gore e anamisiwe.
Komiti eno e e ranolang e ne ya se ka ya phatlalala fa e sena go wetsa tiro eo, mme e ne ya tswelela ka tiro. Ba ne ba boeletsa thanolo eno gape. Morago ga foo, ka 1961, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa New World Translation of the Holy Scriptures e e boeleditsweng gape e feletse e le bolumo e le nngwe. E ne ya bonwa ka dolara (U.S.) e le nngwe fela gore mongwe le mongwe, lefa a ka tswa a itsholetse kana a humanegile, a kgone go ithekela kopi eno ya Lefoko la Modimo.
Dingwaga tse pedi morago ga foo go ne ga gatisiwa kopi e e kgethegileng ya baithuti. Yone e ne e na le dibolumo tsotlhe tsa ntlhantlha tse di sa boelediwang, tse di nang le dintlhanyana di le diketekete tse di kwa tlase tsa ditemana, mmogo le diketapele le ditlhaloso tsa mametlelelo. Gape e ne e na le ditshupiso tse di mosola thata tse di neng di supetsa babadi mafoko a a tshwanang, dikgopolo le ditiragalo, tshedimosetso ya pego ya botshelo jwa motho, dintlha dingwe ka mafelo mangwe, go diragadiwa ga boperofeti, le dikarolo tse di nopotsweng ka tlhamalalo go tswa mo dikarolong tse dingwe tsa Bibela.
Fa esale kgatiso eo ya bolumo e le nngwe e gololwa ka 1961, go ile ga gololwa tse dingwe tse nne tse le tsone di boeleditsweng. E e neng ya gololwa bosheng e ne e le ya 1984, fa go ne go gololwa tokololo ya ditlhaka tse dikgolo e e nang le mametlelelo e telele, le ditshupiso tse di fa thoko di le 125 000, dintlhanyana tse di kwa tlase tse di sedimosetsang thata di le 11 400, le khonkhodense. Dikarolo tsa kgatiso eno di thusa baithuti go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ditemana tse di farologaneng di tshwanetse go ranolwa ka tsela nngwe gore di tlhomame sentle, mmogo le go itse lebaka la go bo ditemana dingwe di kgonwa go ranolwa sentle ka ditsela tse di farologaneng. Ditshupiso tseno di ba thusa gape go lemoga gore dibuka tse di farologaneng tsa Bibela di a dumalana.
Fa New World Bible Translation Committee e ntse e leka ka tlhoafalo gore ba ba ratang Lefoko la Modimo ba tlwaelane le ditemana tsa Se-Koine sa ntlhantlha (Segerika se se tlwaelegileng) sa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, komiti eno e ne ya gatisa The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures. Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa e gatisa la ntlha ka 1969 mme wa e tlhabolola ka 1985. E na le The New Testament in the Original Greek, e e rulagantsweng ke B. F. Westcott le F. J. A. Hort. Kafa letlhakoreng la moja la tsebe go na le ditemana tsa New World Translation (kgatiso ya tokololo e e boeleditsweng ya 1984 e e tlhabolotsweng). Mme lefa go ntse jalo, go na le thanolo e nngwe e e kwadilweng fa gare ga mela ya ditemana tsa Segerika, e e ranolang dilo fela jaaka di ntse, e ranola lefoko ka lefoko go ya ka se Segerika se se bolelang go ya ka bokao jwa motheo le popego ya lefoko lengwe le lengwe la thutapuo. Seno se thusa le baithuti ba ba sa kgoneng go bala Segerika go itse se totatota ditemana tsa Segerika sa ntlhantlha di se bolelang.
