LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Madi—A Botlhokwa Thata Gore O Tshele
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Anaanela Mpho ya Botshelo E o E Abetsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

▪ A Basupi ba ga Jehofa ba dumelela go dirisiwa ga madi a motho (autotransfusion), jaaka fa a ka ntshiwa a bolokiwa mme moragonyana a busediwa gape mo go bone?

Ba tsa kalafi gantsi ba farologanya fa gare ga madi a mofuta o o tshwanang a motho o sele (a a tswang mo mothong o mongwe) le madi a motho (madi a molwetse ka boene). Go itsege sentle gore Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele mad i a a tswang mo bathong ba bangwe. Mme go tweng ka go dinsiwa ga madi a motho [autologous], eleng lereo le le dirisiwang mabapi le ditiriso di le mmalwa?

Dingwe tsa ditiriso tseo ga di amogelesege mo Bakereseteng ka gonne ka phepafalo fela di thulana le Bibela, mme Ise dingwe di tsosa dipotso. Legale, ka nako ya fa Bibela e kwalwa, go tshelwa ga madi le ditiriso Ise dingwe Ise di ntseng jalo tsa madi di ne di sa itsiwe. Lefa go le jalo, Modimo o re file dikaelo Ise di ka thusang batlhanka ba gagwe go bona gore aditiriso dingwe tsa kalafi Ise di kopanyeletsang madi di ka se mo itumedise.

Modimo o gatelela gore madi a emela botshelo mme ka jalo a boitshepo. O ne a laela gore go se nne motho ope yo o neng a tshwanetse go boloka botshelo jwa gagwe ka go ja madi. Ka motlhala, Modimo o no wa tlhalosa jaana: “Dilo cotlhe Ise di tsamaean Ise di tshelan, di tla nna diyo tsa Iona; . . . Me nama e e tlhakanyen le botshelo yoa eona, bo e len madi a eona, to se ka loa a ya.” (Genesise 9:3, 4; Lefitiko 7:26, 27) Go ya ka Monei-Botshelo, tsela fela e e amogelesegang ya tiriso ya madi e ne a le fa go ntshiwa setlhabelo: “Gonne botshelo yoa nama ke mad i: me ke a to neile mo sebeshon go dihela meoea ea lona tetlanyo: gonne madi ko aona a a dihan tetlanyo ka ntlha ea botshelo. Ke gona ka mouo ke reilen bana ba Iseraela, ka re, A go se nne motho ope oa lona eo oyan madi.”—Lefitiko 17:11, 12.

Lefa Bakeresete ba sa laolwe ke Molao wa ga Moshe, Bibela a bolela gore go ‘botlhokwa’ gore re ‘ithibe mo mading,’ re a tsaya jaaka a a boitshepo. (Ditihō 15:28, 29) Seno se a tlhaloganyesega, ka go bo ditlhabelo Ise di neng di dirwa kafa tlase ga Molao di ne di tshwantshetsa madi a ga Keresete, tsela eo ka yone Modimo o dtrang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 9:11-15, 22.

Fa math a ne a sa dirisediwe setlhabelo go ya ka Molao a ne a tshwanetse go tsholwa jang? Re badile ka gore fa motsomi a ne a bolaya phologolo go a ja, o ne a tshwanetse gore “a cholole madi a eon a, a a bipe ka lorole.” (Lefitiko 17:13, 14; Duteronome 12:22-24) Jalo math a ne a sa tshwanelwa go dirisediwago jewa kana ka tsela epe fela. Fa a ne a ntshitswe mo setsheding mme a sa dirisediwe setlhabelo, a ne a tshwanetse go tshololelwa mo mmung, eleng se beo sa dinao sa Modimo.—Isaia 66:1; bapisa Esekiele 24:7, 8.

Seno ka phepafalo se ganetsa tiriso a nngwe e e tlwaelegileng ya madi a motho—go ntshiwa ga one pele ga karo, go bolokwa ga one, mme moragonyana molwetse a tshelwe madi a e leng a gagwe. Mo tirisong e e ntseng jalo go dirwa jaana: Pele go ka dirwa kayo e e rileng, go bolokiwa selekanyo se se rileng sa madt a motho, kana disele Ise dikhibidu di a farologanngwa, di bewe mo setsidifatsing, mme di bolokiwe. Mme fa go bonala ekete molwetse o tla tlhoka madi mo karong kana morago ga yone, madi a gagwe a a neng a bolokilwe a ka busediwa mo go ene. Ditlhobaelo tsa gompieno kaga maIwetse a a bakwang ke go tshelwa ga made di He tsa diva gore tiriso eno ya madi a motho a tlwaelege. Lefa go le jalo, Basupi ba ga Jehofa GA BA amogele tiriso eno. Ga re bolo go lemoga gore madi ao a a bolokilweng tota ga a tlhole a le karolo ya motho. A He a ntshiwa gotlhelele mo go ene, jalo go ya ka Molao wa Modimo a tshwanetse go tshololwa: “U a choloele ha hatshe yaka metse.”—Duteronome 12:24.

Mo tirisong a nngwe e e farologaneng go sekae, madi a motho a ka nna a ntshiwa mo go ene mme a tsamaisiwa ka sedirisiwa se se phepafatsang madi (philo ya maitirelo) kana lethompo la makgwafo le pelo. Madi a elela go tswa ka lethompo go ya mo serweng sa maitirelo seo se a pompang se bo se a phepafatsa (kana se a tsenya okosejene), mme se bo se a busetsa gape mo tsamaisong ya madi a molwetse. Bakeresete bangwe ba ile ba dumelela gore go dirisiwe tiriso eno fa fela sedirisiwa se ne se sena madi a a neng a bolokilwe mo go sone. Ba ne ba tsaya gore tshika eno ya maitirelo e e kafa ntle ga mmele wa bone ke katoloso fela ya thulaganyo ya go tsamaya ga madi a bone e e direlwang gore madi a tie a fete mo serweng seo sa maitirelo. Ba ile ba ikutlwa gore math fa a tsamaisiwa jaana gaufi le mmele e ne a santse a le karolo ya bone mme go ne go sa tlhokege gore a ‘tsholoIwe.’a

Lefa go le jalo, go tweng he, fa go elela go go ntseng jalo ga madi a motho go ne go ka ema ka nako e khutshwane, jaaka fa ngaka a ka emisa motshine wa pelo le makgwafo go tlhola gore a mathompo a a isang madi ka tlhamalalo kwa pelong a ntse a dira sentle?

Tota-tota, Bibela ga a gatelele gore madi a tshwanetse go tsamaya a sa eme. Le eleng fa go sa dirwe karo epe, pelo ya motho a ka nna ya ema ka nakonyana mme ya bo e simolola gape.b Madi a gagwe ga a na a tshwanelwa go ntshiwa mo methapong gape madi a gagwe ga a ne a tshwanelwa go tshololwa fela ka go bo thulaganyo ya tsamaiso ya madi a ne ya ema fa go ne go thusiwa pelo ya gagwe go dira gape. Ka jalo, Mokeresete yo o lebaneng le go dira tshwetso ya gore a madi a gagwe a tsamaisiwe ka sedirisiwa sengwe o tshwanetse go tlhokomela, thatathata eseng gore tsamaiso ya madi a gagwe a ka nna ya ema, mme gore a segakolodi sa gagwe se a mo dumelela gore madi a a tsamaisitsweng ka tsela eno a santse a le karolo ya thulaganyo ya tsamaiso ya madi a gagwe.—Bagalatia 6:5.

Go tweng ka go tshelwa ga diedi dingwe go oketsa madi a motho? Dingaka dingwe di dumela gore go mosola gore madi a molwetse a tshelwe seedi sen_gwe fa go ariwa. Ka jalo, fa ba simolola karo, ba eledisa madi a molwetse mo dikgetsaneng dingwe kwantle ga mmele wa molwetse mme mo boemong jwa one ba bo ba tshela diedi dingwe tse di senang madi; moragonyana, madi ao a eledisiwa gape mo molwetseng go tswa modikgetsaneng. Ereka Bakeresete ba sa letle gore madi a bone a bolokilwe, dingaka dingwe di ne tsa dirisa tiriso ono, ba rulaganya gore didirisiwa di nne di ntse di gokagantswe le thulaganyo ya tsamaiso ya madi ya molwetse. Bakeresete ba bangwe ba ile ba amogela seno, ba bangwe ba ile ba gana. Gape, motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a madi a a tsamaisiwang jalo ka go tlhaolosiwa a tshwana le madi a a tsamaisiwang ka motshini wa polo kana makgwafo, kana o tla akanya gore madi ao a ntshitswe mo go one ka jalo a tshwanetse gore a tshololwe.

Sekai sa bofelo sa tiriso ya madi a motho se kopanyeletsa go dibelefsa madi le go a dirisa gape mo karong. Go dirisiwa sedirisiwa sengwe go gopa madi mo nthong, a pompelwa mo sefong (go tlosa matlhole kana masaledi mangwe) kana mo motshineng o o tlhotlhang (go ntsha diedi), go tswa foo a be a busediwa gape mo molwetseng. Bakeresete ba bantsi ba He ba tshwenngwa thata ke gore a go tlhaolwa go go ntseng jalo ga go kake ga kgaupetsa tsamaiso ya madi ka nakonyana. Lefa go le jalo, jaaka go umakilwe, go ya ka Bibela se se tshwenyang thata ke gore a madi a a tswelang mo nthong ya loaro a santse a le karolo ya motho. A ntlha ya gore madi a dule go tswa mo thulaganyong ya tsamaiso ya mad i go ya mo nthong ya loaro go raya gore a tshwanetse gore a ‘tshololwe,’ jaaka madi a a umakiwang mo go Lefitiko 17:13? Fa a le gore motho o dumela jalo, gongwe o ka nna wa gana go tlhaolwa go go ntseng jalo ga madi. Lefa go le jalo, Mokeresete yo mongwe [yo le one a ka se kang a letla gore madi a elediwe kwantle ga mmele wa gagwe, a bolokiwe ka nakonyana, mme moragonyana a busediwe gape mo go one) a ka nna a swetsa ka gore modikoloso ono wa go dibelediwa ga madi fa karo a tsweletse a bo a nna a busediwa mo mmeleng go ka seka ga tshwenya segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng.

Jaaka re ka lemoga, go na le didirisiwa tse di oketsegang tse di farologaneng kana maranyane a a kopanyeletsang tiriso ya mad! a motho. Ga re kake ebile ga re a tshwanela go leka go akgela ka mofuta mongwe le mongwe o o long gone. Fa re na le potso nngwe mo kgannyeng ono, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse gore a iponele boikitsiso mo go ba tsa kalafi mme a itirele tshwetso ya botho.

Lefa go builwe dilo tse dintsi ka dintlha tsa kalafi fano, se se botlhokwa thata ke kgang ya bodumedi. Jaaka Mokeresete a rarabolola dipelaelo dipe fela tsa gagwe kana dipotso ka ditiriso tsa kalafi tse di kopanyeletsang madi, seo se tshwanetseng go laola a tshwanetse go nna gore o bontsha tumelo, gore o tlotla molao wa Modimo wa go’ithiba mo mading; le gore o batla go boloka segakolodi se se molemo. Ka ntlhayang? Ka go bo tsela ya motheo eo botshelo bo ka bolokiwang ka madi ka yone ga se ka boitseanape jwa kalafi mme ke ka maatla a a bolokang a madi a ga Keresete. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Eo re nan le thekololo ea rona me go ena ka madi a gagwe.” (Baefesia 1:7; Tshenolō 7:14, 17) Lefa kalafi ya segompieno a ka kgona go re thusa go leiefatsa matshelo a rona ka nakonyana, eleruri ga re batle go lelefatsa botsholo jwa rona jwa jaanong ka go dira sepe fela seo se tla tshwenyang segakolodi sa rona sa Bokeresete kana se se tla itumololang MoneiBotshelo wa rona.—Mathaio 16:25; 1 Timotheo 1:18, 19.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona The Watchtower, June 15, 1978, tsebe 30.

b Seno se ka nna sa diragala ka ntlha ya go ema ga pelo, go tlabolwa ke motlakase, kana fa mmele o tsidifala go feta selekanyo, jaaka fa o ka nwela mo metsing a a tsididi thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Modikoloso wa sedirisiwa sa polo le makgwafo, o kopanyeletsa: (1) go golaganngwa ga lethompo le ditshika tsa motho; (2) dipompo tse di gopang madi; (3) sedirisiwa se se tsenyang okesijene; (4) sefo ya madi ya ditogwa tse di lohala; (5) pompo a kgolo ya modikoloso; (6) iethompo le madi a boelang ka lone mo thulaganyong ya tsamaiso ya madi ya molwetse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela