LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/99 ts. 1
  • “Supang Bopelotelele”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Supang Bopelotelele”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Nna Pelotelele mo Bodireding Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tswelela o le Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Ithute Bopelotelele mo go Jehofa le Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A O Ka Nna Pelotelele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 1/99 ts. 1

“Supang Bopelotelele”

1 Jaaka re bona bofelo jwa tsamaiso ya bogologolo ya ga Satane bo ntse bo atamela, go botlhokwa gore re ‘supe bopelotelele’ fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa la poloko. Segolobogolo mo nakong eno ya bofelo, masole a a boikepo a mmaba a ikaeletse go tlosa tlhokomelo ya rona mo kgannyeng ya botlhokwatlhokwa ya bolaodi jwa ga Jehofa le go re raela gore re itewe tsebe ke dilo di le dintsintsi fela tse re ipatlelang tsone. Ka tsela eno, Satane o tla re tsietsa gore re tlogele tiro eno ya go rera ka Bogosi kana re goge dinao fa re e dira. (Jak. 5:7, 8; Math. 24:13, 14) Re ka bontsha bopelotelele jo bo tlhokegang jono ka ditsela dife?

2 Ka go Itshoka: Fa batho ba sa kgatlhegele se re se buang kana ba re ganetsa mo bodireding jwa rona, go itshoka go tla re thusa go tswelela re rera. Ga re kitla re tshosediwa motlhofo fela kana re kgotšwa fa batho ba re kopanang le bone ba le mafega kana ba le bogale. (1 Pet. 2:23) Nonofo eno e re nang le yone e ka re thibela gore re se ke ra bua ka tsela e e kgobang marapo ka batho ba ba mo tshimong ya rona ba ba sa kgatlhegeleng tiro ya rona kana ba ba sa e rateng, re lemoga gore go dira jalo go tla re kgoba marapo mmogo le ba ba dirang le rona mo bodireding.

3 Ka go Nna Pelotelele, Re sa Ineele: Go ka re kgoba marapo tota fa e re re sena go buisana sentle jaana le motho yo o kgatlhegang mo tirelong ya tshimo, re bo re sa mo fitlhele fa re boa gape. Go ntse jalo gape fa e le gore batho ba re ithutang le bone ba diega go gatela pele kana go emela boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go nna pelotelele, re sa ineele, gantsi go nna le matswela a a molemo. (Bagal. 6:9) Kgaitsadi mongwe o ne a nna a boela makgetlo a le mmalwa mo mosading mongwe yo mosha pele ga thuto ya Baebele e ka simololwa. Mo maetong a ntlha a matlhano, mosadi yono o ne a tshwaregile thata ka dilo tse dingwe. Mo lekgetlong la borataro, kgaitsadi yono o ne a kolobile tota ke pula ya matlakadibe, mme a fitlhela go se na ope mo ntlong. Le fa go ntse jalo, e re ka kgaitsadi yono a ne a batla go naya mosadi yono sebaka se sengwe gape, o ne a boela gape kwa go ene, mme a fitlhela mosadi yono a ipaakanyeditse go ithuta. Morago ga moo, moithuti yono o ne a gatela pele ka bonako mme mo nakong e khutshwane fela a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa.

4 Re a itse gore letsatsi la ga Jehofa ga le kitla le diega. Ka jalo re nna re letile go bona tsela e a dirang dilo ka yone, re ntse re itse gore bopelotelele jwa Modimo bo tla tlhagisa maungo a a molemo. (Hab. 2:3; 2 Pet. 3:9-15) Re tshwanetse go bontsha bopelotelele jaaka Jehofa mme re se ke ra tlogela bodiredi. “Ka tumelo le ka bopelotelele,” leba kwa go Jehofa gore a go duele go bo o dirile ka natla.—Baheb. 6:10-12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela