Go Gopola Malatsi a ga Jesu a Bofelo mo Lefatsheng
KE LETSATSI la bosupa la kgwedi ya Sejuda ya Nisane ka ngwaga wa 33 C.E. Ikakanye o bona ditiragalo tse di diragalang kwa porofenseng ya Roma ya kwa Judea. Jesu Keresete le barutwa ba gagwe ba tswa kwa Jeriko e e nang le sekgwa se se ungwang thata ba tlhatloga ka bonya mo tseleng e e lerole le e e motsopodia. Go na le batsamai ba bangwe ba bantsi ba le bone ba leng mo loetong lwa go ya kwa Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo wa ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Keresete ga ba akanya fela ka motlhatlogo o o lapisang ono.
Bajuda ba ne ba ntse ba eletsa go bona Mesia yo o neng a tla ba golola mo bokgobeng jwa Baroma. Ba le bantsi ba dumela gore Jesu wa Nasaretha ke ene Mmoloki yoo yo o sa bolong go letelwa. O ne a ntse a bua ka Bogosi jwa Modimo ka dingwaga di le tharo le sephatlho. O ne a fodisa ba ba lwalang le go fepa ba ba bolailweng ke tlala. Ee, o tliseditse batho kgomotso. Mme baeteledipele ba bodumedi ba a tenega fa Jesu a ba kgala ka tsela e e botlhoko mme ba ikemiseditse go mmolaya. Le fa go ntse jalo, ke yoo o ntse a itsamaela fela ka boomo mo tseleng e e omeletseng mo pele ga barutwa ba gagwe.—Mareko 10:32.
Fa letsatsi le ntse le dikela mo morago ga Thaba ya Lotlhware kwa pelenyana ga bone, Jesu le ditsala tsa gagwe ba fitlha mo motsaneng wa Bethani, koo ba ileng go nna gone masigo a marataro a a latelang. Koo ba amogelwa ke ditsala tsa bone tse di rategang Lasaro, Marea le Maratha. Maitseboa ao ke a a monate a a lapolosang morago ga loeto lo lo mogote e bile one maitseboa ao a tshwaya tshimologo ya Sabata ya Nisane 8.—Johane 12:1, 2.
Nisane 9
Morago ga Sabata, mo Jerusalema batho ba tlhanasela ba dira sele le sele. Baeti ba le diketekete ba ne ba setse ba phuthegetse mo motseng go tla Tlolaganyong. Mme modumo o re o utlwang ke o o sa tlwaelegang mo nakong eno ya ngwaga. Matshutitshuti a batho ba ba batlang go itse se se diragalang ba tabogaka mo mebileng e mesesane ba ya kwa kgorong ya motse. Fa ba ntse ba itshukunyetsa jalo mo kgorong e e tletseng, a bo ba gakgamadiwa ke se ba se bonang! Ba bona batho ba bantsi ba ba itumetseng ba fologa Thaba ya Lotlhware mo tseleng e e tswang kwa Bethafage. (Luke 19:37) Seno sotlhe se kaya eng?
Bona! Jesu wa Nasaretha o tla a palame eselana ya esela. Batho ba ala diaparo mo tseleng fa pele ga gagwe. Ba bangwe ba fokisa dikala tsa setlhare sa mokolane tse di sa tswang go kgetlhiwa mme ba goeletsa jaana ka boitumelo: “A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa, e leng yone kgosi ya Iseraele!”—Johane 12:12-15.
Fa boidiidi jono bo ntse bo atamela Jerusalema, Jesu o lebelela motse mme o hutsafala thata. O simolola go lela, mme re utlwa a bolelela pele gore motse ono o tla senngwa. Fa Jesu a fitlha kwa tempeleng nakonyana morago ga foo, o ruta boidiidi e bile o fodisa difofu le batho ba ba digole ba ba tlang kwa go ene.—Mathaio 21:14; Luke 19:41-44, 47.
Baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona seno. A bo ba betwa ke pelo jang ne fa ba bona dilo tse di gakgamatsang tse Jesu a di dirang le tsela e boidiidi jwa batho ba itumetseng ka yone! E re ka Bafarasai ba palelwa ke go fitlha kgalefo ya bone ba bolela jaana: “Moruti, kgala barutwa ba gago.” Jesu o araba jaana: “Ke a lo bolelela, Fa bano ba ne ba ka tuulala, maje a ne a tla goa.” Pele ga a tsamaya, Jesu o lemoga kgwebo e e dirwang mo tempeleng.—Luke 19:39, 40; Mathaio 21:15, 16; Mareko 11:11.
