Ruta ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo
1 Jehofa o batla gore batho botlhe ba solegelwe molemo. (Isa. 48:17) O itse se se re nayang boitumelo jwa boammaaruri. O eletsa thata gore batho ba tile masetlapelo mme ba ipelele botshelo ka go utlwa ditaolo tsa gagwe. Re solegelwa molemo ka borona fa re tshela matshelo a rona ka tsela e Modimo a e batlang. (Pes. 34:8) Re ka ruta ba bangwe jang go dira se se tshwanang?
2 Ke Eng se Batho ba se Batlang? Ke eng se beng ba matlo ba amegileng thata ka sone mo o nnang teng? A ga se go sireletsa magae a bone, manyalo a bone, isagwe ya bana ba bone le dilo tse di tshwanang le tseno? Fa ba na le mathata, ba ya go batla thuso kae? Ba ka nna ba itshepa, ba tshepa dithulaganyo tse di nayang dikgakololo kana go kaelwa ke ba bangwe. Ka go dira jalo, ba le bantsi ba tlhakanngwa tlhogo ke dikgopolo tse di sa tlhomamang le tse di se nang mosola tse di malebana le ka moo ba ka solegelwang molemo ka teng. Re tshwanetse go ba tlhatswa pelo gore Lefoko la Modimo le re neela kaelo e e botoka thata. (Pes. 119:98) Re ka dira seno ka go ba bontsha ka fa ba ka tokafatsang matshelo a bone ka teng le e leng gone jaanong fa ba dira maiteko a go ithuta Baebele le go dirisa se e se bolelang.—2 Tim. 3:16, 17.
3 Botshelo Jwa Lelapa jo bo Tokafaditsweng: Ke batho ba sekae fela ba ba lemogang ka moo kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo go Baefeso 5:22–6:4 e dirang sentle ka teng mo go rarabololeng mathata a lelapa. Ke sone se se neng sa diragalela banyalani bangwe bao, morago ga go nyalana ka dingwaga di le lesome, ba neng ba dira tshwetso ya gore ba arogane. Le fa go ntse jalo, go ne ga simololwa thuto ya Baebele le mosadi, yo o neng a rutiwa melaometheo ya Dikwalo e e malebana le botshelo jwa lenyalo. Monna wa gagwe o ne a lemoga ka bonako diphetogo tse a neng a di dira fa a ntse a dirisa melaometheo ya Baebele, mme le ene a kopanela mo thutong. O ne a bolela jaana moragonyana: “Jaanong re na le motheo wa boitumelo jwa mmatota jwa botshelo jwa lelapa.”
4 Boikaelelo Jwa Mmatota mo Botshelong: Fa lekawana lengwe le le neng le tshwakgotswe ke diokobatsi le ne le senka thuso mo Basuping, le ne la rutiwa gore Jehofa o amegile ka lone ka namana. Le ne la bolela jaana: ‘Ke ne ka ithuta gore Mmopi o na le boikaelelo ka motho le gore o tlile go neela bao a ba amogelang botshelo jo bo sa khutleng. O ka ikakanyetsa fela ka moo seno se neng sa intumedisa ka teng. Gompieno ke na le botsogo jo bo molemo, kagiso ya mogopolo le kamano e e gaufi thata le Modimo.’
5 Mongwe le mongwe a ka solegelwa molemo ke thuso e e mosola e e tswang mo Lefokong la Modimo. Ka go e dirisa gore e re kaele, re tlhomamisa gore tsela ya ga Jehofa e gaisa thata ditsela tsa lefatshe. (Pes. 116:12) Ke tshiamelo mo go rona gore re isetse ba bangwe molaetsa ono, re ba ruta gore ba solegelwe molemo ka bobone. Fa re dira jalo, re tla bona matswela a mantsi a a molemo.