A tiro e e dirilweng mo go New World Translation e ne e tlile go solegela molemo fela ba ba neng ba kgona go bala Seesemane? Barongwa ba Watch Tower ba ne ba sa kgone go bona Dibibela tse di lekaneng ka dipuo tsa mafelo a ba leng kwa go one gore ba kgone go di naya batho ba ba neng ba eletsa go nna le kopi ya Lefoko la Modimo. Go ne go tlwaelegile mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe gore barongwa bano go fitlhelwe e le bone ba anamisang thata Dibibela tse di neng di gatisiwa ke mekgatlho e mengwe ya Dibibela. Mme lefa go ntse jalo batho ba bodumedi ba ba neng ba emela mekgatlho eo ya Dibibela ba ne ba sa go rate. Mo godimo ga moo, dingwe tsa Dibibela tseno di ne di sa ranolwa ka tsela e e molemo thata.
Go Ranolelwa mo Dipuong Tse Dingwe
Ka ngwaga wa 1961 o New World Translation e neng ya tlhaga ka one e le bolumo e le nngwe, setlhopha sa baranodi ba ditswerere se ne sa phuthiwa go tla go ranolela ditemana tsa Seesemane mo dipuong tse thataro tse di neng di buiwa thata—Se-Dutch, Sefora, Sejeremane, Sepotokisi, Se-Spain le Setadiana. Ba ne ba kgona go e ranola gape go tswa mo Seesemaneng, ebile ba ntse ba e bapisa le Sehebera le Segerika gonne thanolo eo ya Sekgoa e ne e ranotse dilo fela jaaka di ntse. Baranodi bano ba ne ba dira jaaka komiti ya merafe yotlhe mmogo le New World Bible Translation Committee, kwa ntlokgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn kwa New York. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di ne tsa gatisiwa tsa bo tsa gololwa ka dipuo tseo tsotlhe di le thataro ka 1963.
Ka 1992 New World Translation of the Holy Scriptures e ne e setse e bonwa e feletse ka dipuo di le 12—Se-Czech, Se-Denmark, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejapane, Sejeremane, Sepotokisi, Se-Slovak, Se-Spain, Se-Sweden le Setadiana. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di ne di bonwa ka dipuo tse dingwe gape tse pedi. Seo se ne se raya gore e ne e bonwa ka dipuo tsa batho ba ka nna 1 400 000 000, kana mo e ka nnang nngwenneng ya baagi ba lefatshe, mme go na le ba le bantsi ba ba solegelwang molemo go tswa mo dithanolong tse di nopotsweng mo go yone mo dipuong tse 97 tsa Tora ya Tebelo. Lefa go ntse jalo, ba ba balang dipuo tseno tse 97, ba ne ba eletsa thata go nna le New World Translation e feletse ka dipuo tsa bone. Go ile ga dirwa dithulaganyo go tloga ka 1992 gore e ranolelwe mo dipuong di le 16 tsa tsone mmogo le go wetsa Dikwalo tsa Sehebera ka dipuo tse 2 tse di neng di na le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika fela.
Ereka Dibibela tseno di ne di gatisiwa ke baithaopi mo difeketiring tse e leng tsa Mokgatlho ka boone, o ile wa kgona go dira gore di bonwe ka madi a a kwa tlase thata. Fa mosupi mongwe wa kwa Austria o ne a bontsha motho mongwe yo o tlamang dibuka New World Translation ya Sejeremane ka 1972 mme a mmotsa gore o akanya gore e ka ja bokae, monna yono o ne a gakgamadiwa ke go utlwa gore e ne e ja fela nngwesomeng ya tlhwatlhwa e a neng a e boletse.
Go na le dikai dingwe tse di bontshang kafa thanolo eno e leng maatla ka teng. Kereke ya Katoliki kwa Fora e ne e sa bolo go nna e thibela batho ba yone go nna le Bibela ka makgolokgolo a dingwaga. Tlhwatlhwa ya dithanolo tsa Katoliki tse di neng di le teng e ne e le kwa godimo thata, mme ke magae a sekae fela a a neng a na le yone. New World Translation of the Christian Greek Scriptures e ne ya gololwa ka Sefora ka 1963, mme e ne ya latelwa ke Bibela yotlhe ka 1974. Go ne go setse go rometswe dikopi di le 2 437 711 tsa New World Translation ka 1992 kwa Fora gore di anamisiwe; mme palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora e ne ya oketsega ka 488 lekgolong mo go lone lobaka loo, e fitlha mo palogotlheng ya ba le 119 674.
Go ne go ntse fela jalo le kwa Italy. Batho ba ne ba sa bolo go thibelwa go nna le kopi ya Bibela. Fa e sale go gololwa kopi ya New World Translation ya Setadiana, go ne go anamisitswe dikopi di le 3 597 220 tsa Bibela go fitlha ka 1992; bontsi jwa tsone e ne e le Bibela yotlhe e feletse. Batho ba ne ba batla go itshekatshekela ka bobone se Lefoko la Modimo le se tshotseng. Se se kgatlhang ke gore mo go lone lobaka loo, palo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Italy e ne ya ya kwa godimo thata go tloga go ba le 7 801 go ya go ba le 194 013.
Ka nako ya fa New World Translation of the Christian Greek Scriptures e ne e tswa ka Sepotokisi, go ne go na le Basupi ba le 30 118 kwa Brazil mme kwa Portugal ba ne ba le 1 798. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, go fitlha ka 1992, go ne go setse go rometswe dikopi di le 213 438 tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le dikopi tsa Bibela e e feletseng ya Sepotokisi di le 4 153 738 kwa bathong le kwa diphuthegong tsa mo dinageng tseno. Go ne ga felela jang? Kwa Brazil go na le batho ba ba bakang Jehofa ba le tlhaga ba feta ba ntlha ka makgetlo a feta 11; mme kwa Portugal go na le ba ba fetang ba ntlha ka makgetlo a le 22. Diketekete tse di masomesome tsa batho ba ba neng ba ise ba ko ba bone Bibela ba ne ba itumelela go nna le kopi ya yone, mme ba bangwe ba ne ba itumelela go nna le Bibela e e neng e dirisa mafoko a ba kgonang go a tlhaloganya. Ka nako ya fa New World Translation of the Holy Scriptures—With References e ne e bonwa kwa Brazil, metswedi ya dikgang e ne ya bolela gore ke yone thanolo fela e e feletseng (ke gore, e e nang le ditshupiso le dintlhanyana tse di kwa tlase) e e leng teng mo nageng eo. E ne ya bolela le gore palo ya tse di neng tsa gatisiwa la ntlha e ne e imenne ga lesome go feta dikopi tse dintsi tsa semorafe.
Tokololo ya Se-Spain ya New World Translation of the Christian Greek Scriptures e ne ya gololwa ka 1963, mme e ne ya latelwa ke Bibela e e feletseng ka 1967. Go ne ga gatisiwa dikopi di le 527 451 tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, mme morago ga foo, go fitlha ka 1992 go ne go na le dikopi tsa Bibela e e feletseng ya Se-Spain di le 17 445 782. Seno se ne sa nna le seabe mo go oketsegeng ka tsela e e tlhomologileng ga batho ba ba bakang Jehofa mo dinageng tse di buang Se-Spain. Ka gone go tloga ka 1963 go fitlha ka 1992, palo ya bone e ne ya gola go tloga go 82 106 go ya go 942 551 mo dinageng tse go buiwang Se-Spain thata kwa go tsone tse Basupi ba ga Jehofa ba dirang bodihedi jwa bone kwa go tsone. Mme go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba buang Se-Spain ba le 130 224 kwa United States ka 1992.
New World Translation ga e a ka ya amogelwa ka botlhaga fela mo dinageng tsa Labokeresete. Mo ngwageng wa ntlha oo tokololo ya Sejapane e neng ya gatisiwa ka one, ofisi ya lekala ya Japane e ne ya amogela diotoro tsa dikopi di le halofo ya milione.
Ka 1992 go ne go setse go gatisitswe dikopi di le 70 105 258 tsa New World Translation of the Holy Scriptures e feletse ka dipuo di le 12 tse di neng di le teng ka nako eo. Mo godimo ga moo, go ne go setse go gatisitswe dikopi di le 8 819 080 tsa dikarolo tsa thanolo eno.
Go Dira Gore Bibela E Nne Teng ka Mekgwa E Mentsi
Go gatisiwa ga Dibibela go ne ga thusiwa ke go bo Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa simolola go dirisa dikhomputara go tloga ka 1977, fela jaaka o ne wa simolola go di dirisa le mo dikarolong tse dingwe tsa tiro ya one ya go gatisa. Di ile tsa thusa baranodi gore ba kgone go dira dilo sentle ka tlhomamo mo tirong ya bone; gape di ile tsa tlhofofatsa go gatisiwa ga Bibela ka mekgwa e e farologaneng.
Fa ditemana tsotlhe tsa Bibela di sena go tsenngwa mo khomputareng, go ne ga nna motlhofo gore di gatisiwe ka metšhine e e setang ditlhaka ya eleketroniki ka bogolo jo bo farologaneng le ka mekgwa e e farologaneng. Ka 1981 go ne ga tla pele tokololo ya yone ya bogolo jo bo tlwaelegileng ka Seesemane mme e na le khonkhodense le dikarolo dingwe tse di mosola tsa mametlelelo. Eno e ne e le tokololo ya ntlha e Mokgatlho wa Watch Tower o neng wa e gatisa mo metšhining e e gatisang ya web offset. Fa tshedimosetso e e bolokilweng mo khomputareng e sena go tlhabololwa, go ne ga gololwa tokololo ya Seesemane ya ditlhaka tse ditona ka 1984; e ne e na le dikarolo tse dintsi tse di thusang thata fa go dirwa patlisiso. Ka one ngwaga oo go ne ga bonwa tokololo ya yone ya Seesemane ya bogolo jo bo tlwaelegileng; e ne e na le ditshupiso le khonkhodense mme e sena dintlhanyana tse di kwa tlase; mme mametlelelo ya yone e ne e diretswe go dirisiwa mo bodiheding jwa tshimo eseng go ithuta ka tsela e e tseneletseng. Morago ga foo, go ne ga gatisiwa tokololo e nnye e e tsenang mo kgetsing gore ba ba e batlang ba solegelwe molemo e ne ya gololwa ka Seesemane ka 1987. Ditokololo tseno di ne tsa gatisiwa fela ka bonako ka dipuo tse dingwe gape.
Mo godimo ga moo, go ne ga tlhokomelwa le ba ba neng ba tlhoka dilo tse di kgethegileng. Ka 1985, go ne ga gololwa dibolumo di le nne tsa Seesemane tsa New World Translation e feletse go thusa ba ba neng ba kgona go bona mme ba tlhoka ditlhaka tse ditona thata. Ka bonako fela tokololo eo e ne ya gatisiwa ka Sejeremane, Sefora, Se-Spain, le Sejapane. Pele ga foo, ka 1983 go ne go setse go golotswe dibolumo di le nne tsa New World Translation of the Christian Greek Scriptures ka Braille ya maemo a bobedi ya Seesemane. Mo dingwageng tse dingwe gape tse tlhano, go ne go setse go gatisitswe dibolumo di le 18 tsa New World Translation ka Braille ka Seesemane.
A go na le batho bangwe ba ba neng ba tla thusega fa ba ne ba ka reetsa Bibela mo dikhaseteng? Eleruri. Ka jalo Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa simolola go dira seno. Khasete ya ntlha e e neng ya gatisiwa e ne e le ya The Good News According to John, e le ka Seesemane ka 1978. Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bonwa New World Translation ya Seesemane mo dikhaseteng tse 75. Seo se neng se simolotse e le tironyana fela e nnye se ne sa gola sa nna tiro e kgolo tota. E ne ya bonwa ka bonako fela ka dipuo tse dingwe. Ka 1992 New World Translation e ne e setse e tlhagile e feletse kana ka karolo ya yone ka dikhasete ka dipuo di le 14. Kwa tshimologong makala a mangwe a ne a direlwa tiro eno ke dikhampani tsa kgwebo. Go tloga ka nako eo go fitlha ka 1992, Mokgatlho wa Watch Tower o ne o setse o gatisitse dikhasete tsa mofuta oo di le 31 000 000.
Molemo o o neng wa bonwa ka dikhasete tseno tsa mantswe tsa Bibela le kafa di neng tsa dirisiwa ka gone o ne o feta kgakala kafa go neng go lebeletswe ka teng. Batho ba ne ba dirisa ditshameki tsa dikhasete mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Bontsi jwa ba ba neng ba sa itse go bala ba ne ba thusega ka tsela eno gore ba solegelwe molemo ke Lefoko le le boitshepo la Modimo. Basadi ba ne ba kgona go reetsa dikhasete fa ba ntse ba dira tiro ya mo lelapeng. Banna ba ne ba di reetsa mo ditshamekising tsa ditheipi mo dikoloing tsa bone fa ba ya kwa tirong. Tsela e Basupi ka bongwe ba kgonang go ruta ka yone e ne ya loodiwa ke go reetsa Lefoko la Modimo ka metlha mme ba ne ba kgona go ela tlhoko kafa maina a Bibela a bidiwang ka teng le tsela e dikarolo tsa Dikwalo di balwang ka yone.
Ka 1992 go ne go setse go gatisiwa ditokololo tse di farologaneng tsa New World Translation mo metšhineng ya Mokgatlho kwa Amerika Bokone le kwa Amerika Borwa, Yuropa le kwa Botlhaba. Go ne go setse go gatisitswe dibolumo di le 78 924 338 ebile di anamisitswe. Kwa Brooklyn fela go ne go na le metšhine ya web offset e meraro e e gatisang ka lobelo lo logolo e go neng go gatisiwa Dibibela fela ka yone. Metšhine eno yotlhe fa e kopane e kgona go gatisa Dibibela di le 7 900 ka ura, mme gantsi go ile ga tlhokega gore e dirisiwe ka nako e e fetang e e dirisiwang ka yone ka metlha.
Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba neye batho Dibibela tse o ka e bayang fela mo shelofong. Mongwe le mongwe yo o kgatlhegelang Bibela—a ka tswa a bone kopi ya yone mo Basuping ba ga Jehofa kana nnyaa—o bolelelwa gore a ka rutiwa Bibela mo legaeng la gagwe mahala fa a batla. Dithuto tseno ga se tsa leruri tse di sa feleng. Baithuti ba bangwe ba amiwa thata ke se ba se ithutang, mme ba kolobediwa jaaka Basupi, e bo e re morago ba bo ba ruta ba bangwe le bone. Morago ga dikgwedi di sekae fa ba sa gatele pele mo go diriseng dilo tseo ba di ithutang, dithuto di a emisiwa mme go tswelelwa le batho bao ba kgatlhegang ka mmatota. Ka 1992, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ithuta Bibela mahala le batho ka bongwe kana le malapa a le 4 278 127 ka metlha beke le beke.
Ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba gatisa le go phasalatsa Bibela le go ruta Lefoko la Modimo le le boitshepo ka mokgwa o o fetang wa mokgatlho ope fela.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jaaka go ne ga supiwa mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 15, 1892 (ts. 210), leina Watch Tower Bible and Tract Society le ne le sa bolo go dirisiwa ka dingwaga tse dintsi pele le ka kwadisiwa go ya ka molao. Pampitshana nngwe e e neng ya gatisiwa ka 1890 mo motseletseleng wa Old Theology e ne ya bolela gore e gatisiwa ke Tower Bible and Tract Society.
b Thanolo eno e ne ya newa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania gore e e gatise, mme go ne ga kopiwa gore maina a baranodi ba yone a se ka a ba a gatisiwa. Ba ne ba batla gore go tlotliwe Jehofa Modimo, Mokwadi wa Bomodimo wa Lefoko le e leng la gagwe le le tlhotlheleditsweng.
c Dithanolo dingwe tse di neng di tlile pele ga eno tsa Sehebera, Sejeremane, le Seesemane di ne di setse di buseditse leina la bomodimo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, fela jaaka dikgatiso tse dintsi tsa barongwa.
[Lebokoso mo go tsebe 609]
Thanolo E Ntšhantšha
Ka nako ya fa go ne go gololwa bolumo ya ntlha ya “New World Translation of the Hebrew Scriptures,” Alexander Thomson, motshwayadiphoso wa Bibela wa Moboritane, o ne a kwala jaana: “Go na le dithanolo di sekae fela tsa Seesemane tse di ranolang Dikwalo tsa Sehebera go ya kafa di neng di kwadilwe ka teng kwa tshimologong. Ka gone go a re itumedisa tota go amogela karolo eno ya ntlha ya New World Translation [ya Dikwalo tsa Sehebera], Genesise go ya kwa go Ruthe. . . . Thanolo eno ruri e lekile thata gore e kgone go balega sentle. Ga go na ope yo a ka reng ga e ntšhantšha le gore e tserwe mo go tse dingwe. Tsela e e dirisang mafoko ka yone ga e a thaiwa mo dithanolong tse di fetileng.”—“The Differentiator,” June 1954, ts. 131.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 610]
“Thanolo E E Ranotsweng ka Mafoko A A Dirisiwang Gompieno”
Thomas N. Winter wa Yunibesithi ya Nebraska o ne a kwala mo go “The Classical Journal” kaga “The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures” jaana: “Ga se thanolonyana fela e e tlwaelegileng e e kwalang tshedimosetso fa gare ga mela: ditemana di kwadilwe fela jaaka di ntse ebile Seesemane se se kafa tlase ga mela se bolela se se kaiwang ke lefoko la Segerika. Ka gone, mafoko a a fa gare ga mela a buka eno ga se thanolo gotlhelele. Ke ditemana tse di ranotsweng ka mafoko a a dirisiwang gompieno fa o batla go e tlhalosa sentle. Thanolo e e ranotsweng ka Seesemane se se bonolo mo dikolomong tse di kafa thoko mo letlhakoreng la moja la ditsebe. . . .
“Ditemana tseno di thailwe mo go tsa ga Brooke F. Westcott le Fenton J. A. Hort (1881, e e gatisitsweng bosha), mme thanolo eno ya komiti e e sa umakiwang ka leina e mo nakong tota ebile e tlhomame tota.”—Tokololo ya April-May ya 1974, dits. 375-6.
[Setshwantsho]
Tokololo ya 1969 le ya 1985
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 611]
Seo Se Neng Sa Buiwa Ke Mokanoki Mongwe wa Mohebera
Mokanoki wa Mohebera wa kwa Iseraela ebong Porofesa Dr. Benjamin Kedar o ne a bolela jaana ka “New World Translation” ka 1989: “Fa ke ntse ke batlisisa ka dipuo malebana le Dibibela tsa Sehebera le dithanolo tsa tsone, gantsi ke leba tokololo ya Seesemane e e bidiwang ‘New World Translation.’ Fa ke dira seno, ke fitlhela maikutlo a me a supiwa gore a boammaaruri gangwe le gape gore buka eno ruri e supa maiteko a a dirilweng ka tlhoafalo go leka go tlhaloganya ditemana tseno ka tsela e e tlhomameng kafa go ka kgonegang ka teng. E naya bosupi jwa gore puo ya ntlhantlha e ne e tlhaloganngwa sentle, e ranola mafoko a ntlhantlha mo puong ya maemo a bobedi ka tsela e e kgonang go tlhaloganngwa e sa fapoge go sa tlhokege mo mokgweng wa kafa Sehebera se ntseng ka teng. . . . Polelwana nngwe le nngwe ya puo eno e go letla gore o ka ranola ka tsela nngwe e e rileng fela. Ka jalo tsela epe fela e bothata bongwe jwa puo bo rarabolotsweng ka yone e ka nna ya ganediwa. Mme lefa go ntse jalo ga ke ise ke bone gope koo ‘New World Translation’ e neng ya tsenya teng ditemana dingwe tse di neng di seyo go ya ka se motho ene a neng a ikutlwa gore se siame.”