Nisane 10
Jesu o fitlha go sa le gale kwa tempeleng. Maabane, o ne a gakaditswe thata ke go bona kobamelo ya ga Rraagwe e bong Jehofa Modimo e dirisediwa kgwebo ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, ka tlhoafalo e kgolo o ne a simolola go koba ba ba rekang le ba ba rekisang mo tempeleng. Morago ga foo, o pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi ba ba bogagapa le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi. Jesu o bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo,’ mme lona lo e dira logaga lwa dithukuthi.”—Mathaio 21:12, 13.
Baperesiti ba bagolo le bakwadi le banna ba bagolo ba ne ba tenwa ke ditiro le go ruta ga ga Jesu phatlalatsa. A bo ba eletsa thata jang ne go mmolaya! Mme boidiidi jwa batho bo ba kgoreletsa go dira jalo ka gonne batho ba gakgamaditswe ke thuto ya ga Jesu mme ba nna ba “mo kgomarela gore ba mo utlwe.” (Luke 19:47, 48) Fa go ntse go nna maitseboa, Jesu le ditsala tsa gagwe ba itumelela mosepele o o itumedisang wa go boela kwa Bethani go ya go ikhutsa monate.
Nisane 11
Go phakela mo mosong, mme Jesu le barutwa ba gagwe ba setse ba le mo tseleng go kgabaganya Thaba ya Lotlhware go ya Jerusalema. Fa ba fitlha kwa tempeleng, baperesiti ba bagolo le banna bagolo ba itlhaganela go lebana le Jesu. Ba sa ntse ba gakologelwa sentle gore o dirileng kgatlhanong le baananyi ba madi le barekisi mo tempeleng. Baba ba gagwe ba batla go itse jaana ka bogale: “O dira dilo tseno ka taolo efe? Mme ke mang yo o neng a go naya taolo eno?” Jesu o emelana le bone jaana: “Le nna, ke tla lo botsa selo se le sengwe. Fa lo ka se mpolelela, le nna ke tla lo bolelela gore ke dira dilo tseno ka taolo efe: Kolobetso ya ga Johane, e ne e tswa motsweding ofe? A e ne e tswa legodimong kgotsa e ne e tswa mo bathong?” Baganetsi ba kopana mmogo mme ba akantshana ba re: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa legodimong,’ o tla re raya a re, ‘Ke ka ntlha yang, he, lo ne lwa se ka lwa mo dumela?’ Mme, fa re ka re, ‘E ne e tswa mo bathong,’ re boifa boidiidi, gonne botlhe ba dumela fa Johane e le moporofeti.” Ka go galefa ba araba jaana ka tsela e e bokoa: “Ga re itse.” Jesu o araba jaana a ritibetse: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tseno ka taolo efe.”—Mathaio 21:23-27.
Baba ba ga Jesu jaanong ba leka go mo tshwara ka go dira gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka ntlha ya sone. Ba botsa jaana: “A go kafa molaong go duela Kaesara lekgetho la tlhogo kgotsa nnyaa?” Jesu o ba araba jaana: “Mpontshang ledi la tshipi la lekgetho la tlhogo.” O botsa jaana: “Setshwantsho seno le mokwalothalo ke tsa ga mang?” “Ke tsa ga Kaesara,” ba bolela jalo. Go ba gakgamatsa, Jesu o bolela jaana gore botlhe ba utlwe: “Jalo, lefang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mathaio 22:15-22.
Fa a sena go didimatsa baganetsi ba gagwe ka ditlhaloso tse ba sa kgoneng go di ganetsa, Jesu jaanong o tlhalosa kafa a sa ba amogeleng ka teng mo pele ga boidiidi le barutwa ba gagwe. Reetsa jaaka a kgala bakwadi le Bafarasai a sa boife. A re: “Lo se ka lwa dira go ya ka ditiro tsa bone, gonne ba a bua mme ba ba ba sa dire.” Ka bopelokgale o ba bolelela ditatlhego di le mmalwa, a ba tlhalosa gore ke bagogi ba ba foufetseng le baitimokanyi. Jesu o bolela jaana: “Dinoga, lotsalo lwa dinoga tse di nang le botlhole, lo tla tshaba jang katlholo ya Gehena?”—Mathaio 23:1-33.
Go ba kgala ka tsela e e botlhoko gono ga go reye gore Jesu ga a tlhokomele dilo tse di molemo tsa batho ba bangwe. Moragonyana, o bona batho ba tsenya madi mo matloleng a matlotlo a tempele. A bo go ama maikutlo jang ne go bona motlholagadi yo o tlhokang a tsenya gotlhe mo a tshelang ka gone—madinyana a tshipi a mabedi a a nang le tlhwatlhwa e e kwa tlase thata! Ka kanaanelo e kgolo, Jesu o tlhalosa gore, totatota, o ntshitse mo gontsi thata go gaisa botlhe ba ba ileng ba ntsha meneelo e megolo, “mo go se se setseng sa bone.” Ka kutlwelobotlhoko ya gagwe e e lorato, Jesu o anaanela thata sepe fela se motho a kgonang go se dira.—Luke 21:1-4.
Jesu jaanong o tswa mo tempeleng la bofelo. Bangwe ba barutwa ba gagwe ba bua ka bontle jwa yone, gore e ne e “kgabisitswe . . . ka maje a mantle le dilo tse di e tshwaetsweng.” Ba a gakgamala fa Jesu a araba jaana: “Malatsi a tla tla a go se kitlang go tlogelwa fano leje le le mo godimo ga leje le lengwe le sa digelwa fa fatshe.” (Luke 21:5, 6) Fa baaposetoloi ba ntse ba latela Jesu go tswa mo motseng o o tletseng, ba ipotsa gore tota o ka tswa a raya go reng.
Gone mme, moragonyana Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba dutse ba itumelela kagiso le thethebalo e e mo Thabeng ya Lotlhware. Fa ba ntse ba lebile bontle jwa Jerusalema le tempele ya yone, Petere, Jakobe, Johane le Anderea ba batla go tlhalosediwa sentle ka polelelopele e e gakgamatsang ya ga Jesu. Ba bolela jaana: “Re bolelele, Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3; Mareko 13:3, 4.
Fa Morutisi yo Mogolo a araba o ba neela boporofeti jo bo gakgamatsang tota. O bolelela pele gore go tla nna le dintwa tse dikgolo, dithoromo tsa lefatshe, go tlhaela ga dijo le malwetse a leroborobo. Jesu o bolelela pele gape gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. O tlhagisa ka gore: “Ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e leng gore ga e ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e diragala gape.”—Mathaio 24:7, 14, 21; Luke 21:10, 11.
Baaposetoloi ba banè ba reetsa ka tlhoafalo fa Jesu a tlhalosa dikarolo tse dingwe tsa ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe.’ O gatelela botlhokwa jwa ‘go nna ba disitse.’ Ka ntlha yang? “Ka gonne” a re “ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—Mathaio 24:42; Mareko 13:33, 35, 37.
Letsatsi leno e nnile le Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba se kitlang ba le lebala. Totatota, ke letsatsi la bofelo la bodiredi jwa ga Jesu jwa phatlalatsa pele ga a tshwarwa, a sekisiwa le go bolawa. E re ka go nna bosigo, ba simolola go boela morago sekgalanyana fela go pota thabana go ya kwa Bethani.
Nisane 12 le 13
Ka Nisane 12 Jesu o ntse ka tidimalo le barutwa ba gagwe. O lemoga gore baeteledipele ba bodumedi ba rata thata go mmolaya mme ga a batle gore ba mo kgoreletse go keteka Tlolaganyo mo maitseboeng a a latelang. (Mareko 14:1, 2) Letsatsi le le latelang la Nisane 13, batho ba tshwaregile ka go dira dithulaganyo tsa bofelo tsa Tlolaganyo. Mo thapameng, Jesu o roma Petere le Johane go ya go ba baakanyetsa Tlolaganyo mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Mareko 14:12-16; Luke 22:8) Pelenyana ga letsatsi le phirima, Jesu le baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome ba kopana le bone koo go ya go keteka Tlolaganyo ya bone ya bofelo.
Nisane 14, fa Letsatsi le Sena go Phirima
Jerusalema o okangwe ke lesedinyana le le letobo la lotlatlana fa ngwedi o o tletseng o ntse o tlhatloga mo Thabeng ya Lotlhware. Mo phaposing e kgolo e e baakanyeditsweng, Jesu le ba ba 12 ba nna ka go sekama mo tafoleng. O bolela jaana: “Ke eleditse thata go ja tlolaganyo eno le lona pele ga ke boga.” (Luke 22:14, 15) Morago ga nakwana baaposetoloi ba gakgamadiwa ke go bona Jesu a ema a baya kobo ya gagwe ya kafa ntle kwa thoko. O tsaya toulo le sejana sa metsi, o simolola go tlhapisa dinao tsa bone. A bo e le thuto e e ka se kang ya lebalwa jang ne ya go direla ka boikokobetso!—Johane 13:2-15.
Le fa go ntse jalo, Jesu o itse gore mongwe wa banna bano—Judase Isekariota—o setse a rulagantse go mo oka mo baeteledingpele ba bodumedi. Ka mo go utlwalang, o ngomoga pelo thata. O senola gore “mongwe wa lona o tla nneela batho ka boferefere.” Baaposetoloi ba hutsafadiwa thata ke seno. (Mathaio 26:21, 22) Fa ba sena go keteka Tlolaganyo, Jesu o bolelela Judase jaana: “Se o se dirang se dire ka bofefo thata.”—Johane 13:27.
Fa Judase a sena go tsamaya, Jesu o simolola sejo sa go gopola loso lwa gagwe lo lo atamelang. O tsaya lofo ya senkgwe se se sa bedisiwang, o leboga ka go rapela, wa se nathoganya mme a laela ba ba 11 go se ja. A re: “Seno se kaya mmele wa me o ruri o tla newang mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Morago ga foo o tsaya senwelo sa beine e khibidu. Fa a sena go rapela o se fetisetsa mo go bone, a ba raya a re ba nwe mo go sone. Jesu o oketsa jaana: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololwang mo boemong jwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.”—Luke 22:19, 20; Mathaio 26:26-28.
Mo maitseboeng a a botlhokwa ano, Jesu o ruta baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang dithuto tse dintsi tse di botlhokwa mme gareng ga tsone ke botlhokwa jwa lorato lwa bokaulengwe. (Johane 13:34, 35) O ba tlhomamisetsa gore ba tla amogela “mothusi” e leng moya o o boitshepo. O tla ba gakolola dilo tsotlhe tse a ba boleletseng tsone. (Johane 14:26) Moragonyana mo maitseboeng ao, ba tshwanetse ba bo ba kgothatsegile thata go utlwa Jesu a ba rapelela ka tlhoafalo. (Johane, kgaolo 17) Fa ba sena go opela dipina tsa pako, ba tswa mo phaposing e e kwa godimo mme ba latela Jesu go fokwa ke phefo e e monate e e tsiditsana ya bosigo.
Fa ba kgabaganya Mokgatsha wa Kiderona, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ya kwa go nngwe ya mafelo a ba a ratang thata, tshimo ya Gethesemane. (Johane 18:1, 2) Fa baaposetoloi ba gagwe ba ntse ba letile, Jesu o tsamaya sekgalanyana se sekhutshwane go ya go rapela. Khutsafalo ya gagwe e ka se ka ya kgona go tlhalosiwa fa a ntse a kopa Modimo gore a mo thuse. (Luke 22:44) Go akanya fela ka kgobo e e tla tlisiwang mo go Rraagwe wa selegodimo yo o rategang fa a ka palelwa go ne go mo utlwisa botlhoko thata.
Jesu ga a ise a fetse le go rapela fa Judase Isekariota a fitlha ka boidiidi jwa batho ba tshotse ditšhaka, melamu le mabone. Judase a re: “Dumela, Rabi!” mme a atla Jesu ka tlekeetso. Seno ke letshwao la gore banna bano ba tshware Jesu. Ka tshoganyetso fela, Petere o somola tšhaka ya gagwe mme o kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo. “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone,” Jesu a rialo mme a fodisa tsebe ya monna yoo. “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.”—Mathaio 26:47-52.
Sengwe le sengwe se diragetse ka bonako thata! Jesu o a tshwarwa e bile o a bofiwa. Ka ntlha ya poifo le go tlhakana tlhogo, baaposetoloi ba tlogela Mong wa bone mme ba a tshaba. Jesu o isiwa kwa go Anase, yo pele e neng e le moperesiti yo mogolo. Morago ga foo o isiwa kwa go Kaiafase, yo e leng moperesiti yo mogolo jaanong, gore a sekisiwe. Phakela mo mosong, Sanehederine e latofatsa Jesu ka maaka a gore ke motlhapatsi. Morago ga foo, Kaiafase o dira gore a isiwe kwa mmusing wa Moroma e bong Ponto Pilatwe. Ene o romela Jesu kwa go Herode Antipase, mmusi wa Galalea. Herode le badisa ba gagwe ba sotla Jesu. Morago ga foo ba mo busetsa gape kwa go Pilatwe. Pilatwe o tlhomamisa gore Jesu ga a na molato. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba mo gatelela gore a atlholele Jesu loso. Fa Jesu a sena go sotliwa thata ka mafoko le mo mmeleng, o isiwa kwa Gologotha koo a kokotelwang ka tsela e e setlhogo gone mo koteng ya tlhokofatso a bo a swa loso lo lo hutsafatsang.—Mareko 14:50–15:39; Luke 23:4-25.
E ka bo e nnile bomadimabe jo bogolo mo hisitoring fa loso lwa ga Jesu lo ne lo kaya go swela ruri. Se se itumedisang ke gore, go ne go sa nna jalo. Ka Nisane 16, 33 C.E., barutwa ba gagwe ba ne ba gakgamala go fitlhela gore o tsositswe mo baswing. Fa nako e ntse e ya, batho ba feta 500 ba ne ba kgona go neela bosupi jwa gore Jesu o a tshela gape. Mme malatsi a le 40 morago ga tsogo ya gagwe, setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba mmona a tlhatlogela kwa legodimong.—Ditiro 1:9-11; 1 Bakorintha 15:3-8.
Botshelo Jwa ga Jesu le Wena
Seno se go ama jang—ee, se re ama jang? Ebu, bodiredi jwa ga Jesu, loso lwa gagwe le tsogo ya gagwe di tlotlomatsa Jehofa Modimo mme di botlhokwa mo go diragadiweng ga maikaelelo a Gagwe a a itumedisang. (Bakolosa 1:18-20) Di botlhokwa thata mo go rona ka gonne re itshwarelwa maleo a rona mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu e bile ka ntlha ya seo re ka kgona go nna le kamano le Jehofa Modimo.—Johane 14:6; 1 Johane 2:1, 2.
Tota le baswi ba a amega. Go tsosiwa ga ga Jesu go bula tsela ya go ba busa gore ba tshele gape mo lefatsheng la Paradaise le Modimo a le solofeditseng. (Luke 23:39-43; 1 Bakorintha 15:20-22) Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka dikgang tseno, re go laletsa gore o nne teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka April 11, 1998, kwa Holong ya Basupi ba ga Jehofa kwa lefelong la lona.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
“Logaga Lwa Dithukuthi”
JESU o ne a na le mabaka a a utlwalang a go bolela gore barekisi ba ba bogagapa ba fetotse tempele ya Modimo go nna “logaga lwa dithukuthi.” (Mathaio 21:12, 13) Go duela lekgetho la tempele, Bajuda le basokologi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ne ba tshwanela gore ba ananye madi a bone a sele ka madi a a amogelesegang. Mo bukeng ya gagwe ya The Life and Times of Jesus the Messiah, Alfred Edersheim o tlhalosa gore baananyi ba madi ba ne ba tlhola ba tlhoma dikgwebo tsa bone mo diporofenseng ka Adar 15, kgwedi pele ga Tlolaganyo. Go simologa ka Adar 25, ba ne ba ya kwa tikologong ya tempele kwa Jerusalema gore ba tle ba dire madi ka Bajuda le basokologi ba bantsi ba ba thologelang koo. Bagwebi ba ne ba dira kgwebo e kgolo, ba kopela madi mangwe le mangwe a ba a ananyang tuelo. Fa Jesu a ne a ba bitsa bathukuthi, go ka tswa go bolela gore tuelo e ba neng ba e batla e ne e le kwa godimo thata mo e leng gore tota ba ne ba thukutha bahumanegi madi.
Ba bangwe ba ne ba sa kgone go itlisetsa diphologolo tsa bone tsa setlhabelo. Ope fela yo o neng a tla ka yone o ne a tshwanetse go dira gore e tlhatlhobiwe ke motlhatlhobi kwa tempeleng—ka tuelo. Ba le bantsi, ka ba ne ba sa batle go nna mo mathateng a gore phologolo ya bone e ganwe fa ba sena go tla ka yone go tswa kwa kgakala, ba ne ba reka e e “dumeletsweng” ke Balefi go tswa mo bagwebing ba dinokwane kwa tempeleng. Mokanoki mongwe o ne a bolela jaana: “Batho ba bantsi ba ba humanegileng ba ne ba thukuthiwa koo.”
Go na le bosupi jwa gore Anase yo e kileng ya bo e le moperesiti yo mogolo le ba lelapa la gagwe ba ne ba na le tlhotlheletso e kgolo mo barekising ba tempele. Dikwalo tsa Borabi di bua ka “Kgwebo ya [tempele] ya bomorwa Anase.” Madi a a tswang mo baananying ba madi le a diphologolo tse di neng di rekisiwa mo tikologong ya tempele e ne e le nngwe ya lotseno lwa bone lo logolo. Mokanoki mongwe a re kgato ya ga Jesu ya go koba barekisi “e ne e se go tlhasela fela maemo a baperesiti mme e ne e le go tlhasela dikgetsi tsa bone.” Le fa lebaka le ka tswa e le lefe, eleruri baba ba gagwe ba ne ba batla go mmolaya!—Luke 19:45-48.
[Tšhate mo go tsebe 4]
Malatsi a Bofelo a Botshelo Jwa ga Jesu e le Motho
Nisane 33 C.E. Ditiragalo Monna yo Mogolo*
7 Labotlhano Jesu le barutwa ba gagwe 101, ser. 1
ba tsaya loeto go tswa
kwa Jeriko go ya Jerusalema
(Nisane 7 e tsamaisana
le Sontaga, April 5,
1998, le fa malatsi a
Sehebera a simologa go
tloga mo maitseboeng
a mangwe go ya go a a latelang)
8 Labotlhano maitseboa Jesu le barutwa ba gagwe 101, dir. 2-4
ba fitlha kwa Bethani;
Sabata e a simologa
Matlhatso Sabata (Mantaga 101, ser. 4
April 6, 1998)
9 Matlhatso maitseboa Sejo le Simone wa 101, dir. 5-9
molepero; Marea o
tlotsa Jesu ka narato;
ba le bantsi ba tla
go tswa kwa Jerusalema
go tla go bona le go
utlwa Jesu
Sontaga Go tsena mo Jerusalema 102
ka phenyo; o ruta
mo tempeleng
10 Mantaga Loeto lwa mo mosong 103, 104
go ya Jerusalema;
o phepafatsa tempele;
Jehofa o bua go tswa
kwa legodimong
11 Labobedi Kwa Jerusalema, 105 go ya go 112,ser.1
o ruta kwa tempeleng
a dirisa ditshwantsho;
o latofatsa Bafarasai;
o tlhokomela moneelo
wa motlholagadi;
o neela sesupo sa go
nna gone ga gagwe mo isagweng
12 Laboraro Letsatsi 112, dir. 2-4
le le didimetseng le
barutwa ba gagwe kwa Bethani;
Judase o ru la ga nya go mo oka
13 Labone Petere le Johane 112, ser. 5 go ya go 113, ser. 1
ba baakanyetsa
Tlolaganyo kwa
Jerusalema;
Jesu le baaposetoloi
ba bangwe ba ba
lesome ba latela
moragonyana mo thapameng
(Matlhatso, April 11, 1998)
14 Labone maitseboa Go ketekiwa ga 113, ser. 2 go ya go 117
Tlolaganyo;
Jesu o tlhapisa
dinao tsa baaposetoloi;
Judase o a tswa
go ya go oka Jesu;
Keresete o tlhoma
Segopotso sa loso
lwa gagwe (Fa letsatsi
le sena go phirima,
Matlhatso, April 11, 1998)
Morago ga Go okwa le go 118 go ya go 120
bosigogare tshwarwa mo
tshimong ya Gethesemane;
baaposetoloi ba
a tshaba;
o sekisiwa fa
pele ga baperesiti
le Sanehederine;
Petere o itatola Jesu
Labotlhano mo Fa pele 121 go ya go 127, ser. 7
mosong go fitlha ga Sanehederine
letsatsi le phirima gape; kwa go
Pilatwe,
morago kwa go
Herode, a boela
gape kwa go Pilatwe;
o atlholelwa loso;
o a bapolwa; o a fitlhwa
15 Matlhatso Sabata; 127, dir. 8-10
Pilatwe o dumelela
badisa mo lebitleng
la ga Jesu
16 Sontaga Jesu o tsositswe mo baswing 128
* Go thathamisitswe fano dinomoro tsa dikgaolo mo bukeng ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Go bona tšhate e e nang le ditshupiso tsa Dikwalo tse di tlhalosang bodiredi jwa bofelo jwa ga Jesu sentle, bona “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” tsebe 290. Dibuka tseno di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.