[Kerafa mo go tsebe 613]
(For fully formatted text, see publication)
Kafa Basupi Ba Neng Ba Oketsega ka Teng Fa Esale “New World Translation” E Gololwa
Fora
150,000
100,000
50,000
1963 1970 1980 1992
Italy
150,000
100,000
50,000
1963 1970 1980 1992
Portugal le Brazil
300,000
200,000
100,000
1963 1970 1980 1992
Dinaga tse di buang Se-Spain
900,000
600,000
300,000
1963 1970 1980 1992
[Ditshwantsho mo go tsebe 604]
Dithanolo Di Sekae Tsa Tse Di Neng Di Dirisiwa Ke Baithuti ba Bibela ba Pele
Thanolo e e ranolang mafoko jaaka a ntse ya ga Young
Thanolo ya ga Leeser (Seesemane fa thoko ga Sehebera)
“New Testament” ya ga Tischendorf (e na le fa e farologanang teng le Mekwalo ya Segerika)
Thanolo ya ga Murdock (e ranotswe go tswa go Se-Syriac)
“The Emphatic Diaglott” (Segerika go ya kwa Seesemaneng)
Bibela ya Variorum (e na le dithanolo tse dingwe tse di farologaneng tsa Seesemane)
“The Newberry Bible” (e e nang le dintlha tse di botlhokwa thata mo matlhakoreng a mela)
[Setshwantsho mo go tsebe 605]
Ketapele ya tokololo ya ga Rotherham ya “New Testament” e e neng ya gatisediwa Mokgatlho wa Watch Tower mo e ka nnang ka 1890
[Setshwantsho mo go tsebe 606]
Holman Linear Parallel Edition of the Bible, jaaka e gatisitswe go rulagantswe ke Mokgatlho wa Watch Tower ka 1902
[Setshwantsho mo go tsebe 606]
Tokololo ya Watchtower ya “King James Version,” ka khonkhodense e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng (1942)
[Setshwantsho mo go tsebe 607]
“American Standard Version,” thanolo e e dirisang leina la Modimo ebong Jehofa ka makgetlo a a fetang 6 870; tokololo ya Watchtower (1944)
[Setshwantsho mo go tsebe 607]
Thanolo ya ga Byington (1972)
[Setshwantsho mo go tsebe 608]
“New World Translation,” e e neng ya gololwa la ntlha ka Seesemane ka dibolumo tse thataro, go tloga ka 1950 go fitlha ka 1960; mme morago di ne tsa kopanngwa go nna tokololo e e neng e diretswe baithuti ka tsela e e kgethegileng
E gatisitswe jaaka bolumo e le nngwe fela ka 1961
Tokololo ya ditlhaka tse ditona, e e nang le ditshupiso tsa go ithuta, e e neng ya gatisiwa ka 1984
[Setshwantsho mo go tsebe 612]
“New World Translation” e ile ya nna ya bonwa ka dipuo tse di oketsegileng ka bonya ka bonya
[Ditshwantsho mo go tsebe 614]
“New World Translation” ya ditlhaka tse ditona thata
. . . ka mokwalo wa Braille
. . . mo dikhaseteng tsa mantswe
. . . mo didiseketeng tsa khomputara